Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo

Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo

Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo

KE ENG se se tlang mo mogopolong wa gago fa o utlwa lefoko “kgalemo”? Dikishinare nngwe fa e tlhalosa lefoko kgalemo ya re ke “tsela ya go dira gore batho ba ikobele melao kgotsa ditekanyetso tsa boitshwaro le go ba otlhaya fa ba sa di ikobele.” Le fa gone tlhaloso eno e se yone fela e e amogelwang, gompieno batho ba le bantsi ga ba amogele mofuta le fa e ka nna ofe fela wa kgalemo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa kgalemo ka tsela e e farologaneng. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana, “O se ka wa gana kotlhao [kgalemo] ya ga Jehofa, morwaaka.” (Diane 3:11) Mafoko ano ga a bue ka kgalemo nngwe le nngwe mme a bua ka “kotlhao [kgalemo] ya ga Jehofa” e leng kgalemo e e theilweng mo melaometheong e e kwa godimo ya Modimo. Eo ke yone fela kgalemo e e solegelang molemo semoyeng—le e e rategang. Go farologana le seo, gantsi kgalemo e e theilweng mo kakanyong ya motho le e e sa dumalaneng le melaometheo e e kwa godimo ya ga Jehofa e a sotla e bile e utlwisa botlhoko. Seno se bontsha lebaka la go bo batho ba le bantsi ba sa rate kgalemo.

Ke ka ntlha yang fa re tlhotlhelediwa go amogela kgalemo ya ga Jehofa? Mo Dikwalong, kgalemo ya Modimo e tlhalosiwa e le tsela e Modimo a bontshang ka yone gore o rata dibopiwa tsa gagwe e leng batho. Ka jalo, Solomone o ne a tswelela a re: “Jehofa o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.”—Diane 3:12.

A ke Kgalemo Kgotsa Kotlhao?

Kgalemo jaaka fa e dirisiwa mo Baebeleng e na le dikarolo di le dintsi tse di farologaneng—kaelo, tayo, thapiso, tshiamiso le eleng kotlhao. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng nngwe le nngwe kgalemo ya ga Jehofa e tlhotlhelediwa ke lorato mme maikaelelo a yone ke gore e solegele motho yo o e amogelang molemo. Fa Jehofa a kgalema motho go mo siamisa, e a bo e se fela ka boikaelelo jwa go mo otlhaya.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa Modimo a otlhaya motho, ga se ka dinako tsotlhe a dirang jalo ka boikaelelo jwa go mo siamisa kana go mo ruta sengwe. Ka sekai, go tloga fela ka letsatsi le Adame le Efa ba leofileng ka lone, ba ne ba simolola go boga matswela a go tlhoka kutlo ga bone. Jehofa o ne a ba leleka mo tshimong ya paradaise ya Edene mme ba tshwanelwa ke go lebana le diphelelo tsa bosaitekanelang, bolwetse le botsofe. Morago ga makgolo a dingwaga ba ntse ba tshela mo botlhokong ba ne ba nyelelela ruri. Dilo tseno tsotlhe e ne e le tsela e Modimo a neng a ba otlhaya ka yone, mme e ne e se kgalemo ya gore ba fetole tsela ya bone. E re ka Adame le Efa ba ne ba leofa ka boomo e bile ba sa ikwatlhaye, ba ne ba ka se tlhole ba siamisiwa gape.

Dipego tse dingwe tse di buang ka ditiro tsa ga Jehofa tsa katlholo di akaretsa Morwalela wa motlha wa ga Noa, go senngwa ga motse wa Sodoma le Gomora le go bolawa ga masole a Baegepeto kwa Lewatleng le Lehibidu. Maikaelelo a ditiro tseno tsa ga Jehofa e ne e se go kaela, go laya kana go thapisa batho ba ba neng ba otlhaiwa. Fa moaposetoloi Petere a ne a bua ka ditiro tseo tsa katlholo tsa Modimo, o ne a kwala jaana: “O ne a se ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo, mme a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi; mme ka go dira metse ya Sodoma le Gomora melora fela o ne a ba bona molato, a tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang.”—2 Petere 2:5, 6.

Ke ka tsela efe re ka reng ditiro tseno tsa go otlhaya di ne di “tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang”? Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bathesalonika, o bua ka motlha wa rona o mo go one Modimo ka Morwawe Jesu Keresete a tla tlisang “pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” Paulo o oketsa jaana: “Bone bano ba tla tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.” (2 Bathesalonika 1:8, 9) Ga go pelaelo gore kotlhao eo ga e a direlwa go ruta kgotsa go siamisa ba e ba tlelang. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a kopa baobamedi ba gagwe gore ba amogele kgalemo e a ba neelang yone, o a bo a sa bue ka kotlhao e a otlhayang baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ka yone.

Ela tlhoko gore Baebele ga e tlhalose Jehofa e le mootlhai. Go na le moo, gantsi e mo tlhalosa e le morutisi yo o lorato le mothapisi yo o pelotelele. (Jobe 36:22; Pesalema 71:17; Isaia 54:13) Eleruri kgalemo e Modimo a e neelang go siamisa motho, ka metlha e dirwa ka lorato le bopelotelele. Fa Bakeresete ba tlhaloganya lebaka la go bo ba kgalemelwa, ba tla kgona go amogela kgalemo eo le go e neela ka boikutlo jo bo siameng.

Kgalemo ya Batsadi ba ba Lorato

Mo lelapeng le mo phuthegong ya Bokeresete, botlhe ba tshwanetse go tlhaloganya boikaelelo jwa kgalemo. Seno se boammaaruri segolobogolo mo go ba ba leng mo maemong a taolo jaaka batsadi. Diane 13:24 e bolela jaana: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao [kgalemo].”

Batsadi ba tshwanetse go kgalema bana ba bone jang? Baebele e tlhalosa jaana: “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong [kgalemong] le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Kgakololo eno e boelediwa gape mo mafokong a a reng: “Lona borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21.

Batsadi ba Bakeresete ba ba tlhaloganyang boikaelelo jwa kgalemo ga ba ne ba otlhaya bana ba bone ka bogale. Molaomotheo o o mo lekwalong la 2 Timotheo 2:24 o ka dirisiwa mo tseleng e batsadi ba kgalemang ka yone. Paulo o ne a kwala jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta.” Bogale jo bo feteletseng, go goa, le go tlhapatsa kgotsa go dirisa dipolelo tse di nyatsang ga se kgalemelo e e lorato e bile ga di a tshwanela Bakeresete.—Baefeso 4:31; Bakolosa 3:8.

Kgalemo ya batsadi e akaretsa se se fetang fela kotlhao e e neelwang ka bonako e bile e le ya makgaolakgang. Bana ba le bantsi ba tlhoka go tlhagisiwa gangwe le gape pele ba fetola tsela e ba akanyang ka yone. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go ipha nako, ba itlwaetse go nna pelotelele le go akanyetsa ka thata tsela e ba kgalemang ka yone. Ba tshwanetse go nna ba gakologetswe gore bana ba tshwanetse go godisiwa “mo kotlhaong [kgalemong] le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” Seno se raya go ba naya thapiso e e tla ba tsayang dingwaga.

Badisa ba Bakeresete ba Kgalema ka Bonolo

Molaomotheo o o tshwanang o a dira le mo bagolwaneng ba Bakeresete. E re ka e le badisa ba ba lorato, ba leka go kgothatsa letsomane ka go le naya tayo, kaelo le go kgalema fa go tlhokega. Fa ba dira jalo, ba gakologelwa se tota boikaelelo jwa kgalemo e leng sone. (Baefeso 4:11, 12) Fa ba ne ba tlhomile mogopolo fela mo go otlhayeng, ba ne ba tla felela fela ka go otlhaya motho yo o leofang ba bo ba mo tlogela a ntse jalo. Kgalemo e e theilweng mo melaometheong ya Modimo e akaretsa se se fetang seo. Bagolwane ba tlhotlhelediwa ke lorato gore ba nne ba latelele motho yo o leofileng mme ba leke go mo thusa. Ka gonne ba amegile tota ka motho yoo, gantsi ba dira dithulaganyo tsa go kopana le ene makgetlo a le mmalwa go mo kgothatsa le go mo thapisa.

Go ya ka kgakololo e e fitlhelwang mo go 2 Timotheo 2:25, 26, bagolwane ba tshwanetse go kaela “ka bonolo” le fa ba thusa batho ba ba sa amogeleng kgalemo motlhofo. Ka jalo lokwalo loo lo tlhalosa boikaelelo jwa kgalemo jaana: “Gongwe Modimo a ka ba naya boikwatlhao jo bo gogelang kwa kitsong e e leng yone ya boammaaruri, mme ba boele ba akanye ka tsela e e tshwanetseng gore ba tswe mo serung sa ga Diabolo.”

Ka dinako tse dingwe go tlhokega gore go kgaolwe badiraphoso ba ba sa ikwatlhayeng mo phuthegong. (1 Timotheo 1:18-20) Tota le kgato e e masisi jalo e tshwanetse go tsewa e le kgalemo e seng kotlhao fela. Gangwe le gape bagolwane ba leka go etela batho ba ba kgaotsweng ba ba sa tlholeng ba dira dilo tse di phoso. Fa bagolwane ba etetse motho yo o ntseng jalo, ba dira go dumalana le boikaelelo jwa kgalemo ka go bontsha motho yoo dilo tse go tlhokegang gore a di dire gore a boele mo phuthegong ya Bokeresete.

Jehofa ke Moatlhodi yo o Itekanetseng

Batsadi, badisa ba Bakeresete le batho ba bangwe ba ba nang le tshwanelo e e tswang mo Dikwalong ya go kgalema, ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ao ka tsela e e masisi. Ga ba a tshwanela go atlhola batho ba bangwe mme ba swetse ka gore ga ba kitla ba tsamaya ba siama. Ka jalo, le ka motlha kgalemo ya bone ga e a tshwanela go nna ya go ipusolosetsa kgotsa kotlhao e e bogale.

Ke boammaaruri gore Baebele ya re Jehofa ke ene yo o tla tlisang kotlhao e e botlhoko le ya makgaolakgang. Totatota Dikwalo di re, “ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang.” (Bahebera 10:31) Mme ga go motho ope yo le ka motlha a tshwanetseng go ipapisa le Jehofa mo kgannyeng eno kgotsa mo go epe e nngwe. E bile ga go motho ope yo o tshwanetseng go nna le lebaka la go ikutlwa gore ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa motsadi kgotsa mogolwane yo o rileng mo phuthegong.

Jehofa o na le bokgoni jwa go dira dilo ka tekatekano fa a kgalema. Batho ga ba kgone. Modimo o kgona go bona dipelo mme a bone fa motho a ka se tlhole a siama, ka go rialo a mmone a tshwanelwa ke kotlhao ya bosakhutleng. Batho bone ga ba kgone go atlhola motho jalo. Ka ntlha ya seo fa go tlhokega gore motho mongwe a kgalemiwe, ka dinako tsotlhe batho ba ba nang le tshwanelo ya go kgalema ba tshwanetse go mo kgalema ka boikaelelo jwa go mo siamisa.

Go Amogela Kgalemo ya ga Jehofa

Rotlhe re tlhoka kgalemo ya ga Jehofa. (Diane 8:33) Totatota re tshwanetse go tlhologelelwa kgalemo e e theilweng mo Lefokong la Modimo. Fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo re ka amogela kgalemo e e tswang kwa go Jehofa ka tlhamalalo a dirisa Dikwalo. (2 Timotheo 3:16, 17) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe re tla amogela kgalemo e e tswang kwa Bakereseteng mmogo le rona. Fa re lemoga boikaelelo jwa kgalemo eo, seo se tla re thusa go e amogela ka go rata.

Moaposetoloi Paulo o ne a dumela jaana: “Ke boammaaruri, ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa.” Mme o ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:11) Kgalemo ya ga Jehofa ke tsela e a re bontshang lorato lwa gagwe lo logolo ka yone. Go sa kgathalesege gore a ke rona re kgalemiwang kgotsa re kgalema ba bangwe, a re nneng re gakologetswe boikaelelo jwa kgalemo e e tswang kwa Modimong mme re tseye tsia kgakololo eno e e botlhale ya Baebele: “Tshwara kotlhao [kgalemo]; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.”—Diane 4:13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba amogela kotlhao ya Modimo ya katlholo e seng kgalemo ya go ba siamisa

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Bagolwane ba tlhotlhelediwa ke lorato gore ba dirise nako ba dira dipatlisiso e bile ba thusa batho ba ba dirang diphoso

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Batsadi ka bopelotelele le ka lorato ba tshwanetse go ‘otlhaya mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa’