Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshepa Jehofa

Tshepa Jehofa

Tshepa Jehofa

“O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me.”—PESALEMA 71:5.

1. Ke kgwetlho efe e Dafide, yo e neng e le mosimanyana fela wa modisa, a neng a lebana le yone?

E NE e le monna yo moleele tota, a le boleele jwa dimetara di ka nna tharo. Ga go gakgamatse go bo batlhabani botlhe ba Iseraele ba ile ba boifa go tlhabana le ene! Mokaloba yoo wa Mofilisitia, e bong Goliate, o ne a fetsa dibeke di le dintsi moso mongwe le mongwe le maitseboa mangwe le mangwe a kgoba batlhabani ba Iseraele a ba gwetlha gore ba romele mogale mongwe wa bone a tle go tlhabana le ene. Kgabagare, go ne ga nna le mongwe yo o dumelang go ya go tlhabana le ene, mme motho yoo e ne e se motlhabani, go na le moo, e ne e le mosimanyana fela. Mosimanyana yono wa modisa e bong Dafide, o ne a lebega a le monnye le go feta fa a atamela mmaba yono wa gagwe. Ebu, go ka direga gore le bokete jwa gagwe bo ne bo fetwa ke bokete jwa diaparo le ditlhabano tsa ga Goliate! Le fa go ntse jalo, mosimanyana yono o ne a ithaopa go tlhabana le mokaloba yono mme a nna sekao se se tumileng sa bopelokgale.—1 Samuele 17:1-51.

2, 3. (a) Ke eng fa Dafide a ile a kgona go nna le bopelokgale jwa go tlhabana le Goliate? (b) Re tla sekaseka dikgato dife tse pedi tse di ka re thusang go tshepa Jehofa?

2 Ke eng se se neng sa dira gore Dafide a nne pelokgale jalo? Akanya ka mafoko ano a go bonalang a ile a kwalwa ke ene Dafide fa a setse a godile: “O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me.” (Pesalema 71:5) Ee, Dafide o ne a ikanya Jehofa ka botlalo go tloga bosheng jwa gagwe. O ne a atamela Goliate a bua mafoko ano: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa mela ya tlhabano ya Iseraele, ene yo o mo kgobileng.” (1 Samuele 17:45) Le fa Goliate a ne a tshepile maatla a magolo le ditlhabano tse a neng a na le tsone, Dafide ene o ne a tshepile Jehofa. E re ka Morena Molaodimogolo wa lobopo a ne a eme Dafide nokeng, o ne a ka boifa jang motho fela yo o tshwanang le ene, le fa e ka tswa e ne e le seganka kana a tlhometse go le kana nang?

3 Fa o ntse o bala ka Dafide, a o eletsa e kete tsela e le wena o tshepang Jehofa ka yone e ka bo e nonofile jalo? Bontsi jwa rona re ka tswa re eletsa jalo. Ka jalo a re sekaseke dikgato tse pedi tse di ka re thusang go tshepa Jehofa. Sa ntlha, re tshwanetse go fenya sekgoreletsi se gantsi se thibelang batho go tshepa Jehofa jalo. Sa bobedi, re tshwanetse go ithuta gore tota go ikanya Jehofa go akaretsa eng.

Go Fenya se Gantsi se Thibelang Batho go Tshepa Jehofa

4, 5. Ke eng fa go se motlhofo gore batho ba le bantsi ba tshepe Modimo?

4 Ke eng se se thibelang batho go tshepa Modimo? Gantsi batho bangwe ba akabadiwa ke kgang ya gore ke eng fa go direga dilo tse di bosula. Ba le bantsi ba rutwa gore Modimo ke ene yo o dirang gore batho ba boge. Fa go tlhaga masetlapelo mangwe, baruti ba ka nna ba re Modimo o “itseetse” batho ba ba wetsweng ke masetlapelo gore ba ye go nna le ene kwa legodimong. Mo godimo ga moo, baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba ruta gore Modimo ga a bolo go laolela pele tiragalo nngwe le nngwe e e diregang mo lefatsheng—go akaretsa le masetlapelo mangwe le mangwe le ditiro tsa boikepo. Go ka se nne motlhofo go tshepa Modimo yo o setlhogo jalo. Satane, yo o foufatsang megopolo ya batho ba ba sa dumeleng, o tlhagafalela go rotloetsa ‘dithuto tse di ntseng jalo tsa madimona.’—1 Timotheo 4:1; 2 Bakorintha 4:4.

5 Satane o batla gore batho ba se ka ba tlhola ba tshepa Jehofa. Mmaba yoo wa Modimo ga a batle re itse dilo tse tota e leng tsone di bakelang batho go boga. Mme fa re ithutile mabaka a Dikwalo a go bo re boga, Satane o tla batla gore re a lebale. Ka gone, go molemo gore gangwe le gape re ikgakolole mabaka a le mararo a konokono a go bo batho ba boga mo lefatsheng. Fa re dira jalo, re tla bo re tlhomamisetsa dipelo tsa rona gore Jehofa ga se ene yo o re bakelang mathata a re lebanang le one mo botshelong.—Bafilipi 1:9, 10.

6. 1 Petere 5:8 e tlhalosa jang lengwe la mabaka a go bo batho ba boga?

6 Lebaka lengwe le le dirang gore batho ba boge ke gore Satane o batla gore batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba se ka ba tlhola ba ikanyega. O ne a leka go dira gore Jobe a se ka a tlhola a ikanyega. O ne a se ka a atlega ka nako eo, mme gone ga a ise a ineele. E re ka e le mmusi wa lefatshe leno, o batla go “kometsa” batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (1 Petere 5:8) Seo se akaretsa mongwe le mongwe wa rona! Satane o batla go dira gore re se ka ra tlhola re direla Jehofa. Ke gone ka moo gantsi a dirang gore re bogisiwe. Re na le lebaka le le utlwalang la gore re itshoke, le fa pogo eo e ka tswa e le botlhoko go le kana kang. Fa re dira jalo, re thusa go supa gore Satane o maaka mme ka gone re itumedisa Jehofa. (Jobe 2:4; Diane 27:11) Fa Jehofa a ntse a re nonotsha gore re itshokele dipogiso, tsela e re mo tshepang ka yone e a gola.—Pesalema 9:9, 10.

7. Bagalatia 6:7 e re thusa go lemoga lebaka lefe le lengwe la go bo re boga?

7 Lebaka la bobedi la go bo re boga le fitlhelwa mo molaomotheong ono: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Ka dinako tse dingwe batho ba jala ka go dira ditshwetso tse di phoso mme ba bo ba roba pogo e le ditlamorago tsa gone. Ba ka nna ba dira tshwetso ya go kgweetsa botlhaswa mme seo se bo se baka kotsi. Ba le bantsi ba dira tshwetso ya go goga motsoko, e leng se se bakang malwetse a pelo kana kankere ya makgwafo. Ba ba dirang tshwetso ya go dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ba ipaya mo kotsing ya go senya kamano ya bone le ba malapa, go se tlhole ba itlotla, go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo le go ima ba sa batle. Batho ba ka bona Modimo molato ka ntlha ya go boga gono, mme e le fela gore ba boga ka ntlha ya ditshwetso tsa bone tse di phoso.—Diane 19:3.

8. Go ya ka Moreri 9:11, ke eng fa batho ba boga?

8 Lebaka la boraro la go bo re boga le tlhalosiwa mo go Moreri 9:11: “Ke ne ka boa ka bona gore kafa tlase ga letsatsi ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Ka dinako tse dingwe batho ba welwa ke pogo e le fela ka gonne ba iphitlhetse ba le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. Go sa kgathalasege dinonofo tsa rona kana makoa a rona, pogo le loso di ka re wela nako nngwe le nngwe re sa lebelela. Ka sekai, mo motlheng wa ga Jesu tora nngwe kwa Jerusalema e ne ya wa mme ya bolaya batho ba le 18. Jesu o ile a bontsha gore seo se ne se sa diragalele batho bao ka gonne Modimo a ba otlhaela maleo a bone a nako e e fetileng. (Luke 13:4) Nnyaa, ga se Jehofa yo o dirang gore re boge.

9. Ke eng se batho ba le bantsi ba sa se tlhaloganyeng ka pogo e e diregang?

9 Go botlhokwa gore re tlhaloganye dingwe tsa dilo tseno tse di dirang gore batho ba boge. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se tsamaisanang le kgang eno se go leng thata gore batho ba se tlhaloganye. Ke se: Ke eng fa Jehofa Modimo a letla batho ba boga?

Ke Eng fa Jehofa a Letla Batho ba Boga?

10, 11. (a) Go ya ka Baroma 8:19-22, go diragetse eng ka “popo yotlhe”? (b) Re ka itse jang gore ke mang yo o neng a baya popo mo taolong e e se nang mosola?

10 Re bona lesedinyana ka kgang eno e e botlhokwa mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baroma. Paulo o ile a re: “Go lebelela ka tlhoafalo ga popo go letetse go senolwa ga bana ba Modimo. Gonne popo e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo. Gonne re a itse gore popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”—Baroma 8:19-22.

11 Gore re tlhaloganye ditemana tseno, re tshwanetse go simolola pele ka go araba dipotso dingwe tsa konokono. Ka sekai, Ke mang yo o beileng popo mo taolong e e se nang mosola? Bangwe ba ile ba re ke Satane; ba bangwe ba re ke Adame. Mme gone ga go ope wa batho bano yo o neng a ka dira seno. Ka ntlha yang? Ka gonne motho yo o bayang popo mo taolong e e se nang mosola o dira jalo “mo motheong wa tsholofelo.” Ee, o solofetsa ba ba ikanyegang gore kgabagare ba “tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola.” Adame le Satane ba ne ba ka se kgone go solofetsa seo. Ke Jehofa fela yo o neng a ka dira jalo. Ka gone, ga go pelaelo gore ke ene yo o neng a baya popo mo taolong e e se nang mosola.

12. Ke ketsaetsego efe e e leng gone malebana le gore “popo yotlhe” ke eng, mme potso eno e ka arabiwa jang?

12 Mme gone, “popo yotlhe” e go buiwang ka yone fano ke eng? Batho bangwe ba re “popo yotlhe” e go buiwang ka yone ke dilo tsotlhe tse di bopilweng, go akaretsa diphologolo le dimela. Mme gone, a diphologolo le dimela di na le tsholofelo ya go nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo”? Nnyaa. (2 Petere 2:12) Ka gone, “popo yotlhe,” e ka kaya batho fela. Ke yone popo e e amiwang ke boleo le loso ka ntlha ya botsuolodi jwa kwa Edene le e e tlhokang tsholofelo fela thata.—Baroma 5:12.

13. Botsuolodi jwa kwa Edene bo ile jwa ama batho jang?

13 Tota ke eng se botsuolodi jono bo se dirileng mo bathong? Paulo a re bo dirile gore popo e bewe mo taolong e e se nang mosola. * Go ya ka buka nngwe, mafoko ano a kaya “go tlhoka mosola ga sengwe se se sa direng ka tsela e se neng se dirilwe ka yone.” Batho ba ne ba diretswe go tshelela ruri, ba tshela mmogo e le lelapa le le itekanetseng le le seoposengwe mo go tlhokomeleng lefatshe la paradaise. Go na le gore go nne jalo, ba tshela nako e khutshwane, e e sa itumediseng mme gantsi e le e e tletseng mathata. Go ntse fela jaaka Jobe a re, “motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Botshelo jo bo se nang mosola ruri!

14, 15. (a) Ke bosupi bofe jwa go dira dilo ka tshiamo jo re bo fitlhelang mo katlholong e Jehofa a neng a atlhola batho ka yone? (b) Ke eng fa Paulo a re popo e ne ya bewa mo taolong e e se nang mosola ‘e se ka go rata ga yone’?

14 Jaanong re tla mo potsong ya konokono: Ke eng fa “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” a ile a tsenya batho mo maemong ano a a sa itumediseng le a a tletseng mathata? (Genesise 18:25) A go ne go siame gore a dire jalo? Ebu, se lebale se batsadi ba rona ba ntlha ba ileng ba se dira. Fa ba ne ba tsuologela Modimo, ba ne ba ema kafa letlhakoreng la ga Satane, yo o neng a gwetlha bolaodi jwa ga Jehofa fela thata. Ka go dira jalo, ba ne ba ema nokeng kgang ya gore batho ba tla tshela botoka fa ba sa laolwe ke Jehofa, fa ba ipusa bone ka bobone ba kaelwa ke sebopiwa seo sa moya sa motsuolodi. Fa Jehofa a ne a atlhola batsuolodi bano, totatota o ne a ba naya sone se ba neng ba se batla. O ne a letla gore motho a ipuse a le kafa tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane. Mo maemong a a ntseng jalo, a go na le tshwetso e e neng e tla nna botoka go feta ya gore batho ba tsenngwe mo taolong e e se nang mosola mme gone e le mo motheong wa tsholofelo?

15 Ke boammaaruri gore, seno se ne sa dirwa “e seng ka go rata” ga popo. Re tsalwa re le makgoba a boleo le go bola e se ka go rata ga rona. Le fa go ntse jalo, Jehofa ka bopelotlhomogi o ne a letla gore Adame le Efa ba tshele dingwaga tse di setseng tsa botshelo jwa bone le gore ba nne le bana. Le mororo rona ditlogolwana tsa bone re le mo taolong e e se nang mosola ya boleo le loso, re na le tshono ya go dira se Adame le Efa ba paletsweng ke go se dira. Re ka ikobela Jehofa mme ra lemoga gore bolaodi jwa gagwe bo siame e bile bo molemo, fa puso ya motho e e sa kaelweng ke Jehofa yone e baka kutlobotlhoko, mathata e bile e le e e se nang mosola. (Jeremia 10:23; Tshenolo 4:11) Mme tlhotlheletso ya ga Satane e gakatsa dilo le go feta. Hisitori ya batho e supa seno.—Moreri 8:9.

16. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa ga se ene yo o bakang pogo e re e bonang mo lefatsheng gompieno? (b) Ke tsholofelo efe e e lorato e Jehofa a e solofeditseng batho ba ba ikanyegang?

16 Ga go pelaelo gore Jehofa o na le mabaka a a utlwalang a go baya batho mo taolong e e se nang mosola. Le fa go ntse jalo, a seo se bolela gore ke ene a bakang go se nang mosola le pogo e e tlhagelang mongwe le mongwe wa rona gompieno? Akanya ka moatlhodi yo o atlholang sekebekwa ka katlholo e e se tshwanelang. Sekebekwa seo se ka nna sa boga thata fa se ntse se lebane le kotlhao e se e atlholetsweng, mme gone a se na le lebaka le le utlwalang la go bona moatlhodi molato wa go boga ga sone? Le go ka! Mo godimo ga moo, Jehofa ga a ke a dira boikepo. Jakobe 1:13 ya re: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” Gape a re se lebale gore Jehofa o ne a itsise katlholo eno “mo motheong wa tsholofelo.” O ile a dira dithulaganyo tse di lorato tsa gore bana ba ba ikanyegang ba ga Adame le Efa ba bone taolo eno e e se nang mosola e fela le gore ba itumelele “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” Ka nako yotlhe ya botshelo jo bo sa khutleng, batho ba ba ikanyegang ga ba kitla le ka motlha ba tshwenngwa ke gore popo yotlhe e ka nna ya boela gape mo maemong a a sa itumediseng a go nna mo taolong e e se nang mosola. Tsela e e siameng e Jehofa a tla rarabololang dilo ka yone e tla bo e supile go ya go ile gore bolaodi jwa gagwe ke jo bo siameng.—Isaia 25:8.

17. Re tshwanetse go amiwa jang ke go sekaseka mabaka a go bo batho ba boga gompieno mo lefatsheng?

17 Fa re sa ntse re sekaseka mabaka ano a go bo batho ba boga, a o bona lebaka lepe la go bona Jehofa molato ka ntlha ya boikepo kana la go se tlhole re mo tshepa? Go na le moo, go sekaseka mabaka ano go re naya lebaka la go bua mafoko ano a a neng a buiwa ke Moshe: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) A re tlhatlhanye ka mabaka ano ka go tla re ikgopotsa one gangwe le gape. Fa re dira jalo, e tla re fa re lebana le diteko re tla kgona go ganetsa maiteko a ga Satane a go jala dipelaelo mo megopolong ya rona. Le fa go ntse jalo, go tweng ka kgato ya bobedi e e umakilweng kwa tshimologong? Go ikanya Jehofa go akaretsa eng?

Se go Ikanya Jehofa go se Kayang

18, 19. Baebele e dirisa mafoko afe go re kgothaletsa go ikanya Jehofa, mme gone batho bangwe ba na le dikgopolo dife tse di phoso ka kgang eo?

18 Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Mafoko ao a itumedisa e bile a nametsa pelo. Ruri ga go na ope mo lobopong lotlhe yo o tshwanelwang ke go ikanngwa go feta Rraarona yo o lorato wa selegodimo. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo jalo go dirisa mafoko ao a Diane.

19 Batho ba le bantsi ba na le megopolo e e phoso malebana le se go ikanya Jehofa go se kayang. Bangwe ba tsaya go mo ikanya e le maikutlo fela a a itumedisang a motho a tshwanetseng go nna le one mo pelong. Bangwe go bonala ba akanya gore go ikanya Modimo go kaya go lebelela gore a re sireletse mo mathateng mangwe le mangwe, le go re rarabololela dikgwetlho tsotlhe tse re kopanang le tsone mo botshelong ka ponyo ya leitlho, le ka tsela e re solofetseng gore a di rarabolole ka yone! Mme gone dikakanyo tse di ntseng jalo ga di utlwale. Go ikanya mongwe ga se kgang ya go tseega maikutlo fela, e bile ga se kgopolo ya go feteletsa dilo. Mo bathong ba ba godileng, go ikanya motho go akaretsa go dira ditshwetso tse o di akanyeditseng sentle o le kelotlhoko.

20, 21. Go ikanya Jehofa go akaretsa eng? Dira sekai.

20 Gape ela tlhoko se Diane 3:5 e se buang. E farologanya go ikanya Jehofa le go ikaega ka tlhaloganyo ya rona, e leng se se bolelang gore re ka se kgone go dira dilo tseno ka bobedi. A seo se bolela gore ga re a tshwanela go dirisa maatla a rona a go akanya? Ga go a nna jalo ka gonne Jehofa, ene yo o re neileng maatla ao, o lebeletse gore re a dirise go mo direla. (Baroma 12:1) Mme gone, re tshwanetse go ikaega ka eng? Fa tsela ya rona ya go akanya e sa dumalane le ya ga Jehofa, a re amogela botlhale jwa gagwe go ya kafa bo leng ka teng—e le jo bogolo thata go feta jwa rona? (Isaia 55:8, 9) Go ikanya Jehofa go kaya go itetla gore re kaelwe ke tsela ya gagwe ya go akanya.

21 Ka sekai: Akanya ka ngwana yo monnye a dutse mo setulong se se kwa morago sa koloi mme batsadi ba gagwe bone ba dutse mo go se se kwa pele. Rraagwe ke ene a kgweetsang. Fa go tlhaga mathata ka nako ya loeto—ba sa itse gore ba tseye tsela efe kana gongwe bothata e le maemo a bosa kana maemo a tsela—ngwana yo o ikobelang batsadi le yo o ba ikanyang o itshwara jang? A o goa a le kwa setulong se se kwa morago a bolelela rraagwe gore a dire eng? A o nyatsa tshwetso ya batsadi kana a gana go ba reetsa fa ba mo laela gore a ipofe ka lebanta la tshireletso? Nnyaa, o ikanya batsadi ba gagwe a sa belaele sepe gore ba tla rarabolola maemo ao sentle le fa ba ka tswa ba sa itekanela. Jehofa ene ke Rre yo o itekanetseng. A ga re a tshwanela go mo ikanya ka botlalo, segolobogolo fa re lebana le maemo a a gwetlhang?—Isaia 30:21.

22, 23. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ikanya Jehofa fa re lebana le mathata, mme re ka dira seo jang? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

22 Le fa go ntse jalo, Diane 3:6 e bontsha gore re tshwanetse go ‘tsaya Jehofa tsia mo ditseleng tsotlhe tsa rona,’ e seng fela fa re lebane le maemo a a thata. Ka gone, ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi mo botshelong di tshwanetse tsa bontsha gore re ikanya Jehofa. Fa mathata a tlhaga, ga re a tshwanela go felelwa ke tsholofelo, re etsaetsega, kana re gana go latela kaelo ya ga Jehofa malebana le tsela e e molemolemo ya go rarabolola maemo. Re tshwanetse go leba diteko e le ditshono tsa go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, go supa gore Satane o maaka le go nonotsha tsela e re ikobelang Jehofa ka yone le dinonofo tse dingwe tse di mo itumedisang.—Bahebera 5:7, 8.

23 Re ka bontsha gore re ikanya Jehofa go sa kgathalasege gore re lebana le dikgoreletsi dife. Re bontsha seo mo dithapelong tsa rona, le ka tsela e re senkang kaelo ya Lefoko la ga Jehofa le ya phuthego ya gagwe ka yone. Le fa go ntse jalo, re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa fa re lebane le mathata a a re tlhagelang mo lefatsheng leno la gompieno? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka kgang eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng e le ‘go se nang mosola’ le tshwana le le le dirisitsweng mo Septuagint ya Segerika go ranola mafoko a Solomone a a dirisitseng gangwe le gape mo bukeng ya Moreri, a a jaaka fa a ne a re “sengwe le sengwe ke lefela!”Moreri 1:2, 14; 2:11, 17; 3:19; 12:8.

O ne O Tla Araba Jang?

• Dafide o ne a bontsha jang gore o tshepa Jehofa?

• Ke dilo dife tse tharo tse di dirang gore batho ba boge gompieno, mme ke eng fa go le molemo gore re ikgopotse dilo tseno gagwe le gape?

• Jehofa o ne a atlhola batho ka katlholo efe, mme ke eng fa e ne e le katlholo e e siameng?

• Go ikanya Jehofa go akaretsa eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Dafide o ne a tshepa Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a bontsha gore ga se Jehofa yo o neng a dira gore tora nngwe e wele batho kwa Jerusalema