Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?

“Rapelang lo sa kgaotse. Lebogang ka ga dilo tsotlhe.”—1 Bathesalonika 5:17, 18.

1, 2. Daniele o ile a bontsha jang gore o anaanela tshiamelo ya thapelo, mme seo se ile sa ama jang kamano ya gagwe le Modimo?

MOPOROFETI Daniele o ne a tlwaetse go rapela Modimo gararo ka letsatsi. O ne a tle a khubame fa fensetereng ya ntlwana ya gagwe e e mo borulelong, e e neng e lebile kwa Jerusalema, a bo a rapela. (1 Dikgosi 8:46-49; Daniele 6:10) Tota le fa go ne go tlhomilwe taelo e e tswang kwa kgosing ya gore go se nne le modimo ope yo o rapelwang fa e se Dario kgosi ya Momeda fela, Daniele o ne a se ka a okaoka. Monna yono yo o neng a rata thapelo o ne a tswelela ka go rapela Jehofa a sa kgaotse le fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing.

2 Jehofa o ne a leba Daniele jang? Fa moengele Gabariele a ne a tla go araba nngwe ya dithapelo tsa ga Daniele, o ne a tlhalosa moporofeti yono e le “mongwe yo o rategang” kana “monna yo o rategang thata.” (Daniele 9:20-23; The New English Bible) Mo boporofeting jwa ga Esekiele, Jehofa o ne a tlhalosa Daniele e le monna yo o siameng. (Esekiele 14:14, 20) Go bonala dithapelo tsa ga Daniele di ile tsa dira gore a nne le kamano e e molemo le Modimo mo botshelong jwa gagwe, e leng selo se Dario a ileng a se lemoga.—Daniele 6:16.

3. Go ya ka se se diragaletseng morongwa mongwe, thapelo e ka re thusa jang gore re nne re ikanyega?

3 Go rapela ka metlha gape go ka re thusa go lebana le diteko tse dikgolo. Ka sekai, akanya ka kgang ya ga Harold King, morongwa mongwe wa kwa China yo o neng a atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong a tswaletswe a le nosi. Mokaulengwe King o ne a tlhalosa se se neng sa mo diragalela jaana: “Nka nna ka bo ke tswaletswe ke le nosi ke kgaogantswe le batho ba bangwe, le fa go ntse jalo, ga go ope yo o ka nkgaoganyang le Modimo. . . . Ka jalo, ke ne ke tle ke khubame mo seleng ya me gararo ka letsatsi ke rapelela kwa godimo ke utlwiwa ke mongwe le mongwe yo o fetang, ke dira jalo ke gopotse sekao sa ga Daniele yo Baebele e buang ka ene. . . . Go bonala ka nako eo moya wa Modimo o ne o kaela mogopolo wa me ka tsela e e molemo tota e bile o dira gore ke ikutlwe ke ritibetse. A bo thapelo e ne ya nkgomotsa le go nnonotsha jang ne semoyeng!”

4. Re tla sekaseka dipotso dife tse di amanang le thapelo mo setlhogong seno?

4 Baebele ya re: “Rapelang lo sa kgaotse. Lebogang ka ga dilo tsotlhe.” (1 Bathesalonika 5:17, 18) Ka ntlha ya kgakololo eno, a re akanyetse dipotso tseno: Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa dithapelo tsa rona ka kelotlhoko? Ke mabaka afe a a tshwanetseng go dira gore re rapele Jehofa ka metlha? Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re ikutlwa re sa tshwanelege go rapela Modimo ka ntlha ya makoa a rona?

Nonotsha Botsala ka Thapelo

5. Thapelo e re thusa go nna le botsala bofe jo bo kgethegileng?

5 A o ka rata gore Jehofa a go tseye o le tsala ya gagwe? O ne a bua ka Aborahame tlhogo ya lotso a re ke tsala ya gagwe. (Isaia 41:8; Jakobe 2:23) Jehofa o batla gore re nne le kamano e e ntseng jalo le ene. Tota o re kopa gore re atamalane le ene. (Jakobe 4:8) A seo ga se a tshwanela go dira gore re akanye ka kelotlhoko ka thulaganyo eno e e molemo ya thapelo? Go thata tota go nna le tshono ya go buisana le molaodi mongwe wa maemo, re sa re sepe ka go nna tsala ya gagwe! Le fa go ntse jalo, Mmopi wa lobopo o re kgothaletsa gore re mo atamele ka kgololesego ka thapelo nako le nako fa re batla kana fa re tlhoka go dira jalo. (Pesalema 37:5) Go rapela ga rona re sa kgaotse go re thusa go nna le botsala jo bogolo le Jehofa.

6. Sekao sa ga Jesu se re ruta eng malebana le botlhokwa jwa go ‘rapela re sa kgaotse’?

6 Le fa go ntse jalo, a bo go le motlhofo jang ne gore re tlhokomologe thapelo! Maikarabelo a letsatsi le letsatsi a ka re tseela nako e ntsi jaana mo re sa ipheng nako ya go bua le Modimo. Jesu o ile a kgothaletsa barutwa ba gagwe go ‘rapela ba sa kgaotse,’ mme ene ka boene o ne a rapela ka metlha. (Mathaio 26:41) Le mororo a ne a tlhola a tshwaregile go tloga mo mosong fo fitlha maitseboa, o ne a ipha nako ya go bua le Rraagwe wa selegodimo. Ka dinako tse dingwe, Jesu o ne a tsoga “go sa le phakela, go santse go le lefifi,” gore a tle a kgone go rapela. (Mareko 1:35) Ka nako nngwe, o ne a ya kwa lefelong le le didimetseng fa letsatsi le phirima, gore a tle a bue le Jehofa. (Mathaio 14:23) Ka metlha Jesu o ne a ipha nako ya go rapela, mme le rona re tshwanetse go dira jalo.—1 Petere 2:21.

7. Ke maemo afe a a tshwanetseng go dira gore re bue le Rraarona wa selegodimo letsatsi le letsatsi?

7 Go na le ditshono di le dintsi tse re ka di dirisang go rapela letsatsi le letsatsi fa re lebana le mathata, re kopana le diteko le fa re dira ditshwetso. (Baefeso 6:18) Fa re senka kaelo ya Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona, botsala jwa rona le ene bo tla gola. Fa ditsala tse pedi di lebana le bothata bongwe mmogo, a seo ga se dire gore botsala jwa bone bo nonofe le e leng go feta? (Diane 17:17) Go tla nna jalo le ka rona fa re ikaega ka Jehofa mme re bona jaaka fa a re thusa.—2 Ditiragalo 14:11.

8. Re ithuta eng ka boleele jwa dithapelo tsa rona mo sekaong sa ga Nehemia, Jesu le Hana?

8 A bo re ka itumela thata jang ne gore Modimo ga a re beele dithibelo tsa gore re bue le ene ka thapelo lobaka lo lo kae kana go le kana kang! Nehemia o ne a rapela thapelo ya ka bonako mo pelong pele ga a kopa kgosi ya Peresia sengwe. (Nehemia 2:4, 5) Jesu le ene o ile a rapela thapelo e khutshwane fa a ne a kopa Jehofa gore a mo neye maatla a go tsosa Lasaro. (Johane 11:41, 42) Kafa letlhakoreng le lengwe, Hana o ne “a rapela ka lobaka lo loleele fa pele ga ga Jehofa,” fa a ne a mo tshololela maikutlo a gagwe. (1 Samuele 1:12, 15, 16) Dithapelo tsa rona di ka nna dikhutshwane kana tsa nna ditelele go ikaegile ka maemo.

9. Ke eng fa dithapelo tsa rona di tshwanetse go akaretsa mafoko a go baka Jehofa le go mo lebogela dilo tsotlhe tse a re direlang tsone?

9 Dithapelo di le dintsi mo Baebeleng di bontsha kanaanelo e e tswang pelong ka ntlha ya maemo a magolo a Jehofa a nang le one le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. (Ekesodo 15:1-19; 1 Ditiragalo 16:7-36; Pesalema 145) Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o bona bagolwane ba ba 24—palo e e feletseng ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba le mo maemong a bone a selegodimo—ba galaletsa Jehofa, ba re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshenolo 4:10, 11) Le rona re na le mabaka a go galaletsa Mmopi ka metlha. A bo batsadi ba itumela jang ne fa ngwana wa bone a ba leboga go tswa pelong a ba lebogela sengwe se ba mo diretseng sone! Le rona re ka tokafatsa boleng jwa dithapelo tsa rona ka go akanya ka kanaanelo ka ditiro tsa bopelonomi tsa ga Jehofa le go mo lebogela tsone go tswa pelong.

Ke Eng fa re Tshwanetse go ‘Rapela re sa Kgaotse’?

10. Thapelo e na le seabe sefe mo go nonotsheng tumelo ya rona?

10 Go rapela ka metlha go botlhokwa thata mo tumelong ya rona. Fa Jesu a sena go bontsha botlhokwa jwa ‘go rapela ka metlha le go se lese,’ o ile a botsa jaana: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?” (Luke 18:1-8) Thapelo e e rapelwang ka tlhoafalo go tswa pelong e nonotsha tumelo. Fa Aborahame tlhogo ya lotso a ne a tsofala mme a ise e nne le bana, o ne a bua le Modimo ka kgang eno. Fa Jehofa a mo araba, o ne a simolola pele ka go mo kopa gore a lebe kwa legodimong mme a bale dinaledi, fa e le gore a ka kgona go di bala. Go tswa foo Modimo o ne a tlhomamisetsa Aborahame jaana: “Losika lwa gago lo tla nna jalo.” Seno se ne sa felela ka eng? Aborahame o ne “a dumela mo go Jehofa; mme a go kaya e le tshiamo mo go ene.” (Genesise 15:5, 6) Fa re bulela Jehofa pelo ya rona ka thapelo, re dumela dilo tse a re tlhomamisetsang tsone ka Baebele le go mo ikobela, o tla nonotsha tumelo ya rona.

11. Thapelo e ka re thusa jang go lebana le mathata?

11 Gape thapelo e ka re thusa go lebana le mathata. A botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi bo boima le maemo a re lebanang le one a re imela? Baebele e re laela jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Fa re lebane le go dira ditshwetso tse di thata, re ka etsa sekao sa ga Jesu. O ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela a le nosi pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. (Luke 6:12-16) Mme mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa o ne a rapela thata jaana mo ‘mofufutso wa gagwe o neng wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.’ (Luke 22:44) Go ne ga felela ka eng? “O ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.” (Bahebera 5:7) Dithapelo tsa rona tse re di rapelang ka tlhoafalo le ka go se kgaotse di tla re thusa go itshokela maemo a a ngomolang pelo le diteko tse di thata.

12. Thapelo e bontsha jang gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona?

12 Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go atamalana le Jehofa ka thapelo ke gore le ene o tla atamalana le rona. (Jakobe 4:8) Fa re bulela Jehofa pelo ya rona ka thapelo, a ga re utlwe gore o kgatlhegela dilo tse re di tlhokang le gore o amega ka rona ka lorato? Re kgona go lemoga lorato lwa Modimo ka tsela e e kgethegileng. Jehofa ga a abela motho ope o sele boikarabelo jwa go reetsa thapelo nngwe le nngwe e batlhanka ba gagwe ba mo rapelang yone jaaka Rraabone wa selegodimo. (Pesalema 66:19, 20; Luke 11:2) Mme o re laletsa gore re ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya rona mo go ene, ka gonne o a re kgathalela.’—1 Petere 5:6, 7.

13, 14. Re na le mabaka afe a gore re rapele re sa kgaotse?

13 Thapelo e ka re tlhotlheletsa go tlhagafalela bodiredi jwa phatlalatsa le go re nonotsha fa go se kgatlhege ga batho kana kganetso di re kgoba marapo. (Ditiro 4:23-31) Gape thapelo e ka re sireletsa “kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11, 17, 18) Fa re fekeediwa ke diteko tsa letsatsi le letsatsi, re ka kopa Modimo gangwe le gape gore a re nonotshe. Thapelo ya ga Jesu ya sekao e akaretsa go kopa Jehofa gore a “re golole mo go yo o boikepo,” Satane Diabolo.—Mathaio 6:13.

14 Fa re tswelela re rapelela thuso gore re kgone go laola ditshekamelo tsa rona tsa boleo, Jehofa o tla re thusa. O re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a nonotshiwa ke Jehofa mo maemong a mantsi a a farologaneng. O ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13; 2 Bakorintha 11:23-29.

Nnela Ruri mo Thapelong Le fa O na Le Makoa

15. Go ka direga eng fa boitshwaro jwa rona bo sa dumalane le melao ya Modimo?

15 Ga re a tshwanela go gana kgakololo ya Lefoko la Modimo fa e le gore re batla dithapelo tsa rona di utlwiwa. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Le fa e le eng se re se kopang re se amogela mo go ene, ka gonne re boloka ditaelo tsa gagwe mme re dira dilo tse di itumedisang mo matlhong a gagwe.” (1 Johane 3:22) Le fa go ntse jalo, go ka direga eng fa boitshwaro jwa rona bo sa dumalane le melao ya Modimo? Adame le Efa ba ne ba iphitlha fa ba sena go leofa kwa tshimong ya Edene. Le rona re ka nna ra ikutlwa re batla go iphitlhela “sefatlhego sa ga Jehofa” mme ra kgaotsa go rapela. (Genesise 3:8) Klaus, yo e leng molebedi yo o etang yo o nang le maitemogelo, a re: “Ke etse tlhoko gore gantsi phoso ya ntlha e e dirwang ke batho ba ba katogelang kgakala le Jehofa le phuthego ya gagwe ke go kgaotsa go rapela.” (Bahebera 2:1) Go ne ga nna jalo ka José Ángel. A re: “Ke ne ka fetsa dingwaga di ka nna robedi ke sa rapele Jehofa. Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelege go ka bua le ene, le mororo ke ne ke sa ntse ke mo tsaya e le Rre wa me yo o kwa legodimong.”

16, 17. Neela dikai tsa kafa go rapela ka metlha go ka re thusang ka teng gore re fenye bokoa jwa semoya.

16 Bangwe ba rona ba ka ikutlwa ba sa tshwanelege go rapela ka ntlha ya go koafala semoyeng kana ka ntlha ya go dira sengwe se se phoso. Mme gone, ke yone nako e re tshwanetseng go dirisa ka botlalo tshiamelo ya thapelo. Jona o ne a tshabela kabelo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jona o ne a ‘tlhaeletsa kwa go Jehofa a le mo matshwenyegong a gagwe mme o ne a mo araba. Jona o ne a goa a le mo mpeng ya Sheole a kopa thuso, mme Jehofa a utlwa lentswe la gagwe.’ (Jona 2:2) Jona o ne a rapela, Jehofa a araba thapelo ya gagwe, mme Jona a boa a nonofa semoyeng.

17 José Ángel le ene o ne a rapela a sa kgaotse a kopa thuso. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka bula pelo ya me ka lopa Modimo gore a intshwarele. O ne a nthusa. Ga ke dumele gore nkabo ke kgonne go boela mo boammaaruring fa e ne e se ka thuso ya thapelo. Gone jaanong ke rapela ka metlha letsatsi le letsatsi mme ke tlhologelelwa dinako tseo tsa go rapela fela thata.” Ka metlha re tshwanetse go ikutlwa re gololesegile go bua le Modimo ka diphoso tsa rona mme ka boikokobetso re mo kope gore a re itshwarele. Fa Kgosi Dafide a ne a ipolela melato ya gagwe, Jehofa o ne a mo itshwarela. (Pesalema 32:3-5) Jehofa o batla go re thusa e seng go re tshwaya diphoso. (1 Johane 3:19, 20) Mme dithapelo tsa banna ba bagolwane ba phuthego di ka re thusa semoyeng, ka gonne dithapelo tsa bone ‘di na le maatla a magolo.’—Jakobe 5:13-16.

18. Batlhanka ba Modimo ba ka solofela eng le fa ba ka tswa ba ile ba mo katoga go le kana kang?

18 Ke rre ofe yo o ka ganang fa morwawe a tla kwa go ene ka boikokobetso mme a kopa thuso le kgakololo morago ga gore a dire phoso? Setshwantsho sa morwa wa sesenyi se bontsha gore Rraarona wa selegodimo o a itumela fa re boela kwa go ene le fa re ka tswa re ile ra mo katoga go le kana kang. (Luke 15:21, 22, 32) Jehofa o kopa batho botlhe ba ba dirang diphoso gore ba goele kwa go ene, “gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:6, 7) Le fa Dafide a ile a dira maleo a le mantsi a a masisi, o ne a bitsa Jehofa a re: “A ko o sekegele thapelo ya me tsebe, tlhe Modimo; mme o se ka wa iphitlhela kopo ya me ya go utlwelwa botlhoko.” Gape o ne a re: “Maitseboa le moso le motshegare o mogolo ga go se nka se dirang fa e se go tshwenyega gape ke lela selelo sa khutsafalo, mme [Jehofa] o utlwa lentswe la me.” (Pesalema 55:1, 17) A bo go kgothatsa jang ne!

19. Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore fa go bonala e kete dithapelo tsa rona ga di arabiwe seo ke bosupi jwa gore Modimo ga a re amogele?

19 Go tweng fa e le gore thapelo ya rona ga e arabiwe ka yone nako eo? Fa go le jalo, re tshwanetse go tlhomamisa gore kopo ya rona e dumalana le thato ya ga Jehofa le gore re e dira ka leina la ga Jesu. (Johane 16:23; 1 Johane 5:14) Morutwa Jakobe o ne a bua ka Bakeresete bangwe ba dithapelo tsa bone di neng di sa arabiwe ka gonne ba ne ba “kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang.” (Jakobe 4:3) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go bonala e kete dithapelo tsa rona ga di arabiwe, ga re a tshwanela go nna bonako go akanya gore seo ke bosupi jwa gore Modimo ga a re amogele. Ka dinako tse dingwe Jehofa a ka letla gore baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba tswelele pele ba rapelela kgang nngwe ka lobakanyana pele ga a ba araba. Jesu o ile a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa.” (Mathaio 7:7) Ka gone, re tshwanetse go ‘nnela ruri mo thapelong.’—Baroma 12:12.

Rapela ka Metlha

20, 21. (a) Ke eng fa re tshwanelwa ke go rapela re sa kgaotse mo ‘metlheng eno ya bofelo’? (b) Re tla amogela eng fa letsatsi le letsatsi re atamela setulo sa bogosi sa ga Jehofa sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?

20 Dikgatelelo le mathata di a oketsega mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e lemotshegang ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Mme go ka direga motlhofo gore re tlhome mogopolo thata mo ditekong tse re lebanang le tsone. Le fa go ntse jalo, go rapela re sa kgaotse go tla re thusa gore re tlhome mogopolo wa rona mo dilong tsa semoya, go sa kgathalasege mathata, diteko le dilo tse di re kgobang marapo. Go rapela Jehofa letsatsi le letsatsi go tla re thusa fela thata.

21 Jehofa, “Moutlwi wa thapelo,” ka metlha o ipha nako ya go re reetsa. (Pesalema 65:2) A le ka motlha re se ka ra tshwarega thata mo re sa ipheng nako ya go bua le ene. Botsala jwa rona le Modimo ke mpho e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse re nang le tsone. A le ka motlha re se ka ra bo tlhaetsa matlho. “Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Bahebera 4:16.

O ne O ka Araba Jang?

• Re ithuta eng mo go moporofeti Daniele kaga botlhokwa jwa thapelo?

• Re ka nonotsha jang botsala jwa rona le Jehofa?

• Ke eng fa re tshwanetse go rapela re sa kgaotse?

• Ke eng fa go ikutlwa re sa tshwanelege go sa tshwanela ga re thibela go rapela Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Nehemia o ne a rapela thapelo e khutshwane mo pelong pele ga a bua le kgosi

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Hana o ne “a rapela ka lobaka lo loleele fa pele ga ga Jehofa”

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a rapela bosigo jotlhe pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Re nna le ditshono tse dintsi tsa go rapela mo letsatsing