Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go Genesise 3:22, Jehofa o ne a bua ka mang fa a ne a re “mongwe wa rona”?

Go bonala Jehofa Modimo a ne a bua ka ene ka boene le Morwawe yo o tsetsweng a le esi fa a ne a re: “Motho o ntse jaaka mongwe wa rona o itse molemo le bosula.” (Genesise 3:22) A re sekasekeng gore ka ntlha yang.

Jehofa o ne a bua mafoko ano fa a sena go atlhola banyalani ba ntlha. Bangwe ba ne ba tsaya mafoko a a reng “mongwe wa rona” e le bontsi jo bo bontshang go tlotla, fela jaaka kgosi e ka re “ga re a itumela” mme e bua ka yone ka boyone. Le fa go ntse jalo, moithuti wa Baebele Donald E. Gowan o bua jaana ka Genesise 1:26 le 3:22: “Mo [Tesetamenteng e Kgologolo] ga go na bosupi jo bo tshegetsang ditlhaloso di le dintsi tse di akantshitsweng fano: ‘re’ o o bontshang tlotlomalo, ‘re’ o o bontshang go akanyetsa selo ka kelotlhoko, bontsi jo bo bontshang go gatelela kgotsa jo bo bontshang gore Modimo ke Tharonngwe. . . . Ga go le fa e le nngwe ya ditlhaloso tseno e e utlwalang mo go 3:22 e e buang ka ‘mongwe wa rona.’”

A gongwe Jehofa o ne a bua ka Satane Diabolo yo a neng a itirela tshwetso ya “molemo le bosula” a bo a tlhotlheletsa batho ba ntlha gore le bone ba e itirele? Ga go utlwale go swetsa jalo. Ka gonne mono Jehofa o ne a dirisa mafoko a a reng “mongwe wa rona.” Satane o ne a sa tlhole a le mongwe wa baengele ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ka jalo ga a ka ke a bo a ile a akarediwa mo go ba ba dirisanang le Jehofa.

A Modimo o ne a bua le baengele ba ba ikanyegang? Ga re tlhomamisege ka seo. Le fa go ntse jalo, go tshwana ga mafoko a a mo go Genesise 1:26 le a a mo go 3:22 go re naya lesedinyana ka kgang eno. Mo go Genesise 1:26 re bala gore Jehofa o ne a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona, kafa tshwanong ya rona.” O ne a bua le mang? Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka sebopiwa sa moya se se neng sa nna motho yo o itekanetseng Jesu, o ne a re: “Ke setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng, leitibolo la popo yotlhe; ka gonne dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng.” (Bakolosa 1:15, 16) Ee, go a utlwala gore mo go Genesise 1:26, Jehofa o ne a bua le Morwawe yo o tsetsweng a le esi, “modiri yo o setswerere,” yo o neng a na le ene fa go ne go bopiwa magodimo le lefatshe. (Diane 8:22-31) Go tshwana ga mafoko a a mo go Genesise 3:22 go re bontsha gore gape Jehofa o ne a bua le motho yo o gaufi thata le ene, Morwawe yo o tsetsweng a le esi.

Go bonala Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ne a itse “molemo le bosula.” Ga go pelaelo gore e re ka Jesu a ne a atamalane thata le Jehofa ka lobaka lo loleele o ne a ithuta sentle tsela e Rraagwe a akanyang ka yone, melaometheo le melao ya gagwe. Mme ka gonne Jehofa a ne a tlhomamisegile gore Morwawe o tlwaelane le dilo tseno e bile o a ikanyega, a ka nna a bo a ile a mo neela kgololesego ya gore mo makgetlhong mangwe a dire dilo kwa ntle ga go mmotsa pele ka tlhamalalo. Ka jalo, go ya bokgakaleng jo bo rileng Morwa o ne a kgona e bile a neilwe thata ya gore a bone gore ke sefe se se molemo le se se bosula. Le fa go ntse jalo, go farologana le Satane, Adame le Efa, Jesu ga a ka a tlhoma melao e e neng e ganetsana le ya ga Jehofa.