Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!

Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!

Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!

“Motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe.”—1 BAKORINTHA 9:25.

1. Go dumalana le Baefeso 4:22-24, dimilione tsa batho di ile tsa tsaya kgato efe go direla Jehofa?

FA E le gore o ne wa kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne wa itsise phatlalatsa gore o ikemiseditse go tsenela kgaisano e sekgele sa yone e leng botshelo jo bo sa khutleng. O ne wa dumela go dira thato ya ga Jehofa. Pele ga re ineela mo go Jehofa, bontsi jwa rona re ne ra tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo gore boineelo jwa rona bo nne le bokao le go amogelega mo Modimong. Re ile ra latela kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakeresete: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang . . . Lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:22-24) Ka mafoko a mangwe, pele ga re tsaya kgato ya go ineela mo Modimong, re ne ra tshwanelwa ke go latlha tsela e e sa siamang e re neng re tshela ka yone pele.

2, 3. Temana ya 1 Bakorintha 6:9-12 e bontsha jang gore motho o tshwanetse a dira mefuta e mebedi ya diphetogo gore a amogelwe ke Modimo?

2 Dikarolo dingwe tsa botho jwa bogologolo tse batho ba ba batlang go nna Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go di latlha ke tse Lefoko la Modimo le di kgalang ka tlhamalalo. Paulo o ile a umaka dingwe tsa tsone mo lekwalong la gagwe go Bakorintha, a re: “Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Go tswa foo fa a ne a bontsha gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira diphetogo tse di tlhokegang mo bothong jwa bone, o ne a oketsa a re: “Le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.” Ela tlhoko gore a re ba ne ba ntse jalo, e seng ba ntse jalo.—1 Bakorintha 6:9-11.

3 Paulo o ne a akantsha gore go ka nna ga tlhokega diphetogo tse dingwe gape, ka gonne o ne a oketsa jaana: “Dilo tsotlhe di kafa molaong mo go nna; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo.” (1 Bakorintha 6:12) Ka gone, batho ba le bantsi gompieno ba ba batlang go nna Basupi ba ga Jehofa ba a lemoga gore go botlhokwa gore ba tlogele dilo tse di se nang mosola kana tse di seng botlhokwa go le kalo le mororo di le kafa molaong. Dilo tseno di ka tswa di ba jela nako e bile di ba kgoreletsa go dira dilo tse di botlhokwa thata.

4. Bakeresete ba ba ineetseng ba dumalana le Paulo mo go eng?

4 Motho o ineela mo Modimong ka go rata, e seng ka go patelediwa, jaaka e kete o intsha setlhabelo se segolo. Bakeresete ba ba ineetseng ba dumalana le Paulo, yo o ileng a bua jaana fa a sena go nna molatedi wa ga Keresete: “Ka ntlha ya [ga Jesu] ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.” (Bafilipi 3:8) Paulo o ile a itumelela go latlha dilo tse di seng botlhokwa thata gore a kgone go nna a dira thato ya Modimo.

5. Paulo o ile a kgona go siana lobelo lofe ka katlego, mme le rona re ka dira seo jang?

5 Paulo o ile a bontsha boikgapo fa a ntse a siana lobelo lwa semoya mme kwa bofelong o ne a kgona go bua a re: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo. Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo, se Morena, moatlhodi yo o siameng, o tla se nnayang e le maduo mo letsatsing leo, le fa go ntse jalo e seng nna fela, mme le botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.” (2 Timotheo 4:7, 8) A le rona go ka direga gore letsatsi lengwe re kgone go bua jalo? Go ka direga fa ka tumelo re bontsha boikgapo fa re ntse re siana lobelo lwa rona lwa Bokeresete ka boitshoko go fitlha kwa bokhutlong.

Boikgapo mo go Direng Molemo

6. Boikgapo ke eng, mme re tshwanetse go bo bontsha ka ditsela dife tse pedi?

6 Mafoko a Sehebera le Segerika a a ranolwang e le “boikgapo” mo Baebeleng, totatota a kaya gore motho o na le maatla kana taolo ya go laola mmele wa gagwe. Gantsi a naya kgopolo ya go kgona go ithiba mo go direng sengwe se se bosula. Mme ga go pelaelo gore re tshwanetse ra bo re na le selekanyo se se rileng sa boikgapo gore re kgone go dirisa mebele ya rona go dira le ditiro tse di molemo. Batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go dira diphoso, ka jalo re na le kgwetlho e e gabedi. (Moreri 7:29; 8:11) Fa re ntse re tila go dira bosula, gape re tshwanetse go lwela go dira molemo. Tota e bile, go laola mmele wa rona go dira molemo ke tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go tila go dira bosula.

7. (a) Re tshwanetse go rapelela eng jaaka Dafide? (b) Re ka kgona go nna le boikgapo jo bogolo fa re tlhatlhanya ka eng?

7 Ga go pelaelo gore go nna boikgapo go botlhokwa thata gore re kgone go diragatsa boineelo jwa rona mo Modimong. Re tshwanetse go rapela jaaka Dafide a ile a re: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.” (Pesalema 51:10) Re ka tlhatlhanya ka melemo ya go tila dilo tse di sa siamang kana tse di ka koafatsang mmele. Akanya ka dikotsi tseno tse motho a ka tsenang mo go tsone fa a sa tile dilo tse di ntseng jalo: mathata a a masisi a boitekanelo, go senya kamano e a nang le yone le ba bangwe, tota le go swa pele ga nako. Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya ka melemo e mentsi ya go tshela ka tsela e Jehofa a re laelang go tshela ka yone. Mme gone, ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go lebala gore pelo e boferefere. (Jeremia 17:9) Re tshwanetse go ititaya sehuba go gana go letla dipelo tsa rona fa di leka go dira gore re nyenyefatse botlhokwa jwa go tshela go ya ka melao ya ga Jehofa.

8. Ke boammaaruri bofe jo dilo tse di re diragaletseng di re rutang jone. Neela sekai.

8 Bontsi jwa rona re a itse go ya ka se se re diragaletseng gore gantsi bosaitekanelang jwa rona bo na le go leka go koafatsa tlhagafalo ya rona ya go batla go dira molemo. Ka sekai, akanya ka tiro ya go rera ka Bogosi. Jehofa o itumelela moya wa go rata o batho ba nang le one fa ba dira tiro eno e e nayang botshelo. (Pesalema 110:3; Mathaio 24:14) Mo go ba le bantsi ba rona go ithuta go rera phatlalatsa go ne go se motlhofo. Go ile ga re tlhoka boikgapo—gongwe e bile go sa ntse go re tlhoka boikgapo le gone jaanong—gore re ‘iteye’ mmele wa rona ‘re o tshware jaaka motlhanka,’ go na le gore re o letle gore o re tlhotlheletse go tsaya tsela e e bonalang e le motlhofo.—1 Bakorintha 9:16, 27; 1 Bathesalonika 2:2.

“Mo Dilong Tsotlhe”

9, 10. ‘Go nna boikgapo mo dilong tsotlhe’ go akaretsa eng?

9 Kgakololo ya Baebele ya gore re nne “boikgapo mo dilong tsotlhe” e bontsha gore go tlhokega go le gontsi gore re kgone go laola kgalefo ya rona le go tila boitsholo jo bo sa siamang. Re ka nna ra ikutlwa gore re kgonne go nna boikgapo mo dilong tseno, mme fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go anaanela seo. Mme go tweng ka dikarolo tse dingwe tsa botshelo tse go nna boikgapo go sa lemotshegeng go le kalo mo go tsone? Ka sekai, a re re gongwe re nna mo nageng e e humileng e batho ba yone ba tshelang botshelo jwa maemo a a kwa godimo. A go ne go se kitla go nna molemo gore re se ka ra itlwaetsa go reka dilo go sa tlhokege? Go ka nna molemo gore batsadi ba rute bana ba bone gore ba se ka ba reka sengwe le sengwe se ba se bonang fela ka gonne se le gone, se ba kgatlha kana fela ka gonne ba na le madi a go se reka. Ke boammaaruri gore, selo se se ka thusang bana go solegelwa molemo ke thuto e e ntseng jalo ke fa batsadi ba ba tlhomela sekao se se siameng.—Luke 10:38-42.

10 Go ithuta go tshela o se na dilo dingwe go ka nonotsha boikemisetso jwa rona. Gape go ka nonotsha kanaanelo e re nang le yone ka dilo tse re nang le tsone mme ga dira gore re nne kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba tlhokang dilo dingwe, e se ka go rata ga bone. Ke boammaaruri gore, go tshela botshelo jo e seng jwa maemo go thulana le dikgopolo tse di tumileng tsa go re, “o se ka wa itshotla” kana “itumelele go nna le dilo tsotlhe tse di molemo.” Batho ba kgwebo ba tlhotlheletsa batho go nna le maikutlo a gore ba tshwanetse go nna le dilo tse ba di batlang ka nako e ba di batlang ka yone, mme ba dira jalo e le fela gore bone ka bobone ba bone dipoelo. Seno se ka nna sa dira gore go se ka ga nna motlhofo go nna boikgapo. Bosheng jaana makasine mongwe wa naga nngwe e e humileng ya kwa Yuropa o ne wa re: “Fa e le gore batho ba ba tshelelang mo khumanegong e e tlhomolang pelo ba tshwanelwa ke go lwela go laola dikeletso tse di sa siamang, go tweng ka batho ba ba tshelelang mo letlepung ba dinaga tse di humileng!”

11. Ke eng fa go ithuta go tshela re se na dilo dingwe go le mosola, mme gone ke eng se se dirang gore go dira jalo go nne thata?

11 Fa e le gore re na le bothata jwa go se kgone go farologanya se re se batlang le se ruri re se tlhokang, go ka nna molemo gore re tseye dikgato tse di tla re thusang go dira dilo ka boikarabelo. Ka sekai, fa re batla go fenya tshekamelo ya go reka dilo ka tsela e e sa laolegeng, re ka nna ra dira tshwetso ya gore re se ka ra reka dilo ka sekoloto, kana fa re ya go reka re tsamaye fela ka madi a a lekanyeditsweng. Gakologelwa gore Paulo o ile a re ‘boineelo jwa bomodimo le thetebalo’ ke ‘tsela ya papadi e kgolo.’ O ne a tlhalosa a re: “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:6-8) A go ntse jalo ka rona? Go ithuta go tshela botshelo jo bo sa raraanang, jo bo sa tlalang ka dikgoreletsi tse di sa tlhokegeng tsa boitlhapediso—jwa mofuta ope fela—go re tlhoka go ititaya sehuba le go nna boikgapo. Le fa go tse jalo, ke selo se se tla re solegelang molemo thata fa re ka se ithuta.

12, 13. (a) Dipokano tsa Bokeresete di re tlhoka go nna boikgapo ka ditsela dife? (b) Ke dilo dife tse dingwe tse re tlhokang go nna boikgapo mo go tsone?

12 Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le gone go re tlhoka gore re bontshe boikgapo ka tsela nngwe. Ka sekai, go botlhokwa go nna boikgapo ka gonne fa re se na jone re ka letla mogopolo wa rona go akgaakgega ka nako ya thulaganyo. (Diane 1:5) Go ka re tlhoka boikgapo gore re se ka ra itaya ba bangwe tsebe ka go sebaseba le ba re bapileng le bone, re sa reetse sebui ka tlhoafalo. Go fetola thulaganyo ya rona gore re fitlhe ka nako go ka re tlhoka boikgapo. Mo godimo ga moo, re tlhoka boikgapo go tlhoma nako ya go baakanyetsa dipokano le go nna le seabe mo go tsone.

13 Go nna boikgapo mo dilong tse dinnye go nonotsha bokgoni jwa rona jwa go bo bontsha mo dilong tse dikgolo. (Luke 16:10) Ka gone, a bo go le molemo jang go itaya gore re bale Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Baebele ka metlha, re di ithuta le go tlhatlhanya ka se re se ithutang! A bo go le molemo jang go itaya gore re se ka ra tlhopha go bereka ditiro tse di sa siamang, ra nna le ditsala tse di sa siamang, maikutlo a a sa siamang le mekgwa e e sa siamang, kana go gana go dira ditiro tse di ka re jelang nako e e botlhokwatlhokwa mo tirelong ya Modimo! Ruri go nna re dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa ke selo se se molemo se se re sireletsang mo dilong tse di ka re katosetsang kgakala le paradaise ya semoya ya phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe.

Gola ka Botlalo ka go Nna Boikgapo

14. (a) Bana ba tshwanetse go ithuta go nna boikgapo jang? (b) Ke melemo efe e e nnang gone fa bana ba ithuta seno ba sa le bannye?

14 Lesea le le sa tswang go tsholwa le itsege ka go se nne le boikgapo. Pampitshana nngwe e e kwadilweng ke baitse bangwe ba tsa boitshwaro jwa bana ya re: “Boikgapo ga bo itlele fela kana ka tshoganyetso. Masea le bana ba bannye ba tlhoka kaelo le thuso ya batsadi go simolola go ithuta go nna le boikgapo. . . . Fa batsadi ba ntse ba ba thusa jalo, boikgapo jwa bone bo tla oketsega go ralala dingwaga tsa sekolo.” Patlisiso nngwe e e dirilweng mo baneng ba dingwaga tse nnè e senola gore bana ba ba ithutileng go nna boikgapo ka selekanyo se se rileng “gantsi ba gola go nna basha ba ba botoka, ba ba ratiwang ke batho, ba ba matlhagatlhaga, ba ba itshepang le ba ba ka ikanngwang.” Ba ba ileng ba se ka ba ithuta go nna boikgapo bone “go ne go ka direga gantsi gore ba jewe ke bodutu, ba kgopisege ka bonako le go nna bodipa. Ba ne ba tshwenyega thata mo maikutlong e bile ba tila go lebana le dikgwetlho.” Ga go pelaelo gore ngwana o tshwanetse go ithuta go nna boikgapo gore a nne mogolo yo o godileng sentle.

15. Go se nne le boikgapo go bontsha eng, mme seo se farologane le mokgele ofe o o tlhalosiwang mo Baebeleng?

15 Le rona fa re batla go nna Bakeresete ba ba godileng sentle, re tshwanetse go ithuta go nna boikgapo. Fa re sa dire jalo re tla bo re bontsha gore re sa ntse re le bana semoyeng. Baebele e re gakolola gore re nne “ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.” (1 Bakorintha 14:20) Mokgele wa rona ke gore re ‘fitlhelele bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e boammaaruri ka ga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.’ Ka ntlha yang? “E le gore re tle re se ka ra tlhola re nna masea, re heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete re heheutlwa ke makhubu e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho, ka boferefere ka go loga leano le le tsietsang.” (Baefeso 4:13, 14) Ga go pelaelo gore go ithuta go nna boikgapo go botlhokwa thata mo bomoyeng jwa rona.

Go Lwela go Nna Boikgapo

16. Jehofa o re thusa ka ditsela dife?

16 Re tlhoka thuso ya Modimo gore re kgone go nna boikgapo, mme thuso eno e gone. Fela jaaka seipone se se siameng, Lefoko la Modimo le re bontsha mo re tlhokang go dira diphetogo gone, mme le re neela kgakololo e e malebana le kafa re ka dirang jalo ka teng. (Jakobe 1:22-25) Gape re na le bakaulengwe ba ba lorato ba ba iketleeleditseng go re thusa. Bagolwane ba Bakeresete ba bontsha go re akanyetsa ka go re neela thuso e re e tlhokang. Jehofa ka boene o re abela moya wa gagwe o o boitshepo kwantle ga tuelo fa re o kopa ka thapelo. (Luke 11:13; Baroma 8:26) Ka gone a re diriseng dithulaganyo tseno tsotlhe ka boipelo. Dikakantsho tse di mo lebokosong le le mo tsebeng ya 21 di ka thusa.

17. Ke kgothatso efe e re e bonang mo go Diane 24:16?

17 A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa o anaanela maiteko a re a dirang go mo itumedisa! Seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re tswelele pele re lwela go nna le boikgapo jo bogolwane. Le ka motlha ga re a tshwanela go ineela mo maitekong ano a rona, le fa re ka tla re wa go le kana kang. “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” (Diane 24:16) Nako le nako fa re atlega mo ntweng eno re nna le lebaka la go itumela. Gape re ka tlhomamisega gore Jehofa o a re itumelela. Mosupi mongwe o bolela gore pele ga a ineela mo go Jehofa, nako le nako fa go ne go direga gore a kgone go fetsa beke a sa goge, o ne a iteboga ka go ithekela sengwe se se molemo ka madi a boikgapo bo mo thusitseng go a somarela.

18. (a) Ntwa ya rona ya go nna boikgapo e akaretsa eng? (b) Jehofa o re tlhomamisetsa eng?

18 Mo godimo ga tsotlhe, ga re a tshwanela go lebala gore boikgapo bo akaretsa mogopolo le maikutlo. Re kgona go bona seno mo mafokong ano a ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28; Jakobe 1:14, 15) Motho yo o kgonang go laola mogopolo le maikutlo a gagwe o tla kgona go laola mmele wa gagwe motlhofo fela. Ka gone, a re nonotsheng go ititaya sehuba ga rona go tila e seng fela go dira bosula mme gape le go tila go akanya ka jone. Fa go ka direga gore o nne le dikakanyo tse di sa siamang, di tlose ka bonako. Re ka tila dithaelo ka go rapelela gore re kgone go nna re tlhomile matlho a rona mo go Jesu. (1 Timotheo 6:11; 2 Timotheo 2:22; Bahebera 4:15, 16) Fa re ntse re dira bojotlhe jwa rona, re tla bo re latela kgakololo eno ya Pesalema 55:22: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”

A o A Gakologelwa?

• Re tshwanetse go nna boikgapo ka ditsela dife tse pedi?

• Go nna le ‘boikgapo mo dilong tsotlhe’ go kaya eng?

• Ke dikakantsho dife tse di molemo malebana le go nna boikgapo tse o di etseng tlhoko thata mo thutong eno?

• Boikgapo bo simolola kae?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

Tsela ya go Nonotsha Boikgapo

• Lwela go nna le jone le mo dilong tse dinnye tota

• Akanya ka melemo ya jone ya gone jaanong le ya isagwe

• Emisetsa dilo tse Modimo a di iletsang ka tse a di kgothaletsang

• Tila dikakanyo tse di sa siamang ka bonako

• Tlatsa mogopolo wa gago ka dilo tse di agang semoyeng

• Amogela thuso e o e newang ke Bakeresetekawena ba ba godileng

• Tila maemo a a go tsenyang mo thaelong

• Rapelela thuso ya Modimo ka dinako tsa dithaelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Boikgapo bo re tlhotlheletsa go dira molemo