Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri Jwa Bokeresete—Bo Teng

Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri Jwa Bokeresete—Bo Teng

Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri Jwa Bokeresete—Bo Teng

JESU KERESETE o ne a tlhoma kereke, kgotsa phuthego e le nngwe fela. Phuthego eo e ne e le setlhopha sa batho ba ba ratang dilo tsa semoya, e le lelapa la semoya. Fa re rialo re raya gore e ne e le go phuthiwa ga batho ba ba tlhophilweng ke moya o o boitshepo wa Modimo—Modimo a ba tsaya botlhe e le “bana” ba gagwe.—Baroma 8:16, 17; Bagalatia 3:26.

Jesu o ne a ruta gore Modimo o ne a dirisa mokgwa o le mongwe fela go dira gore batho ba bone boammaaruri le botshelo. Fa Jesu a ne a tlhalosa boammaaruri joo jwa botlhokwa, o ne a tshwantsha mokgwa wa go bona botshelo jo bo sa khutleng le tsela. O ne a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14; Johane 14:6; Ditiro 4:11, 12.

Phuthego e e Seoposengwe

The New Dictionary of Theology ya re ga re a tshwanela go akanya gore phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga “e ne e le mokgatlho o o rulagantsweng wa lefatshe lotlhe jaaka go buiwa gompieno ka kereke ya katoliki.” Ka ntlha yang? Ya re: “Boammaaruri ke gore mokgatlho o o ntseng jalo o o rulagantsweng wa lefatshe lotlhe tota o ne o seyo.”

Ga go na ope yo o ka ganetsang boammaaruri jwa gore phuthego ya pele ya Bokeresete e ne e sa tshwane gotlhelele le ditsamaiso tse di tlhomilweng tsa dikereke tse re di bonang gompieno. Mme e ne e rulagantswe. Diphuthego ka bongwe di ne di dirisana. Tsotlhe di ne di tlotla bolaodi jwa setlhopha se se laolang kwa Jerusalema. Setlhopha seo—se mo go sone go neng go na le baaposetoloi le banna ba bagolwane ba phuthego ya Jerusalema—se ne sa thusa go dira gore phuthego e nne seoposengwe jaaka “mmele o le mongwe” wa ga Keresete.—Baefeso 4:4, 11-16; Ditiro 15:22-31; 16:4, 5.

Ke eng se se neng sa direga ka phuthego eo e nngwe fela ya boammaaruri? A e ne ya nna Kereke e kgolo ya Katoliki? A e ne ya fetoga go nna ditlhopha tse dintsintsi tsa bodumedi tse di makgaoganyane tse di tswang mo kerekeng ya Porotesetanta tse re di bonang gompieno? Kgotsa go ne ga direga sengwe se sele?

“Korong” le “Mefero”

Gore re bone dikarabo, a re sekasekeng se Jesu Keresete ka boene a neng a re se tla direga. O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore Jesu o ne a lebeletse gore phuthego ya gagwe e nyelele le gore o ne a tla letla boemo jo bo utlwisang botlhoko joo gore bo tswelele ka makgolokgolo a dingwaga.

Fa a ne a amanya phuthego ya gagwe le “bogosi jwa magodimo,” o ne a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya. E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone. Jalo batlhanka ba mong wa ntlo ba tla mme ba mo raya ba re, ‘Mong wa rona, a o ne o sa jala peo e e molemo mo tshimong ya gago? Go tla jang, he, gore e bo e na le mefero?’ A ba raya a re, ‘Mmaba, motho mongwe, o dirile seno.’ Ba mo raya ba re, ‘A mme o batla gore re tswe re ye go e phutha?’ A re, ‘Nnyaa; e se ka ya tloga ya re, fa lo ntse lo phutha mefero, lwa kumola korong le yone. Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo; mme mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata gore lo e je ka molelo, go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’”—Mathaio 13:24-30.

Jesu o ne a tlhalosa gore e ne e le “mojadi.” “Peo e e molemo” e ne e tshwantshetsa balatedi ba gagwe ba boammaaruri. “Mmaba” wa gagwe e ne e le Satane Diabolo. “Mefero” e ne e le Bakeresete ba e seng bone ba ba neng ba tsene mo phuthegong ya pele ya Bokeresete. O ne a re o ne a tla tlogela “korong” le “mefero” di gola mmogo go fitlha “ka nako ya thobo,” e e neng e tla dirwa kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’ (Mathaio 13:37-43) Seno sotlhe se ne se kaya eng?

Phuthego ya Bokeresete e a Kgotlelwa

Fela fa baaposetoloi ba sena go swa, barutisi ba batlhanogi ba ba neng ba tswa mo gare ga phuthego ba ne ba simolola go e laola. Ba ne ba bua “dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Ka ntlha ya seo, Bakeresete ba bantsi ba ne ba “wa mo tumelong.” Ba ne ba “faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.”—1 Timotheo 4:1-3; 2 Timotheo 4:3, 4.

The New Dictionary of Theology ya re ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., “Bokeresete jwa Katoliki bo ne bo setse bo simolotse go nna bodumedi jwa semolao . . . jwa Mmusomogolo wa Roma.” Go ne go na le “kutlwano fa gare ga kereke le puso”—go dirisana ga Kereke le Puso mo go neng go sa tsamaisane le dilo tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba di dumela. (Johane 17:16; Jakobe 4:4) Motswedi one oo o bolela gore fa nako e ntse e tsamaya, thulaganyo ya kereke mmogo le bontsi jwa ditumelo tsa yone tsa motheo di ne tsa fetolwa thata “ka tlhotlheletso e e neng e bakwa ke go tswakanngwa mo go sa tshwanelang ga dithuto tsa Tesetamente ya Bogologolo le dithuto tse disha tsa ga Plato.” Jaaka Jesu Keresete a boleletse pele, barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba sa tlhole ba bonala, mme Bakeresete ba e seng bone ba ne ba atlega.

Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba itse kafa go leng thata ka teng go bona pharologanyo fa gare ga korong ya mmatota le mefero, jaaka go ntse ka tlhaga e e botlhole ya mofero e e tshwanang thata le korong fa dimela di gola. Ka jalo, Jesu o ne a dira papiso ya gore go ne go tla nna thata go bona pharologanyo fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba bantsi ba e seng bone. Seno ga se reye gore phuthego ya Bokeresete e ne ya se ka ya tlhola e nna teng, ka gonne Jesu o ne a solofeditse gore o tla tswelela a kaela bomorwarraagwe ba semoya ka “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Jesu o ne a re korong e ne e tla tswelela e gola. Le fa go ne go ntse jalo, ka dingwagangwaga Bakeresete ba boammaaruri—e le batho ka bongwe kgotsa ka ditlhopha—ba ne ba tswelela ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ngaparela dithuto tsa ga Keresete. Mme e ne e sa tlhole e le setlhopha kgotsa phuthego e e bonalang sentle. Eleruri ba ne ba sa tshwane le tsamaiso ya botlhanogi e e bonalang ya bodumedi e go ralala hisitori e neng ya tlisa kgobo mme ya tlontlolola leina la ga Jesu Keresete.—2 Petere 2:1, 2.

‘Monna Yo o Se Nang Molao o a Senolwa’

Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele sengwe se sele se se neng se tla tshwaya tsamaiso eno ya bodumedi e e seng yone. O ne a re: “A ope a se ka a lo faposa ka mokgwa ope, ka gonne [letsatsi la ga Jehofa] ga le na go tla fa botlhanogi bo sa tle pele le monna yo o se nang molao a senolwa, morwa tshenyego.” (2 Bathesalonika 2:2-4) “Monna yo o se nang molao” yono tota ke setlhopha sa baruti se se neng sa ipaya mo maemong a a kwa godimo a go busa mo phuthegong ya “Bokeresete.” *

Botlhanogi bo ne jwa simologa mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo. Bo ne jwa anama ka bonako thata fela fa baaposetoloi ba sena go swa mme ba sa tlhole ba kgona go bo thibela. Paulo o ne a re bo ne bo tla lemogiwa “kafa go direng ga ga Satane ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang.” (2 Bathesalonika 2:6-12) Seno se tlhalosa ditiro tsa baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi fela jaaka di ntse di diragala mo hisitoring!

Fa baeteledipele ba Katoliki ba ema nokeng se ba se buang gore kereke ya Katoliki ya Roma ke yone fela kereke ya boammaaruri, ba re bobishopo ba bone “ba dumela gore ke baaposetoloi ka gonne baaposetoloi ba pele ke bone ba ba fileng tshiamelo ya gore ba ba tlhatlhame.” Mme tota, go tlhatlhamana gono ga baaposetoloi ga go tshegediwe ke hisitori kgotsa ke Dikwalo. Ga go na bosupi jo bo utlwalang jwa gore tsamaiso ya kereke e e neng ya simologa fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa e ne e kile ya kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.—Baroma 8:9; Bagalatia 5:19-21.

Mme go tweng ka dikereke tse dingwe tse dintsi tse di neng tsa simologa morago ga motlha o o neng o bidiwa wa Diphetogo? A di ne di latela sekao sa phuthego ya pele ya Bokeresete? A di ne tsa dira gore phuthego ya pele ya Bokeresete e boe e itsheke gape? Ke boammaaruri gore morago ga motlha wa Diphetogo, batho ba bantsi ba ba tlwaelegileng ba ne ba nna le Baebele ka dipuo tsa bone. Le fa go ntse jalo, hisitori e bontsha gore dikereke tseno di ne tsa tswelela di ruta dithuto tse e seng tsone. *Mathaio 15:7-9.

Le fa go ntse jalo, ela seno tlhoko. Jesu Keresete o ne a boleletse pele gore phuthego ya gagwe e le nngwe fela ya boammaaruri e ne e tla tsosolosiwa ka nako ya se a neng a se bitsa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. (Mathaio 13:30, 39) Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha gore jaanong re tshela mo nakong eo. (Mathaio 24:3-35) E re ka go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa gore, ‘Kereke e nngwe fela ya boammaaruri ke efe?’ E tshwanetse go bonala sentle fa nako e ntse e tsamaya.

Gongwe o akanya gore o setse o bone kereke eo kgotsa phuthego. Go botlhokwa gore o tlhomamise gore a tota go ntse jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go na le kereke e le nngwe fela ya boammaaruri. A o iphile nako ya go tlhomamisa gore kereke ya gago e latela sekao se se tlhomilweng ke phuthego ya lekgolo la ntlha ya Bokeresete le gore e ngaparetse dithuto tsa ga Jesu Keresete ka boikanyego? Ke ka ntlha yang fa o sa tlhatlhobe seo gone jaanong? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go dira jalo.—Ditiro 17:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore “monna yo o se nang molao” ke mang e ka fitlhelwa mo go Tora ya Tebelo, February 1, 1990, tsebe 10-14.

^ ser. 20 Bona kgaolo e e reng “Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha” mo bukeng e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, tsebe 306-28.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero se re ruta eng ka phuthego ya boammaaruri?

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A kereke e o e tsenang e latela sekao se se tlhomilweng ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka go rera le go ithuta?