Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Siameng?

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Siameng?

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Siameng?

KGOSI ya kwa Iseraele wa bogologolo e bong Solomone o ne a re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” Bontsi jwa rona re kile ra dira ditshwetso tse di sa siamang fela ka gonne re sa ka ra reetsa kgakololo ya batho ba bangwe.—Diane 1:5.

Moragonyana, mafoko ao a ga Solomone a ne a kwalwa mo Baebeleng, mmogo le tse dingwe tsa “diane di le dikete di le tharo” tse a neng a di tlhama. (1 Dikgosi 4:32) A re ka solegelwa molemo ke go itse le go tsaya tsia mafoko a gagwe a a botlhale? Ee. A re thusa ‘gore re itse botlhale le kotlhao, re lemoge mafoko a tlhaloganyo, re amogele kotlhao e e nayang temogo, tshiamo le katlholo le thokgamo.’ (Diane 1:2, 3) A re sekasekeng dintlha di le tlhano tse di tswang mo Baebeleng tse di ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng.

Akanyetsa Ditlamorago Tse di Nnelang Ruri

Ditshwetso dingwe di tla nna le ditlamorago tse di masisi. Ka jalo, leka go bona go sa le gale gore ditlamorago tseo ke dife. Itise gore o se ka wa ngokiwa ke melemo ya nakwana mme ya go sira gore o se ka wa lemoga ditlamorago tse di nnelang ruri tse di ka tswang di sa siama. Diane 22:3 e tlhagisa jaana: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”

Go ka nna ga nna molemo go kwala lenaane la ditlamorago tsa nakwana le tse di nnelang ruri. Ditlamorago tsa nakwana tsa go tlhopha tiro e e rileng e ka nna gore o tla bona tuelo ya madi a mantsi le tiro e e monate. A mme ditlamorago tse di nnelang ruri di ka tswa di akaretsa go nna le tiro e go se nang gope kwa e yang teng? A kgabagare e ka tlhoka gore o fudugele go sele, gongwe kgakala le ditsala le ba lelapa? A e ka go tsenya mo maemong a a sa go siamelang kgotsa ya nna e e sa kgatlheng mo e leng gore o sala o kgobegile marapo thata? Sekaseka melemo le mathata a se o se tlhophang mme o bone gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele.

Iphe Nako e e Lekaneng

Ditshwetso tse di dirwang ka lepotlapotla go ka direga motlhofo fela gore e bo e le tse di sa siamang. Diane 21:5 e tlhagisa jaana: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” Ka sekai, basha ba ba tseegileng maikutlo ka ntlha ya lorato ba tshwanetse go ipha nako ya go dira tshwetso pele ba tsena mo lenyalong. E seng jalo, ba ka nna ba diragalelwa ke se se boletsweng ke William Congreve, mokwadi wa Moesemane wa diterama wa mo masimologong a lekgolo la bo18 la dingwaga, fa a ne a re: “Fa o nyala ka lepotlapotla, o ka felela o ikwatlhaya.”

Le fa go ntse jalo, go ipha nako e e lekaneng ga go reye gore o busetse kwa morago nako ya go dira tshwetso. Ditshwetso dingwe di botlhokwa mo e leng gore go molemo go di dira ka bonako jo bo ka kgonegang. Go diega go sa tlhokege go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko mo go rona kgotsa mo go ba bangwe. Go nna o busetsa go dira tshwetso kwa morago go ka laola se se tlileng go direga—gongwe go felele ka ditlamorago tse di sa siamang.

Amogela Kgakololo

Maemo ga a ke a tshwana kgo, ka jalo ga se ka metlha batho ba tla dirang ditshwetso tse di tshwanang fa ba lebane le mathata a a tshwanang. Le fa go ntse jalo, go a thusa go utlwa gore ba bangwe ba ile ba dira ditshwetso dife mo maemong a a tshwanang le a re mo go one. Ba botse gore gone jaanong ba ikutlwa jang ka tshwetso e ba e dirileng. Ka sekai, fa o tlhopha tiro e o tla e dirang, kopa ba ba setseng ba e dira gore ba go bolelele dilo tse di molemo mmogo le tse di bosula ka yone. Ke dilo dife tse ba fitlhetseng di le molemo ka se ba se tlhophileng, mme ba fitlhetse se na le mathata afe kgotsa se ka nna le dikotsi dife?

Re tlhagisiwa jaana: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” (Diane 15:22) Gone ke boammaaruri gore fa re kopa kgakololo le fa re ithuta mo maitemogelong a ba bangwe, re tshwanetse go dira jalo re itse sentle gore ke rona re tshwanetseng go dira tshwetso e bile ke boikarabelo jwa rona go dira jalo.—Bagalatia 6:4, 5.

Latela Segakolodi se se Thapisitsweng Sentle

Segakolodi se ka re thusa go dira ditshwetso go dumalana le melaometheo ya konokono e re tlhophang go tshela ka yone. Mo Mokereseteng, seno se kaya go thapisa segakolodi gore se tsamaisane le dikakanyo tsa Modimo. (Baroma 2:14, 15) Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:6) Gone ke boammaaruri gore mo dilong tse dingwe, batho ba le babedi—mongwe le mongwe wa bone a na le segakolodi se se thapisitsweng sentle—ba ka feleletsa ba sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang mme ka jalo ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng.

Le fa go ntse jalo, segakolodi se se thapisitsweng sentle se tla dira gore go se ka ga nna le kgololesego e e ntseng jalo fa go dirwa tshwetso malebana le ditiro tse Lefoko la Modimo le di kgalang ka tlhamalalo. Ka sekai, segakolodi se se sa thapisiwang ka melaometheo ya Baebele se ka letla monna le mosadi gore ba lekeletse gore a ba a tshwanelana pele ga lenyalo ka go nna mmogo fela. Ba ka akanya gore ba dirile tshwetso e e siameng, ba dumela gore go dira jalo go tla ba thusa gore ba se ka ba itlhaganelela go tsena mo lenyalong ba sa tshwanelane. Segakolodi sa bone se ka nna sa se ka sa ba kgalemela. Le fa go ntse jalo, motho ope yo o lebang tlhakanelodikobo le lenyalo jaaka Modimo a di leba o tla dira tshwetso ya gore a se ka a tsena mo thulaganyong e e ntseng jalo ya nakwana e bile e le ya boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 6:18; 7:1, 2; Bahebera 13:4.

Kafa Ditshwetso Tsa Gago di Amang ba Bangwe ka Gone

Gantsi ditshwetso tse o di dirang di ka ama batho ba bangwe. Ka jalo, le ka motlha o se ka wa dira tshwetso e e sa siamang—kgotsa ya boeleele—ka boomo fela mme e le e e ka senyang kamano ya gago e e molemo le ditsala le ba losika, mme segolobogolo le Modimo. Diane 10:1 ya re: “Morwa yo o botlhale ke yo o ipedisang rraagwe, mme morwa yo o sematla ke khutsafalo mo go mmaagwe.”

Mme gape, lemoga gore ka dinako tse dingwe o tshwanetse go tlhopha gore o tsalana le bomang. Fa re tshwantsha, o ka nna wa dira tshwetso ya gore o tlogele dilo tse o neng o di dumela pele tse o itseng gore ga di dumalane le Dikwalo. Kgotsa o ka dira tshwetso ya gore o fetole botho jwa gago fela thata ka gonne o batla go tshela botshelo jwa gago go ya ka kaelo ya Modimo e jaanong o e amogetseng. Tshwetso ya gago e ka nna ya se ka ya itumedisa bangwe ba ditsala tsa gago kgotsa ba losika, mme tshwetso epe e e itumedisang Modimo ke tshwetso e e siameng.

Dira Tshwetso e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe, o e Dire ka Botlhale

Mongwe le mongwe gompieno o tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a o batla botshelo kgotsa loso, le fa batho ka kakaretso ba sa lemoge seno. Fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba thibeletse fa molelwaneng wa Naga e e Solofeditsweng ka 1473 B.C.E., ba ne ba lebane le seemo se se tshwanang. Moshe o ne a nna mmueledi wa Modimo mme a ba raya a re: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago le boleele jwa malatsi a gago, gore o nne mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borragomogologolwane e bong Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le ba naya.”—Duteronome 30:19, 20.

Boporofeti jwa Baebele le dilo tse di diragalang di bontsha gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” le gore “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (2 Timotheo 3:1; 1 Bakorintha 7:31) Phetogo eno e e boleletsweng pele e tla tswelela go fitlha go senngwa tsamaiso eno e e swafetseng ya batho, e e tla tseelwang sebaka ke lefatshe la Modimo le lesha la tshiamo.

Re gaufi le go tsena mo lefatsheng leo le lesha. A o tla tsena mo go lone gore o bone botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing Jwa Modimo? Kgotsa a o tla nyelediwa mo lefatsheng fa tsamaiso ya ga Satane e fedisiwa? (Pesalema 37:9-11; Diane 2:21, 22) Ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso ya gore o tla tsaya tsela efe, mme ruri ke tshwetso e e ka tlisang botshelo kgotsa loso. A o ka rata go thusiwa gore o dire tshwetso e e siameng?

Go dira tshwetso ya gore o bone botshelo go tlhoka gore o simolole ka go ithuta dilo tse Modimo a batlang re di dira. Bontsi jwa dikereke di paletswe ke go itsise batho dilo tseno fela jaaka di ntse. Gantsi baeteledipele ba tsone ba ile ba latlha batho ka go dira gore ba dumele maaka le go dira gore ba dire dilo tse di sa itumediseng Modimo. Ga ba tlhalose kafa go tlhokegang ka gone gore motho a itirele tshwetso ya gore a obamele Modimo “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ka jalo bontsi jwa batho ga ba mo obamele jalo. Mme ela tlhoko se Jesu a ileng a se bolela: “Yo o seng mo letlhakoreng la me o kgatlhanong le nna, mme yo o sa phutheng le nna o a gasamisa.”—Mathaio 12:30.

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go thusa batho gore ba itse Lefoko la Modimo botoka. Ba tlotla ka Baebele ka metlha le batho ka bongwe kgotsa le ditlhopha tsa batho e le ka nako le mo mafelong a a siametseng batho bao. Batho ba ba batlang go sola thulaganyo eno molemo ba tshwanetse gore ba ikopanye le Basupi ba lefelo la bone kgotsa ba kwalele bakwadi ba Tora ya Tebelo.

Gone ke boammaaruri, bangwe ba ka tswa ba setse ba na le kitso ya motheo ya gore Modimo o batla re dira eng. Ba ka tswa ba dumela le gore Baebele e boammaaruri e bile e ka ikanngwa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ntse ba busetsa kwa morago nako ya gore ba dire tshwetso ya gore ba ineele mo Modimong. Ka ntlha yang? Go ka tswa go na le mabaka a le mmalwa.

A ba ka tswa ba sa lemoge botlhokwa jwa go dira jalo? Jesu o ne a bolela sentle a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Mathaio 7:21) Go itse Baebele fela ka bogone ga go a lekana; go tlhokega gore motho a tseye kgato. Phuthego ya bogologolo ya Bokeresete e re tlhometse sekao. Re bala jaana ka bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “E rile ba dumela Filipo, yo o neng a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo le tsa leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna mmogo le basadi.” (Ditiro 2:41; 8:12) Ka jalo, fa motho a amogetse Lefoko la Modimo ka pelo yotlhe, a dumela se le se buang, e bile a setse a tshela ka melao ya Modimo, ke eng se se mo thibelang gore a se ka a kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa gagwe? (Ditiro 8:34-38) Gone ke boammaaruri gore fa a batla go amogelwa ke Modimo, o tshwanetse a tsaya kgato eno ka go rata le ka pelo e e itumetseng.—2 Bakorintha 9:7.

Bangwe ba ka akanya gore ga ba na kitso e e lekaneng gore ba ka ineela mo Modimong. Mme mongwe le mongwe yo o simololang tsela e ntšha mo botshelong o a bo a sa itse go le kalo ka yone. Ke mang yo o ka bolelang gore se a se itseng gone jaanong ka tiro ya gagwe o sale a ntse a se itse fa a ne a e simolola? Go dira tshwetso ya gore o tla direla Modimo go tlhoka fela gore o nne le kitso ya motheo ya dithuto le melaometheo ya Baebele, mmogo le keletso ya go tshela tumalanong le yone.

A bangwe ba goga dinao fa ba tshwanetse go dira tshwetso eno ba tshaba gore gongwe ba ka se kgone go e diragatsa? Go a utlwala gore batho ba tshwenyege ka selekanyo se se rileng ka gore ba tla palelwa ke go dira dilo tse dintsi tse ba itlamang ka tsone. Monna yo o dirang tshwetso ya gore a nyale a nne le lelapa a ka ikutlwa a sa tshwanelege go le kalo, mme go itlama go mo tlhotlheletsa gore a dire bojotlhe jo a ka bo kgonang. Fela jalo, mosha yo o sa tswang go tsaya lokwalo lwa go kgweetsa a ka boifa gore o tla diragalelwa ke kotsi ya koloi—bogolo jang fa a itse ka dipalopalo tse di bontshang kafa basha ba ba kgweetsang ba nnang le dikotsi tse dintsi ka teng go feta bagolo. Le fa go ntse jalo, go itse seo go ka mo thusa, go mo tlhotlheletsa gore a kgweetse ka kelotlhoko thata. Go se tseye lokwalo lwa go kgweetsa ga se yone tharabololo!

Dira Tshwetso ya Gore o Bone Botshelo!

Baebele e bontsha gore tsamaiso ya gone jaanong ya bopolotiki, ya ikonomi le ya bodumedi e tla tloga e fela mo lefatsheng mmogo le ba ba e tshegetsang. Le fa go ntse jalo, go tla sala batho ba ba dirileng tshwetso e e siameng ya gore ba bone botshelo e bile ba tshela tumalanong le tshwetso eo. Ka e tla bo e le bone motheo wa mokgatlho wa lefatshe le lesha, ba tla thusa go dira lefatshe paradaise jaaka Modimo a ne a batlile kwa tshimologong. A o ka rata go nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang e e tla bong e kaelwa ke Modimo?

Fa go le jalo, dira tshwetso ya gore o ithute Lefoko la Modimo. Dira tshwetso ya gore o ithute dilo tse Modimo a batlang re di dira gore re mo itumedise. Dira tshwetso ya gore o di dire. Mo godimo ga tsotlhe, dira tshwetso ya gore o tla diragatsa se o sweditseng gore o tla se dira. Ka bokhutshwane, dira tshwetso ya gore o bone botshelo!

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Iphe nako e e lekaneng fa o dira ditshwetso tse di masisi

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Amogela kgakololo fa o tlhopha tiro e o tla e dirang

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ba ba dirang tshwetso ya go direla Modimo gone jaanong ba tla thusa go dira lefatshe paradaise