Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, Tsamayang Kafa go Tshwanetseng Jehofa

Basha, Tsamayang Kafa go Tshwanetseng Jehofa

Basha, Tsamayang Kafa go Tshwanetseng Jehofa

BASHA bangwe ba Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke gore ba ye go nna kgakala le ba lelapa le phuthego ka nakwana. Bangwe ba ile ba dira jalo gore ba kgone go oketsa bodiredi jwa bone. Ba bangwe ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tswe kwa gae ka gonne ba sa batle go nna le seabe mo dikgannyeng tsa lefatshe. (Isaia 2:4; Johane 17:16) Mo dinageng dingwe, “Kaesara” o ne a ntsha katlholo ya gore basha ba ba ikanyegang ba tsenngwe mo kgolegelong kgotsa gore ba dire tirelosetšhaba. *Mareko. 12:17; Tito 3:1, 2.

Basha ba ba atlholetsweng go ya kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone ba ka nna ba tsenngwa mo kgolegelong le diganana ka nako e telele. Basha bangwe ba ba ileng ba tswa mo gae ka ntlha ya mabaka mangwe ba ile ba iphitlhela ba tshwanelwa ke gore ba bereke le batho ba ba se nang boitsholo. Basha bano ba Bakeresete kgotsa ba bangwe ba ba patelesegang go bereka mo boemong jo bo ntseng jalo ba ka itshokela dikgatelelo le mathata a ba lebanang le one jang ka katlego fa ba ntse ba leka ‘go tswelela ba tsamaya kafa go tshwanetseng Modimo?’ (1 Bathesalonika 2:12) Batsadi ba bone ba ka ba thusa jang go lebana le maemo ape a a sa itumediseng a ba ka iphitlhelang ba le mo go one?—Diane 22:3.

Mathata a Basha Bano ba Lebanang le One

Tákis wa dingwaga di le 21 yo o neng a patelesega go nna dikgwedi di le 37 a kgaogane le ba lelapa la gabone o bolela jaana: “Fa ke ne ke sa tlhole ke le mo tlhokomelong e e lorato ya batsadi ba me le ya bagolwane ba ba neng ba nkitse sentle go ne go le thata e bile go ntshosa.” * O oketsa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke sa sireletsega gotlhelele.” Pétros wa dingwaga di le 20 o ne a tshwanelwa ke gore a tswe kwa gae dingwaga di le pedi. O bolela jaana: “E ne e le la ntlha mo botshelong jwa me ke tshwanelwa ke gore ke itirele ditshwetso malebana le boitlosobodutu le ditsala tse ke di tlhophang mme gantsi ke ne ke dira ditshwetso tse di sa siamang.” Go tswa foo o akgela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa rate kafa kgololesego e kgolwane eno e ke neng ke na le yone e neng e ntlisetsa maikarabelo a magolo ka teng.” Tássos, mogolwane mongwe wa Mokeresete yo ka metlha a kopanang le basha ba Bakeresete ba ba leng mo maemong a a ntseng jalo a re: “Basha ba ba seng kelotlhoko le ba ba sa sireletsegang ba ka nna ba tlhotlhelediwa ke dipuo tse di leswe, moya wa botsuolodi le go rata thubakanyo ga balekane ba bone.”

Basha ba ba ntseng jalo ba Bakeresete ba ba nnang le batho ba ba sa tlotleng melaometheo ya Baebele, ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba etsa boitshwaro jo bo sa siamang le go tshela ka ditsela dingwe tse di seng kafa Dikwalong tsa balekane ba bone. (Pesalema 1:1; 26:4; 119:9) Go ka nna ga lebega go se motlhofo go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta, go ya dipokanong le go ya tirelong ya tshimo. (Bafilipi 3:16) Go ipeela mekgele ya semoya le go leka go e fitlhelela le gone go ka nna ga lebega go se motlhofo.

Ga go na pelaelo gore basha ba Bakeresete ba ba ikanyegang ba batla go itumedisa Jehofa ka tsela e ba itshwarang ka yone le ka se ba se buang. Ba leka ka boikanyegi go tsaya tsia taletso e e itumedisang eno ya Rraabone yo o kwa legodimong: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” (Diane 27:11) Ba a itse gore tsela e ba lebegang ka yone le e ba itshwarang ka yone e ama tsela e batho ba bangwe ba lebang Jehofa le batho ba gagwe ka yone.—1 Petere 2:12.

Re akgola bontsi jwa basha ba ba ntseng jalo ba ba lekang ka natla go tshwana le bakaulengwe ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba moaposetoloi Paulo a neng a rapela jaana ka bone: “Lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo . . . gore lo itshoke ka botlalo le gore lo itshware ka bopelotelele ka boipelo.” (Bakolosa 1:9-11) Baebele e re naya dikai di le mmalwa tsa basha ba ba neng ba boifa Modimo ba ba neng ba atlega go tsamaya kafa go tshwanetseng Modimo le fa ba ne ba kopana le batho ba ba sa ba itseng ba ba letlhoo, ba ba obamelang medingwana.—Bafilipi 2:15.

“Jehofa O ne A na Le Josefa”

Fa Josefa, morwa yo o rategang wa ga Jakobe le Ragele a sa ntse a le mmotlana, o ne a iphitlhela a le kgakala le tlhokomelo e e lorato ya ga rraagwe yo o boifang Modimo. O ne a rekisiwa go ya go nna lekgoba kwa Egepeto. Josefa o ne a tlhoma sekao se se molemo, e le lekawana le le dirang ka natla, le le ikanyegang le le nang le boitsholo jo bontle. Le fa Josefa e ne e le lekgoba la ga Potifaro—motho yo e neng e se moobamedi wa ga Jehofa—o ne a dira ka natla e bile a tlhoafetse, mo e leng gore kgabagare mong wa gagwe o ne a mo naya boikarabelo jwa go tlhokomela sengwe le sengwe mo ntlong ya gagwe. (Genesise 39:2-6) Josefa o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa mme fa seno se feleletsa se dirile gore a tsenngwe mo kgolegelong, ga a ka a swetsa ka gore: “Go thusang go ikanyega?” Tota le fa a ne a le mo kgolegelong o ne a sa ntse a na le dinonofo tse di molemo, mme go ise go ye kae, o ne a newa maikarabelo a magolo a go tlhokomela dilo tse dintsi mo kgolegelong. (Genesise 39:17-22) Modimo o ne a mo segofatsa mme jaaka go bolelwa mo go Genesise 39:23, “Jehofa o ne a na le Josefa.”

A bo go ka bo go ile ga nna motlhofo jang ne gore Josefa, yo a neng a le kgakala le ba lelapa la gagwe ba ba boifang Modimo, a nne le boitshwaro jo bo tshwanang le jwa baheitane ba a neng a nna le bone, le gore a etse mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang jwa Baegepeto! Mo boemong jwa moo, o ne a nna a bolokile melaometheo ya bomodimo mme a na le boitsholo jo bo siameng le fa a ne a tshwanelwa ke go lebana le thaelo nngwe e kgolo go di gaisa tsotlhe. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a nna a mo kopa gore a tlhakanele dikobo le ene, o ne a araba jaana a sa okaoke: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”—Genesise 39:7-9.

Gompieno, basha ba Basupi ba tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso ya Baebele e e malebana le go itsalanya le batho ba ba sa siamang, go itlosa bodutu ka dilo tse di leswe, go leba ditshwantsho tse di hepisang le go reetsa mmino o o leswe. Ba a lemoga gore “matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.”—Diane 15:3.

Moshe O ne A Gana “Go ja Monate wa Boleo”

Moshe o ne a golela mo lelapeng la ga Faro le le neng le rata kobamelo ya medingwana le menate. Baebele e bolela jaana ka ene: “Ka tumelo Moshe . . . a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.”—Bahebera 11:24, 25.

Go itsalanya le batho ba lefatshe go ka dira gore motho a bone melemo e e rileng, mme gone melemo eo ke ya nakwana fela. Botsalano joo e tla nna jwa nakwana fela e e saletseng lefatshe leno. (1 Johane 2:15-17) A ga go botoka go latela sekao sa ga Moshe? Baebele ya re “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) O ne a tlhoma mogopolo wa gagwe mo bosweng jwa dilo tsa semoya jo a bo tlogeletsweng ke bagologolwane ba gagwe ba ba boifang Modimo. O ne a amegile thata ka boikaelelo jwa ga Jehofa, mokgele wa gagwe e le go dira thato ya Modimo.—Ekesodo 2:11; Ditiro 7:23, 25.

Fa basha ba ba boifang Modimo ba iphitlhela ba le mo gare ga batho ba ba boikepo le ba ba seng botsalano, ba ka nonotsha kamano ya bone le Jehofa ka go ithuta, ba dira gore ba itse botoka “Ene yo o sa bonaleng.” Go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa Bokeresete, le go nna teng ka metlha kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo, go tla thusa basha bano go tlhoma megopolo ya bone mo dilong tsa semoya. (Pesalema 63:6; 77:12) Ba tshwanetse go leka go nna le tumelo le tsholofelo e e nonofileng e e tshwanang le ya ga Moshe. Ba tla bo ba dira sentle fa ba ka akanya le go dira dilo tse di itumedisang Jehofa, ba itumelela go nna ditsala tsa gagwe.

O ne A Dirisa Loleme Lwa Gagwe go Baka Modimo

Mosha yo mongwe yo o neng a tlhoma sekao fa a ne a le kgakala le legae e ne e le mosetsana wa Moiseraele yo o neng a tshwerwe ke Baasiria mo motlheng wa moporofeti wa Modimo e bong Elisha. O ne a nna lelata la mosadi yo monna wa gagwe Naamane e neng e le molaodi wa Moasiria wa masole mme a na le bolwetse jwa lepero. Mosetsana yono o ne a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Fa fela morena wa me a ne a le fa pele ga moporofeti yo o kwa Samarea! Foo o ne a tla fola mo leperong la gagwe.” E re ka mosetsana yono a ile a neela bosupi, Naamane o ne a ya kwa go Elisha kwa Iseraele mme a fitlha a fodisiwa lepero. Mo godimo ga moo, Naamane o ne a nna moobamedi wa ga Jehofa.—2 Dikgosi 5:1-3, 13-19.

Sekao sa mosetsana yono se bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore basha ba dirise loleme lwa bone ka tsela e e tlotlang Modimo le fa ba le kgakala le batsadi ba bone. Fa mosetsana yoo a ne a ka bo a tlwaetse go dirisa “puo ya boeleele” kgotsa “nyao e e ferosang sebete,” a o ka bo a ile a gololesega go dirisa loleme lwa gagwe ka tsela e e molemo jalo fa a bona sebaka? (Baefeso 5:4; Diane 15:2) Lekawana lengwe le le mo dingwageng tsa bo20, le le neng la tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa lone e bong Níkos, le gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke na le bakaulengwe ba bangwe ba basha kwa kgolegelong nngwe ya temothuo, re se mo tlhokomelong ya batsadi le ya phuthego, ke ne ka tlhokomela gore tsela e re neng re dirisa loleme ka yone e ne e sa itumedise. Ruri e ne e sa bake Jehofa.” Se se itumedisang ke gore Nikos le ba bangwe ba ile ba thusiwa gore ba tseye kgakololo ya ga Paulo e e malebana le kgang eno tsia: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo.”—Baefeso 5:3.

Jehofa E ne E le Wa Mmatota mo go Bone

Se se diragaletseng ditsala tsa ga Daniele tse tharo tsa Bahebera kwa Babelona wa bogologolo se supa boammaaruri jwa molaometheo o Jesu a neng a bua ka one wa gore fa motho a ikanyega mo dilong tse dinnye o tla ikanyega le mo go tse dikgolo. (Luke 16:10) Fa ba ne ba lebane le kgwetlho ya go ja dijo tse Molao wa ga Moshe o neng o di iletsa, ba ka bo ba ile ba ipolelela fela gore ba kwa botshwarong kwa nageng e sele mme ga go na se ba ka se dirang. Mme a bo ba ile ba segofadiwa thata jang ne ka ntlha ya go nna kelotlhoko tota le mo dilong tse di neng di lebega di le dinnye! Ba ne ba lebega ba itekanetse e bile ba le botlhale go gaisa batshwarwa ba bangwe ba ba neng ba ja dijo tse di monate tsa kgosi. Ga go na pelaelo gore go ikanyega ga bone mo dilong tseno tse dinnye go ile ga ba nonotsha, mme ga ba thusa gore ba se ka ba ineela fa ba ne ba lebane le teko e kgolwane ya go obamela setshwantsho.—Daniele 1:3-21; 3:1-30.

Jehofa e ne e le motho wa mmatota mo makawaneng a mararo ano. Le fa ba ne ba le kgakala le magabone le lefelo la konokono le ba neng ba obamela Modimo kwa go lone, ba ne ba iketleeleditse go nna ba se na selabe sepe sa lefatshe. (2 Petere 3:14) Kamano ya bone le Jehofa e ne e le botlhokwa thata jaana mo e leng gore ba ne ba iketleeleditse go e swela.

Jehofa ga a Kitla a lo Latlha

Fa basha ba le kgakala le batho ba ba ba ratang le ba ba ba ikanyang, go a utlwala gore ba ka nna ba ikutlwa ba sa sireletsega e bile ba sa tlhomamisega ka isagwe. Le fa go ntse jalo, ba ka lebana le diteko tsa bone ba tlhatswegile pelo tota gore “Jehofa ga a kitla a [ba] latlha.” (Pesalema 94:14) Fa basha bano ba “boga ka ntlha ya tshiamo” Jehofa o tla ba thusa gore ba nne ba tsamaye mo “tselaneng ya tshiamo.”—1 Petere 3:14; Diane 8:20.

Jehofa o ne a nna a nonotsha Josefa, Moshe, mosetsana wa Moiseraele wa lelata le basha ba bararo ba Bahebera a bo a ba duela ka tsela e kgolo. Gompieno, o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe go tshegetsa ba ba “tlhabana[ng] tlhabano e e molemo ya tumelo,” mme o tla ba duela ka “botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Timotheo 6:11, 12) Ee, go tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa go a kgonega, e bile go molemo go dira jalo.—Diane 23:15, 19.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1 1996, tsebe 18-20.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

BATSADI—THUSANG BANA BA LONA GO SA LE GALE!

“Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o thata, bana ba bosha ba ntse fela jalo.” (Pesalema 127:4) Go ka se itiragalele fela gore motswi o fitlhe kwa o neng o kobiseditswe gone. O tshwanetse go lebaganngwa ka botswerere kwa o hulelwang gone. Ka tsela e e tshwanang, fa batsadi ba sa kaele bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng, ga ba kitla ba kgona go lebana le mathata a a tla ba tlelang fa ba se mo gae.—Diane 22:6.

Basha ba rata go dira dilo ba sa akanya kgotsa go ineela mo “[dikeletsong] tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Baebele e tlhagisa jaana: “Thupa le kgalemelo di naya botlhale; mme mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Fa boitshwaro jwa basha bo sa laolwe, ngwana a ka se ka a kgona go lebana le mathata le dikgatelelo tsa botshelo fa a se mo gae.

Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhalosetsa bana ba bone mathata, dikgatelelo le dilo tsa botshelo jwa tsamaiso eno ya dilo ka tsela e e utlwalang sentle le e e tshwanetseng. Ba ka nna ba tlhalosetsa ngwana wa bone maemo a a sa itumediseng a a tla kopanang le one fa a se mo gae kwantle ga go mo kgoba marapo. Fa batsadi ba thapisa bana ba bone ka tsela e e ntseng jalo ba dirisa botlhale jo ba bo neilweng ke Modimo, thapiso eno e tla “naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, go naya lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 1:4.

Batsadi ba ba jalang melao ya Modimo le melaometheo ya boitsholo jo bo siameng mo dipelong tsa bana ba bone ba tla ba thusa gore ba kgone go lebana le mathata a botshelo. Batsadi ba ka thusa bana ba bone go atlega mo botshelong fa ba tshwara thuto ya lelapa ya Baebele ka metlha, ba buisana le bana ba bone ka kgololesego le go kgatlhegela boitekanelo jwa bone. Batsadi ba tshwanetse go nna tekatekano fa ba thapisa bana ba bone ka tsela ya bomodimo mme gone ba tshwanetse go dira seno ka maikutlo a a siameng, ba ba thusa go sa le gale gore ba kgone go ikemela fa ba setse ba godile. Batsadi ba ka dirisa sekao sa bone go ruta bana gore ba ka kgona go tshela mo lefatsheng leno mme ba se karolo ya lone.—Johane 17:15, 16.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke go tswa mo magaeng a bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Fa basha ba emelana le dithaelo, ba ka kgona go etsa Josefa mme ba nne ba le phepa mo boitsholong

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Etsang mosetsana wa Moiseraele wa lelata, yo o neng a dirisa loleme lwa gagwe go galaletsa Jehofa