Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele E ka Go Thusa mo Lenyalong la Gago

Baebele E ka Go Thusa mo Lenyalong la Gago

Baebele E ka Go Thusa mo Lenyalong la Gago

LENYALO—mo go ba bangwe, lefoko leno le a itumedisa. Mo go ba bangwe le utlwisa botlhoko. Mosadi mongwe o bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke ikutlwa e kete ke tlhadilwe. Ka dinako tsotlhe ke ikutlwa ke tlhokomologilwe e bile ke jewa ke bodutu.”

Ke eng se se dirang gore batho ba babedi ba ba ikanneng gore ba tla ratana le go tlhokomelana ba katogane go le kana kana? Lebaka le lengwe ke go sa itse gore lenyalo le akaretsa eng. Mokwaladikgang mongwe wa tsa kalafi a re: “Re tsena mo lenyalong re sa thapisiwa le e seng.”

Bosupi jwa gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba nang le kitso e e ntseng jalo ka lenyalo bo bonala mo patlisisong e e dirilweng ke The National Marriage Project, e e simolotsweng ke Yunibesithi ya Rutgers kwa New Jersey, U.S.A. Batsamaisi ba patlisiso eo ba re: “Batho ba bantsi ba ba botsoloditsweng mo patlisisong eno ba godile ba na le batsadi ba ba sa itumelang mo lenyalong kgotsa ba ba tlhalaneng. Ba itse sentle gore lenyalo le le sa itumelang le ntse jang, mme ga ba itse gore lenyalo le le siameng lone le tshwanetse go nna jang. Ba bangwe ba tlhalosa lenyalo le le itumetseng ba re ke ‘le le sa tshwaneng le la batsadi ba me.’”

A Bakeresete ga ba amiwe ke mathata a lenyalo? Le bone a a ba ama. Tota e bile, Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoka kgakololo e e tlhamaletseng gore ba ‘tlogele go senka kgololo’ mo manyalong bone. (1 Bakorintha 7:27) Ee, lenyalo la batho ba babedi ba ba sa itekanelang le tla nna le mathata, mme re na le se se ka re thusang. Banna le basadi ba ka tokafatsa kamano ya bone ka go dirisa melaometheo ya Baebele.

Ke boammaaruri gore Baebele ga se buka ya kaelo ya lenyalo. Le fa go ntse jalo, e re ka e tlhotlheleditswe ke Ene yo o simolotseng thulaganyo ya lenyalo, re ka lebelela gore melaometheo ya yone e re thuse. Jehofa Modimo o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:17, 18.

A lorato lo wena le molekane wa gago lo neng lo ratana ka lone lo simolola go fela? A o ikutlwa o sa kgone go tswa mo lenyalong le le se nang lorato? Mosadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 26 a nyetswe o ne a re: “Go thata go tlhalosa botlhoko jo o bo utlwang mo lenyalong le le ntseng jalo. Botlhoko jwa teng bo nnela ruri.” Go na le gore o amogele fela gore o mo lenyalong le le sa itumelang, ke ka ntlha yang fa o sa dire sengwe ka gone? Setlhogo se se latelang se tla bontsha banna le basadi kafa melaometheo ya Baebele e ka ba thusang ka teng mo manyalong a bone malebana le ntlha e le nngwe fela—ya maitlamo.