Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Martin Luther—Botshelo Jwa Gagwe le Boswa Jo a Bo Tlogetseng

Martin Luther—Botshelo Jwa Gagwe le Boswa Jo a Bo Tlogetseng

Martin Luther—Botshelo Jwa Gagwe le Boswa Jo a Bo Tlogetseng

“GO BOLELWA fa go kwadilwe dibuka tse dintsi ka ga [Martin Luther] go gaisa motho ope o sele mo hisitoring, ke mong wa gagwe fela e bong Jesu Keresete yo go kwadilweng dibuka tse dintsi ka ene go mo gaisa.” Go ne ga bolela jalo makasine wa Time. Mafoko a ga Luther le ditiro tsa gagwe di ile tsa thusa gore go tlhongwe Mokgatlho wa Diphetogo—e leng mokgatlho wa bodumedi o o tlhalosiwang e le “o o neng wa tlisa diphetogo tse di botlhokwa thata mo hisitoring ya batho.” Ka go dira jalo, o ne a fetola tsela e bodumedi bo neng bo ntse ka yone kwa Yuropa mme a fetola mekgwa ya metlha ya bogare kwa kontinenteng eo. Gape, Luther o ne a tlhama mokgwa o Sejeremane se kwalwang ka one. Thanolo ya gagwe ya Baebele ke yone e e ratwang thata mo puong ya Sejeremane.

Martin Luther e ne e le monna yo o ntseng jang? Go tlile jang gore a nne le tlhotlheletso e kgolo jaana mo dikgannyeng tsa Yuropa?

Luther o Nna Mokanoki

Martin Luther o ne a belegelwa kwa Eisleben, kwa Jeremane, ka November 1483. Le fa rraagwe a ne a dira kwa meepong ya kopore, o ne a kgona go dira madi a a lekaneng go tlhomamisa gore Martin o bona thutego e e siameng. Ka 1501, Martin o ne a nna seithuti kwa Yunibesithing ya Erfurt. O ne a bala Baebele lekgetlho la ntlha kwa laeboraring ya yone. O ne a re: “Buka eo e ne ya nkgatlha thata, mme ke ne ke eletsa e kete nka kgona go nna le yone letsatsi lengwe.”

Fa Luther a ne a le dingwaga di le 22, o ne a ya kwa ntlong ya baitlami ya Augustine kwa Erfurt. Moragonyana o ne a ya go ithuta kwa Yunibesithing ya Wittenberg, mme a amogela dikirii ya thutabodumedi. Luther o ne a iteba e le motho yo o sa tshwanelweng ke go amogelwa ke Modimo, mme ka dinako tse dingwe go tshwenngwa ke segakolodi go ne go mo kgoba marapo thata. Mme le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele, go rapela le go tlhatlhanya ka se a neng a se ithuta, go ne ga mo thusa go tlhaloganya botoka tsela e Modimo a lebang baleofi ka yone. Luther o ne a lemoga gore go amogelwa ke Modimo ga se selo se se ka rekwang ka madi. Go na le moo, Modimo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang o amogela batho ba ba nang le tumelo.—Baroma 1:16; 3:23, 24, 28.

Go tlile jang gore Luther a swetse gore tsela e ntšha e a neng a tlhaloganya dilo ka yone e ne e siame? Kur Aland, yo e leng porofesara wa Hisitori ya Kereke ya Bogologolo e bile e le yo o dirang dipatlisiso ka ditemana tsa Tesetamente e Ntšha, o ne a kwala jaana: “O ne a bala Baebele yotlhe, a tlhatlhanya ka yone gore a tle a kgone go bona gore a kitso e ntšha e a e boneng e siame fa e bapisiwa le dipolelo tse dingwe tsa Baebele, mme gongwe le gongwe mo a neng a bala gone o ne a fitlhela gore o ne a le boammaaruri.” Thuto e e buang ka go amogelwa ke Modimo kgotsa go bolokiwa ka ntlha ya tumelo e seng ka ntlha ya ditiro kgotsa ka ntlha ya go ipona molato ka tsela e e feteletseng, e ne ya tswelela e le seitsetsepelo sa dithuto tsa ga Luther.

Go Galefisiwa ke Kgang ya go Duelela Boitshwarelo Jwa Maleo

Tsela e Luther a neng a tlhaloganya ka yone gore Modimo o leba jang baleofi e ne ya dira gore a thulane le Kereke ya Roma Katoliki. Ka nako eo, batho ba ne ba dumela gore morago ga loso, baleofi ba ne ba tshwanetse go otlhaiwa ka sebaka se se rileng. Le fa go ntse jalo, go ne go twe fa motho a ka ntsha madi a go duelela lekwalo la go itshwarelwa maleo le le neng le ntshiwa ka taolo ya mopapa, nako eno ya go otlhaiwa e ne e tla khutshwafadiwa. Barekisi ba makwalo a go itshwarelwa maleo ba ba jaaka Johann Tetzel, ba e neng e le babueledi ba Bishopomogolo e bong Albert Mainz, ba ne ba dira madi a mantsi thata mo kgwebong ya go rekisetsa batho ba ba tlwaelegileng makwalo a go itshwarelwa ga maleo. Batho ba le bantsi ba ne ba tsaya makwalo ano a go duelela boitshwarelo jwa maleo e le tlhomamisetso ya gore ba tla itshwarelwa le maleo a ba tla a dirang mo nakong e e tlang.

Luther o ne a galefisiwa ke kgwebo eno ya go rekisa makwalo a boitshwarelo jwa maleo. O ne a itse gore batho ba ka se dire ditumalano tsa madi le Modimo. Ka letlhabula la 1517, o ne a kwala mabaka a gagwe a a itsegeng thata a le 95 a latofatsa kereke ka gore e dirisa madi, thuto le bodumedi ka tsela e e sa siamang. E re ka Luther a ne a batla go rotloetsa diphetogo e seng botsuolodi, o ne a romelela Bishopomogolo Albert wa kwa Mainz le bakanoki ba le mmalwa dikhopi tsa mabaka ano a gagwe. Bakwalahisitori ba le bantsi ba kaya gore 1517 kgotsa nako e e bapileng le eo e ne e le ya Diphetogo.

E ne e se Luther fela yo o neng a ngongoregela dilo tse di sa siamang tse kereke e neng e di dira. Dingwaga di le lekgolo pelenyana ga moo, molweladiphetogo wa bodumedi e bong Jan Hus wa kwa Czech, o ne a kgala kgwebo eno ya go rekisa makwalo a boitshwarelo jwa maleo. Tota le pele ga ga Hus, John Wycliffe wa kwa Engelane le ene o ne a setse a kile a tlhalosa dingwao dingwe tse kereke e di latelang tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo. Batho ba ba neng ba tshela ka nako ya ga Luther e bong Erasmus wa kwa Rottendam le Tyndale wa kwa Engelane, ba ne ba rotloetsa gore go dirwe diphetogo. Ka go bo Johannes Gutenberg a ile a thusa kwa Jeremane ka motšhini o o gatisang o o tsamaisiwang ka letsogo, molaetsa wa ga Luther o o kwadilweng o ne wa nna le tlhotlheletso e kgolo go feta ya balweladiphetogo ba bangwe.

Motšhini wa ga Gutenberg kwa Mainz o ne o setse o bereka ka 1455. Mo tshimologong ya lekgolo leo la dingwaga, go ne go na le metšhini e e gatisang kwa ditoropong di le 60 tsa Jeremane le kwa dinageng tse dingwe di le 12 tsa kwa Yuropa. E ne e le lekgetlho la ntlha mo hisitoring batho botlhe ka nako e le nngwe fela ba kgonang go utlwa dikgang tse di ba amang. Go ka direga gore mabaka a le 95 a ga Luther a ne a gatisiwa a bo a anamisiwa kwantle ga tetla ya gagwe. Kgang ya diphetogo mo kerekeng e ne e sa tlhole e ama lefelo le le lengwe fela. E ne ya nna kgang e e amang mongwe le mongwe gongwe le gongwe, mme go ise go ye kae, ke fa Martin Luther e setse e le monna yo o tumileng mo Jeremane.

Go Tsiboga ga “Letsatsi le Ngwedi”

Ka makgolokgolo a dingwaga, Yuropa e ne e ntse e laolwa ke mekgatlho e mebedi eno: Mmusomogolo wa Roma o o Boitshepo le Kereke ya Roma Katoliki. Hanns Lilje yo e kileng ya bo e le poresidente wa Lutheran World Federation o ne a tlhalosa jaana: “Mmusimogolo le Mopapa ba utlwana jaaka letsatsi le ngwedi.” Le fa go ntse jalo, go ne go sa tlhomamisege sentle gore letsatsi ke mang le gore ngwedi ke mang. Mo tshimologong ya lekgolo la bo16 la dingwaga, mekgatlho eno e mebedi e ne ya nna le maatla a magolo. Go ne go tloga go nna le diphetogo.

Mopapa Leo X o ne a tsibogela mabaka a a 95 ao ka go tshosetsa Luther ka gore o tla mo kgaola mo kerekeng fa a sa bue phatlalatsa gore o fetola mogopolo wa gagwe malebana le se a se dumelang. Luther, yo o neng a sa batle go ineela o ne a fisa lekwalo le le mo tshosetsang la mopapa phatlalatsa, mme a gatisa dibuka tse dingwe tse di neng di kgothaletsa dikgosana go dira diphetogo mo kerekeng kwantle ga tumalano ya mopapa. Ka 1521, Mopapa Leo X o ne a kgaola Luther mo kerekeng. Fa Luther a ne a ngongorega ka gore o atlhotswe kwantle ga tsheko e e siameng, Mmusimogolo Charles V o ne a laela molweladiphetogo yono gore a itlhagise fa pele ga lekgotlakokoano la mmusomogolo, kwa Worms. Loeto lwa ga Luther lwa malatsi a le 15 go tswa kwa Wittenberg go ya kwa Worms ka April 1521 lo ne lo ntse jaaka mokoloko wa phenyo. Batho ka kakaretso ba ne ba mo eme nokeng, mme batho gongwe le gongwe ba ne ba batla go mmona.

Kwa Worms, Luther o ne a ema fa pele ga mmusimogolo, dikgosana le fa pele ga moemedi wa mopapa. Jan Hus le ene o ne a nna le tsheko e e ntseng jalo kwa Constance ka 1415 mme a fisediwa mo koteng. Le fa Luther a ne a tlhomilwe matlho ke Kereke le mmusomogolo, o ne a gana go fetola mogopolo wa gagwe malebana le se a se dumelang, fa e se fela fa baganetsi ba gagwe ba ka kgona go supa go tswa mo Baebeleng gore se a se dumelang ga se boammaaruri. Mme go ne go se na ope yo o neng a itse Dikwalo jaaka ene. Lekwalo le le neng le bidiwa Edict of Worms le ne la tlhalosa gore tsheko e feletse jang. Le ne la bolela gore Luther e ne e le moikeodi le gore mekwalo ya gagwe e ileditswe. E re ka mopapa a ne a mo kgaotse mo kerekeng e bile mmusimogolo a mo pegile molato wa gore ke moikeodi, botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing jaanong.

Morago ga moo, go ne ga direga dilo tse di neng di kgatlha thata e bile e le tse di neng di sa lebelelwa. Fa Luther a boela Wittenberg, Frederick wa kwa Saxony yo o neng a rata go direla ba bangwe molemo o ne a rulaganya gore go dirwe e kete Luther o a utswiwa. Seno se ne sa dira gore baba ba ga Luther ba se ka ba kgona go mo tshwara. Luther o ne a isiwa ka sephiri kwa kagong ya phemelo ya kwa Wartburg, mo a neng a godisa ditedu tsa gagwe gone mme a itira motho o sele—yo o itsegeng e le motlotlegi Junker Jörg.

Baebele ya September e Batliwa Gongwe le Gongwe

Dikgwedi tse di lesome tse di latelang, Luther o ne a nna kwa ntlong ya phemelo ya Wartburg e le motshabi, gore a se ka a tshwarwa ke mmusimogolo le mopapa. Buka ya Welterbe Wartburg e tlhalosa gore “nako ya fa a ne a le kwa Wartburg e ne e le nngwe ya dinako tse a neng a nna le matswela a magolo mo go tsone e bile a kgona go dira dilo tse dintsi mo botshelong jwa gagwe.” Sengwe sa dilo tse dikgolo go gaisa se a neng a kgona go se dira koo, e ne e le go wetsa thanolo ya mokwalo wa ga Erasmus wa Dikwalo Tsa Segerika tse a neng a di ranolela mo Sejeremaneng. Kgatiso eno e e gatisitsweng ka September 1522, e e neng e sa kwalwa gore Luther ke ene moranodi wa yone, e ne ya bidiwa Baebele ya September. Tlhwatlhwa ya yone e ne e le di-guilder di le 1 1⁄2—tse di lekanang le madi a ngwaga otlhe a a neng a duelwa mothapiwa yo o berekang mo ntlong. Le fa go ntse jalo, Baebele ya September e ne e batliwa ke batho ba le bantsi thata. Mo dikgweding di le 12, go ne ga gatisiwa dikhopi di le 6 000 tsa dithanolo tse 2 mme mo dingwageng tse 12 tse di latelang, go ne ga gatisiwa bobotlana dithanolo di ka nna 69.

Ka 1512, Martin Luther o ne a nyala Katharina von Bora, yo pele e neng e le moitlami. Katharina o ne a kgona go tlhokomela lelapa e bile a kgona go itshokela dilo tse dingwe tse di neng di tlhoka go dirwa ka ntlha ya bopelotshweu jwa monna wa gagwe. Lelapa la ga Luther le ne le sa akaretse fela mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba barataro mme gape go ne go na le ditsala, bakanoki le batshabi. Fa Luther a setse a tsofetse, o ne a nna le tshiamelo ya go nna mogakolodi yo bakanoki ba e neng e le baeti mo ntlong ya gagwe ba neng ba tlhola ba dutse ka pene le pampiri gore ba kwale dilo tse a neng a di ba tlhalosetsa. Dilo tse ba di kwadileng tseno di ne tsa kopanngwa go dira buka e e neng e bidiwa Luthers Tischreden (Dilo Tse Luther a Neng a di Bua Fa a Le mo Tafoleng). Ka nakwana, palo e buka eno e neng e anamisiwa ka yone ka puo ya Sejeremane e ne ya nna kwa godimo jaana mo e leng gore e ne e gaisiwa fela ke palo e Baebele e neng e anamisiwa ka yone.

Moranodi le Mokwadi yo o Nang le Bokgoni

Ka 1534, Luther o ne a weditse thanolo ya gagwe ya Dikwalo Tsa Sehebera. O ne a na le bokgoni jwa go dirisa mokgwa o a kwalang ka one, moribo le mafoko a puo ka tsela e e tshwanetseng. Seno se ne sa felela ka gore eno e nne Baebele e batho ba ba tlwaelegileng ba e tlhaloganyang sentle. Fa Luther a akgela ka mokgwa wa gagwe wa go ranola, o ne a kwala jaana: “Re tshwanetse go buisana le mmè kwa gae, bana ba ba mo mebileng le monna yo o tlwaelegileng kwa marekelong mme re reetse tsela e ba buang ka yone re bo re ranola ka tsela eo.” Baebele ya ga Luther e ne ya thusa go tlhama mokgwa o puo ya Sejeremane e kwalwang ka one mme mokgwa oo wa amogelwa mo nageng eo yotlhe.

Bokgoni jwa ga Luther jwa go ranola bo ne bo tsamaisana le botswerere jwa gagwe jwa go kwala. Go bolelwa gore ka nako ya fa a ne a bereka, o ne a kwala pego dibeke dingwe le dingwe tse pedi. Dingwe tsa dipego tseno di ne di tletse go ganetsa thata fela jaaka mokwadi wa tsone a ne a rata go ganetsana. Fa e le gore mekwalo ya ntlha ya ga Luther e ne e na le mokgwa wa go sotla, botsofe jwa gagwe ga bo a ka jwa dira gore a tlogele go dira jalo. Ditlhamo tsa gagwe tsa moragonyana di ne di tletse tshotlo le go feta. Go ya ka Lexikon für Theologie und Kirche, dibuka tse di kwadilweng ke Luther di senola “tsela e a neng a galefile thata ka yone” le “go tlhoka ga gagwe lorato le boikokobetso,” le “boikemisetso jwa gagwe jwa go fitlhelela se a batlang go se dira.”

Fa go ne go tsoga Ntwa ya Badiri ba mo Masimong mme go bolaiwa batho ba bantsi kwa dinageng tse di busiwang ke dikgosana, Luther o ne a bodiwa gore o ikutlwa jang ka dikhuduego tseo. A badiri ba mo masimong ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega ka beng ba bone? Luther ga a ka a leka go dira gore a ratwe ke bontsi jwa batho ka go ba naya karabo e ba e batlang. O ne a dumela gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go utlwa babusi ba bone. (Baroma 13:1) Fa Luther a ne a araba ka tlhamalalo, o ne a re botsuolodi joo bo tshwanetse go thibelwa ka go dirisa dikgoka. O ne a re: “A mongwe le mongwe yo o kgonang, a tlhabe, a iteye a bo a bolaye.” Hanns Lilje o ne a bolela gore karabo eno e ne ya dira gore Luther “a se ka a tlhola a ratwa ke batho ba le bantsi.” Mo godimo ga moo, ditlhamo tse Luther a di kwadileng tse di neng di bua ka Bajuda ba ba neng ba gana go sokologela mo Bokereseteng, segolobogolo tse di neng di na le setlhogo se se reng On the Jews and Their Lies di ile tsa dira gore batho ba le bantsi ba tseye gore mokwadi yono e ne e le motho yo o sa rateng Bajuda.

Boswa jo Luther a bo Tlogetseng

Phetogo e e tlisitsweng ke banna ba ba jaaka Luther, Calvin le Zwingli, e ne ya dira gore go simololwe bodumedi jo bosha jo bo bidiwang Boporotesetanta. Boswa jo bogolo jo Luther a bo tlogeletseng Boporotesetanta e ne e le thuto ya konokono ya gore motho a ka bona boitshwarelo ka tumelo. Naga nngwe le nngwe e e neng e busiwa ke kgosana e ne e ema nokeng tumelo ya Boporotesetanta kgotsa ya Katoliki. Boporotesetanta bo ne jwa anama mme jwa engwa nokeng thata kwa Scandinavia, Switzerland, Engelane le kwa Netherlands. Gompieno e na le balatedi ba le dimilionemilione.

Batho ba le bantsi ba ba sa dumalaneng le dilo tse Luther a di dumelang ba sa ntse ba mo tseela kwa godimo thata. Ka 1983, kgaolo e pele e neng e le Democratic Republic ya Jeremane, e e neng e akaretsa Eisleben, Erfurt, Wittenberg, le Wartburg e e mo melelwaneng ya yone, e ne ya keteka letsatsi la botsalo la ga Luther la bo500. Naga eno ya boshoshialise e ne ya mo amogela jaaka motho yo o tlhomologileng mo hisitoring le mo tlhabologong ya Jeremane. Mo godimo ga moo, moithutabodumedi wa Mokatoliki wa dingwaga tsa bo1980 o ne a sobokanya tlhotlheletso e Luther a neng a na le yone mme a re: “Ga go na ope yo o tlileng morago ga Luther yo o ka tshwanang le ene.” Porofesa Aland o ne a kwala jaana: “Ngwaga le ngwaga, go na le bobotlana dikgatiso tse disha di le 500 tse di buang ka Martin Luther le Diphetogo tse a di tlisitseng—mme dikgatiso tseo di gatisiwa mo e ka nnang ka dipuo tsotlhe tse di dirisiwang thata mo lefatsheng.”

Martin Luther o ne a le botlhale thata, a kgona go gakologelwa dilo ka tsela e e gakgamatsang, a le setswerere mo puong e bile e le mokwadi yo o nang le bokgoni. Mme gape, o ne a le pelokhutshwane, a rata go sotla, e bile o ne a tsibogela ka bogale dilo tse a neng a akanya gore ke boitimokanyi. Fa a ne a tla tloga a swa kwa Eisleben ka February 1546, ditsala tsa gagwe di ne tsa mmotsa gore a o ne a sa ntse a nitame mo dilong tse a di dumelang tse a neng a di ruta batho ba bangwe. O ne a araba a re “Ee.” Luther o ne a swa, mme ba le bantsi ba sa ntse ba dumela dilo tse a neng a di dumela.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Luther o ne a le kgatlhanong le kgwebo ya go rekisa makwalo a boitshwarelo jwa maleo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mit freundlicher Genehmigung: Wartburg-Stiftung

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Luther o ne a gana go fetola mogopolo wa gagwe malebana le se a se dumelang fa e le gore baganetsi ba gagwe ba ne ba sa kgone go supa go tswa mo Baebeleng gore se ne se se boammaaruri

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Martin Luther The Reformer, 3rd Edition, published by Toronto Willard Tract Depository, Toronto, Ontario

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Phaposi ya ga Luther e e neng e le kwa Ntlong ya Phemelo e e kwa Wartburg e a neng a ranolela Baebele kwa go yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Both images: Mit freundlicher Genehmigung: Wartburg-Stiftung

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

From the book Martin Luther The Reformer, 3rd Edition, published by Toronto Willard Tract Depository, Toronto, Ontario

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

From the book The History of Protestantism (Vol. I)