Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshokela Diteko go Tlisetsa Jehofa Pako

Go Itshokela Diteko go Tlisetsa Jehofa Pako

Go Itshokela Diteko go Tlisetsa Jehofa Pako

“Fa e re lo dira molemo lo bo lo boga, lo go itshokela, seno ke selo se se itumedisang mo Modimong.”—1 PETERE 2:20.

1. E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba amegile ka go tshelela boineelo jwa bone, ke potso efe e re tshwanetseng go e sekaseka?

BAKERESETE ba ineetse mo go Jehofa mme ba batla go dira thato ya gagwe. Ba tshelela boineelo jwa bone ka go kgaratlhela go latela dikgato tsa Motlhomasekao wa bone, Jesu Keresete, le go neela bosupi ka boammaaruri. (Mathaio 16:24; Johane 18:37; 1 Petere 2:21) Le fa go ntse jalo, Jesu le batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba ineelela go swa loso lwa go swela tumelo ya bone. A seno se bolela gore Bakeresete botlhe ba ka lebelela go swela tumelo ya bone?

2. Bakeresete ba leba diteko le dipogiso jang?

2 Rona Bakeresete re gakololwa gore re ikanyege go fitlha re swa, e seng fela gore re swele tumelo ya rona. (2 Timotheo 4:7; Tshenolo 2:10) Seno se bolela gore le fa gone re iketleeleditse go bogisediwa tumelo ya rona—le e leng go swa fa go tlhokega—ga se gore re itumelela seo. Ga re rate go boga e bile ga re itumelele go utlwisiwa botlhoko kana go sotlwa. Le fa go ntse jalo, e re ka re tshwanetse go lebelela diteko le dipogiso, re tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko gore re tla itshwara jang fa re lebana le tsone.

Go Ikanyega mo Ditekong

3. O ka umaka dikai dife tsa mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba itshokela pogiso? (Bona lebokoso la “Kafa ba Neng ba Lebana le Pogiso ka Teng,” mo tsebeng e e latelang.)

3 Mo Baebeleng, go na le dipego di le dintsi tse di bontshang kafa batlhanka ba Modimo mo nakong e e fetileng ba ileng ba itshwara ka teng fa ba ne ba lebane le maemo a a neng a baya botshelo jwa bone mo kotsing. Ditsela tse di farologaneng tse ba neng ba itshwara ka tsone di thusa Bakeresete gompieno fa go ka direga gore ba lebane le dikgwetlho tse di tshwanang. Sekaseka dipego tse di mo lebokosong la “Kafa ba Neng ba Lebana le Pogiso ka Teng,” mme o bone gore o ka ithuta eng mo go tsone.

4. Go ka tweng ka tsela e Jesu le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ileng ba itshwara ka yone fa ba lekwa?

4 Le fa Jesu le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ba ikanyegang ba ile ba tsibogela pogiso ka ditsela tse di sa tshwaneng, go ikaegile ka maemo, ga go pelaelo gore ba ne ba sa tsenye botshelo jwa bone mo kotsing go sa tlhokege. Fa ba ne ba iphitlhela ba le mo maemong a a kotsi, ba ne ba le pelokgale mme gape ba le kelotlhoko. (Mathaio 10:16, 23) Boikaelelo jwa bone e ne e le go tsweletsa pele tiro ya go rera le go nna ba ikanyega mo go Jehofa. Tsela e ba ileng ba itshwara ka yone mo maemong a a sa tshwaneng e tlhomela Bakeresete ba gompieno ba ba lebaneng le diteko le dipogiso sekao.

5. Ke pogiso efe e e neng ya runya kwa Malawi ka bo1960, mme Basupi ba teng ba ile ba e tsibogela jang?

5 Mo metlheng ya gompieno, gantsi batho ba ga Jehofa ba ile ba iphitlhela ba le mo maemong a a thata le go tlhoka ka ntlha ya dintwa, go thibelwa ga tiro ya bone kana go bogisiwa ka tlhamalalo. Ka sekai, ka bo1960, Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi ba ne ba bogisiwa setlhogo. Diholo tsa bone Tsa Bogosi, matlo, dijo, le dikgwebo—tota re ka re sengwe le sengwe fela se ba neng ba na le sone—di ne tsa senngwa. Ba ne ba itewa le go dirwa dilo tse dingwe tse di utlwisang botlhoko. Bakaulengwe bano ba ile ba tsibogela seo jang? Diketekete tsa bone di ne tsa tshwanelwa ke go tshaba di tswa mo metseng ya bone. Bontsi bo ne jwa tshabela mo dikgweng, fa ba bangwe bone ba ile ba tshabela ka nakwana kwa nageng e e bapileng le bone ya Mozambique. Le fa go na le ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba ileng ba swa, ba bangwe ba ile ba tlhopha go tshaba ba tswa mo maemong a a kotsi, e leng se go bonalang e ne e le tshwetso e e molemo mo maemong a a ntseng jalo. Fa bakaulengwe ba dira jalo, ba ne ba latela sekao se ba se tlhometsweng ke Jesu le Paulo.

6. Basupi ba kwa Malawi ba ile ba se ka ba tlogela go dira eng le mororo ba ne ba bogisiwa setlhogo?

6 Le fa bakaulengwe ba Malawi ba ile ba tshwanelwa ke go fuduga kana go iphitlha, ba ile ba senka kaelo ya mokgatlho le go e latela mme ba tswelela ka ditiro tsa bone tsa Bokeresete ka mo ba ka kgonang ka teng, ba dira jalo ka go iphitlha. Go ne ga felela ka eng? Pele fela ga tiro ya bone e thibelwa ka 1967, ba ne ba tshwara palo e kgolo ya baboledi ba Bogosi ba le 18 519. Ka 1972 ba ne ba bega palo e ntšha ya baboledi ba le 23 398, le mororo tiro ya bone e ne e sa ntse e thibetswe e bile bontsi bo tshabetse kwa Mozambique. Ba ne ba dira palogare ya diura tse di fetang 16 mo bodireding kgwedi le kgwedi. Ga go pelaelo gore ditiro tsa bone di ne tsa dira gore Jehofa a bakwe, mme Jehofa o ne a segofatsa bakaulengwe bao ba ba ikanyegang mo nakong eo e e thata go gaisa tsotlhe. *

7, 8. Ke mabaka afe a a dirang gore bangwe ba tseye tshwetso ya gore ba se ka ba fuduga le mororo pogiso e ba bakela mathata?

7 Kafa letlhakoreng le lengwe, mo dinageng tse pogiso e bakang mathata mo go tsone, bakaulengwe bangwe ba ka dira tshwetso ya gore ba se ka ba fuduga, le fa gone ba ka kgona go dira jalo. Go fuduga go ka rarabolola mathata mangwe, mme go ka direga gore go bake dikgwetlho tse dingwe. Ka sekai, a ba tla kgona go nna ba kopana le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete go sekaseka dilo tsa semoya ba sa itlhaole? A ba tla kgona go tswelela ka ditiro tsa bone tsa semoya fa ba ntse ba kgaratlhela go tlwaela maemo a masha, gongwe kwa nageng e e humileng kana e go nang le ditshono tse dintsi tsa go ikgobokanyetsa dithoto kwa go yone?—1 Timotheo 6:9.

8 Ba bangwe ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba fuduga ka gonne ba amegile ka bomoya jwa bakaulengwe ba bone. Ba tlhopha go se fuduge mme ba lebane le maemo ao e le gore ba tswelele ba rera mo tshimong ya motse wa bone le gore ba kgone go kgothatsa badumedikabone. (Bafilipi 1:14) Ka go dira tshwetso e e ntseng jalo, bangwe ba bone ba ile ba bo ba thusa go fenya dikgetsi tsa kgotlatshekelo mo nageng ya bone. *

9. Ke dilo dife tse motho a tshwanetseng go di akanyetsa fa a dira tshwetso ya gore a fuduge kana a se ka a fuduga ka ntlha ya pogiso?

9 Kgang ya gore a motho a fuduge kana a se ka a fuduga, ke tshwetso e a tshwanetseng go e itirela ka boene. Ke boammaaruri gore, tshwetso e e ntseng jalo motho o tshwanetse go e dira fela morago ga go kopa kaelo ya ga Jehofa ka thapelo. Le fa go ntse jalo, le fa re ka dira tshwetso efe, re tshwanetse go gakologelwa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:12) Jaaka fa re buile pelenyana, se Jehofa a se batlang ke gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe a nne a ikanyega mo maemong otlhe. Bangwe ba batlhanka ba gagwe ba lebana le diteko le dipogiso gompieno; ba bangwe ba ka lebana le tsone moragonyana. Rotlhe re tlile go lekwa ka tsela nngwe, mme ga go a tshwanela ga nna le ope yo o akanyang gore ene a ka se ka a lebana le diteko. (Johane 15:19, 20) Rona batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re ka se ka ra tila kgangkgolo ya lobopo lotlhe e e malebana le go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe.—Esekiele 38:23; Mathaio 6:9, 10.

“Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”

10. Jesu le baaposetoloi ba re tlhometse sekao sefe se se molemo malebana le go itshokela go gatelelwa le pogiso?

10 Molaomotheo o mongwe o o botlhokwa o re ka ithutang one mo tseleng e Jesu le baaposetoloi ba ileng ba itshwara ka yone fa ba bogisiwa ke wa gore le ka motlha re se ka ra ipusulosetsa mo babogising ba rona. Ga go na gope mo Baebeleng mo re newang kgopolo ya gore Jesu kana balatedi ba gagwe ba ile ba itira lekoko go lwantsha babogisi ba bone kana ba dirisa dikgoka go lwa le bone. Go na le moo, moaposetoloi Paulo o ile a gakolola Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” Mo godimo ga moo, “lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Baroma 12:17-21; Pesalema 37:1-4; Diane 20:22.

11. Mokwadi mongwe wa hisitori a reng ka boikutlo jo Bakeresete ba bogologolo ba neng ba na le jone malebana le Puso?

11 Bakeresete ba pele ba ne ba tsaya kgakololo eo tsia. Cecil J. Cadoux, yo e leng mokwalahisitori, o tlhalosa boikutlo jo Bakeresete ba neng ba na le jone ka Puso ka 30-70 C.E. mo bukeng ya gagwe ya The Early Church and the World. A re: “Ga re na bosupi bope jwa gore Bakeresete ba motlha ono ba kile ba dira maiteko ape a go emelana le pogiso ka go dirisa dikgoka. Se ba neng ba ka se dira fela e ne e le go kgala babusi ba bone ka mafoko a a bogale kana go ba tlogela ba akabetse ka go tlhanola direthe. Le fa go ntse jalo, gantsi Bakeresete ba ne ba tsibogela pogiso ka go se dire sepe se se fetang go gana go ikobela ditaelo tsa puso tse ba neng ba di tsaya e le tse di thulanang le go ikobela Keresete, ba dira jalo ba le bonolo mme gone ba tiisitse.”

12. Ke eng fa go le botoka go itshokela pogiso go na le go ipusolosetsa?

12 A tota tsela e e ntseng jalo e go bonalang e le ya go ineela bobe e ne e le molemo? A seo ga se kitla se dira gore go nne motlhofo gore ope fela yo o batlang go ba nyeletsa a dire jalo? A go ne go se kitla go nna molemo gore motho a iphemele? Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, go ka bonala go le molemo go dira jalo. Le fa go ntse jalo, rona batlhanka ba ga Jehofa ga re na pelaelo gore go latela kaelo ya ga Jehofa mo dilong tsotlhe ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe. Re nna re akantse ka mafoko ano a ga Petere: “Fa e re lo dira molemo lo bo lo boga, lo go itshokela, seno ke selo se se itumedisang mo Modimong.” (1 Petere 2:20) Ga re na pelaelo gore Jehofa o bona se se diregang mme ga a kitla a letla maemo ao a nnela ruri. Re ka tlhomamisega jang ka seo? Jehofa o ne a raya batho ba gagwe ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona a re: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) A go na le motho yo o ka letlang gore a angwe thaka ya leitlho la gagwe lobaka lo loleele? Jehofa o tla re namola ka nako e e tshwanetseng. Ga re na pelaelo ka seo.—2 Bathesalonika 1:5-8.

13. Ke eng fa Jesu a ile a ineelela gore baba ba mo tshware?

13 Re ka etsa sekao sa ga Jesu mo kgannyeng eno. Fa a ne a letla gore baba ba gagwe ba mo tshware kwa tshimong ya Gethesemane, e ne e se ka gonne a sa kgone go iphemela. Tota e bile, o ne a raya mongwe wa barutwa ba gagwe a re: “A o akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele? Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang gore go tshwanetse ga diragala ka tsela eno?” (Mathaio 26:53, 54) Jesu o ne a tsaya go diragadiwa ga thato ya ga Jehofa e le sone selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe, le fa seo se ne se ka mo tlhoka gore a boge. O ne a tshepa ka botlalo mafoko ano a boporofeti jwa pesalema ya ga Dafide: “Ga o na go tlogela moya wa me mo Sheole. Ga o na go letlelela motho wa gago yo o ikanyegang gore a bone phupu.” (Pesalema 16:10) Dingwaga moragonyana moaposetoloi Paulo o ile a bua jaana ka Jesu: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.”—Bahebera 12:2.

Boipelo Jwa go Itshepisa Leina la ga Jehofa

14. Ke boipelo bofe jo bo neng jwa thusa Jesu go itshokela diteko tsotlhe tsa gagwe?

14 Ke boipelo bofe jo bo neng jwa thusa Jesu go itshokela teko e e setlhogo go feta tsotlhe? Ga go pelaelo gore, mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa, Jesu, Morwa yo o rategang wa Modimo, e ne e le ene yo Satane a neng a mmeile leitlho go feta botlhe. Ka jalo go ikanyega ga ga Jesu fa a lekwa go ne go tla thusa go araba ka botlalo kgobo e Satane a kgobang Jehofa ka yone. (Diane 27:11) A o ka akanya boipelo le kgotsofalo tse Jesu a tshwanetseng a bo a ne a na le tsone fa a sena go tsosiwa? O tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a lemoga gore o diragaditse seabe se a se neilweng sa go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisa leina la Gagwe e le motho yo o itekanetseng! Mo godimo ga moo, ga go pelaelo gore go nna “kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo” ke tshiamelo e e molemo mo go Jesu le boipelo jo bogolo.—Pesalema 110:1, 2; 1 Timotheo 6:15, 16.

15, 16. Ke pogiso efe e e setlhogo e Basupi ba ba neng ba le kwa Sachsenhausen ba neng ba e itshokela, mme ke eng se se neng sa ba naya nonofo ya go dira jalo?

15 Bakeresete le bone ba itumelela go nna le seabe mo go itshepiseng leina la ga Jehofa ka go itshokela diteko le dipogiso, ba latela sekao sa ga Jesu. Sekai sengwe se se tshwanelang ke se se neng sa diragalela Basupi ba ba neng ba bogisiwa kwa kampeng ya pogisetso e e tumileng ka ditiro tse di setlhogo ya Sachsenhausen, ba ba neng ba falola mosepele o moleele o o lapisang o o neng o diretswe go ba bolaya fa Ntwa ya Lefatshe II e ya bokhutlong. Ka nako ya mosepele oo, diketekete tsa batshwarwa di ne tsa swa ka ntlha ya maemo a bosa, malwetse kana tlala kana ka ntlha ya go bolawa setlhogo fa thoko ga tsela, ba bolawa ke balebeledi ba Banasi. Basupi botlhe ba le 230 ba ne ba falola ka ntlha ya go nna seoposengwe le go thusana, ba dira jalo le mororo seo se ne se ka baya botshelo jwa bone mo kotsing.

16 Ke eng se se neng sa dira gore Basupi bano ba nne le nonofo ya go itshokela pogiso eo e e setlhogo? Ka bonako fela fa ba sena go goroga ka pabalesego kwa ba neng ba ya gone, ba ne ba bontsha boipelo le go leboga Jehofa mo pampitshaneng ya setlhogo se se reng “Maitlamo a basupi ba ga Jehofa ba ba 230 ba ba tswang mo dinageng tse thataro, ba ba neng ba kokoane mo sekgweng gaufi le Schwerin kwa Mecklenburg.” Ba ne ba tlhalosa jaana mo go yone: “Re kgabagantse nako e telele le e e thata ya teko, mme ba ba falotseng, ba ba swatotsweng mo boubelong jwa molelo jaaka fa go ka tualo, ga ba na le monkonyana wa molelo. (Bona Daniele 3:27.) Go na le moo, ba na le nonofo le maatla a magolo a ba a bonang mo go Jehofa mme ba letile ditaelo tse disha ka tlhoafalo go tswa kwa Kgosing gore ba tsweletse pele dilo tse di amanang le Puso ya Modimo.” *

17. Batho ba Modimo ba lebana le diteko tsa mofuta ofe gone jaanong?

17 Fela jaaka bakaulengwe bano ba ba ikanyegang ba ba 230, le rona tumelo ya rona e ka lekwa, le mororo gone jaanong re ise re ‘emelelane le yone go fitlha mading.’ (Bahebera 12:4) Le fa go ntse jalo, teko e ka tla ka ditsela tse di farologaneng. E ka tla ka go sotlwa ke baithuti ka wena, kana ka go gatelelwa ke balekane gore o dire boitsholo jo bo sa siamang le dilo tse dingwe tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe motho a ka lebana le dikgatelelo le diteko tse di masisi ka ntlha ya go dira tshwetso ya go ithiba mo mading, go nyala fela mo Moreneng, kana go godisetsa bana mo tumelong mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi.—Ditiro 15:29; 1 Bakorintha 7:39; Baefeso 6:4; 1 Petere 3:1, 2.

18. Ke kgothatso efe e re nang le yone ya gore re ka kgona go itshokela le diteko tse di boitshegang?

18 Mme gone, le fa re ka lebana le teko efe, re itse gore re boga ka ntlha ya go baya Jehofa le Bogosi jwa gagwe kwa pele mo botshelong jwa rona, mme re tsaya go dira jalo e le tshiamelo le boipelo jo bogolo. Re kgothadiwa ke mafoko ano a ga Petere: “Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.” (1 Petere 4:14) Maatla a moya wa ga Jehofa a re thusa go nna le nonofo ya go itshokela le diteko tse di boitshegang, e le gore a galalediwe le go bakwa.—2 Bakorintha 4:7; Baefeso 3:16; Bafilipi 4:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Ditiragalo tsa bo1960 e ne e le masimologo fela a metseletsele ya dipogiso tse di setlhogo tse Basupi ba Malawi ba neng ba di itshokela ka dingwaga tse di batlang di tshwara makgolo a mararo. Go bona pego e e feletseng ya teng, bona 1999 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 171-212.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng, “Kgotlatshekelokgolo e Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri Kwa ‘Lefatsheng la Ararata’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 2003, ditsebe 11-14.

^ ser. 16 Go bona molaetsa otlhe wa maitlamo ano, bona 1974 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 208-9. O ka bona pego e e kwadilweng ke mongwe wa ba ba neng ba falola mosepele ono mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 1998, ditsebe 25-9.

A o Ka Tlhalosa?

• Bakeresete ba leba pogo le pogiso jang?

• Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ileng ba tsibogela diteko ka yone?

• Ke eng fa go le molemo gore re se ka ra ipusolosetsa fa re bogisiwa?

• Ke boipelo bofe jo bo neng jwa thusa Jesu go itshokela diteko, mme re ka ithuta eng mo go seno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Kafa ba Neng ba Lebana le Pogiso ka Teng

• Pele ga masole a ga Herode a goroga kwa Betlelehema go tla go bolaya masea a basimane a dingwaga tse pedi le tse di kwa tlase ga tseo, Josefa le Maria ba ne ba tsaya lesea Jesu mme ba tshabela ka ene kwa Egepeto fa ba sena go laelwa ke moengele.—Mathaio 2:13-16.

• Baba ba ga Jesu ba ne ba batla go mmolaya ka makgetlho a le mantsi mo bodireding jwa gagwe ka ntlha ya bosupi jwa gagwe jo bo maatla. Mo makgetlhong otlhe Jesu o ne a ba tila.—Mathaio 21:45, 46; Luke 4:28-30; Johane 8:57-59.

• Fa masole le balaodi ba ne ba tla kwa tshimong ya Gethesemane go tla go tshwara Jesu, o ile a ba ikitsise a sa ba iphitlhele gore ke mang, mme ka makgetlho a mabedi o ne a ba raya a re: “Ke nna.” O ile a ba a kgalema balatedi ba gagwe fa ba ne ba leka go lwa gore a se ka a tshwarwa, mme a letla segopa seo go mo tsaya.—Johane 18:3-12.

• Petere le ba bangwe ba ne ba tshwarwa kwa Jerusalema, ba kgwathisiwa le go laelwa gore ba kgaotse go tlhola ba bua ka leina la ga Jesu. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go gololwa ba ne ba ‘tswa ba tsamaya, mme letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.’—Ditiro 5:40-42.

• Fa Saulo, yo moragonyana a neng a nna moaposetoloi Paulo, a utlwa ka leano la Bajuda ba Damaseko la go mmolaya, bakaulengwe ba ne ba mo tsenya mo serotong, mme ba mo folosetsa kwa tlase bosigo ka phatlha e e neng e le mo loboteng lwa motse, mme a kgona go tshaba.—Ditiro 9:22-25.

• Dingwaga moragonyana, Paulo o ne a tlhopha go ikuela kwa go Kaesara, le mororo Molaodi Feseto le Kgosi Ageripa ba ne ba sa bona “sepe se se tshwanelang loso kgotsa dikgole” mo go ene.—Ditiro 25:10-12, 24-27; 26:30-32.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Le fa diketekete tsa Basupi ba Malawi ba ile ba patelediwa ke pogiso e e setlhogo gore ba tshabe, ba ne ba tswelela pele ka tiro ya Bogosi ka boipelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Boipelo jwa go itshepisa leina la ga Jehofa bo ne jwa thusa bakaulengwe bano ba ba ikanyegang gore ba itshokele dikampa tsa pogisetso le mosepele wa Banasi o o neng o diretswe go ba bolaya

[Motswedi wa Setshwantsho]

Death march: KZ-Gedenkstätte Dachau, courtesy of the USHMM Photo Archives

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Diteko le dikgatelelo di ka tla ka ditsela tse dintsi