Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakang Jehofa “mo Gare ga Phuthego”

Bakang Jehofa “mo Gare ga Phuthego”

Bakang Jehofa “mo Gare ga Phuthego”

DIPOKANO tsa Bokeresete ke thulaganyo e e tswang kwa go Jehofa go thusa batho ba gagwe go nna ba nonofile semoyeng. Fa re nna teng ka metlha mo dipokanong re supa gore re anaanela dimpho tse re di newang ke Jehofa. Mo godimo ga moo, di re thusa go ‘tlhotlheletsa bakaulengwe ba rona mo loratong le mo ditirong tse di molemo,’ e leng yone tsela ya botlhokwa ya go bontsha gore re a ratana. (Bahebera 10:24; Johane 13:35) Le fa go ntse jalo, re ka kgona jang go tlhotlheletsa bakaulengwe ba rona kwa dipokanong?

Bua Phatlalatsa

Kgosi Dafide o ne a kwala jaana ka ene: “Ke tla bolela leina la gago mo go bomorwarre; ke tla go baka mo gare ga phuthego. Pako ya me e tla tswa mo go wena mo phuthegong e kgolo.” “Ke tla go baka mo phuthegong e kgolo; ke tla go baka mo gare ga batho ba bantsi.” “Ke boletse dikgang tse di molemo tsa tshiamo mo phuthegong e kgolo. Bona! Ga ke thibele dipounama tsa me.”—Pesalema 22:22, 25; 35:18; 40:9.

Ka tsela e e tshwanang, mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo fa Bakeresete ba ne ba kokoana go tla go obamela Jehofa, ba ne ba tlhalosa tumelo ya bone mo go ene le go bua ka kgalalelo ya gagwe. Ka tsela eo, ba ne ba kgothatsana e bile ba tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo. Mo motlheng wa rona makgolokgolo a dingwaga fa e sa le Dafide le Paulo ba buile mafoko ano, tota re “bona letsatsi [la ga Jehofa] le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Tsamaiso eno ya dilo ya ga Satane e a thetheekela e lebile tshenyegong, mme mathata le one a ntse a oketsega. Go feta le eleng pele re “tlhoka boitshoko.” (Bahebera 10:36) Tota fa re sa kgothadiwe ke bakaulengwe ba rona gore re itshoke, re tla kgothadiwa ke mang?

Gompieno fela jaaka go ne go dirwa bogologolo go na le dithulaganyo tsa gore mongwe le mongwe wa badumedi a bue ka tumelo ya gagwe phatlalatsa “mo gare ga phuthego.” Sebaka sengwe se se bulegetseng botlhe gore ba bue ke sa go akgela e le go araba dipotso tse di bodiwang bareetsi kwa dipokanong tsa phuthego. O se ka wa tsamaya wa tlhaetsa seno matlho. Ka sekai, dikakgelo tse di bontshang gore re ka fenya jang kgotsa go tila mathata di nonotsha maikaelelo a bakaulengwe ba rona ba nang le one a go latela melaometheo ya Baebele. Dikakgelo tse di tlhalosang ditemana tsa Baebele tse di umakilweng mme di sa nopolwa kgotsa tse di akaretsang dintlha tse di solegetseng motho molemo fa a ne a dira patlisiso ya botho, di ka kgothatsa ba bangwe gore le bone ba nne le mekgwa e mentle ya go ithuta.

Fa re itse gore rona le ba bangwe re tla solegelwa molemo fa re akgela kwa dipokanong, seno se tshwanetse go tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa botlhe gore ba lwele go se nne boboi. Gape go botlhokwa thata gore bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba akgele kwa dipokanong, e re ka go solofetswe gore ba tlhome sekao ka go akgela le go nna teng mo dipokanong ka metlha. Le fa go ntse jalo, motho a ka tokafatsa jang fa e le gore o thatafalelwa ke go akgela mo dipokanong?

Dikakantso Tse Di ka Re Thusang go Tokafatsa

Gakologelwa gore go akgela ke tsela e nngwe ya go obamela Jehofa. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o nnang kwa Jeremane o tlhalosa kafa a tsayang dikakgelo tsa gagwe ka gone. “Ke tsela e ke arabang ka yone maiteko a ga Satane a go dira gore batho ba Modimo ba se ka ba tlhalosa tumelo ya bone.” Mokaulengwe mongwe yo o sa tswang go kolobediwa yo o leng mo go yone phuthego eo o bolela jaana: “Fa go tsenwa mo kgannyeng ya go akgela ke rapela tota.”

Baakanyetsa sentle. Fa o sa baakanyetsa go sa le gale thuto e e ithutiwang, o tla thatafalelwa ke go akgela mme le dikakgelo tsa gago di ka se age go le kalo. Re ka bona dikakantsho tse di ka re thusang go akgela kwa dipokanong tsa phuthego mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, mo go tsebe 70. *

Ipeele mokgele wa go akgela le eleng gangwe fela mo pokanong nngwe le nngwe. Seno se raya gore o baakanyetse dikarabo di le mmalwa ka gonne fa o tsholetsa seatla sa gago gangwe le gape, go nna le ditshono di le dintsi tsa gore mokaulengwe yo o tshwereng pokano a go supe. Gape o ka nna wa mmolelela go sa le gale gore ke dipotso dife tse o baakanyeditseng go di araba. Seno se tla go thusa thata fa e le gore ke gone o simololang go akgela mo dipokanong. E re ka o ka nna wa utlwa o okaoka go tsholetsa seatla mo “phuthegong e kgolo,” fa o itse gore ke wena o tlileng go araba mo serapeng se se rileng le gore mokaulengwe yo o tshwereng pokano o tla bo a ntse a solofetse go bona seatla sa gago, seno se tla go tlhotlheletsa gore o akgele.

Akgela kwa tshimologong. Tiro e e thata ga e dirwe motlhofo ke go nna o e busetsa kwa morago. Go akgela go sa le gale mo dipokanong go tla go thusa. O tla gakgamala tota gore go motlhofo jang go akgela lekgetlo la bobedi kgotsa la boraro fa o setse o fetile bothata jwa ntlha e leng go akgela lekgetlo la ntlha.

Tlhopha setulo se se tshwanetseng. Ba bangwe ba go fitlhela go le motlhofo go akgela fa ba ntse mo ditulong tse di kwa pele mo Holong ya Bogosi. Ga ba iteege tsebe thata e bile mokaulengwe yo o tshwereng pokano o kgona go bona diatla tsa bone. Fa o dirisa kakantsho eno, se lebale go buela kwa godimo gore botlhe ba go utlwe bogolosegolo fa phuthego ya lona e sena digodisamantswe.

Reetsa ka kelotlhoko. Seno se tla go thusa gore o se ka wa boeletsa dikarabo tse batho ba bangwe ba di buileng. Gape dikakgelo tse di dirwang ke ba bangwe di ka go gakolola temana kgotsa ntlha e nngwe e e ka oketsang mo go se se fetsang go buiwa. Ka dinako tse dingwe o ka dirisa maitemogelo a makhutshwane go gatisa ntlha e go buiwang ka yone. Dikakgelo tse di ntseng jalo di thusa thata.

Ithute go araba ka mafoko a gago. Fa o bala kakgelo go tswa mo kgatisong e e ithutiwang seno se ka bontsha gore o bone karabo e e siameng, mme eno e ka nna yone tsela e e ka go thusang go simolola go akgela. Mme fa o ntse o gatelapele o araba ka mafoko a gago, seno se bontsha gore o tlhaloganya se go buiwang ka sone. Ga go tlhokege gore o nopole mafoko jaaka a ntse mo dikgatisong tsa rona. Basupi ba ga Jehofa ga ba bue fela se se kwadilweng mo bukeng.

O se ka wa tswa mo kgannyeng e go buiwang ka yone. Dikakgelo tsa gago ga di a tshwanela go nna tse di sa tsamaisaneng le kgang e go buiwang ka yone. Seno se raya gore dikakgelo tsa gago di tshwanetse go tsamaisana le se go buiwang ka sone. Fa di ntse jalo di tla tlaleletsa mo motlotlong o o agang wa semoya wa setlhogo se go buiwang ka sone.

Boikaelelo jwa gago e nne go kgothatsa. E re ka lebaka la konokono la go akgela e le go kgothatsa ba bangwe, re tshwanetse go tila go bua dilo tse di ka ba kgobang marapo. Mo godimo ga moo, o se ka wa akgela ka dintlha tsotlhe tse di mo serapeng mo eleng gore ba bangwe ba salelwa ke dintlha di sekae fela kgotsa ga go na se bone ba ka se buang. Gantsi dikarabo tse ditelele kgotsa tse di raraaneng di dira gore ntlha ya konokono e se ka ya utlwala. Mme dikarabo tse dikhutshwane di na le matswela thata e bile di ka kgothatsa batho ba basha gore le bone ba akgele ka dikarabo tse dikhutshwane.

Seabe Sa ba Ba Tshwarang Dipokano

Mokaulengwe yo o tshwereng pokano o na le maikarabelo a magolo a go kgothatsa. O tshwanetse go bontsha gore tota o kgatlhegela kakgelo nngwe le nngwe e e neelwang ka go reetsa ka kelotlhoko le ka go leba motho yo o akgelang go na le go tshwarega ka dilo tse dingwe. Ruri e tla nna selo se se sa tshwanelang tota fa a ne a sa reetsa ka kelotlhoko mme ka ntlha ya seo a bo a boeletsa se se fetsang go buiwa go sa tlhokege kgotsa a bo a botsa potso e e fetsang go arabiwa!

Gape ke selo se se kgobang marapo fa ka metlha mokaulengwe yo o tshwereng pokano a boeletsa karabo e e setseng e neetswe a e fetotse go sekae fela e kete o akantsha gore ka tsela nngwe kakgelo eo e ne e sa lekana. Ka fa letlhakoreng le lengwe go kgothatsa tota fa dikakgelo tse a di neelang di tlaleletsa mo go tswelediseng pele motlotlo wa ntlha nngwe ya botlhokwa. Dipotso tse di jaaka ‘Re ka dirisa dikakantsho tseno jang mo phuthegong ya rona?’ kgotsa ‘Ke lokwalo lofe mo serapeng lo lo tshegetsang se se fetsang go buiwa?’ ke tsone tse di kgothatsang batho gore ba nne le seabe mme ba neele dikakgelo tse di siameng.

Tota ba ba sa ntseng ba le basha kgotsa ba ba ditlhong ba tshwanetse go akgolwa fa ba akgela. Seno se ka dirwa ka go bua le motho yoo kwa thoko morago ga dipokano e le gore a se ka ikutlwa a tlhabisitswe ditlhong mme seo se tla neela motshwari wa thuto tshono ya go mo naya dikakantsho fa go tlhokega.

Ka tlwaelo fela fa lo tlotla, motho yo o tlholang a buetse ruri o dira gore ba bangwe ba se ka ba bua. Bareetsi ba gagwe ba tsaya gore ga go tlhokege gore bone ba bue. Mme seno se dira gore ba se ka ba go reetsa ka kelotlhoko fa e le gore tota ba tla bo ba go reeditse. Go ka nna jalo fa yo o tshwereng pokano a buela ruri. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mokaulengwe yo o tshwereng pokano a ka nna a tsenya bareetsi mo motlotlong kgotsa a dira gore ba akanye ka go botsa dipotso tse di oketsegileng. Dipotso tse di ntseng jalo di tshwanetse go bodiwa sewelo.

Mokaulengwe yo o tshwereng pokano ga a ne a bitsa motho wa ntlha fela yo o tsholetsang seatla. Seno se ka dira gore batho ba ba tlhokang nakonyana gore ba akanye gore ba tla araba jang ba kgobege marapo. Fa a leta go sekae, o tla naya mongwe yo a iseng a akgele sebaka sa gore a dire jalo. Gape o tla bo a supa gore o na le temogo ka gore a seka a tlhopha bana gore ba arabe dipotso tse di buang ka dikgang tse di thata.

Go tweng fa karabo e e neetsweng e le phoso? Mokaulengwe yo o tshwereng pokano ga a tshwanela go tlhabisa motho yo o arabileng ditlhong. Le fa kakgelo e ka nna phoso, gantsi go na le mo e leng boammaaruri gone. Mokaulengwe yo o tshwereng pokano a ka baakanya karabo eo kwantle ga gore a tlhabise ope ditlhong ka go bua ka botlhale ka sengwe se se ka tswang se le boammaaruri mo karabong eo, ka go leka go baya potso eo ka tsela e nngwe kgotsa ka go botsa dipotso tse di oketsegileng.

Mokaulengwe yo o tshwereng pokano a ka kgothatsa bareetsi gore ba akgele ka go se botse dipotso tse di jaaka, ‘A go na le mongwe gape yo o nang le kakgelo?’ Dipotso tse di jaaka e e reng, ‘Ke mang yo o iseng a akgele? Eno ke tshono ya gago ya bofelo!’ di ka tswa di sa bodiwe ka maikaelelo a a maswe mme ga di kgothatse motho gore a bue ka kgololesego. Ga go a tshwanela gore bakaulengwe ba dirwe gore ba ikutlwe molato ka go sa akgele kwa tshimologong ya thuto. Go na le moo, ba tshwanetse go kgothadiwa gore ba abelane le ba bangwe se ba se itseng ka gonne go aba go supa lerato. Mo godimo ga moo, fa yo o tshwereng thuto a bitsa mongwe gore a akgele, go molemo gore a se ka a re, “Morago ga gagwe re tla utlwa kakgelo ya Mokaulengwe Semangmang mme a latelwe ke Kgaitsadi Semangmang.” Yo o tshwereng thuto o tshwanetse gore a reetse pele kakgelo e e neelwang mme e nne gone a bonang gore a go tlhokega kakgelo e e oketsegileng.

Go Akgela ke Tshiamelo

Go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete ke nngwe ya dilo tsa semoya tse di tlhokegang; go akgela fa re le kwa go tsone ke tshiamelo. Tsela e re nnang le seabe ka yone mo mokgweng ono o o tlhomologileng wa go baka Jehofa “mo gare ga phuthego” e supa gore re latela sekai sa ga Dafide e bile re utlwa kgakololo ya ga Paulo. Go nna le seabe kwa dipokanong go supa gore re rata bakaulengwe ba rona le gore re bontlhanngwe jwa phuthego e kgolo ya ga Jehofa. Ke kae gape kwa o ka batlang go nna gone fa o ntse o “bona letsatsi le atamela”?—Bahebera 10:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Go botlhokwa go reetsa le go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Yo o tshwereng thuto o bontsha gore o kgatlhegela karabo nngwe le nngwe e e ntshiwang