Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa ka Botlalo mo Dinakong Tsa Matshwenyego

Ikanye Jehofa ka Botlalo mo Dinakong Tsa Matshwenyego

Ikanye Jehofa ka Botlalo mo Dinakong Tsa Matshwenyego

“Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.”—PESALEMA 46:1.

1, 2. (a) Ke sekai sefe se se bontshang gore ga go a lekana go bua fela ka molomo re re re ikanya Modimo? (b) Ke eng fa go sa lekana go bua fela ka molomo re re re ikanya Jehofa?

GO MOTLHOFO go bua ka molomo gore re ikanya Modimo go na le go bontsha ka ditiro gore re a mo ikanya. Ka sekai, mafoko a a reng “Re Ikanya Modimo” ga a bolo go nna a tlhaga mo mading a dipampiri le a tshipi a naga ya United States. * Ka 1956, Lekgotla la Melao la United States le ne la tlhoma molao wa gore mafoko ao e nne moono wa United States. Selo se se gakgamatsang ke gore, batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe—e seng fela ba naga eo—ba ikanya madi le dikhumo thata go feta kafa ba ikanyang Modimo ka teng.—Luke 12:16-21.

2 Mo go rona Bakeresete ba boammaaruri, ga go a lekana go bua fela ka molomo re re re ikanya Jehofa. Fela jaaka “tumelo kwantle ga ditiro e sule,” maiphako ape fela a gore re ikanya Modimo le one ga a na bokao fa re sa a bontshe ka ditiro. (Jakobe 2:26) Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra ithuta gore re bontsha gore re ikanya Jehofa fa re ya kwa go ene ka thapelo, fa re senka kaelo mo Lefokong la gagwe, le fa re senka kaelo ya phuthego ya gagwe. Mma jaanong re sekaseke kafa re ka dirisang dikgato tseno tse tharo ka teng mo dinakong tsa matshwenyego.

Fa o Latlhegetswe ke Tiro Kana o Amogela Madi a Mannye

3. Ke mathata afe a itsholelo a batlhanka ba ga Jehofa ba lebanang le one mo ‘dinakong tseno tsa mathata,’ mme re itse jang gore Modimo o iketleeleditse go re thusa?

3 Mo ‘dinakong tseno tsa mathata,’ le rona Bakeresete re lebana le one mathata a itsholelo a batho ba bangwe ba lebanang le one. (2 Timotheo 3:1) Ka gone, re ka nna ra iphitlhela fela re setse re latlhegetswe ke tiro. Kana re ka nna ra tshwanelwa ke go bereka tiro e e re tlhokang diura tse dintsi mme re duelwa madi a mannye. Mo maemong a a ntseng jalo, re ka nna ra fitlhela go le thata go ‘tlamela ba ntlo ya rona.’ (1 Timotheo 5:8) A Modimo Mogodimodimo o iketleeleditse go re thusa mo dinakong tse di ntseng jalo? Ee, o iketleeleditse go re thusa! Ke boammaaruri gore, Jehofa ga a re sireletse mo mathateng otlhe a botshelo mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, fa re mo ikanya, mafoko ano a Pesalema 46:1 a tla nna boammaaruri mo go rona: “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.” Mme gone, re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa ka botlalo fa re na le mathata a madi?

4. Fa re lebane le mathata a madi, re ka rapelela eng, mme Jehofa o tsibogela dithapelo tse di ntseng jalo jang?

4 Tsela e nngwe e re ka bontshang gore re ikanya Jehofa ka yone ke go ya kwa go ene ka thapelo. Mme gone re ka rapelela eng? Ebu, fa o lebane le mathata a madi, o ka tswa o tlhoka botlhale jo bo molemo go feta lefa e le leng pele. Bo rapelele! Lefoko la ga Jehofa le re tlhomamisetsa jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Ee, kopa Jehofa gore a go neye botlhale—bokgoni jwa go dirisa kitso, tlhaloganyo le temogo ka tsela e e molemo—e le gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Rraarona yo o lorato wa selegodimo o re tlhomamisetsa gore o tla reetsa dithapelo tse di ntseng jalo. O nna ka metlha a iketleeleditse go tlhamalatsa ditsela tsa batho ba ba mo ikanyang ka pelo yotlhe.—Pesalema 65:2; Diane 3:5, 6.

5, 6. (a) Ke eng fa re ka senka thuso ya go lepalepana le mathata a itsholelo mo Lefokong la Modimo? (b) Ke eng se re ka se dirang go fokotsa tlhobaelo fa re latlhegetswe ke tiro?

5 Go senka kaelo ya Lefoko la Modimo ke tsela e nngwe e re bontshang ka yone gore re ikanya Jehofa. Dikgakololo tsa gagwe tse di molemo tse di fitlhelwang mo Baebeleng di itshupile “di ikanyega thata.” (Pesalema 93:5) Le fa buka eo e e tlhotlheleditsweng e ile ya kwalwa dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng, e na le kgakololo e e ikanyegang le temogo e e molemo e e ka re thusang go lepalepana le mathata a itsholelo. Akanya ka dikai dingwe tsa botlhale jo bo mo Baebeleng.

6 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bua jaana bogologolo: “Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.” (Moreri 5:12) Re tlhoka nako le madi gore re kgone go baakanya, go phepafatsa, go tlhokomela le go sireletsa dithoto tsa rona. Ka jalo fa re latlhegetswe ke tiro, re ka dirisa tshono eo go sekaseka tsela ya rona ya go tshela, re leka go bona gore ke dilo dife tse di botlhokwa thata le tse di seng botlhokwa go le kalo. Go ka nna ga nna molemo gore re dire diphetogo dingwe gore re fokotse tlhobaelo ya rona. Ka sekai, a o ka kgona go tlhofofatsa botshelo jwa gago, gongwe o fudugela mo ntlong e nnye kana o fokotse dithoto tse dingwe tse o sa di tlhokeng?—Mathaio 6:22.

7, 8. (a) Jesu o ile a bontsha jang gore o a itse gore batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go tshwenyega thata ka dilo tse re di tlhokang? (Bona gape le mokwalo o o kwa tlase.) (b) Jesu o ne a re neela kgakololo efe e e molemo kaga gore re ka tila jang go tlhobaela go sa tlhokege?

7 Jesu o ile a gakolola jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng.” * (Mathaio 6:25) Jesu o ne a itse gore gantsi batho ba ba sa itekanelang ba amega thata ka dilo tsa konokono tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka re thusang gore re ‘tlogele go tlhobaela’ thata ka dilo tseno? Jesu o ile a re: “Nnang lo batle pele bogosi.” Le fa re ka tswa re lebane le mathata afe, re tshwanetse go tswelela pele re dira gore kobamelo ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona. Fa re dira jalo, Rraarona wa selegodimo o tla re ‘okeletsa’ dilo tse dingwe tsotlhe tsa letsatsi le letsatsi tse re di tlhokang. Ka tsela nngwe o tla nna a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.—Mathaio 6:33.

8 Jesu o ne a boa a gakolola jaana: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” (Mathaio 6:34) Ga go botlhale go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka se se ka nnang sa direga ka moso. Mokanoki mongwe o ile a re: “Dilo tse re di boifang ka isagwe ga se gantsi di nnang kafa re di akanyang ka teng.” Fa ka boikokobetso re latela kgakololo ya Baebele ya gore re tlhome mogopolo mo dilong tse e leng tsa botlhokwa thata le gore re tshele letsatsi lengwe le lengwe go ya ka maemo a lone re tla kgona go tila go tlhobaela go sa tlhokege.—1 Petere 5:6, 7.

9. Fa re na le mathata a madi, ke thuso efe e re ka e bonang mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

9 Fa re na le mathata a madi, gape re ka bontsha gore re ikanya Jehofa ka go senka thuso mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Gangwe le gape makasine wa Tsogang! o ile wa nna le ditlhogo tse di nang le dikgakololo le dikakantsho tse di molemo tsa kafa re ka lebanang ka teng le mathata a itsholelo. Setlhogo se se reng “Go Tlhoka Tiro—Ditharabololo tsa Gone Ke Eng?” mo makasineng wa August 8, 1991, se ne sa tlhalosa dikakantsho tse robedi tse di ileng tsa thusa batho ba le bantsi go nna ba tlhomame mo maikutlong le mo go tsa madi fa ba lebane le bothata jwa go tlhoka tiro. * Ke boammaaruri gore, dikakantsho tseo di tshwanetse tsa dirisiwa di patagantswe le go nna le pono e e siameng ka madi. Go ne ga tlotliwa ka kgang eno mo setlhogong se se reng “Sengwe se se Botlhokwa Thata go Feta Madi,” se se neng se le mo go one makasine ono.—Moreri 7:12.

Fa o Tshwenngwa ke Bolwetse

10. Sekai sa ga Kgosi Dafide se bontsha jang gore go a kgonega go ikanya Jehofa fa re lwala bolwetse jo bo masisi?

10 A go a utlwala gore re ikanye Jehofa fa re lwala bolwetse jo bo masisi? Ee! Jehofa o utlwela batho ba gagwe ba ba lwalang botlhoko. Mo godimo ga moo, o iketleeleditse go ba thusa. Ka sekai, akanya ka Kgosi Dafide. Go ka direga gore ene ka boene o ne a lwala fa a tla tloga a kwala a bua ka tsela e Modimo a dirisanang ka yone le mosiami yo o lwalang. O ne a re: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse; ruri o tla fetola bolao jotlhe jwa gagwe fa a sa ntse a bobola.” (Pesalema 41:1, 3, 7, 8) Dafide o ne a tswelela a ikanya Modimo, mme kgabagare bolwetse jwa gagwe bo ne jwa fola. Mme gone, re ka bontsha go ikanya Modimo jang fa re tshwenngwa ke bolwetse?

11. Fa re lwala bolwetse jo bo masisi, ke eng se re ka se kopang Rraarona wa selegodimo?

11 Fa re lwala, tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re ikanya Jehofa ke ka go mo kopa ka thapelo gore a re thuse go itshoka. Re ka nna ra mo kopa gore a re thuse go dirisa “botlhale jo bo mosola” e le gore re kgone go nna le botsogo jo go ka kgonegang gore re nne le jone go ya ka maemo a rona. (Diane 3:21) Gape re ka mo kopa gore a re thuse go nna le bopelotelele le boitshoko jwa go itshokela bolwetse joo. Mo godimo ga tseno tsotlhe, re tshwanetse ra kopa Jehofa gore a re nonotshe, a re fe maatla a go nna re ikanyega le gore re se ka ra wa, le fa go ka direga eng. (Bafilipi 4:13) Go nna re ikanyega mo Modimong go botlhokwa go feta go boloka botshelo jwa rona jwa gone jaanong. Fa re tswelela re ikanyega, Moduedi yo Mogolo o tla re abela botshelo jo bo sa khutleng le boitekanelo jo bo molemo.—Bahebera 11:6.

12. Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka re thusang go dira ditshwetso tse di molemo mo go tsa kalafi?

12 Gape tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa go senka kaelo e e molemo mo Lefokong la gagwe, Baebele. Melaometheo e e fitlhelwang mo Dikwalong e ka re thusa go dira ditshwetso tse di molemo mo dilong tse di amanang le kalafi. Ka sekai, fa re itse gore Baebele e kgala “tlwaelo ya go dirisana le meya,” re tla tila mekgwa epe fela ya kalafi e e amanang le go dirisana le meya. (Bagalatia 5:19-21; Duteronome 18:10-12) Sekai se sengwe sa botlhale jwa Baebele jo bo ka ikanngwang ke se: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Ka gone, fa re akanyetsa go dirisa kalafi e e rileng, go ka nna molemo gore re senke tshedimosetso e e ka ikanngwang go na le go “dumela lefoko lengwe le lengwe.” ‘Go itekanela sentle jalo ga mogopolo’ go ka re thusa go akanyetsa maemo a rona ka kelotlhoko le go dira tshwetso e e akanyeditsweng sentle.—Tito 2:12.

13, 14. (a) Ke ditlhogo dife tse di buang ka tsa kalafi tse di ileng tsa gatisiwa mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 17.) (b) Ke kgakololo efe e e kaga go itshokela malwetse a a sa foleng e e neng ya tlhalosiwa mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 2001?

13 Gape re ka bontsha go ikanya Jehofa ka go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa motlhanka yo o boikanyego. Gangwe le gape dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ile tsa gatisa ditlhogo tse di nang le tshedimosetso e e molemo tse di buang ka malwetse a a farologaneng le mathata mangwe a botsogo. * Ka dinako tse dingwe, dimakasine tseno di ile tsa nna le ditlhogo tse di buang ka batho bangwe ba ba ileng ba itshokela malwetse le makoa a a farologaneng ka katlego. Mo godimo ga moo, ditlhogo tse dingwe di ile tsa ntsha dikakantsho tsa Dikwalo le kgakololo e e molemo malebana le gore motho a ka itshokela jang bolwetse bongwe jo bo sa foleng.

14 Ka sekai, Tsogang! ya February 8, 2001 e ne e na le setlhogo sa kafa ntle se se reng “Go Gomotsa ba ba Lwalang.” Ditlhogo tsa teng di ne di tlhalosa melaometheo e e molemo ya Baebele le tshedimosetso e e tserweng mo bathong ba ba nang le kitso ba ba feditseng dingwaga di le dintsi ba tshela ka bolwetse jo bo rileng jo bo koafatsang. Setlhogo se se reng “O ka Lepalepana Jang le Bolwetse Jwa Gago ka Katlego?” se ne se na le kgakololo eno: Ithute go le gontsi kafa o ka kgonang ka teng ka bolwetse jwa gago. (Diane 24:5) Ipeele mekgele e e molemo, go akaretsa le wa go thusa ba bangwe, mme gone o sa lebale gore o ka nna wa se ka wa kgona go fitlhelela mekgele e batho ba bangwe ba kgonang go e fitlhelela. (Ditiro 20:35; Bagalatia 6:4) O se ka wa itlhaola mo bathong ba bangwe. (Diane 18:1) Dira gore batho ba bangwe ba itumelele go go etela. (Diane 17:22) Mo godimo ga tseno tsotlhe, ipoloke o na le botsala jo bogolo le Jehofa le phuthego. (Nahume 1:7; Baroma 1:11, 12) A ga re anaanele kaelo e e ikanyegang e Jehofa a re neelang yone ka phuthego ya gagwe?

Fa o Na le Bokoa Bongwe Jo bo Sa Feleng

15. Moaposetoloi Paulo o ile a kgona jang go fenya ntwa ya go lebana le makoa a bosaitekanelang, mme re ka tlhomamisega ka eng?

15 Moaposetoloi Paulo o ile a re, “mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo.” (Baroma 7:18) Paulo o ne a itse sentle kafa go leng thata ka teng go lwa le dikeletso le makoa a bosaitekanelang. Le fa go ntse jalo, Paulo gape o ne a na le tsholofelo ya gore a ka kgona go fenya. (1 Bakorintha 9:26, 27) Jang? Ka go ikanya Jehofa ka botlalo. Ke gone ka moo Paulo a neng a ka re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:24, 25) Go tweng ka rona? Le rona re tshwanelwa ke go lwa le makoa a rona a bosaitekanelang. Fa re ntse re kgaratlhela go fenya makoa ano, go ka nna motlhofo go felelwa ke tsholofelo, re tlelwa ke kakanyo ya gore re ka se ka ra atlega. Mme gone, Jehofa o tla re thusa fa re mo ikanya ka botlalo jaaka Paulo mme re sa ikanye nonofo ya rona.

16. Fa re na le bokoa bongwe jo bo ganang go fela, re tshwanetse go rapelela eng, mme gone re tshwanetse go dira eng fa re boa re fekeediwa ke bokoa joo gape?

16 Fa re na le bokoa bongwe jo bo ganang go fela, re ka bontsha gore re ikanya Jehofa ka go mo kopa thuso ka thapelo. Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:9-13) Re ka kopa le gore a re thuse go nna le boikgapo, jo e leng lengwe la maungo a moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Re tshwanetse go dira eng fa go direga gore re boe re fekeediwe ke bokoa jwa rona morago ga go nna re bo fenya? Le ka motlha re se ka ra ineela. Re se ka ra lapa go rapela Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko ka boikokobetso, re mo kopa gore a re itshwarele le gore a re thuse. Jehofa ga a kitla a gana pelo e e “phatlogileng le e e gateletsweng” ka ntlha ya go ipona molato. (Pesalema 51:17) Fa re rapela Jehofa ka pelo e e tlhoafetseng, e e utlwileng botlhoko, o tla re thusa go lwa le dithaelo.—Bafilipi 4:6, 7.

17. (a) Ke eng fa go thusa go akanya ka kgang ya gore Jehofa o ikutlwa jang ka bokoa bongwe jo re ka tswang re lwa le jone? (b) Ke dikwalo dife tse re ka di tshwarang ka tlhogo fa re lwa le bokoa jwa go galefa ka bonako? go se kgone go laola loleme? go lwa le tshekamelo ya go rata boitlosobodutu jo bo sa siamang?

17 Gape re ka bontsha gore re ikanya Jehofa ka go senka thuso mo Lefokong la gagwe. Ka go dirisa khonkhodense ya Baebele kana Watch Tower Publications Index, re ka senka karabo ya potso e e reng, ‘Jehofa o ikutlwa jang ka bokoa jono jo ke lwang le jone?’ Go akanya ka tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka kgang eo go ka nonotsha keletso ya rona ya go batla go mo itumedisa. Ka gone, re ka simolola go ikutlwa ka tsela e a ikutlwang ka yone, re ila se a se ilang. (Pesalema 97:10) Batho bangwe ba ile ba fitlhela go thusa go tshwara ditemana dingwe tsa Baebele ka tlhogo tse di amanang le bokoa bongwe jo ba lwang le jone. A o lwa le bokoa jwa go galefa ka bonako? Fa go le jalo, o ka ithuta mafoko a Diane 14:17 le Baefeso 4:31 mme o a tshware ka tlhogo. A o na le bokoa jwa go se kgone go laola loleme? O ka ithuta mafoko a Diane 12:18 le Baefeso 4:29 mme o a tshware ka tlhogo. A o na le tshekamelo ya go rata boitlosobodutu jo bo sa siamang? O ka nna wa leka go ikgopotsa mafoko a ditemana tse di jaaka Baefeso 5:3 le Bakolosa 3:5.

18. Ke eng fa re sa tshwanela go letla gore go tlhabiwa ke ditlhong go re thibele go kopa bagolwane gore ba re thuse go fenya bokoa jwa rona?

18 Go senka thuso ya bagolwane ba ba tlhomilweng ka moya mo phuthegong ke tsela e nngwe gape e re bontshang ka yone gore re ikanya Jehofa. (Ditiro 20:28) Kana e bile, thulaganyo eno ya go nna le “dimpho tse e leng banna” ke e e tswang kwa go Jehofa ka Keresete, e a e diretseng go sireletsa le go tlhokomela dinku tsa gagwe. (Baefeso 4:7, 8, 11-14) Ke boammaaruri gore, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go kopa thuso ya gore re lepalepane le bokoa bongwe. Re ka tlhabiwa ke ditlhong, re boifa gore bagolwane ba ka nna ba se ka ba tlhola ba re leba ka tsela e ba neng ba re leba ka yone pele. Mme gone, ga go pelaelo gore banna bano ba ba godileng sentle semoyeng ba tla anaanela go bo re nnile le bopelokgale jwa go kopa thuso. Mo godimo ga moo, bagolwane ba leka ka natla go etsa dinonofo tsa ga Jehofa fa ba dirisana le letsomane. Kgakololo ya bone e e molemo le e e gomotsang e e tswang mo Lefokong la Modimo e ka nna ya bo e le yone e re e tlhokang go nonotsha boikaelelo jwa rona jwa go fenya bokoa jwa rona.—Jakobe 5:14-16.

19. (a) Satane o batla go dirisa botshelo jo bo se nang mosola jwa tsamaiso eno jang? (b) Go ikanya Jehofa go akaretsa eng, mme re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

19 Le ka motlha o se ka wa lebala gore Satane o a itse gore nako ya gagwe e khutshwane. (Tshenolo 12:12) O batla go dirisa botshelo jo bo se nang mosola jwa lefatshe leno go re kgoba marapo le go dira gore re ineele. E kete re ka tshepa ka botlalo mafoko ano a a buiwang mo go Baroma 8:35-39: “Ke mang yo o tla re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano kgotsa matshwenyego kgotsa pogiso kgotsa tlala kgotsa bosaikategang kgotsa kotsi kgotsa tšhaka? . . . Go na le moo, mo dilong tseno tsotlhe re tswa re fentse ka botlalo ka ene yo o neng a re rata. Gonne ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” A mafoko a a molemo jang ne a go ikanya Jehofa! Le fa go ntse jalo, go mo ikanya jalo ga se maikutlo fela a e seng a sepe. Go na le moo, ke go mo ikanya go go akaretsang ditshwetso tse re di akanyeditseng ka kelotlhoko tse re di dirang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Ka gone, a re ikemisetseng go ikanya Jehofa ka botlalo mo dinakong tsa matshwenyego.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Mokwaledi wa Motshwaramatlotlo wa United States e bong Salmon P. Chase o ne a kwala jaana mo lekwalong la November 20, 1861 le a neng a le kwaletse Bogatisi Jwa Madi jwa naga eo: “Ga go naga epe e e ka nonofang fa e sa nonotshiwe ke Modimo, kana ya sireletsega fa e sa sirelediwe ke Ene. Tsela e batho ba rona ba ikanyang Modimo ka yone e tshwanetse ya tlhalosiwa mo mading a tshipi a naga ya rona.” Seno se ne sa dira gore moono o o reng, “Re Ikanya Modimo” o tlhage la ntlha mo mading a tshipi a United States a a neng a gatisiwa ka 1864.

^ ser. 7 Tlhobaelo e go buiwang ka yone fano go tlhalosiwa gore ke “poifo e e dirang gore motho a tlhobaele le gore a se ka a itumelela sepe mo botshelong.” Dithanolo dingwe di a re “lo se ka lwa tlhobaela” kana “lo se ka lwa tshwenyega.” Mme gone dithanolo tse di ntseng jalo di naya kgopolo ya gore ga re a tshwanela go simolola go tlhobaela kana go tshwenyega. Buka nngwe ya re: “Lediri la Segerika la lefoko leno le mo modirisong taelo wa paka jaanong, e leng se se nayang kgopolo ya gore ke taelo e e laelang gore motho a tlogele go dira tiro nngwe e a tshwaraganeng le go e dira.”

^ ser. 9 Dintlha tseo tse robedi ke tse di latelang: (1) O se ka wa tlalelwa; (2) Nna le maikutlo a a siameng; (3) Akanya ka mefuta e mesha ya tiro; (4) Tshela ka selekanyo sa madi a gago—eseng ka sa a ba bangwe; (5) Itise mo go tseyeng dilo sekoloto; (6) Boloka lelapa le ntse le utlwana; (7) O se ka wa intsha seriti; le (8) Rulaganya kafa o tla dirisang madi ka gone.

^ ser. 13 Dimakasine tseno tse di theilweng mo Baebeleng ga di buelele mofuta mongwe wa kalafi ka gonne kalafi ke selo se motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go sone. Go na le moo, ditlhogo tse di tlotlang ka malwetse a a rileng di kwaletswe go thusa mmadi ka tshedimosetso e e malebana le bolwetse joo go ya kafa bo itseweng ka teng gone jaanong.

A o A Gakologelwa?

• Fa re na le mathata a madi, re ka bontsha ka ditsela dife gore re ikanya Jehofa?

• Re ka bontsha jang gore re ikanya Modimo fa re tshwenngwa ke bolwetse?

• Fa re na le bokoa bongwe jo bo ganang go fela, re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa ka botlalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

A o Gakologelwa Ditlhogo Tseno?

Fa re ngomolwa pelo ke malwetse, go a kgothatsa go bala ka batho ba bangwe ba ba ileng ba itshokela malwetse kana makoa ao ka katlego. Ditlhogo tse di latelang ke dingwe tsa tse di ileng tsa gatisiwa mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

Go Lwa Kgatlhanong le Makoa a Me” se se neng se bua thata ka go lebana le maikutlo a go inyatsa le go tshwenyega thata mo maikutlong.—Tora ya Tebelo, May 1, 1990.

“Go Direla ba Bangwe go Fokotsa go Boga.”—Tora ya Tebelo, July 1, 2003.

“Lerumo la Tlhobolo le Fetotse Botshelo Jwa Me” se se buang ka go golafala.—Tsogang!, November 8, 1995.

“Ga lo Itse se Botshelo Jwa Lona e Tla Bong e le Sone ka Moso,” se ne se bua ka go itshokela bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo.—Tora ya Tebelo, December 1, 2000.

“Loida o Simolola go Bua” se bua ka go itshokela bolwetse jwa cerebral palsy.Tsogang!, May 8, 2000.

“Digole Tse Di Kgonang Go Rera.”—Tora ya Tebelo, November 15, 1986.

“Ke Lebogela Tshegofatso ya ga Jehofa ya ka Metlha.”—Tora ya Tebelo, June 1, 1993.

“Kafa go Gobala go Fetotseng Botshelo Jwa me ka Gone.”—Tsogang!, May 8, 2003.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa re latlhegetswe ke tiro go ka nna molemo go fetola tsela ya rona ya botshelo

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Kgang ya ga Loida e bontsha kafa go ikanya Jehofa go ka thusang motho ka teng go itshoka. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 17)

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ga re a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke go kopa gore re thusiwe go fenya makoa a rona