Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsenyang mo Kitsong ya Lona Boikgapo

Tsenyang mo Kitsong ya Lona Boikgapo

Tsenyang mo Kitsong ya Lona Boikgapo

“Tsenyang . . . mo kitsong ya lona boikgapo.”—2 PETERE 1:5-8.

1. Batho ba le bantsi ba mo mathateng ka ntlha ya go se kgone go dira eng?

KA NAKO ya letsholo lengwe le le kgatlhanong le go se dirise diokobatsi sentle, basha ba United States ba ne ba gakololwa jaana: “Nna pelokgale go gana.” Ana dilo di ne di ka nna botoka jang fa batho botlhe ba ne ba ka nna pelokgale go gana go se dirise diokobatsi sentle, go nwa bojalwa bobe, go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe, go tsietsa mo go tsa kgwebo le go gana “dikeletso tsa nama”! (Baroma 13:14) Le fa go ntse jalo, ke mang yo o ka reng ka metlha go motlhofo go gana go dira dilo tseno?

2. (a) Ke dikai dife tse di mo Baebeleng tse di bontshang gore ga se selo se sesha gore batho ba palelwe ke go nna boikgapo? (b) Dikai tseno di tshwanetse go re kgothaletsa go dira eng?

2 E re ka go se motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba nne boikgapo, re tshwanetse go kgatlhegela go itse kafa re ka fenyang ka teng makoa a re nang le one. Baebele e re bolelela ka batho ba nako e e fetileng ba ba ileng ba leka ka natla go direla Modimo mme ka dinako dingwe ba ileng ba palelwa ke go nna boikgapo. Gopola Dafide le boleo jwa gagwe jwa go dira boaka le Bathesheba. Boleo joo bo ne jwa dira gore ngwana yo Bathesheba a neng a mo ima a swe le gore monna wa gagwe a swe, ba ka bobedi ba neng ba se na molato. (2 Samuele 11:1-27; 12:15-18) Kgotsa akanya ka moaposetoloi Paulo, yo o neng a ipolela jaana ka tlhamalalo: “Gonne molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke tlwaetseng go bo dira.” (Baroma 7:19) A ka dinako tse dingwe le wena o ikutlwa jalo? Paulo o ile a tswelela jaana: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” (Baroma 7:22-24) Dikai tse di mo Baebeleng di tshwanetse go re tlhotlheletsa gore le ka motlha re se ka ra ineela mo ntweng eno ya rona ya go kgaratlhela go nna boikgapo.

Boikgapo ke Selo Se re Ka se Ithutang

3. Tlhalosa gore ke eng fa re ka se lebelele gore go nna boikgapo go nne motlhofo.

3 Boikgapo, e leng selo se se akaretsang go kgona go gana go dira sengwe, bo umakwa mmogo le dinonofo tse di jaaka tumelo, molemo, kitso, boitshoko, boineelo jwa bomodimo, lorato lwa bokaulengwe le lorato mo go 2 Petere 1:5-7. Ga go epe ya dinonofo tseno tse di molemo e motho a tsalwang a na le yone. Motho o tshwanetse go lwela go nna le tsone. O tshwanetse go ititaya sehuba le go dira ka natla gore a kgone go nna le tsone ka selekanyo se segolo. Ka jalo a re ka lebelela gore go nna boikgapo go nne motlhofo?

4. Ke eng fa batho ba le bantsi ba akanya gore ga ba na bothata jwa go se nne boikgapo, mme seno ke sesupo sa eng?

4 Ke boammaaruri gore, batho ba le bantsi ba ka akanya gore ga ba na bothata jwa go se nne boikgapo. Ba itshelela ka tsela e ba e ratang, ba itshwara go dumalana le bosaitekanelang jwa bone ba itse kana ba sa itse, ba sa re sepe ka tsela e boitshwaro jwa bone bo tla ba amang ka yone bone ka bobone kana batho ba bangwe. (Jude 10) Go palelwa ke go tlogela go dira dilo dingwe kana go se batle go di tlogela, go bonala thata mo nakong eno go feta le fa e le leng pele. Ke bosupi jwa gore ruri re tshela mo “metlheng ya bofelo” e Paulo a ileng a bua ka yone fa a ne a bolelela pele jaana: “Go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, . . . ba ba se nang boikgapo.”—2 Timotheo 3:1-3.

5. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela kgang ya boikgapo, mme ke kgakololo efe e e sa ntseng e thusa le gone jaanong?

5 Basupi ba ga Jehofa ba itse sentle gore ga go motlhofo go nna boikgapo. Fela jaaka Paulo, ba a itse gore keletso e ba nang le yone ya go itumedisa Modimo ka go tshela go ya ka melao ya gagwe e thulana le tsela e bosaitekanelang jwa bone bo ka ba tlhotlheletsang go e tsaya. Ke gone ka moo ba sa bolong go nna ba kgatlhegela go itse kafa ba ka fenyang ntwa eno ka gone. Bogologolo ka 1916, kgatiso ya pelenyana ya makasine ono o gone jaanong o o balang e ne ya bua ka “tsela e e siameng e re tshwanetseng go e tsaya gore re kgone go laola mebele ya rona, megopolo, se re se buang le boitshwaro jwa rona.” E ne ya akantsha gore re nne re akantse ka mafoko a Bafilipi 4:8. Kgakololo eo e e molemo e sa ntse e thusa le gone jaanong, le mororo e ne ya neelwa la ntlha dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, e bile go ka direga gore gone jaanong go nne thata go ka e latela go feta kafa go neng go le ka teng ka nako eo kana ka 1916. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba leka ka natla go tila dikeletso tsa lefatshe ka ba itse gore fa ba dira jalo, ba dumalana le Mmopi wa bone.

6. Ke eng fa re se na lebaka la go latlhegelwa ke tsholofelo fa re ntse re lwela go nna boikgapo?

6 Boikgapo bo umakwa mo go Bagalatia 5:22, 23 e le lengwe la “maungo a moya [o o boitshepo].” Fa re bontsha go nna le nonofo eno re e kopantse le “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, [le] bonolo,” seo se tla re solegela molemo fela thata. Jaaka fa Petere a ile a tlhalosa, go dira jalo go tla re itsa gore, re se ka ra “nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng” mo tirelong ya Modimo. (2 Petere 1:8) Mme gone, ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo kana go ikatlhola fa go direga gore re palelwe ke go bontsha dinonofo tseno ka bonako le ka botlalo kafa re neng re ka rata ka teng. O ka tswa o ile wa lemoga gore kwa sekolong baithuti ga ba tshware dithuto ka lobelo lo lo tshwanang. Kana mo tirong modiri yo mongwe o ithuta tiro e ntšha ka bonako go feta badiri ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba ithuta dinonofo tsa Bokeresete le go di bontsha ka bonako go feta ba bangwe. Selo sa botlhokwa ke gore re nne re lwele go nna le dinonofo tseno tse di molemo ka bojotlhe ka mo re ka kgonang ka teng. Re ka dira jalo ka go dirisa ka botlalo thuso e Jehofa a re nayang yone ka Lefoko la gagwe le ka phuthego. Selo se se leng botlhokwa thata ke gore re ititeile sehuba go le kana kang go nna re gatela pele mo go nneng le dinonofo tseno e seng gore re ithuta go nna le tsone ka bonako go le kana kang.

7. Ke eng se se bontshang gore boikgapo bo botlhokwa?

7 Le fa boikgapo bo umakiwa la bofelo mo maungong a moya, seo ga se bolele gore ke nonofo ya maemo a a kwa tlase mo go tse dingwe. Ga go a nna jalo le e seng. Re tshwanetse go gakologelwa gore re ne re ka kgona go tila ‘ditiro tsotlhe tsa nama’ fa re ne re ka nna boikgapo ka botlalo. Le fa go ntse jalo, batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go ineelela mefuta mengwe ya “ditiro tsa nama . . . , kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko.” (Bagalatia 5:19, 20) Ka gone, re tshwanetse go nna re kgaratlha, re ititeile sehuba gore re kumole ditshekamelo tse di sa siamang mo pelong le mo mogopolong.

Bangwe Ba na Le Kgwetlho e Kgolo

8. Ke dilo dife tse di dirang gore go nne thata le go feta gore batho bangwe ba nne boikgapo?

8 Bakeresete bangwe ba thatafalelwa ke go nna boikgapo go feta ba bangwe. Ka ntlha yang? Tsela e ba godisitsweng ka yone kana dilo tse di ba diragaletseng di ka dira gore seno se nne boima le go feta. Fa e le gore rona ga re ise re ko re nne le bothata jwa go nna boikgapo, re tshwanetse go itumelela seo. Mme gone, re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko le go akanyetsa fa re dirisana le batho ba ba nang le bothata jwa go nna boikgapo, tota le fa go tlhoka boikgapo ga bone go sa re tshware sentle. E re ka le rona re sa itekanela, ke mang wa rona yo o nang le lebaka lepe la go ipona tshiamo?—Baroma 3:23; Baefeso 4:2.

9. Ke makoa afe a bangwe ba nang le one, mme ke leng fela re tla kgonang go fenya makoa ano ka botlalo?

9 Ka sekai: Re ka tswa re itse Bakeresetekarona bangwe ba ba ileng ba tlogela motsoko kana diokobatsi ba ka dinako tse dingwe ba nang le go eletsa dilo tseno thata. Kana bangwe ba ka tswa ba thatafalelwa ke go lekanyetsa dijo tse ba di jang kana bojalwa. Ba bangwe ba thatafalelwa ke go laola loleme lwa bone, ka jalo gantsi ba iphitlhela ba buile dilo tse ba sa tshwanelang go di bua. Go kgona go fenya makoa ano go tlhoka gore motho a kgaratlhe ka natla gore a nne boikgapo. Ka ntlha yang? Jakobe 3:2 e bua boammaaruri fa e re: “Gonne rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” Ba bangwe bone ba na le keletso e kgolo ya go betšha. Kana ba ka nna ba nna le bothata jwa go laola kgalefo ya bone. Go ka nna ga tsaya lobaka go ithuta go lepalepana ka katlego le makoa ano kana a mangwe a a tshwanang le one. Le fa gone re ka dira kgatelopele e e bonalang gone jaanong, dikeletso tse di sa siamang di tla fedisediwa ruri fela ka nako ya fa re tla bo re itekanetse. Mme gone jaanong go lwela go nna boikgapo go tla re thusa go tila go boela mo botshelong jwa go dira boleo. Fa re ntse re lwa le dilo tseno, a re thusaneng gore re se ka ra ineela.—Ditiro 14:21, 22.

10. (a) Ke eng fa go le bokete thata mo bathong bangwe go nna boikgapo mo go tsa tlhakanelodikobo? (b) Ke phetogo efe e kgolo e mokaulengwe mongwe a ileng a e dira? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 16.)

10 Karolo e nngwe e go leng thata go nna boikgapo mo go yone ke mo dilong tse di amanang le tlhakanelodikobo. Tlhakanelodikobo ka boyone ke sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo a re bopileng re na le tsone. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba na le bothata jo bogolo jwa go se kgone go nna tekatekano mo go tsa tlhakanelodikobo go dumalana le melao ya Modimo. Bothata jwa bone bo ka gakadiwa ke gore ba na le keletso e e sa tlwaelegang ya tlhakanelodikobo. Re tshela mo lefatsheng le le tlotlomatsang tlhakanelodikobo thata le le ratang go rotloetsa keletso ya tlhakanelodikobo ka ditsela tse dintsi. Seno e ka nna bothata mo Bakereseteng ba ba batlang go nna lobakanyana ba sa nyala ka gonne ba batla go direla Modimo ba se na dikgoreletsi tse batho ba ba nyetseng ba nang le tsone. (1 Bakorintha 7:32, 33, 37, 38) Mme gone, go dumalana le kgakololo ya Dikwalo ya gore “go botoka go tsena mo lenyalong go na le go fisiwa ke kgotelo,” ba ka nna ba dira tshwetso ya gore ba nyale, e leng selo se ruri se leng molemo. Le fa go ntse jalo, ba ititeile sehuba go nyala “mo Moreneng fela” jaaka fa Dikwalo di laela. (1 Bakorintha 7:9, 39) Ga go pelaelo gore Jehofa o itumelela gore ba rata go boloka melaometheo ya gagwe e e siameng. Bakeresetekabone ba itumelela go kopanela le baobamedi ba boammaaruri ba ba nang le maemo a a kwa godimo jalo a boitshwaro le ba ba ikanyegang.

11. Re ka thusa jang mokaulengwe kana kgaitsadi yo o batlang go nyala kana go nyalwa mme a ise a kgone go dira jalo?

11 Go tweng fa motho a sa kgone go bona molekane yo o tshwanetseng? Akanya fela ka kutlobotlhoko e motho yo o batlang go nyala kana go nyalwa, mme a sa kgone go dira jalo, a nnang le yone! A ka nna a bona ditsala tsa gagwe di nyala kana di nyalwa mme di bonala di itumetse, fa ene a sa ntse a batlana le molekane yo o tshwanetseng. Bangwe ba ba mo seemong se se ntseng jalo ba ka nna le bothata jo bo sa kgaotseng jwa go nna le mokgwa o o leswe wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ka boikaelelo jwa go ikgotsofatsa. Le fa go ntse jalo, ga go Mokeresete ope yo ka boomo a ka batlang go kgoba marapo motho ope yo o kgaratlhelang go ipoloka a le boitsheko. Re ka nna ra kgoba motho marapo e se ka boikaelelo fa re bua mafoko a go se akanyetse a a jaaka, “O tla nyala leng?” Re ka nna ra bua mafoko ao e se ka boikaelelo jo bo maswe, mme gone go ne go ka nna botoka jang go nna boikgapo ka go laola maleme a rona! (Pesalema 39:1) Batho ba ba ipolokang ba le boitsheko ka nako ya fa ba sa nyala kana ba sa nyalwa ba tshwanelwa ke gore re ba akgole fela thata. Go na le gore re bue dilo tse di ka ba kgobang marapo, re tshwanetse go ba kgothatsa. Ka sekai, re ka dira boiteko jwa go akaretsa batho ba ba sa nyalang kana ba ba sa nyalwang fa re na le kokoano e nnye ya dijo kana ya Bokeresete le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng.

Boikgapo mo Lenyalong

12. Ke eng fa go tlhokega gore tota le batho ba ba nyetseng ba nne boikgapo?

12 Ga se gore fa o nyetse ga o tlhole o tlhoka go nna boikgapo mo go tsa tlhakanelodikobo. Ka sekai, keletso ya monna ya tlhakanelodikobo e ka farologana thata le ya mosadi. Kgotsa ka dinako tse dingwe maemo a botsogo a molekane yo mongwe a ka dira gore go nne thata kana go se ka ga kgonega gore banyalani ba nne le bokopano jo bo tlwaelegileng jwa tlhakanelodikobo. Molekane yo mongwe a ka fitlhela go le thata go ikobela taelo eno, gongwe e le ka ntlha ya dilo dingwe tsa nako e e fetileng: “A monna yo o nyetseng a neye mosadi wa gagwe tshwanelo ya gagwe; mme a mosadi yo o nyetsweng le ene a direle monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang.” Mo maemong a a ntseng jalo, go ka tlhokega gore molekane yo mongwe a nne le boikgapo jo bogolo. Le fa go ntse jalo, boobabedi ba tshwanetse go gakologelwa kgakololo eno e e lorato e Paulo a neng a e neela Bakeresete ba ba nyetseng: “Lo se ka lwa e amogana, fa e se ka go dumalana ka nako e e tlhomilweng, gore lo tle lo beele nako ya thapelo kwa thoko le gore lo tle lo boelane gape, gore Satane a tle a se ka a nna a lo raela ka ntlha ya go sa kgone go laola mebele ya lona.”—1 Bakorintha 7:3, 5.

13. Ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba ba kgaratlhelang go nna boikgapo?

13 Banyalani ba ka itumela tota fa boobabedi ba kgona go nna boikgapo mo kamanong eno e e ba atamalanyang go gaisa tsotlhe mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go bontsha go akanyetsa badumedikabone ba ba sa ntseng ba kgaratlhela go bontsha boikgapo mo kgannyeng eno. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala go rapela Jehofa gore a thuse bakaulengwe ba rona go nna le temogo, bopelokgale le go ititaya sehuba gore ba tswelele pele mo maitekong a bone a go nna boikgapo le gore ba tseye dikgato tsa go fenya dikeletso tse di sa siamang.—Bafilipi 4:6, 7.

Tswelelang lo Thusana

14. Ke eng fa re tshwanetse go dirisana le Bakeresetekarona ka go ba tlhomogela pelo le go ba akanyetsa?

14 Ka dinako tse dingwe, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go kgona go akanyetsa Bakeresetekarona ba ba kgaratlhelang go nna boikgapo mo dilong tse re se nang bothata mo go tsone. Mme gone batho ga ba tshwane. Bangwe ba laolwa motlhofo ke maikutlo; ba bangwe ga ba a nna jalo. Bangwe ba go fitlhela go le motlhofo go nna boikgapo. Ba bangwe bone ba go fitlhela go le thata. Le fa go ntse jalo, re se lebale gore fa motho a kgaratlha le bothata bongwe seo ga se bolele gore o boikepo. Bakeresetekarona ba tlhoka gore re ba akanyetse le go ba tlhomogela pelo. Le rona re a itumela fa re tswelela pele go nna pelotlhomogi mo bathong ba ba sa ntseng ba leka ka natla go oketsa tsela e ba bontshang boikgapo ka yone. Re kgona go bona seo mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 5:7.

15. Ke eng fa mafoko a Pesalema 130:3 a kgothatsa malebana le go nna boikgapo?

15 Le ka motlha ga re batle go atlhola Mokeresetekarona yo go ka diregang gore ka nako nngwe a palelwe ke go bontsha botho jwa Bokeresete. A bo go kgothatsa jang go itse gore Jehofa ga a lebe fela makgetlho a se kae a re paletsweng ke go bontsha boikgapo mo go one mme gape o leba le makgetlho a mantsi a re kgonneng go bo bontsha mo go one le fa Bakeresetekarona ba ka tswa ba sa a lemoga. Go kgothatsa tota go nna re gopotse mafoko ano a Pesalema 130:3: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?”

16, 17. (a) Re ka dirisa jang mafoko a Bagalatia 6:2, 5 malebana le boikgapo? (b) Re tlile go sekaseka dilo dife kaga boikgapo?

16 Rotlhe re tshwanetse go lwela go nna boikgapo e le gore re itumedise Jehofa, mme gone re ka kgothadiwa ke thuso e re e bonang mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete. Le fa gone mongwe le mongwe wa rona a tshwanelwa ke go ithwalela mokgweleo wa gagwe wa boikarabelo, re kgothalediwa gore re thusane go fenya makoa a rona. (Bagalatia 6:2, 5) Re ka anaanela motsadi, molekane, kana tsala e e re thibelang go ya kwa mafelong a re sa tshwanelang go ya kwa go one, go leba dilo tse re sa tshwanelang go di leba, kana go dira dilo tse re sa tshwanelang go di dira. Motho yoo o a bo a re thusa go nna boikgapo!

17 Bakeresete ba le bantsi ba ka dumalana le se re sa tswang go se sekaseka go fitlha fano malebana le go nna boikgapo, le fa go ntse jalo, ba ka ikutlwa gore ba sa ntse ba tshwanelwa ke go tokafatsa mo kgannyeng eno. Ba ka rata go bontsha boikgapo ka selekanyo se se golwane, go fitlha ba tshwara selekanyo se go lebeletsweng gore batho ba ba sa itekanelang ba se fitlhelele. A le wena o ikutlwa jalo? Fa go le jalo, ke eng se o ka se dirang gore o nne le nonofo eno e e leng karolo ya maungo a moya wa Modimo? Mme go dira jalo go ka go thusa jang gore o fitlhelele mekgele ya Bokeresete ya lobaka lo loleele e o ipeetseng yone? A re bone seo mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke Eng fa Boikgapo . . . 

• bo le botlhokwa mo Bakereseteng?

• e le kgwetlho e kgolo mo bathong bangwe?

• bo le botlhokwa mo lenyalong?

• e le nonofo e re ka thusanang go nna le yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

O Ile a Ithuta go Nna Boikgapo

Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o nnang kwa Jeremane e ne e le tlelereke mo khampaning nngwe ya tsa tlhaeletsano. Tiro ya gagwe e ne e akaretsa go tlhokomela dithulaganyo tse di farologaneng tsa thelebishene le tsa radio di le 30. Fa go nna le mathata, o ne a tshwanelwa ke go tlhoma matlho mo thulaganyong e e rileng gore a kgone go lemoga se se bakang mathata ao. A re: “Mo e batlang e le ka metlha mathata a ne a tlhaga ka nako e e sa siamang, ka nako ya fa go bontshiwa ditshwantsho tsa thubakanyo kana tsa tlhakanelodikobo. Go ne go bonala fa ditshwantsho tseo tse di maswe di nna malatsi, mme ka dinako tse dingwe dibekebeke mo mogopolong wa me, jaaka e kete di gatisitswe mo tlhaloganyong ya me.” O a dumela gore seno se ne se sa mo ame sentle semoyeng: “Ditshwantsho tsa thubakanyo di ne di dira gore ke nne bogale, ke palelwe ke go nna boikgapo. Ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo tsone di ne tsa dira gore ke nne le dikomang le mosadi wa me. Ke ne ke lwa le dilo tseno letsatsi le letsatsi. Gore ke fenye ntwa eno, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke senke tiro e nngwe, le mororo seo se ne se bolela gore ke amogele madi a mannye. Bosheng fela jaana ke ne ka kgona go bona tiro e nngwe. Keletso ya me e diragaditswe.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Kitso e re nnang le yone ka go ithuta Baebele e re thusa go nna boikgapo