Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso di Dintsi—Dikarabo Tse di Kgotsofatsang di Mmalwa

Dipotso di Dintsi—Dikarabo Tse di Kgotsofatsang di Mmalwa

Dipotso di Dintsi—Dikarabo Tse di Kgotsofatsang di Mmalwa

MO MOSONG wa Letsatsi la Baitshepi Botlhe ka November 1, 1755, go ne ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe kwa toropong ya Lisbon fa banni ba bantsi ba teng ba ne ba ile kerekeng. Go ne ga wa dikago di le dintsintsi, mme ga swa batho ba le diketekete.

Tlholego ga e itse go bua, re e botsa fela mme re ka se bone karabo;

Re tlhoka Modimo yo o buang le batho.

Voltaire: From the book Great Men and Famous Women; Lisbon: J.P. Le Bas, Praça da Patriarcal depois do terramoto de 1755. Foto: Museu da Cidade/Lisboa

Ka bonako fela morago ga masetlapelo ao, mokwadi wa Mofora e bong Voltaire o ne a gatisa Poème sur le désastre de Lisbonne (Leboko ka Masetlapelo a Lisbon), e mo go yone a neng a ganetsa kgang ya gore Modimo o ne a otlhaya batho ka masetlapelo ao ka ntlha ya maleo a bone. Voltaire o ne a kwala jaana fa a ne a bolela gore motho o ne a ka se tlhaloganye ditiragalo tse di ntseng jalo tsa masetlapelo e bile o ne a ka se kgone go di tlhalosa:

Voltaire e ne e se ene motho wa ntlha go botsa dipotso ka Modimo. Go ralala hisitori ya batho, dikotsi le masetlapelo a a nnileng teng di dirile gore batho ba ipotse dipotso. Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, tlhogo ya lotso Jobe, yo o neng a swetswe ke bana botlhe e bile a tshwerwe ke bolwetse jo bo botlhoko, o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa [Modimo] a naya yo o nang le matshwenyego lesedi, le ba ba moya o bogalaka botshelo?” (Jobe 3:20) Gompieno, batho ba bantsi ba ipotsa gore Modimo yo o molemo le yo o lorato a ka nna jang a itlhokomolositse go boga mo go kana kana le go tlhoka tshiamiso mo go leng teng.

Ka gonne batho ba bantsi ba lebane le leuba, ntwa, bolwetse le loso, ga ba dumele gotlhelele gore go na le Mmopi yo o amegang ka batho. Rafilosofi mongwe wa molatolamodimo o ne a re: “Ga go na sepe se se ka direlang Modimo seipato sa go tlogela ngwana a boga . . . kwantle ga fa tota Modimo a seyo.” Masetlapelo a magolo, jaaka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi ka Ntwa ya Lefatshe II, a dira gore batho ba dire tshwetso e e tshwanang. Ela tlhoko kakgelo eno e e kwadilweng ke mokwadi wa Mojuda mo lokwalodikgannyeng longwe: “Selo se se ka tlhalosang gore ke ka ntlha yang fa go nnile le pogo e e kalo kalo kwa Auschwitz ke gore ga go na Modimo yo o tsenelelang mo dikgannyeng tsa batho.” Go ya ka patlisiso ya 1997 e e dirilweng kwa Fora, e leng lefatshe le batho ba bantsi mo go lone e leng Bakatoliki, diperesente di ka nna 40 tsa batho ba koo ba belaela go nna teng ga Modimo ka ntlha ya kgailo ya merafe, jaaka ya kwa Rwanda ka 1994.

A ke Sekgoreletsi sa go Nna le Tumelo?

Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa tsenelele go thibela dilo tse di bosula? Mokatoliki mongwe yo o kwalang ka ditiragalo tsa hisitori a re potso eno e “kgoreletsa go nna le tumelo fela thata” mo bathong ba bantsi. O botsa jaana: “A tota go a kgonega go dumela mo Modimong yo o lebang fela a sa thuse fa batho ba bantsi ba ba se nang molato ba a swa e bile go na le dikgailo tsa batho ba bantsintsi mo lefatsheng, mme a sa dire sepe go thibela seo?”

Ka tsela e e tshwanang dikakgelo tsa bagatisi mo lokwalodikgannyeng lwa Katoliki lwa La Croix tsa re: “Le fa e ka tswa e le masetlapelo a a nnileng teng mo nakong e e fetileng, ditiragalo tsa mmatota tse di bakwang ke kgatelopele mo go tsa botegeniki, masetlapelo a tlholego, bokebekwa jo bo rulagantsweng, kgotsa loso lwa motho yo re mo ratang, mo maemong ao otlhe, batho ba ba tshogileng ba leba kwa godimo ba batla tlhaloso. Modimo o kae? Ba batla karabo. A ga se Ene yo o sa Kgathaleng, Yo o sa Amegeng?”

Mopapa John-Paul II o ne a sekaseka kgang eno mo lekwalong le a neng a le kwala ka 1984 la Salvifici Doloris. O ne a kwala jaana: “Le fa ka tsela ya tshwantshetso go nna teng ga lefatshe go dira gore batho ba lemoge gore Modimo o teng, o botlhale, o maatla e bile o mogolo, go lebega bosula le go boga di fitlha dinonofo tseno tsa gagwe, ka dinako tse dingwe di di fitlha ka selekanyo se segolo, segolobogolo fa letsatsi le letsatsi batho ba boga go sa tlhokege e bile go dirwa ditiro tse dintsi tse di sa siamang mme ba ba di dirang ba sa otlhaiwe ka tsela e e tshwanetseng.”

A go nna teng ga Modimo yo o lorato le yo o maatla otlhe, jaaka Baebele e tlhalosa, go tsamaisana le go bo batho ba boga thata jaana? A o a tsenelela go thibela masetlapelo a a welang batho ka nosi kgotsa jaaka setlhopha? A go na le sengwe se a se re direlang gompieno? A jaaka Voltaire a ne a bua, go na le “Modimo yo o buang le batho” yo o ka arabang dipotso tseno? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang go bona karabo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Go senngwa ga Lisbon ka 1755 go ne ga dira gore Voltaire a bolele gore go thata gore batho ba tlhaloganye ditiragalo tse di ntseng jalo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Voltaire: From the book Great Men and Famous Women; Lisbon: J.P. Le Bas, Praça da Patriarcal depois do terramoto de 1755. Foto: Museu da Cidade/Lisboa

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Batho ba bantsi ba belaela gore Modimo o teng ka ntlha ya diphelelo tse di botlhoko tsa kgailo ya batho jaaka ya kwa Rwanda

[Motswedi wa Setshwantsho]

AFP PHOTO

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER, children: USHMM, courtesy of Main Commission for the Prosecution of the Crimes against the Polish Nation