Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ka Metlha O a Re Tlhokomela

Jehofa ka Metlha O a Re Tlhokomela

Kgang ya Botshelo

Jehofa ka Metlha O a Re Tlhokomela

JAAKA GO BOLETSE ENELESI MZANGA

E ne e le ka 1972. Makawana a lesome a e leng maloko a Lekoko la Basha la kwa Malawi, a ne a tsena mo ntlong ya rona ka dikgoka, a mphamola mme a nkgogela kwa masimong a a fa gaufi a lotlhaka lwa sukiri. Fa re fitlha koo, ba ne ba mpetsa mme ba ntlogela gore ke swele teng.

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba kwa Malawi ba ne ba tlhaselwa ka ditsela tse di farologaneng tse di setlhogo tse di jaaka eno. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba bogisiwa? Ke eng se se ba thusitseng gore ba itshoke? Mma ke lo bolelele ka kgang ya lelapa la me.

KE BELEGWE ka December 31, 1921, mo lelapeng le le ratang bodumedi. Rre e ne e le moruti wa Church of Central African Presbyterian. Ke goletse kwa Nkhoma, torotswana nngwe e e gaufi le Lilongwe, motsemoshate wa Malawi. Fa ke ne ke le dingwaga di le 15, ke ne ka nyalwa ke Emmas Mzanga.

Ka letsatsi lengwe tsala nngwe ya ga rre, yo le ene e leng moruti o ne a re etela. O ne a tlhokometse gore Basupi ba ga Jehofa ba nna gaufi le rona mme a re tlhagisa gore re se ka ra tlwaelana le bone. O ne a re bolelela gore Basupi ba na le madimona mme fa re se kelotlhoko, le rona re tla tsenwa ke madimona. Tlhagiso eo e ne ya re tshosa thata mo e leng gore re ne ra fudugela kwa motseng o mongwe, kwa Emmas a neng a bona tiro ya go tlhokomela lebenkele gone. Mme go ise go ye kae, re ne ra lemoga gore ntlo ya rona e ntšha le yone e ne e le gaufi le Basupi ba ga Jehofa!

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, tsela e Emmas a neng a rata Baebele thata ka yone e ne ya dira gore a bue le Mosupi mongwe. Fa Emmas a sena go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse dintsi tse a neng a na le tsone, o ne a dumela fa Mosupi yono a ne a mo kopa gore a ithute Baebele le ene. La ntlha thuto ya Baebele e ne e tshwarelwa kwa lebenkeleng le a neng a bereka mo go lone, mme moragonyana thuto ya beke le beke e ne ya tshwarelwa mo ntlong ya rona. Nako nngwe le nngwe fa Basupi ba ga Jehofa ba tla, ke ne ke tswa mo ntlong ka gonne ke ne ke ba tshaba. Le fa go ntse jalo, Emmas o ne a tswelela a ithuta Baebele. Ka April 1951, morago ga go ithuta dikgwedi di ka nna thataro, o ne a kolobediwa. Le fa go ntse jalo, ga a ka a mpolelela ka gonne o ne a boifa gore fa nka utlwa ka seno ke ne ke tla mo tlhala.

Dibeke Tsa Mathata

Le fa go ntse jalo, ka letsatsi lengwe, tsala ya me e bong Ellen Kadzalero o ne a mpolelela gore monna wa me o ne a kolobeditswe go nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ke shakgetse tota! Go tloga ka letsatsi leo, ke ne ke sa tlhole ke mmuisa kgotsa go mo apeela dijo. Ke ne ka tlogela le go mo gela le go mo bedisetsa metsi a go tlhapa—tiro e go ya ka ngwao ya rona e tsewang e le tiro e mosadi a tshwanetseng go e dira.

Morago ga gore Emmas a itshokele go tshwarwa ka tsela eno ka dibeke di le tharo, o ne a nkopa ka bopelonomi gore re buisane mme a mpolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a swetsa ka gore e nne Mosupi. O ne a bala a bo a tlhalosa ditemana di sekae, tse di jaaka 1 Bakorintha 9:16. Seno se ne sa nkama pelo thata mme ka akanya gore le nna ke tshwanetse go nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mo go jone bosigo joo, monna wa me yo o rategang o ne a itumela thata fa ke ne ke mo apeela dijo tse di monate.

Go Bolelela ba Losika le Ditsala ka Boammaaruri

Fa batsadi ba rona ba utlwa gore re kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba re ganetsa thata. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba re kwalela lekwalo mme ba re bolelela gore re se ka ra tlhola re ba etela. Tsela e ba neng ba itshwara ka yone e ne ya re hutsafatsa mme re ne re ikanya tsholofetso ya ga Jesu ya gore re tla nna le bakaulengwe le bokgaitsadi, borre le bomme ba bantsi ba semoya.—Mathaio 19:29.

Ke ne ka gatela pele ka bonako ke ithuta Baebele mme ka kolobediwa ka August 1951, dikgwedi di le tharo le sephatlho fela morago ga monna wa me. Ke ne ke ikutlwa ke patelesega go bolelela tsala ya me Ellen ka boammaaruri. Ka boitumelo, o ne a dumela fa ke mo kopa go ithuta Baebele. Ka May 1952, Ellen o ne a kolobediwa mme a nna kgaitsadi wa me wa semoya, e leng selo se se neng sa nonotsha botsala jwa rona. Gompieno, re sa ntse re le ditsala tse dikgolo.

Ka 1954, Emmas o ne a tlhomiwa go etela diphuthego e le molebedi wa potologo. Ka nako eo, re ne re setse re na le bana ba le barataro. Mo metlheng eo, molebedi yo o etang yo o neng a na le lelapa o ne a fetsa beke yotlhe a etetse phuthego nngwe mme mo bekeng e e latelang o ne nna kwa gae le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe. Le fa go ntse jalo, fa Emmas a ne a etela diphuthego, gantsi o ne a tlhomamisa gore ke tshwara thuto ya rona ya Baebele ya lelapa. Re ne re leka go dira gore bana ba rona ba itumelele thuto. Gape re ne re bua go tswa pelong ka tsela e re ratang Jehofa, boammaaruri le Lefoko la gagwe ka yone, e bile re ne re dira tiro ya go rera re le lelapa. Thulaganyo eno ya go thapisa bana ba rona e ne ya nonotsha tumelo ya bone mme ya thusa go ba baakanyetsa pogiso e re neng re tla tloga re lebana le yone.

Tshimologo ya go Bogisiwa ka Ntlha ya Bodumedi

Ka 1964, Malawi e ne ya nna setšhaba se se ipusang. Fa mokgatlho wa bopolotiki o o neng o eteletse pele o utlwa ka go sa nne le seabe ga rona mo dipolotiking, o ne wa leka go re pateletsa go reka dikarata tsa go nna maloko a mokgatlho oo. * E re ka nna le Emmas re ne re gana go dira jalo, maloko a Lekoko la Basha a ne a senya tshimo ya rona ya mmidi—e leng tshimo e re neng re tla bona dijo tsa rona tsa ngwaga otlhe o o tlang mo go yone. Fa maloko ano a Lekoko la Basha a ntse a senya mmidi, a ne a opela ka go re: “Botlhe ba ba ganang go reka karata ya ga Kamuzu, mmidi wa bone o motala o tla jewa ke motlhwa mme ba tla o lelela.” Le fa go ntse jalo, le fa re ne re latlhegelwa ke dijo, ga re a ka ra itlhoboga. Re ne ra bona gore Jehofa o re tlhokometse. O ne a re nonotsha ka tsela e e lorato.—Bafilipi 4:12, 13.

Gare ga bosigo bongwe ka August 1964, ke ne ke le nosi kwa gae le bana. Re ne re robetse, mme ke ne ka tsosiwa ke modumo wa go opela o o utlwalang kgakala. E ne e le setlhopha sa Gulewamkulu, e leng mokgatlho o o neng o boifiwa o o neng o direla dilo mo sephiring wa babini ba setso ba ba neng ba tlhasela batho ba itira meya ya bagologolwane ba ba suleng. Lekoko la Basha le ne le romile setlhopha sa Gulewamkulu go tla go re tlhasela. Ke ne ka tsosa bana ka bonako pele ga batlhasedi ba rona ba fitlha mo ntlong ya rona mme ra tshabela kwa sekgweng.

Go tswa mo re neng re iphitlhile teng, re ne ra bona lesedi le legolo. Setlhopha sa Gulewamkulu se ne se fisitse ntlo ya rona e e ruletsweng ka bojang. Yone le dithoto tsa rona tsotlhe di ne tsa sha lore. Fa batlhasedi ba rona ba tsamaya ba tlogela ntlo ya rona e shele lore e kua mosi, re ne ra ba utlwa ba re, “Re diretse Mosupi yole molelo o o monate gore a ikomose mo go one.” A bo re ne ra leboga Jehofa jang go bo re ile ra kgona go tshaba re babalesegile! Gone ke boammaaruri gore ba ne ba sentse dithoto tsotlhe tsa rona mme ga ba a ka ba fedisa boikemisetso jwa rona jwa gore re ikanye Jehofa go na le go ikanya batho.—Pesalema 118:8.

Re ne ra utlwa gore setlhopha seno sa Gulewamkulu se ne se dirile bosetlhogo jo bo tshwanang le mo malapeng a mangwe a le matlhano a Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong ya rona. Ruri re ne ra itumela fa bakaulengwe ba diphuthego tse di gaufi ba tla go re thusa! Ba ne ba aga matlo a rona sesha ba bo ba re abela dijo ka dibeke di le mmalwa.

Pogiso e Nna Maswe le go Feta

Ka September 1967 go ne ga nna le letsholo la go phutha Basupi botlhe ba ba mo nageng eo. Gore ba tle ba re bone, makawana a Lekoko la Basha la kwa Malawi le la Malawi Young Pioneers, a a tshotseng dithipa tse dikgolo—a ne a tsamaya ka ntlo le ntlo a batla Basupi. Fa a ne a fitlhela Basupi, a ne a leka go ba rekisetsa dikarata tsa mokgatlho wa bopolotiki.

Fa a fitlha kwa ntlong ya rona, a ne a botsa gore a re na le karata ya mokgatlho wa bopolotiki. Ke ne ka re: “Nnyaa, ga ka e reka. Le gone jaanong nka se e reke, e bile nka se e reke le mo nakong e e tlang.” A ne a phamola nna le monna wa me mme a re isa kwa seteisheneng sa mapodisi, a sa re neye nako ya go tsaya sepe. Fa bana ba rona ba babotlana ba tla gae go tswa kwa sekolong, ba fitlhetse re seyo mme ba ne ba simolola go tshwenyega. Ka lesego, ngwana wa rona yo mogolo wa mosimane e bong Daniel, o ne a fitlha kwa gae ka bonakonyana moragonyana ga moo mme moagelani mongwe a mmolelela gore go diragetseng. Ka yone nako eo, o ne a tsaya bomonnawe mme a ya kwa seteisheneng sa mapodisi. Ba ne ba fitlha ka nako ya fa mapodisi a ne a re tlhatlhela mo teng ga lori go re isa kwa Lilongwe. Bana ba ne ba tsamaya le rona.

Kwa Lilongwe, go ne ga tshwarwa tsheko e e seng kafa molaong kwa diofising tse dikgolo tsa sepodisi. Badiredibagolo ba ne ba re botsa ba re: “A lo tla tswelela lo le Basupi ba ga Jehofa?” Re ne ra araba re re “Ee!” le fa go araba jalo go ne go setse go kaya gore re atlholetswe dingwaga di le supa mo kgolegelong. Katlholo ya ba go neng go tsewa gore ke bone ba “tsamaisang” phuthego, e ne e le dingwaga di le 14.

Fa re sena go nna bosigo bo le bongwe re sa je e bile re sa ikhutse, mapodisi a ne a re isa kwa Kgolegelong ya kwa Maula. Disele tsa teng di ne di tletse thata mo e leng gore re ne re sa kgone le go bona phatla ya go robala fa fatshe! Mo seleng nngwe le nngwe e e neng e tletse batho, go ne go dirisiwa emere e le nngwe fela jaaka ntlwana ya boithomelo. Dijo tse di neng di abiwa di ne di le dinnye e bile di sa apewa sentle. Morago ga dibeke di le pedi, badiredibagolo ba kgolegelo ba ne ba lemoga gore re batho ba ba ratang kagiso mme ba re letla go dirisa jarata ya mo kgolegelong e go neng go itshidilelwa mmele mo go yone. E re ka re ne re le bantsi, letsatsi le letsatsi re ne re bona tshono ya go kgothatsana le go neela batshwarwa ba bangwe bosupi jo bo molemo. Re ne ra gakgamala, fa e rile morago ga go tswalelwa dikgwedi di le tharo mo kgolegelong, re ne ra gololwa ka go bo batho gongwe le gongwe go tswa kwa dinageng di le dintsi ba ne ba dirile boikuelo mo Pusong ya Malawi.

Badiredibagolo ba mapodisi ba ne ba re rotloetsa go boela kwa magaeng a rona, mme ba ne ba re bolelela gape gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe mo Malawi. Thibelo eno e ne ya nna gone go tloga ka October 20, 1967, go fitlha ka August 12, 1993—mo e batlileng e nna dingwaga di le 26. E ne e le dingwaga tse di thata tseo, le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa re ne ra kgona go boloka boitlhaodi jwa rona ka botlalo.

Go Tsomiwa Jaaka Diphologolo

Ka October 1972, molao mongwe wa puso o ne wa tlhotlheletsa tshimologo e nngwe ya pogiso e e botlhoko. Molao oo o ne o laela gore Basupi ba ga Jehofa botlhe ba kobiwe mo ba berekang teng le gore Basupi botlhe ba ba nnang mo metseng ba kobiwe mo matlong a bone. Basupi ba ne ba tsomiwa jaaka diphologolo.

Ka nako eo, mokaulengwe mongwe yo mosha wa Mokeresete o ne a tla kwa legaeng la rona a tliseditse Emmas molaetsa mongwe o o potlakileng o o neng o re, ‘Lekoko la Basha le dira maano a gore ba go kgaole tlhogo, ba e tlhome mo koteng mme ba bo ba e isa kwa dikgosing tsa motse.’ Emmas o ne tshaba ka bonako kwa gae, mme o dirile jalo fa a sena go re direla dithulaganyo tsa gore re mo latele ka bonako jo bo kgonegang. Ke ne ka tshabisa bana ka bonako. Morago ga foo, ke sa ntse ke re ke a tsamaya, ga tlhaga maloko a le lesome a Lekoko la Basha, a batla Emmas. Ba ne ba tsena mo ntlong ya rona ka dikgoka mme ba fitlhela Emmas a seyo. Ka bogale, banna bano ba ne ba nkgogela kwa masimong a a fa gaufi a lotlhaka la sukiri mo ba neng ba nthaga le go mpetsa ka dithobane tsa lotlhaka la sukiri. Go tswa foo ba ntlogela gore ke swele teng. Fa ke sena go thanya, ke ne ka gagabela kwa ntlong.

Mo bosigong joo, fa go setse go fifetse, Emmas o ne a itsenya mo kotsing ka gore a boele kwa ntlong go tla go mpatla. Fa Emmas a fitlhela ke biditswe setlhogo jalo, ene le tsala nngwe e e neng e na le koloi, ba ne ba ntsenya mo koloing ka go nneneketsa. Go tswa foo re ne ra ya kwa ntlong ya mokaulengwe mongwe kwa Lilongwe, kwa ke neng ka kokotlegela gone ka bonya mme Emmas ene a simolola go dira dithulaganyo tsa go tswa mo nageng.

Go Kgarakgatshega ga Batshabi

Morwadiarona e bong Dinesi le monna wa gagwe ba ne ba na le lori ya bokete jwa ditone di le tlhano. Ba ne ba hira mokgweetsi yo e kileng ya bo e le leloko la lekoko la Malawi la Young Pioneers mme o ne a setse a tlhaloganya seemo sa rona. O ne a ithaopela go thusa rona le Basupi ba bangwe. Mo masigong a sekae mokgweetsi yono o ne a tsaya Basupi kwa mafelong a ba neng ba rulagantse e sa le gale gore ba tla iphitlha mo go one. Go tswa foo o ne a apare yunifomo ya lekoko la Malawi la Young Pioneers mme a feta ka lori e re neng re tletse mo go yone mo mafelong a le mmalwa a mapodisi a neng a thibile tsela mo go one. O ne a itsenya mo kotsing thata ka go thusa Basupi ba le bantsintsi go kgabaganya molelwane go tsena kwa Zambia.

Morago ga dikgwedi di sekae, balaodi ba Zambia ba ne ba re busetsa kwa Malawi; le fa go ntse jalo, re ne re sa kgone go boela kwa motseng wa rona. Dithoto tsotlhe tse re neng re di tlogetse di ne di utswitswe. Tota le marulelo a tshipi a ne a rutlolotswe mo ntlong ya rona. E re ka go ne go sena gope mo go babalesegileng gone mo re neng re ka ya teng, re na ra tshabela kwa Mozambique mme ra nna kwa kampeng ya batshabi ya Mlangeni dingwaga di le pedi le sephatlo. Le fa go ntse jalo, ka June 1975, puso e ntšha ya Mozambique e ne ya tswala kampa mme ya re pateletsa go boela kwa Malawi, koo maemo a neng a sa ntse a ntse jaaka a ne a ntse mo bathong ba ga Jehofa. Go ne go se na se re ka se dirang fa e se go boa re tshabela kwa Zambia gape. Fa re fitlha koo re ne ra ya kwa kampeng ya batshabi ya Chigumukire.

Dikgwedi tse pedi moragonyana go ne ga fitlha dibese le dilori tse di neng tsa ema mo tseleng e kgolo, mme masole a mantsi a Zambia a a neng a tlhometse ka dibetsa tse dintsi a ne a tsena mo kampeng. A ne a re bolelela gore re agetswe matlo a mantle mme a ne a re tliseditse dipalangwa tse di neng di tla re thusa go ya koo. Re ne re itse gore ga ba bue boammaaruri. Masole a ne a simolola go kgoromeletsa batho mo teng ga dilori le dibese mme mongwe le mongwe o ne a tshaba a tshogile. Masole a ne a simolola go thuntshetsa mo moyeng ka ditlhobolo tsa bone, mme diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba phatlalala ba tshogile.

Fa go ntse go siiwa jalo, Emmas o ne a kgotswa mme a wa a bo a gatwa ke ba bangwe ba le bone ba neng ba siya. Re ne re ithaya re re ke tshimologo ya pitlagano e kgolo. Batshabi botlhe ba ne ba tshabela gape ntlheng ya Malawi. Fa re ntse re le kwa Zambia, re ne ra fitlha mo nokeng nngwe, mme bakaulengwe ba ne ba dira mela e se kae ba tshwaragane ka diatla go thusa mongwe le mongwe go kgabaganya a babalesegile. Le fa go ntse jalo, fa re fitlha ka kwa ga noka, re ne ra phuthiwa ke masole a Zambia mme a re busetsa ka dikgoka kwa Malawi.

Fa re fitlha gape kwa Malawi, re ne re se na kwa re ka yang gone. Re ne ra utlwa gore kwa dikokoanong tsa sepolotiki le mo makwalodikgannyeng, batho ba ne ba tlhagisitswe gore ba tlhokomele “difatlhego tse di sa tlwaelegang” tse di fitlhang mo motseng, go tewa Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra swetsa ka gore re ye kwa motsemoshateng, koo re neng re se kitla re bonala thata jaaka kwa motseng. Re ne ra kgona go hira ntlwana nngwe, mme Emmas a simolola gape a etela diphuthego mo sephiring jaaka molebedi yo o etang.

Go Nna Teng Kwa Dipokanong Tsa Phuthego

Ke eng se se ileng sa re thusa go nna re ikanyega? Dipokano tsa phuthego! Kwa dikampeng tsa batshabi kwa Mozambique le Zambia, re ne re ya dipokanong tse di neng di tshwarwa ka kgololesego mo Diholong Tsa Bogosi tse di ruletsweng ka bojang. Go kopanela kwa dipokanong kwa Malawi go ne go le kotsi e bile go le thata—le fa go ntse jalo, go ne go re solegela molemo ka metlha. Gore re se ka ra bonwa, gantsi re ne re tshwara dipokano gare ga bosigo e bile re di tshwarela kgakala. Gore dikokoano tsa rona di se ka tsa lemogiwa, re ne re sa ope diatla go bontsha gore re leboga sebui mme re ne re gotlhaganya fela diatla.

Go ne go kolobediwa bosigo. Morwarona e bong Abiyudi o ne a kolobediwa ka nako e e ntseng jalo. Morago ga puo ya kolobetso, ene le ba bangwe ba ba neng ba ya go kolobediwa ba ne ba tseelwa kwa lefifing kwa lefelong le le nang le diretse mo go epilweng khuti gone. Fa ba fitlha teng ba ne ba kolobediwa.

Ntlonyana ya Rona—Lefelo le le Babalesegileng

Dingwaga moragonyana tiro ya rona e ntse e thibetswe ke puso, ntlo ya rona kwa Lilongwe e ne e dirisediwa go nna lefelo le le babalesegileng. Poso le dikgatiso tse di tswang kwa ofising ya lekala la Zambia di ne tsa tlisiwa mo legaeng la rona ka sephiri. Bakaulengwe ba e neng e le barongwa ba dibaesekele ba ne ba tla go tsaya dilo tse di tlileng go tswa kwa Zambia mme ba isa poso le dikgatiso tseo kwa dikarolong tsotlhe tsa Malawi. Dimakasine tsa Tora ya Tebelo tse di neng di anamisiwa di ne di le ditshesane ka gonne di ne di gatisediwa mo pampiring e e dirisediwang go gatisa Baebele. Seno se ne se dira gore palo ya dimakasine tse di neng di tsamaisiwa ke barongwa bano e nne e e menaganeng gabedi fa e bapisiwa le tse ba ka bong ba di tsamaisa fa dimakasine di ne di gatisitswe mo pampiring e e tlwaelegileng. Barongwa bano ba ne ba tsamaisa gape le dikamasinenyana tsa Tora ya Tebelo, tse di neng di na le ditlhogo tse di ithutiwang fela. Go ne go le motlhofo go fitlha dimakasinenyana tseno mo kgetsing ya hempe ka gonne e ne e le makasine o e leng tsebe e le nngwe fela.

Barongwa bano ba ne ba itsenya mo kotsing ya gore ba ka tshwarwa le go tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go tsamaya ka dibaesekele mo sekgweng, mme ka dinako tse dingwe ba tsamaya mo lefifing bosigo, ba tshotse mabokoso a a nang le dikgatiso tse di thibetsweng a tlhatlagantswe a le mantsi mo dibaesekeleng tsa bone. Le fa go ne go na le mapodisi a a thibang ditsela e bile go na le dikotsi tse dingwe tse ba neng ba ka lebana le tsone, ba ne ba tsamaya dikilometara di le dintsi mo maemong otlhe a bosa go isetsa bakaulengwe ba bone dijo tsa semoya. Barongwa bao ba ne ba le pelokgale tota!

Jehofa o Tlhokomela Batlholagadi

Ka December 1992, fa Emmas a ntse a neetse puo ka nako ya fa a ne a etetse phuthego jaaka molebedi wa potologo, o ne a itewa ke setorouko. Morago ga moo, o ne a sa tlhole a kgona go bua. Nako nngwe morago ga moo, o ne a itewa ke setorouko se sengwe gape, mme sa dira gore a swe mohama. Le mororo, go lebana le botsogo jo bo sa siamang go ne go se motlhofo mo go ene, ke ne ka kgothadiwa ke tsela e e lorato e phuthego ya rona e neng e nkema nokeng ka yone. Ke ne ka kgona go tlhokomela monna wa me kwa gae go fitlha a tlhokafala ka November 1994, a na le dingwaga di le 76. Re ne re nyalane dingwaga di le 57 mme Emmas o ne a bona thibelo e fedisiwa pele a swa. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke hutsafalela molekane wa me yo o ikanyegang.

Fa ke sena go nna motlholagadi, mogwe wa me o ne a sikara boikarabelo jwa go tlamela mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba batlhano mmogo le nna. Ka maswabi, o ne a tlhokafala ka August 2000 morago ga go lwala nakwana fela. Morwadiake o ne a tla re tlamela jang ka dijo le bonno? Ke ne ka bona gape kafa Jehofa a re tlhokomelang ka teng le kafa a leng “rraagwe basimane ba ba se nang rre le moatlhodi wa batlholagadi,” ka teng. (Pesalema 68:5) Jehofa o ne a nnaya ntlo e ntle e ntšha, a dira gore e agiwe ke batlhanka ba gagwe. Seno se ne sa direga jang? Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona ba bona bothata jo re nang le jone, ba ne ba re agela ntlo mo dibekeng di le tlhano fela! Bakaulengwe ba e leng baagi go tswa kwa diphuthegong tse dingwe ba ne ba tla go thusa. Lorato le bopelonomi jo Basupi bano botlhe ba di re bontshitseng di ile tsa re ama thata ka gonne ntlo e ba neng ba re agela yone e botoka mo matlong a bontsi jwa bone ba nnang mo go one. Lorato lo phuthego e lo re bontshitseng lo ne lwa nna bosupi jo bo molemo mo baagelaning ba rona. Fa ke ya go robala bosigo, ke ikutlwa e kete ke kwa Paradaiseng! Ee, ntlo ya rona e ntšha e ntle e dirilwe ka ditena le seretse, mme jaaka ba le bantsi ba ile ba bolela, ke ntlo e e ileng ya agiwa ka lorato tota.—Bagalatia 6:10.

Jehofa o Tswelela Pele go re Tlhokomela

Le fa ka dinako tse dingwe ke ile ka ngomoga pelo thata, Jehofa o ntse a ntshegetsa. Mo baneng botlhe ba me ba le robongwe, ba le supa ba sa ntse ba tshela, mme lelapa la me gone jaanong le na le maloko a le 123. A bo ke itumela jang ne go bo ba le bantsi ba bone ba direla Jehofa ka boikanyegi!

Gompieno, jaaka ke na le dingwaga di le 82, ke itumela thata fa ke bona se moya wa Modimo o se dirileng mo Malawi. Mo dingwageng tse nnè fela tse di fetileng, ke ile ka bona palo ya Diholo Tsa Bogosi e oketsega go tswa go e le nngwe go fitlha go tse di fetang 600. Gape re na le ofisi e ntšha ya lekala mo Lilongwe, mme re amogela dijo tse dintsi tsa semoya tse di re nonotshang. Ke dumela gore ke ile ka bona go diragadiwa ga tsholofetso ya Modimo e e mo go Isaia 54:17, e mo go yone a re tlhomamisetsang jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” Morago ga go direla Jehofa ka dingwaga tse di fetang 50, ke tlhomamisega gore le fa re ka lebana le diteko tse di ntseng jang, Jehofa ka metlha o a re tlhokomela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka hisitori ya Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi, bona 1999 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 149-223, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Monna wa me, Emmas, o ne a kolobediwa ka April 1951

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha sa barongwa ba ba pelokgale

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ntlo e e agilweng ka lorato