Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”

“Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“Seno se Sesha mo Ditsebeng Tsa Me!”

DOROTA modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa kwa Poland, o ne a isitse morwawe wa dingwaga di le 14 kwa tliliniking ya sekolo go ya go tlhatlhobiwa. Fa ngaka Janina * a ntse a tlhatlhoba mosimanyana yono, o ne a botsa Dorota gore ke ditiro dife tsa fa gae tse morwawe a di dirang.

Dorota a araba jaana: “Morwaake o baakanyetsa lelapa lotlhe la rona re le barataro dijo tsa maitseboa fa nna ke sa kgone. Gape o phepafatsa ntlo le go baakanya dilwana tsa mo lapeng tse di senyegileng. O rata go bala. Mme ke moithuti yo o tlhoafetseng.”

Janina a bo a re: “Ga ke dumele. Ke na le dingwaga di le 12 ke bereka mono mme ke lantlha ke utlwa selo se se tshwanang le se.”

Fa Dorota a lemoga gore eno e ne e le tshono ya gore a neele bosupi o ne a mo tlhalosetsa jaana: “Mo malatsing ano batsadi ba le bantsi ga ba kgone go thapisa bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng. Mme seo ke sone se dirang gore gantsi bana ba bone ba nne le maikutlo a go inyatsa.”

Janina a mmotsa jaana: “O itse jang dilo tseno tsotlhe? Batsadi ba le bantsi ga ba itse sepe ka dikgang tse di tshwanang le tseno.”

Dorota a araba jaana: “Tshedimosetso eno yotlhe e tswa mo motsweding wa botlhokwatlhokwa e leng Baebele. Ka sekai, go ya ka Duteronome 6:6-9, re tshwanetse gore rona ka borona re ithute pele gore re kgone go ruta bana ba rona. A ga re a tshwanela gore mekgwa eno e mentle e re batlang go e ruta bana ba rona re e tsenye pele mo dipelong le mo megopolong ya rona?”

Janina a akgela a re: “Ga ke dumele se ke se utlwang! Ruri ga ke dumele!” Mme morago ga moo o ne a botsa Dorota gore Baebele e mo thusitse jang go godisa bana ba gagwe le go ba ruta.

Dorota o ne a mo tlhalosetsa jaana: “Re ithuta Baebele beke le beke le bana ba rona. Re dirisa buka e e nang le setlhogo se se reng Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.” * Mme a mmolelela gore buka eno e tlotla ka eng a ba a mo tlhalosetsa ka ditlhogo dingwe tse di mo go yone.

Janina a bua jaana a gakgametse: “Seno se sesha mo ditsebeng tsa me! A o ka ntlisetsa buka eo gore ke e bone?”

Morago ga ura, Dorota o ne a tla ka buka eo.

Fa Janina a ntse a lebile buka eo o ne a botsa jaana, “O wa bodumedi bofe?”

“Ke Mosupi wa ga Jehofa.”

“Basupi ba ga Jehofa ba dirisana jang le batho ba madumedi a mangwe?”

“Fela jaaka ke dirisana le wena—ka tlotlo,” Dorota o ne a araba jalo a bo a oketsa ka gore: “Gone ke boammaaruri gore re eletsa e kete ba ka itse boammaaruri jwa Baebele.”

Janina a araba ka gore, “E bile ke setse ke ikutlwa botoka.”

Kwa bokhutlong jwa loeto loo, Dorota a kgothaletsa Janina go bala Baebele. “E tla dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao mme e tla go thusa le mo tirong ya gago.”

Janina a dumela jaana, “O setse o ntlhotlheleditse gore ke dire jalo.”

Dorota o ne a dira ka botlhale le boikemisetso go neela bosupi jo bo molemo fa a ne a etetse kwa ofising ya ngaka.—1 Petere 3:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Ga se leina la gagwe.

^ ser. 10 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.