Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Molao Wa yo O Botlhale” ke Motswedi wa Botshelo

“Molao Wa yo O Botlhale” ke Motswedi wa Botshelo

“Molao Wa yo O Botlhale” ke Motswedi wa Botshelo

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a tlhaeletsa jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Baroma 11:33) Tlhogo ya lotso e bong Jobe ene o ne a re: “[Jehofa Modimo] o pelo e e botlhale.” (Jobe 9:4) Ee, Mmopi wa legodimo le lefatshe o na le botlhale jo bo ka se kang jwa bapisiwa le jwa ga ope. Go ka tweng ka molao, kgotsa Lefoko le le kwadilweng la Mmopi yo o ntseng jalo?

Mopesalema o ne a opela jaana: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo. Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.” (Pesalema 19: 7, 8) Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o tshwanetse a bo a ile a anaanela mafoko ao tota! O ne a re: “Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” (Diane 13:14) Mo ditemaneng tse 13 tse di tlang pele ga eno mo go Diane kgaolo 13, Solomone o ne a bontsha kafa kgakololo e e mo Lefokong la Modimo e ka re thusang ka teng go tokafatsa botshelo jwa rona le gore re se ka ra itsenya mo kotsing.

Amogela Thuto

Diane 13:1 ya re: “Morwa o batlhale fa go nang le kotlhao ya ga rre gone, mme mosotli ke yo o iseng a utlwe kgalemo.” Rre a ka otlhaya ngwana a le bonolo kgotsa a le bogale. Mo lekgetlhong la ntlha a ka nna a mo kgalema e le go mo thapisa, mme fa a gana go utlwa, kgabagare o tla mo otlhaya. Morwa yono o tla bo a le botlhale fa a ka amogela kotlhao ya ga rraagwe.

Baebele ya re “yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya” mme “o kgwathisa mongwe le mongwe yo a mo amogelang jaaka morwa.” (Bahebera 12:6) Tsela e nngwe e Rraarona wa kwa legodimong a re otlhayang ka yone ke ka go dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele. Fa re bala Baebele ka tlotlo mme re dirisa se re se ithutang mo go yone, tota Lefoko la gagwe le a bo le re kgalemela. Seno se tla solegela rona molemo, ka gonne sengwe le sengwe se Jehofa a se bolelang se re solegela molemo.—Isaia 48:17.

Gape, re ka otlhaiwa ka go kgalemelwa ke modumedi ka rona yo o batlang gore re gatele pele semoyeng. Kgakololo le fa e le efe e e tsamaisanang le Lefoko la Modimo e tshwanetse go tsewa e le e e tswang mo Motsweding o mogolo wa boammaaruri, e seng mo mothong yo o re e neelang. Re tla bo re le botlhale fa re ka e tsaya e le e e tswang kwa go Jehofa. Kotlhao e tla re solegela molemo fa re e letla gore e laole tsela e re akanyang ka yone, e tokafatse tsela e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone le go re thusa go baakanya ditsela tsa rona. Go ntse jalo le ka kgakololo e re e amogelang kwa dipokanong tsa Bokeresete le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Tsela e e molemolemo e re ka ikgalemelang ka yone ke fa re tsibogela dilo tse re di ithutang tse di kwadilweng kgotsa tse di buiwang.

Mosotli ene ga a amogele kotlhao. Buka nngwe ya re: “E re ka a akanya gore o itse sengwe le sengwe, ga a amogele thuto.” Ga a reetse fa a kgalemelwa—e leng tsela e e nonofileng ya go otlhaiwa. Mme a tota a ka kgona go supa gore kotlhao ya ga Rraagwe ga e a siama? Jehofa ga a ise a ko a dire sepe se se sa siamang e bile ga a kitla a bo a tsamaya a se dira. Motho yo o ganang kotlhao, ene ka boene wa itshotla. A bo Solomone a ile a kgona go dirisa botswerere jang ne ka go dirisa mafoko a sekae fela go bontsha kafa go leng mosola ka teng go amogela thuto!

Disa Tsela e o Dirisang Loleme ka Yone!

Go bontsha gore go botlhokwa gore re kaelwe ke Lefoko la Modimo fa re bua, kgosi ya Iseraele e ne ya tshwantsha molomo le setlhare se se ungwang maungo. A re: “Motho o tla ja molemo go tswa mo maungong a molomo wa gagwe, mme moya wa ba ba dirang ka boferefere ke thubakanyo.” (Diane 13:2) Mafoko a a buiwang ke maungo a molomo. Mme motho o roba se a se jetseng ka mafoko a gagwe. Mokanoki mongwe a re: “Fa mafoko a gagwe e le a bopelonomi e bile e le a go dira botsalano le baagelani ba gagwe, o tla ja molemo, a nna a ntse a itumetse e bile a le mo kagisong.” Dilo ga di tsamaele motho yo o boferefere jalo. Ene o batla go dira thubakanyo le go utlwisa ba bangwe botlhoko. O loga maano a go dira thubakanyo mme o roba matswela a gone. O tla tshwarwa ke diru tsa loso.

Solomone o tswelela jaana: “Yo o disang molomo wa gagwe o boloka moya wa gagwe. Yo o bulang dipounama tsa gagwe thata—o tla senngwa.” (Diane 13:3) Fa o bua ka tsela ya boeleele e bile o sa akanye pele ga o bua, o ka itshenya leina, wa kgopisa ba bangwe, wa baka dikgotlhang, tota le go gobatsa ba bangwe mo mmeleng. Gape, go bua thata go ka dira gore motho a se ka a amogelwa ke Modimo, ka gonne Modimo o dira gore mongwe le mongwe a ikarabelele ka ntlha ya mafoko a gagwe. (Mathaio 12:36, 37) Ee, go tlhokomela thata tsela e re buang ka yone go tla re thusa gore re se ka ra senngwa. Mme re ka ithuta jang go disa dipounama tsa rona?

Tsela e e motlhofo ke gore re se ka ra bua thata. Baebele ya re: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi.” (Diane 10:19) Tsela e nngwe ke go akanya pele ga re bua. Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng o bolela jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Fa motho a sa akanye pele a bua, seno se ka utlwisa ene le batho ba ba mo reeditseng botlhoko. Ka jalo, Baebele e re naya kgakololo e e molemo eno: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.”—Diane 15:28.

Dira ka Natla

Solomone a re: “Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe. Le fa go ntse jalo, moya wa ba ba tlhoafetseng o tla nontshiwa.” (Diane 13:4) Buka nngwe ya re: “Ntlha e e tlhalosiwang ke [seane seno] ke gore go eletsa fela ga go thuse sepe, mme go dira ka natla ke gone go go botlhokwa. Batho ba ba botshwakga ba na le dikeletso . . . tse di ba laolang, mme ga go na sepe se ba ka se supang se ba se dirileng.” Le fa go ntse jalo, moya, kgotsa keletso, ya motho yo o tlhoafetseng e a kgotsofadiwa—e a nontshiwa.

Go tweng ka batho ba ba sa batleng go ineela mo go Jehofa ka gonne ba sa batle go nna le boikarabelo? Ba ka tswa ba bontsha gore ba eletsa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, a mme ba iketleeleditse go dira sengwe ka gone? Se se batlegang mo bathong ba ba “tswang mo pitlaganong e kgolo” ke gore ba bo ba bontshitse tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo, ba ineetse mo go Jehofa e bile ba bontshitse boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing.—Tshenolo 7:14, 15.

Gape, akanya ka se se tlhokegang fa motho a batla go tshwanelegela tiro ya bolebedi mo phuthegong. Go eletsa go tshwanelegela tiro e e molemo eno ke selo se sentle tota e bile Dikwalo di a se kgothaletsa. (1 Timotheo 3:1) Le fa go ntse jalo, go eletsa fela tiro e e ntseng jalo ga go a lekana. Gore motho a tshwanelegele tiro eo o tlhoka go tlhagolela dinonofo le bokgoni jo bo tlhokegang. Go dira jalo go tlhoka gore motho a dire ka natla le go dira maiteko.

Tshiamo e Tla re Sireletsa

Motho yo o siameng o tlhagolela dinonofo tsa bomodimo e bile o bua boammaaruri. O tlhaloganya gore go bua maaka go kgatlhanong le molao wa ga Jehofa. (Diane 6:16-19; Bakolosa 3:9) Solomone o bolela jaana malebana le seno: “Mosiami o tlhoile lefoko la maaka, mme baikepi ba dira ka matlhabisa ditlhong mme ba itlhabisa ditlhong.” (Diane 13:5) Mosiami ga a tile fela go bua maaka; mme o a tlhoile. O a itse gore le fa se a se buang se ka utlwala se le boammaaruri mo go ba bangwe, maaka a baka dikgotlhang. Mo godimo ga moo, motho yo o buang maaka a ka nna a se ka a tlhola a ikanngwa. Moikepi o dira dilo tse di tlhabisang ditlhong ka go aka kgotsa ka tsela e nngwe e sele, mme ka tsela eo o itlhabisa ditlhong.

Go bontsha gore go molemo go dira se se siameng mo matlhong a Modimo, kgosi e e botlhale e bolela jaana: “Tshiamo e dibela yo o sa gobatseng mo tseleng ya gagwe, mme boikepo ke jone bo menolang moleofi.” (Diane 13:6) Tshiamo e sireletsa motho jaaka kago ya phemelo, mme boikepo bo a mo senya.

Se Itire se o Seng Sone

Kgosi ya Iseraele e ne ya bolela jaana e bontsha gore e tlhaloganya tsela e batho ba ntseng ka yone: “Go na le yo o itshemang mohumi mme a se na sepe gotlhelele; go na le yo o itshemang mohumanegi mme a na le dilo tse dintsi tse di tlhwatlhwakgolo.” (Diane 13:7) Motho a ka tswa a se se a lebegang a le sone. Batho bangwe ba ba humanegileng ba ka nna ba itira bahumi—gongwe ba batla go kgatlha batho ka se ba nang le sone, go dira gore ba akanye gore ba atlegile kgotsa e le fela gore ba bangwe ba se ka ba ba nyatsa. Motho yo o humileng a ka nna a itira mohumanegi, a batla fela go fitlha khumo ya gagwe.

Ga go a siama go dira e kete o na le dilo mme o se na tsone e bile ga go a siama go di fitlha fa o na le tsone. Fa re na le madi a mannye, mme re dirisa madi mo dilong tsa manobonobo e le fela go itira e kete re humile, go ka dira gore rona le malapa a rona re se ka ra nna le dilo tse tota re di tlhokang mo botshelong. Mme fa motho a itira mohumanegi a ntse a na le dikhumo, seno se mo dira ngame, se mo diga seriti e bile se dira gore a se ka a nna le boitumelo jo motho yo o ratang go aba a nnang le jone. (Ditiro 20:35) Fa motho a ikanyega o tla tshela botshelo jo bo botoka.

O se Ka wa Eletsa Dikhumo

Solomone o ne a re: “Thekololo ya moya wa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme yo o humanegileng ga a utlwa kgalemo.” (Diane 13:8) Mafoko a a botlhale ano a re ruta eng?

Go huma go na le melemo mengwe, mme ga se sone selo sa konokono se se ka tlisetsang motho boitumelo. Mo dinakong tseno tsa mathata tse re tshelang mo go tsone, gantsi batho ba ba humileng le ba malapa a bone ba iphitlhela ba le mo kotsing ya gore mongwe wa bone a utswiwe mme a tshwarwe go fitlha ba duela madi a go mo rekolola. Ka dinako tse dingwe, monna yo o humileng a ka nna a rekolola botshelo jwa gagwe kgotsa jwa mongwe wa lelapa la gagwe. Mme gantsi motho yo o utswilweng a ka nna a bolawa. Gantsi batho ba ba humileng ba tshosediwa ke dilo tse di ntseng jalo.

Mohumanegi ga a ke a tshwenyega ka dilo tse di ntseng jalo. Le fa dilo di ka tswa di sa mo tsamaele sentle go le kalo e bile a se na dithoto tse dintsi jaaka batho ba ba humileng, ga se gantsi go ka diregang gore a utswiwe. Seno ke molemo wa go sa nne le dikhumo le wa go sa dirise nako le maatla a rona mo go lateleleng dikhumo.—2 Timotheo 2:4.

Ipelele “Lesedi”

Solomone o tswelela pele a bontsha gore fa re dira dilo ka tsela ya ga Jehofa re tla solegelwa molemo. A re: “Lesedi la basiami le tla ipela; mme lobone lwa baikepi—lo tla tingwa.”Diane 13:9.

Lobone lo tshwantshetsa selo se re ikaegileng ka sone gore se bonese tsela ya rona ya botshelo. ‘Lefoko la Modimo ke lobone lwa lonao lwa mosiami le lesedi la tsela ya gagwe.’ (Pesalema 119:105) Le na le kitso le botlhale jo bontsi jwa Mmopi. Fa re nna re tokafatsa tsela e re tlhaloganyang thato ya Modimo ka yone le maikaelelo a gagwe, lesedi la semoya le le re kaelang le nna le phatsimela pele. Seo se itumedisa tota! Ke eng fa re tshwanetse go faposiwa ke botlhale jwa lefatshe kgotsa ke “se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone”?—1 Timotheo 6:20; 1 Bakorintha 1:20; Bakolosa 2:8.

Mme moikepi ene, le fa lobone lwa gagwe lo ka bonala lo phatsima thata jang e bile a bonala a atlega thata, lobone lwa gagwe lo tla tingwa. O tla felela a le mo lefifing, mo lonao lwa gagwe lo tla kgopiwang gone. Mo godimo ga moo, “ga a na go nna le isagwe.”—Diane 24:20.

Le fa go ntse jalo, ke eng se re ka se dirang fa re sa itse sentle gore re tshwanetse go dira eng mo seemong se se rileng? Go tweng fa re sa tlhomamisege gore a re na le tetla ya go dira sengwe? Diane 13:10 e tlhagisa jaana: “Motho o baka ntwa ka boikgodiso.” Go dira sengwe o sa itse kgotsa o sa tshwanela ke boikgodiso e bile go tla baka kgotlhang. A go ka se nne botoka go bua le ba bangwe ba ba nang le kitso kgotsa temogo kaga seo? Kgosi e e botlhale ya re: “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.”

Ikele Tlhoko mo Ditsholofetsong Tsa Lefela

Madi a ka thusa thata. Go nna le madi a a lekaneng go botoka go na le go tshela ka tsela e e utlwisang botlhoko kgotsa go tshelela mo lehumeng. (Moreri 7:11, 12) Le fa go ntse jalo, dilo tse re ka tswang re akanya gore ke melemo ya dikhumo tse di bonweng ka tsela e e sa siamang di ka tsietsa. Solomone o tlhagisa jaana: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo lefeleng di a ngotlega, mme yo o phuthang ka seatla ke ene yo o oketsang.”Diane 13:11.

Ka sekai, akanya ka thaelo ya go betšha. Motho yo o betšhang, a ka betšha ka madi a gagwe a a a bereketseng ka thata a solofetse gore o tla gapa a mangwe a le mantsi. O boeletsa seno ga kae a ntse a tsenya ba lelapa la gagwe mo mathateng! Mme go diregang fa motho yo o betšhang a ka gapa madi a le mantsi? E re ka a bone madi ao motlhofo, a ka se ka a anaanela botlhokwa jwa one. Mo godimo ga moo, a ka tswa a se na bokgoni jwa go tlhokomela letlotlo la gagwe le lesha le a le boneng. A go ka se direge gore dikhumo tsa gagwe di nyelele ka lobelo lo lo tshwanang le lo a di boneng ka lone? Kafa letlhakoreng le lengwe, khumo e e kokoanngwang ka bonya—ka go bereka ka natla—e oketsega ka bonya mme e ka dirisiwa sentle.

Solomone a re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo, mme selo se se eletsegang ke setlhare sa botshelo fa se tla.” (Diane 13:12) Ditebelelo tse di sa diragadiweng di kgoba marapo e bile di bobodisa pelo. Seno se diragala letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka ditebelelo tse di theilweng thata mo Lefokong la Modimo. Re ka tlhomamisega gore di tla diragadiwa. Tota le dilo tse go lebegang di diega go tla, di ka se ka tsa re kgoba marapo.

Ka sekai, re a itse gore lefatshe le lesha la Modimo le gaufi. (2 Petere 3:13) E re ka re eletsa thata go bona ditsholofetso tsa Modimo, re letile ka go shwegashwega pelo go di bona di diragadiwa. Go tla diregang fa re dirisa nako ya rona ya go leta ka go tshwarega mo “tirong ya Morena,” re kgothatsa badumedi ka rona e bile re leka go nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa? Go na le gore re ‘bobole mo pelong,’ re a itumela. (1 Bakorintha 15:58; Bahebera 10:24, 25; Jakobe 4:8) Fa dilo tse re sa bolong go eletsa gore di diragale di diragadiwa, e nna setlhare sa botshelo—se se nonotshang le se se lapolosang tota.

Molao wa Modimo—Motswedi wa Botshelo

Fa Diane 13:13 e bontsha botlhokwa jwa go ikobela Modimo e bolela jaana: “Yo o nyaditseng lefoko, sebeelo sa yo o kolotang se tla tsewa mo go ene; mme yo o boifang taelo ke ene yo o tla duelwang.” Fa motho yo o nang le sekoloto a nyatsa lefoko ka go palelwa ke go duela madi a a a adimileng, o tla bo a latlha seebelo sa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, re tla bo re latlhegelwa fa re sa ikobele melao ya Modimo. Re tla latlhegelwa ke eng?

“Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” (Diane 13:14) Fa re sa tshele ka molao wa Modimo yo o botlhale go gaisa, e bong Jehofa, re ka se bone kaelo e e tla re thusang go tshela botshelo jo bo botoka le jo boleele. Re tla bo re latlhegetswe ruri! Ka jalo, re tla bo re le botlhale fa re ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone re bo re le letla gore le laole tsela e re akanyang ka yone, e re buang ka yone le e re dirang dilo ka yone.—2 Bakorintha 10:5; Bakolosa 1:10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go amogela kgakololo ya Dikwalo ke tsela e e molemolemo ya go ikgalemela

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

“Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe”

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Go nna re tshwaregile mo “tirong ya Morena” go dira gore re itumele