Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lo se Ka Lwa Pataganela Jokwe E le Mo go Sa Lekalekaneng’

‘Lo se Ka Lwa Pataganela Jokwe E le Mo go Sa Lekalekaneng’

‘Lo se Ka Lwa Pataganela Jokwe E le Mo go Sa Lekalekaneng’

JAAKA o ka bona mo setshwantshong seno, kamela le poo tse di lemang mmogo fano di goga boima. Jokwe e e di kopantseng fano—e e tshwanetseng go dirisediwa diphologolo tse pedi tse di lekanang ka bogolo le ka maatla—e dira gore di boge. E re ka Modimo a ne a amega ka boitekanelo jwa diphologolo tseno tse di gogang dilo, o ne a raya Baiseraele a re: “O se ka wa lema ka poo le esele mmogo.” (Duteronome 22:10) Molaomotheo oo o ka dira le mo kgannyeng ya poo le kamela.

Gantsi, molemirui a ka se ka a bogisa diruiwa tsa gagwe jalo. Mme fa e le gore o ne a se na dipoo tse pedi, o ne a ka nna a tsenya diruiwa dipe fela tse pedi tse a nang le tsone kafa tlase ga jokwe e le nngwe. Go bonala e le sone se molemirui wa lekgolo la bo19 la dingwaga yo o mo setshwantshong seno se a ileng a se dira. E re ka diphologolo tse pedi tseno di sa lekane ka bogolo le ka boima, phologolo e e bokoa ga e kitla e kgona go tsamaisana le e nngwe mme e e nonofileng yone e tla goga boima.

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa setshwantsho sa go pataganela jokwe ka tsela e e sa lekalekaneng go re ruta thuto e e botlhokwa. O ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?” (2 Bakorintha 6:14) Mokeresete a ka pataganela jokwe jang ka tsela e e sa lekalekaneng?

Tsela e nngwe e ka nna fa Mokeresete a tlhopha molekane wa lenyalo yo o seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa gagwe. Lenyalo le le ntseng jalo le tla dira gore banyalani bao ba se ka ba itumela, ka gonne ba sa dumalane ka dilo tsa botlhokwa.

Fa Jehofa a ne a simolola thulaganyo ya lenyalo, o ne a naya mosadi tiro ya gore e nne “motlatsi” kgotsa “mothusi.” (Genesise 2:18) Mme gape Modimo, a bua ka moporofeti Malaki, o ne a re mosadi ke “molekane.” (Malaki 2:14) Mmopi wa rona o batla gore banyalani ba tsamaye mmogo mo tseleng e e tshwanang ya semoya, ba rwadisana merwalo le go itumelela melemo ya gone mmogo.

Fa Mokeresete a nyala “mo Moreneng fela,” o supa gore o tlotla kgakololo ya Rraarona yo o kwa legodimong. (1 Bakorintha 7:39) Seno se thaya motheo wa lenyalo le le nang le kutlwano, le le tlisetsang Modimo pako le tlotlo, e re ka banyalani ka bobedi ba mo direla e le ‘balekane ba jokwe ya mmatota,’ jaaka go ka tualo.—Bafilipi 4:3.