Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Kafa Baebele e Fetotseng Monna Yono ka Gone

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Kafa Baebele e Fetotseng Monna Yono ka Gone

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Kafa Baebele e Fetotseng Monna Yono ka Gone

ROLF-MICHAEL o ne a rata mmino thata. Mme o ne a tshela fela ka diokobatsi. Fa a sa ntse a gola kwa Jeremane, o ne a nwa bojalwa thata mme a dirisa diokobatsi ka mo go feteletseng, tse di jaaka LSD, khokeine, hashish, le diokabatsi tse dingwe gape tse di neng di mo senya tlhaloganyo.

Rolf-Michael o ne a tshwarwa fa a ntse a leka go tsenya diokobatsi ka bokhukhuntswane mo nageng nngwe ya Afrika mme a fetsa dikgwedi di le 13 mo kgolegelong. Nako e a e feditseng a le kwa kgolegelong e ne ya mo thusa gore a akanye ka se tota a se tshelelang.

Rolf-Michael le mosadi wa gagwe Ursula ba ne ba tlhoafetse ba batla go itse se tota batho ba se tshelelang e bile ba batla go itse boammaaruri. Go sa kgathalesege maitemogelo a a swabisang a ba nnileng le one mo dikerekeng tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete, ba ne ba eletsa fela thata go itse Modimo. Mme ba ne ba na le dipotso mme ba sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa tsone mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa bodumedi. Go feta moo, ditumelo tseno di ne di sa ba neye sepe se se ba tlhotlheletsang go fetola matshelo a bone.

Kgabagare Rolf-Michael le Ursula ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa. Fa ba sena go simolola go ithuta Baebele, Rolf-Michael o ne a tlhotlhelediwa thata ke kgakololo e e reng: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) O ne a ikemiseditse go ‘latlha botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya gagwe ya pele ya boitshwaro mme a apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’—Baefeso 4:22-24.

Rolf-Michael o ne a tla kgona jang go apara botho jo bosha? O ne a bontshiwa go tswa mo Baebeleng gore “ka kitso ya boammaaruri” botho jwa motho bo ka ‘ntšhafadiwa go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa,’ e leng Jehofa Modimo.—Bakolosa 3:9-11.

Fa a ntse a ithuta kitso ya boammaaruri, Rolf-Michael o ne a batla go dumalanya botshelo jwa gagwe le melaometheo ya Lefoko la Modimo. (Johane 17:3) Go ne go le thata gore Rolf-Michael a tlogele go dirisa diokobatsi, mme o ne a lemoga botlhokwa jwa go atamela Jehofa ka thapelo le go bona thuso ya gagwe. (1 Johane 5:14, 15) Thuso e nngwe o ne a e bona ka go tsalana le batho ba e neng e setse e le Basupi ba ga Jehofa ba ba lekang ka natla go dira thato ya Modimo.

Gape Rolf-Michael o ne a thusiwa ke go itse gore lefatshe le a feta le gore ba ba dirang thato ya Modimo ba tla nnela ruri. Kitso eno e ne ya mo thusa gore a se ka a tlhopha lorato lwa nakwana lwa lefatshe leno mme a tlhophe masego a a nnelang ruri a go nna le kamano e e gaufi le Modimo yo o lorato Jehofa. (1 Johane 2:15-17) Rolf-Michael o ne a amiwa thata ke mafoko a Diane 27:11 a a reng: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” O bua jaana ka kanaanelo: “Temana eno e bontsha fela tsela e Jehofa a re ratang ka yone, e re ka a naya batho tshono ya gore ba itumedise pelo ya gagwe.”

Fela jaaka go ne ga direga ka Rolf-Michael, mosadi wa gagwe le bana ba bone ba bararo, batho ba le makgolo a le diketekete ba ne ba solegelwa molemo ke go latela melaometheo ya Baebele. Batho bao ba fitlhelwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Ka maswabi, mo dinageng tse dingwe Basupi ba latofadiwa ka maaka go twe ke lekoko le le kotsi le le thubang malapa. Se se diragaletseng Rolf-Michael se supile gore seo ga se boammaaruri.—Bahebera 4:12.

Rolf-Michael a re Mathaio 6:33, e e re kgothaletsang go baya dilo tsa semoya kwa pele, e kaela ba lelapa la gagwe go latela tsela e e siameng ya botshelo. Ene, le ba lelapa la gagwe ba leboga Jehofa thata ka botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang jo ba bo itumelelang ka gonne e le Bakeresete. Ba dumalana le mafoko a mopesalema yo o neng a opela a re: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?”—Pesalema 116:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Modimo o naya batho tshono ya gore ba itumedise pelo ya gagwe

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Melaometheo ya Baebele e e Thusang

Mengwe ya melaometheo ya Baebele e e neng ya thusa ba le bantsi go tlogela dilo tse di kotsi tse di tshwakgolang ke eno:

“Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.” (Pesalema 97:10) Fa motho a sena go lemoga kafa mekgwa e e kotsi e leng bosula ka gone mme a tlhagolela gore a e tlhoe, o go fitlhela go le motlhofo go dira se se kgatlhang Modimo.

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Gore motho a kgone go gana diokobatsi le dilo tse dingwe tse di tshwakgolang, o tshwanetse go tlhopha ditsala ka kelotlhoko. O tla solegelwa molemo fa a tlhopha ditsala tsa Bakeresete tse di tla mo thusang go tlogela dilo tseno tse di mo tshwakgolang.

“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Kagiso eo ya pelo le ya mogopolo ga e bonwe ka tsela e nngwe gape. Mme go ikaega mo Modimong ka thapelo go thusa gore motho a kgone go lebana le mathata a botshelo a sa dirise diokobatsi tse di tshwakgolang.