Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Lebelela—Gore Modimo a Tsenelele Jang?

Re ka Lebelela—Gore Modimo a Tsenelele Jang?

Re ka Lebelela—Gore Modimo a Tsenelele Jang?

MO LEKGOLONG la borobedi la dingwaga B.C.E., Kgosi Hesekia wa Juda yo o neng a na le dingwaga di le 39 o ne a utlwa gore o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo bolayang. Ka gonne dikgang tseo di ne di utlwisitse Hesekia botlhoko thata, o ne a kopa Modimo ka thapelo gore a mo fodise. Modimo o ne a araba ka moporofeti wa gagwe: “Ke utlwile thapelo ya gago. Ke bone dikeledi tsa gago. Bona, ke oketsa malatsi a gago ka dingwaga di le lesome le botlhano.”—Isaia 38:1-5.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a tsenelela mo lekgetlhong leno? Makgolokgolo a dingwaga pele ga foo, Modimo o ne a solofeditse Kgosi Dafide yo o siameng jaana: “Ntlo ya gago le bogosi jwa gago ruri bo tla nitama ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi ka bosone e tla nna se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.” Gape Modimo o ne a senotse gore Mesia o ne a tla tsholwa mo losikeng lwa ga Dafide. (2 Samuele 7:16; Pesalema 89:20, 26-29; Isaia 11:1) Fa Hesekia a ne a simolola go lwala, o ne a ise a nne le ngwana. Ka jalo, losika lwa segosi lwa ga Dafide lo ne lo ka nna lwa kgaotsa teng foo. Go tsenelela ga Modimo mo kgannyeng ya ga Hesekia go ne ga diragatsa maikaelelo a go boloka losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone.

Gore Jehofa a diragatse maikaelelo a gagwe, o ne a tlhotlheletsega go tsenelela gore a thuse batho ba gagwe ka makgetlho a le mmalwa mo motlheng wa pele ga Bokeresete. Moshe o ne a bolela jaana malebana le go gololwa ga Baiseraele kwa botshwarong kwa Egepeto: “E ne e le ka ntlha ya go bo Jehofa a ne a lo rata, le ka ntlha ya go boloka ga gagwe maikano a a neng a a ikanela borraalonamogologolwane, go bo Jehofa a ne a lo ntsha ka seatla se se nonofileng.”—Duteronome 7:8.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Modimo o ne a tsenelela go diragatsa maikaelelo a gagwe. Ka sekai, e ne ya re fa Mojuda yo o neng a bidiwa Saulo a le mo tseleng a ya Damaseko, a bona ponatshegelo ya kgakgamatso e e neng e mo thibela go bogisa barutwa ba ga Keresete. Go sokologa ga monna yono, yo o neng a nna moaposetoloi Paulo, go ne ga thusa thata go anamisa dikgang tse di molemo mo ditšhabeng.—Ditiro 9:1-16; Baroma 11:13.

A Modimo O ne A Tsenelela ka Dinako Tsotlhe?

A Modimo o ne a tsenelela ka metlha kgotsa ka dinako tse di rileng fela? Dikwalo di bontsha sentle gore o ne a sa tsenelele ka metlha. Le fa Modimo a ne a golola Bahebera ba bararo gore ba se ka ba swela mo leubelong la molelo, e bile a ne a boloka Daniele mo mongobong wa ditau, ga a ka a sireletsa baporofeti ba bangwe mo losong. (2 Ditiragalo 24:20, 21; Daniele 3:21-27; 6:16-22; Bahebera 11:37) Petere o ne a gololwa ka kgakgamatso mo kgolegelong e Herode Ageripa I a neng a mo tswaletse mo go yone. Le fa go ntse jalo, yone kgosi eno e ne ya dira gore moaposetoloi Jakobe a bolawe, mme Modimo ga a ka a tsenelela go thibela tlolomolao eno. (Ditiro 12:1-11) Le fa Modimo a ne a neile baaposetoloi maatla a go fodisa balwetse le go tsosa baswi tota, ga a ka a dumela go tlosa “mutlwa mo nameng” o o neng o tshwenya moaposetoloi Paulo, o e ka tswang e ne e le bolwetse jo a neng a na le jone mo mmeleng.—Bakorintha 12:7-9; Ditiro 9:32-41; 1 Bakorintha 12:28.

Modimo ga a ka a tsenelela go thibela go bogisiwa ga barutwa ba ga Keresete ke Mmusimogolo wa Roma, Nero. Bakeresete ba ne ba tlhokofadiwa, ba fisiwa ba ntse ba tshela, e bile ba latlhelwa kwa diphologolong tsa naga. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba pele ga ba a ka ba gakgamadiwa ke kganetso eno, e bile ga e a ka ya koafatsa tumelo ya bone ya gore Modimo o teng. Tota e bile, Jesu o ne a tlhagisitse barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla isiwa kwa dikgotlatshekelong le gore ba tshwanetse go nna ba ipaakanyeditse go boga le e leng go swela tumelo ya bone.—Mathaio 10:17-22.

Fela jaaka Modimo a dirile mo nakong e e fetileng, gompieno o kgona go ntsha batho ba gagwe mo maemong a a kotsi, mme batho ba ba akanyang gore o ba sireleditse jalo ga ba a tshwanela go tshwaiwa phoso. Le fa go ntse jalo, go thata go bua re tlhatswegile pelo gore a Modimo o tseneletse kgotsa ga a tsenelela mo maemong ao. Batlhanka ba le mmalwa ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba gobala fa go ne go thunya sengwe kwa Toulouse mme Bakeresete ba ba ikanyegang ba le diketekete ba ne ba swa kwa dikampeng tsa Banasi le tsa Bokomonise kgotsa fa ba ne ba welwa ke masetlapelo mangwe mme Modimo a sa tsenelele go a thibela. Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa tsenelele ka metlha go thusa batho ba a ba amogelang?—Daniele 3:17, 18.

“Nako le Tiragalo E e Sa Bonelwang Pele”

Fa go nna le masetlapelo, a ka ama mongwe le mongwe mme seo ga se laolwe ke gore a motho o ikanyega mo Modimong kgotsa nnyaa. Fa go sena go thunya sengwe kwa Toulouse mme Alain le Liliane ba falola, go ne ga swa batho ba le 30 mme ga gobala ba le diketekete, le fa ba ne ba sa dira sepe se se phoso. Gape batho ba le diketekete ba amiwa ke bokebekwa, go kgweetsa botlhaswa, kgotsa dintwa, mme Modimo a ka se tsewe a ikarabelela ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di ba diragalelang. Baebele e re gakolola gore “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di wela mongwe le mongwe.—Moreri 9:11.

Gape batho ba a lwala, ba a tsofala e bile ba a swa. Le bangwe ba ba neng ba akanya gore Modimo o bolokile botshelo jwa bone kgotsa o dirile gore ba fole go sa lebelelwa, kgabagare ba a swa. Go fedisiwa ga bolwetse le loso le go ‘phimolwa ga dikeledi tsotlhe’ mo matlhong a batho go sa ntse go tla direga mo nakong e e tlang.—Tshenolo 21:1-4.

Gore seo se direge, go tlhokega sengwe se segolo go feta go tsenelela fela ka dinako tse dingwe. Baebele e bua ka tiragalo e e bidiwang “letsatsi le legolo la ga Jehofa.” (Sefania 1:14) Modimo o tla fedisa boikepo jotlhe mo nakong eno ya fa a tla bo a tsenelela ka botlalo. Batho ba tla newa sebaka sa go tshelela ruri mo maemong a a itekanetseng, a mo go one ‘dilo tsa pele di se kitlang di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.’ (Isaia 65:17) Le baswi tota ba tla tsosiwa, ka jalo go fedisiwa masetlapelo a magolo go gaisa otlhe a a welang batho. (Johane 5:28, 29) Modimo ka lorato lwa gagwe le bomolemo jwa gagwe jo bogolo o tla bo a rarabololetse mathata a batho ruri.

Kafa Modimo a Tsenelelang ka Teng Gompieno

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore gone jaanong Modimo o lebeletse a sa kgathale jaaka batho ba boga. Gompieno Modimo o naya batho botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kgotsa gore ke ba maemo afe mo botshelong, sebaka sa go mo itse le go nna le kamano e e gaufi le ene. (1 Timotheo 2:3, 4) Jesu o ne a tlhalosa seno ka mafoko ano: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Modimo o gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang kwa go ene ka molaetsa wa Bogosi o o bolelwang mo lefatsheng lotlhe ke batlhanka ba gagwe.

Mo godimo ga moo, Modimo o kaela matshelo a batho ba ba ratang gore a ba kaele. Modimo ka moya wa gagwe o o boitshepo, o ‘bula dipelo tsa bone’ gore ba tlhaloganye thato ya gagwe le gore ba dire se a se batlang. (Ditiro 16:14) Ee, Modimo o naya bosupi jwa gore o rata mongwe le mongwe wa rona ka go re naya sebaka sa go mo itse, go itse Lefoko la gagwe le maikaelelo a gagwe.—Johane 17:3.

La bofelo, Modimo o thusa batlhanka ba gagwe gompieno, e seng ka go ba golola ka tsela ya kgakgamatso, mme ka go ba naya moya o o boitshepo le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba lebane le maemo mangwe le mangwe a ba kopanang le one. (2 Bakorintha 4:7) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya [ga Jehofa Modimo] yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

Ka jalo re na le mabaka a go leboga Modimo letsatsi le letsatsi re mo lebogela botshelo le tsholofelo e a re nayang yone ya go tshelela ruri mo lefatsheng le le se nang pogo gotlhelele. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna? Ke tla tsaya senwelo sa poloko e kgolo, mme ke tla bitsa leina la ga Jehofa.” (Pesalema 116:12, 13) Go bala makasine ono ka metlha go tla go thusa go tlhaloganya se Modimo a se dirileng, se a se dirang gone jaanong le se a sa ntseng a tla se dira, se se ka go itumedisang gone jaanong mme sa go naya tsholofelo e e nonofileng ya isagwe.—1 Timotheo 4:8.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, Jehofa ga a ka a thibela gore Sekarea a se ka a kgobotlediwa ka maje . . .

le fa e le go bolawa ga batho ba ba se nang molato ke Herode

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Nako e gaufi ya gore loso lo se ka lwa tlhola lo nna teng; le baswi ba tla boa ba tshela gape