Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basadi ba ba Ikanyegang ba Bakeresete—Ke Baobamedi ba ba Botlhokwa ba Modimo

Basadi ba ba Ikanyegang ba Bakeresete—Ke Baobamedi ba ba Botlhokwa ba Modimo

Basadi ba ba Ikanyegang ba Bakeresete—Ke Baobamedi ba ba Botlhokwa ba Modimo

“Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.”—DIANE 31:30.

1. Tsela e Jehofa a lebang bontle ka yone e farologana jang le e lefatshe le bo lebang ka yone?

LEFATSHE le tsaya ditebego e le selo sa botlhokwa thata, segolobogolo mo basading. Le fa go ntse jalo, Jehofa o kgatlhegela thata motho yo o ka fa teng, yo a ka nnang montle le go feta fa o ntse o gola. (Diane 16:31) Ka gone, Baebele e kgothatsa basadi jaana: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa go loga moriri loetse kafa ntle le wa go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:3, 4.

2, 3. Basadi ba ile ba nna le seabe sefe mo tirong ya go anamisa dikgang tse di molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme seno se ne se boleletswe pele jang?

2 Boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo molemo bo ile jwa bontshiwa ke bontsi jwa basadi ba ba umakilweng mo Baebeleng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba basadi bano ba ile ba nna le tshiamelo ya go direla Jesu le baaposetoloi ba gagwe. (Luke 8:1-3) Moragonyana, basadi ba Bakeresete ba ile ba nna bareri ba ba tlhoafetseng; ba bangwe ba ile ba ema nokeng banna ba Bakeresete ba ba neng ba eteletse tiro pele, go akaretsa le moaposetoloi Paulo; mme ba bangwe ba ne ba na le moya o montle wa go amogela baeng, e bile ba ithaopela gore dipokano tsa phuthego di tshwarelwe mo magaeng a bone.

3 Kgang ya gore Jehofa o ne a tla dirisa basadi ka tsela e kgolo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe e ile ya bolelelwa pele mo Dikwalong. Ka sekai, Joele 2:28, 29 e ne ya bolelela pele gore banna le basadi, bana le bagolo, ba ne ba tla amogela moya o o boitshepo le go nna le seabe mo tirong ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Boporofeti joo bo ne jwa simolola go diragadiwa ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ditiro 2:1-4, 16-18) Basadi bangwe ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba newa dimpho tse di gakgamatsang, jaaka mpho ya go porofeta. (Ditiro 21:8, 9) Setlhopha seno se segolo sa basadi ba ba ikanyegang se ile sa thusa go anamisa Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka go tlhoafala mo bodireding. Tota e bile, mo e ka nnang ka 60 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore dikgang tse di molemo di ne tsa “rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

Ba Akgolelwa Bopelokgale, Tlhoafalo le go Amogela Baeng

4. Ke eng fa Paulo a ne a na le lebaka le le utlwalang tota la go akgola basadi bangwe mo phuthegong ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?

4 Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a anaanela thata bodiredi jwa basadi ba ba rileng—fela jaaka gompieno balebedi ba Bakeresete ba anaanela bodiredi jwa basadi ba ba tlhoafetseng. Bangwe ba basadi ba Paulo a ileng a ba umaka ka maina e ne e le “Teraefina le Teraefosa, basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng” le “Peresise moratwa wa rona, gonne o ne a dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng.” (Baroma 16:12) Paulo o ne a re Yudia le Sentike ba ne ba ‘ole ba tsoga le ene mo dikgannyeng tse di molemo.’ (Bafilipi 4:2, 3) Perisila le monna wa gagwe Akhwila, le bone ba ne ba dira mmogo le Paulo. Ba ile ba bo ba “baya dithamo tsa bone mo kotsing” ka ntlha ya ga Paulo, e leng se se neng sa mo tlhotlheletsa go kwala jaana ka bone: “Ba e seng nna fela mme le diphuthego tsotlhe tsa ditšhaba di ba lebogang.”—Baroma 16:3, 4; Ditiro 18:2.

5, 6. Perisila o ne a tlhomela jang bokgaitsadi sekao se se molemo gompieno?

5 Ke eng fa Perisila a ne a tlhoafetse e bile a le pelokgale? Re kgona go bona lebaka la seno mo pegong e e kwadilweng mo go Ditiro 18:24-26, mo re utlwang gore o ne a ema monna wa gagwe nokeng go thusa Apolose, yo e neng e le setswerere mo puong, go tlhaloganya ka botlalo boammaaruri jo bo senotsweng. Ka jalo, ga go pelaelo gore Perisila e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng tota wa Lefoko la Modimo e bile a tlhaloganya dithuto tsa baaposetoloi sentle. Seno se ne sa dira gore a nne le dinonofo tse di molemo tota tse di neng tsa dira gore e nne motho wa botlhokwa mo Modimong, mo monneng wa gagwe le mo phuthegong ya bogologolo. Batho ba bangwe ba le bone ba leng botlhokwa jalo ke bokgaitsadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba dirang ka natla gompieno, ba ba ithutang Baebele ka tlhoafalo le ba ba anaanelang dijo tsa semoya tse Jehofa a ba abelang tsone ka “molebedi yo o boikanyego.”—Luke 12:42.

6 Akhwila le Perisila ba ne ba na le moya o montle wa go amogela baeng. Paulo o ne a nna mo legaeng la bone fa a ne a ba thusa mo kgwebong ya go dira megope kwa Korintha. (Ditiro 18:1-3) Fa banyalani bano ba ne ba fudugela kwa Efeso mme moraganyana kwa Roma, ba ne ba tswelela ba bontsha moya ono wa Bokeresete wa go amogela baeng, le go bula legae la bone gore dipokano tsa phuthego di tshwarelwe mo go lone. (Ditiro 18:18, 19; 1 Bakorintha 16:8, 19) Nimefa le Marea mmaagwe Johane Mareko le bone ba ne ba bula magae a bone gore dipokano tsa phuthego di tshwarelwe mo go one.—Ditiro 12:12; Bakolosa 4:15.

Ba Botlhokwa Thata Gompieno

7, 8. Gompieno basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba na le rekoto efe e e molemo mo tirelong e e boitshepo, mme ba ka tlhomamisega ka eng?

7 Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno basadi ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba na le seabe se segolo mo go diragatseng maikaelelo a Modimo, segolobogolo mo tirong ya go rera. Mme ruri bokgaitsadi bano ba na le rekoto e e molemo tota! Akanya ka sekai sa ga Gwen, yo o feditseng dingwaga di feta 50 a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a swa ka 2002. Monna wa gagwe a re: “Mo e ka nnang mongwe le mongwe mo motseng wa rona o ne a itse kafa Gwen a neng a tlhoafetse ka gone mo tirong ya go rera. O ne a tsaya batho botlhe e le ba ba ka amogelang lorato le ditsholofetso tsa ga Jehofa. Boikanyegi jwa gagwe mo Modimong, mo phuthegong ya gagwe le mo lelapeng la rona—ke sa bue sepe ka kgothatso e e lorato e a neng a tle a re e neye fa re kgobegile marapo—bo ile jwa nnonotsha jwa ba jwa nonotsha le bana ba rona mo botshelong jotlhe jwa rona jo bo molemo. Re mo tlhologelelwa tota.” Gwen le monna wa gagwe ba feditse dingwaga tse 61 ba nyalane.

8 Diketekete tsa basadi ba Bakeresete, ba ba sa nyalwang le ba ba nyetsweng, ba tsenetse tirelo ya bobulatsela le ya borongwa, ba kgotsofalela sengwe le sengwe se ba nang le sone mo botshelong fa ba ntse ba anamisa molaetsa wa Bogosi mo ditshimong tse di farologaneng, go tloga mo ditoropong tse dikgolo go ya kwa metseng ya magae. (Ditiro 1:8) Ba le bantsi ba ile ba itima tshono ya go nna le legae kgotsa bana gore ba direle Jehofa ka botlalo. Bangwe ba ema banna ba bone ba e leng balebedi ba ba etang nokeng ka boikanyegi, mme bokgaitsadi ba bangwe ba le diketekete bone ba direla mo magaeng a Bethele mo lefatsheng lotlhe. Ga go pelaelo gore basadi bano ba ba intshang setlhabelo ke dingwe tsa “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” tse di tlatsang ntlo ya ga Jehofa ka kgalalelo.—Hagai 2:7.

9, 10. Batho bangwe mo lelapeng ba ile ba bontsha jang gore ba anaanela sekao se se molemo sa basadi le bommè ba Bakeresete?

9 Ke boammaaruri gore, basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba na le maikarabelo mo lelapeng; le fa go ntse jalo, ba dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa bone. (Mathaio 6:33) Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa mmulatsela o ne a kwala jaana: “E re ka mmè a ne a na le tumelo e e nonofileng e bile a ntlhomela sekao se se molemo, o ne a nna le seabe se segolo mo tshwetsong ya me ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Tota e bile, e ne e le mongwe wa babulatsela ba ba molemo tota ba nkileng ka dira le bone.” Monna mongwe o bua jaana ka mosadi wa gagwe, yo e leng mmè wa basetsana ba le batlhano ba ba setseng ba godile: “Legae la rona le ne le nna le le phepa e bile le rulagantswe sentle. Bonnie o ne a sa batle go le tlatsa ka dilo tse dintsi gore re kgone go tlhoma mogopolo thata mo dilong tsa semoya. Tsela e a neng a somarela madi ka yone mo lelapeng e ne ya dira gore ke kgone go fetsa dingwaga tse 32 ke dira tiro e e seng ya nako e e tletseng, e leng se se neng se nthusa go fetsa nako e ntsi le ba lelapa la me le go dira dilo tsa semoya. Gape mosadi wa me o ne a ruta bana ba rona mosola wa go dira ka natla. Ruri o tshwanelwa ke go akgolwa.” Gompieno monna yono le mosadi wa gagwe ba direla kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.

10 Monna mongwe o kwala jaana ka mosadi wa gagwe, yo e leng mmè wa bana ba ba setseng ba godile: “Dilo tse ke di ratang thata ka Susan ke lorato lo logolo lo a ratang Modimo le batho ka lone, le gore ke motho yo o akanyetsang ba bangwe, yo o kutlwelobotlhoko le yo o ikanyegang. Ka metlha o ne a tsaya gore re tshwanetse go direla Jehofa ka bojotlhe—molaomotheo o ene ka boene a neng a o dirisa jaaka motlhanka wa Modimo le mmè.” Monna yono, ka ntlha ya go thusiwa ke mosadi wa gagwe, o ile a nna le ditshiamelo di le dintsinyana tsa semoya, tse di akaretsang go nna mogolwane, mmulatsela, go thusa balebedi ba potologo le go nna leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo. Ruri basadi bano ba botlhokwa mo banneng ba bone le mo Bakereseteng ba bangwe, mme mo godimo ga tsotlhe, ba botlhokwa thata mo go Jehofa!—Diane 31:28, 30.

Basadi ba ba Botlhokwa Thata Ba ba Se Nang Banna

11. (a) Jehofa o ile a supa jang gore o amega ka basadi ba ba ikanyegang, segolo jang batlholagadi? (b) Batlholagadi ba Bakeresete le bokgaitsadi ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba se nang banna ba ka tlhomamisega ka eng?

11 Jehofa o ile a supa ka makgetlho a le mantsi gore o amega ka batlholagadi. (Duteronome 27:19; Pesalema 68:5; Isaia 10:1, 2) Le gompieno go sa ntse go le jalo. Ga a amege fela ka batlholagadi mme gape o amega le ka bommè ba ba se nang balekane mmogo le basadi ba ba itlhophetseng go se nyalwe kgotsa ba ba iseng ba bone banna ba Bakeresete ba ba ka tshwanelanang le bone. (Malaki 3:6; Jakobe 1:27) Fa o le mongwe wa bokgaitsadi ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi o se na molekane wa Mokeresete yo o go emang nokeng, tlhomamisega gore Modimo o go tsaya o le botlhokwa tota.

12. (a) Bokgaitsadi bangwe ba Bakeresete ba bontsha jang boikanyegi jwa bone mo go Jehofa? (b) Bangwe ba bokgaitsadi ba rona ba lwa le maikutlo afe?

12 Ka sekai, akanya ka bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ba iseng ba nyalwe ka gonne ba ikobela ka boikanyegi kgakololo ya ga Jehofa ya go nyalwa “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39; Diane 3:1) Lefoko la Modimo le ba tlhomamisetsa jaana: “[Jehofa] o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.” (2 Samuele 22:26) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba fitlhela go le thata gore ba nne ba sa nyalwa. Kgaitsadi mongwe a re: “Ke ikemiseditse go nyalwa fela mo Moreneng, le fa go ntse jalo, ke ile ka lela tota ka makgetlho a mantsi fa ke bona ditsala tsa me di nyalwa ke banna ba ba molemo ba Bakeresete, fa nna ke nna ke sa nyalwa.” Kgaitsadi yo mongwe a re: “Ke feditse dingwaga di le 25 ke direla Jehofa. Ke ikemiseditse go nna ke ikanyega mo go ene, le fa go ntse jalo, ke hutsafadiwa thata ke maikutlo a go jewa ke bodutu.” Gape a re: “Bokgaitsadi ba ba tshwanang le nna ba tlhoka go kgothadiwa.” Re ka dira eng go thusa bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang?

13. (a) Re ithuta eng mo sekaong sa batho ba ba neng ba etela morwadie Jefetha? (b) Re ka bontsha ka ditsela dife tse dingwe gore re amega ka bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba mo phuthegong ya rona?

13 Tsela nngwe e re ka thusang ka yone re e bona mo sekaing sengwe sa bogologolo. Fa morwadie Jefetha a ne a tlogela tshono ya go nna le monna, setšhaba se ne sa lemoga gore o intsha setlhabelo. O ne a kgothadiwa jang? “Ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ne ba tswa ba ya go akgola morwadia Jefetha wa Mogileade, malatsi a le manè ka ngwaga.” (Baatlhodi 11:30-40) Le rona re tshwanetse go akgola go tswa pelong bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba ikobelang molao wa Modimo ka boikanyegi. * Re ka bontsha jang gape gore re amega ka bone? Fa re rapela, re tshwanetse go kopa Jehofa go thusa bokgaitsadi bano ba ba rategang le ba ba ikanyegang gore ba tswelele pele ka boikanyegi mo tirelong ya bone. Ba tshwanetse go tlhomamisediwa gore Jehofa le phuthego yotlhe ya Bokeresete e a ba rata le go ba anaanela thata.—Pesalema 37:28.

Kafa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane ba Atlegang ka Gone

14, 15. (a) Ke eng fa bommè ba Bakeresete ba ba se nang balekane ba tshwanetse go kopa thuso ya ga Jehofa? (b) Batsadi ba ba se nang balekane ba ka dira jang tumalanong le dithapelo tsa bone?

14 Basadi ba Bakeresete ba e leng batsadi ba ba se nang balekane le bone ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ba ka kopa Jehofa gore a ba thuse go godisa bana ba bone tumalanong le melaometheo ya Baebele. Ke boammaaruri gore fa o le motsadi yo o se nang molekane, ga o ka ke wa kgona go nna mmè le rre mo dilong tsotlhe. Le fa go ntse jalo, fa o kopa thuso ya ga Jehofa ka tumelo, o tla go thusa go dira maikarabelo a le mantsi a o nang le one. Ka sekai: Akanya o rwele morwalo o o boima mme o kopana le lekawana le o le itseng le le o le ikanyang. A o ne o ka gana gore le go thuse fa le ithaopela go go thusa morwalo oo? Nnyaa le e seng! Ka jalo, le wena o se ka wa leka go rwala mokgweleo wa dilo tse di go tshwenyang thata mo maikutlong o le esi, ntswa o ka kopa Jehofa go go thusa. Tota e bile, o go kopa gore o mmitse. Pesalema 68:19 ya re: “A go bakwe Jehofa, yo o re rwalelang morwalo letsatsi le letsatsi.” Gape 1 Petere 5:7 le yone e go laletsa gore o latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go Jehofa ‘ka gonne o a go kgathalela.’ Ka jalo, fa o ikutlwa o fekeediwa ke mathata le ke ditlhobaelo, ikimolole morwalo ka go o latlhela kwa go Rraeno yo o kwa legodimong, mme o dira jalo ‘o sa kgaotse.’—1 Bathesalonika 5:17; Pesalema 18:6; 55:22.

15 Ka sekai, ga go pelaelo gore fa o le mmè o tshwenyegile thata ka tlhotlheletso e balekane ba ka nnang le yone mo baneng ba gago kwa sekolong kgotsa ka dilo tse di ka lekang bothokgami jwa bone. (1 Bakorintha 15:33) Go a utlwala go bo o ka tshwenyega ka dilo tseno. Mme gakologelwa gore gape ke dilo tse o ka rapelang ka tsone. Tota e bile, ke eng fa o sa rapele ka tsone o na le bana ba gago pele ba ya sekolong, gongwe fa lo sena go sekaseka temana ya letsatsi mmogo? Dithapelo tse di tswang pelong, tse di tlhamaletseng di ka ama bana ba gago thata. Mo godimo ga tsotlhe, Jehofa o tla go segofatsa fa o ntse o leka ka natla go jala Lefoko la gagwe mo dipelong tsa bana ba gago ka bopelotelele. (Duteronome 6:6, 7; Diane 22:6) Se lebale gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.”—1 Petere 3:12; Bafilipi 4:6, 7.

16, 17. (a) Morwa mongwe o ne a reng ka tsela e mmagwe a neng a le lorato ka yone? (b) Tsela e mmè yono a neng a anaanela dilo tsa semoya ka yone e ne ya ama bana ba gagwe jang?

16 Akanya ka sekai sa ga Olivia, mmè wa bana ba le barataro. Monna wa gagwe yo o sa dumeleng o ne a ba tlogela morago fela ga gore gofejane wa bone a tsholwe, mme ka yone nako eo fela mmè yono o ne a simolola go thapisa bana ba gagwe mo ditseleng tsa Modimo. Morwa Olivia, Darren, yo ga jaana a nang le dingwaga tse 31 e bile e le mogolwane wa Mokeresete le mmulatsela, o ne a ka nna dingwaga tse 5 ka nako eo. Mathata a ga Olivia a ne a etegela fa Darren a ne a nna le bothata bongwe jo bo masisi tota jwa botsogo jo bo sa ntseng bo mo tshwenya le jaanong. Darren o kwala jaana fa a akanya ka nako ya fa a sa ntse a le monnye: “Ga ke lebale dinako tsa fa ke ne ke ntse mo bolaong jwa me kwa bookelong ke letetse Mmè ka tlhoafalo. O ne a tle a nne le nna a bo a mpalela Baebele letsatsi le letsatsi. Go tswa foo a bo a opela pina ya Bogosi ya ‘Re a Go Leboga, Jehofa.’ * Le gompieno e sa ntse e le pina e ke e ratang thata ya Bogosi.”

17 E re ka Olivia a ne a ikanya Jehofa e bile a mo rata, seno se ne sa mo thusa gore a atlege thata le mororo e ne e le mmè yo o se nang molekane. (Diane 3:5, 6) Boikutlo jwa gagwe jo bo molemo bo ne bo bonala mo mekgeleng e a neng a e tlhomela bana ba gagwe. Darren a re: “Mmè o ne a tlhola a re kgothaletsa go ipeela mokgele wa bodiredi jwa nako e e tletseng. Seno se ne sa dira gore nna le bokgaitsadiake ba le banè mo go ba le batlhano re tsenele bodiredi jwa nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, le ka motlha Mmè o ne a sa ipelafatse ka dilo tseno mo bathong ba bangwe. Ke leka ka natla go etsa dinonofo tsa gagwe tse di molemo.” Ke boammaaruri gore, ga se bana botlhe ba ba golang ba direla Modimo jaaka bana ba ga Olivia ba ile ba dira. Le fa go ntse jalo, fa mmè a dira bojotlhe go tshela ka melaometheo ya Baebele, a ka tlhomamisega gore Jehofa o tla mo kaela le go mo tshegetsa ka lorato.—Pesalema 32:8.

18. Re ka bontsha jang gore re anaanela se Jehofa a re rulaganyeditseng sone ka phuthego ya Bokeresete?

18 Modimo o re thusa thata ka phuthego ya Bokeresete, e e nang le thulaganyo ya ka metlha ya go re tlamela ka dijo tsa semoya, e gape e nang le bokaulengwe jwa Bokeresete le “dimpho tse e leng banna” ba ba godileng sentle semoyeng. (Baefeso 4:8) Bagolwane ba ba ikanyegang ba dira ka natla go aga botlhe mo phuthegong, mme ba akanyetsa thata dilo tse di tlhokwang ke “masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” (Jakobe 1:27) Ka jalo, le ka motlha o se ka wa itlhaola mo bathong ba Modimo, nna o atamalane le bone.—Diane 18:1; Baroma 14:7.

Molemo wa go Nna Boikobo

19. Ke eng fa go ka twe fa mosadi a ikoba ga go reye gore o a bo a ipaya mo maemong a a kwa tlase, mme ke sekai sefe se se mo Baebeleng se se tshegetsang ntlha eno?

19 Jehofa o ne a bopa mosadi go nna motlatsi wa monna. (Genesise 2:18) Ka gone, ga go reye gore fa mosadi a ikobela monna wa gagwe o a bo a ipaya mo maemong a a kwa tlase. Go na le moo, go dira jalo go naya mosadi seriti, e bile go mo naya sebaka sa go dirisa dimpho le ditalenta tsa gagwe tse dintsi go dumalana le thato ya Modimo. Diane kgaolo 31 e tlhalosa ditiro tse di farologaneng tse di neng di dirwa ke mosadi yo o nang le bokgoni kwa Iseraeleng wa bogologolo. O ne a thusa batlhoki, a jala masimo a mofine le go reka tshimo. Ee, ‘pelo ya mong wa gagwe e ne e mo ikantse, mme go ne go sa tlhaele poelo epe.’—Temana 11, 16, 20.

20. (a) Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go nna le pono efe ka bokgoni kgotsa dimpho tse a di filweng ke Modimo? (b) Esethere o ne a na le dinonofo dife tse di molemo, mme seno se ne sa dira gore Jehofa a mo dirise ka tsela efe?

20 Mosadi yo o boingotlo, yo o boifang Modimo ga a ikgodise kgotsa go gaisana le monna wa gagwe. (Diane 16:18) Ga a leke go ikgotsofatsa ka go gagamalela dilo tsa lefatshe, go na le moo, o dirisa dimpho tse a di filweng ke Modimo go thusa batho ba bangwe—ba lelapa la gagwe, Bakeresete ka ene, baagelani mme mo godimo ga tsotlhe o batla go itumedisa Jehofa. (Bagalatia 6:10; Tito 2:3-5) Akanya ka sekai se se mo Baebeleng sa ga Kgosigadi Esethere. Le mororo a ne a le montle, o ne a le boingotlo e bile a le boikobo. (Esethere 2:13, 15) Fa a sena go nyalwa o ne a bontsha monna wa gagwe e bong Kgosi Ahasueruse tlotlo e e boteng, a sa tshwane le mosadi wa pele wa kgosi e bong Fasheti. (Esethere 1:10-12; 2:16, 17) Gape Esethere o ne a reetsa ntsalae yo mogolo Moredekai mo dikgannyeng dingwe tse di tshwanetseng—tota le fa a sena go nna kgosigadi. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore o ne a le bokoa! O ne a nna pelokgale go senola ditiro tsa ga Hamane, monna yo o setlhogo yo o nang le tlhotlheletso yo o neng a loga leano la go nyeletsa Bajuda. Jehofa o ne a dirisa Esethere ka tsela e kgolo go boloka batho ba gagwe.—Esethere 3:8–4:17; 7:1-10; 9:13.

21. Ke eng se se ka thusang mosadi wa Mokeresete gore a nne a le botlhokwa ka metlha mo go Jehofa?

21 Ga go pelaelo gore basadi ba ba boifang Modimo mo metlheng ya bogologolo le gompieno ba ile ba bontsha fa ba ineetse ka botlalo mo go Jehofa le mo kobamelong ya gagwe. Ka jalo, Jehofa o tsaya basadi ba ba mmoifang ba le botlhokwa thata. Bokgaitsadi ba Bakeresete, letlang Jehofa go lo bopa ka iketlo ka moya wa gagwe gore lo nne ‘dijana’ tse di rategang ka metlha, tse di ‘ipaakanyeditseng tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Timotheo 2:21; Baroma 12:2) Lefoko la Modimo le bua jaana ka baobamedi ba ba ntseng jalo ba ba botlhokwa: “Mo neyeng maungo a diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake le kwa dikgorong.” (Diane 31:31) E kete go ka nna jalo le ka mongwe le mongwe wa lona.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona kafa re ka ba akgolang jalo ka teng, bona Tora ya Tebelo ya March 15, 2002, tsebe 26-8.

^ ser. 16 Pina 212 mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng se se ileng sa dira gore basadi bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba nne botlhokwa mo go Jehofa?

• Bokgaitsadi ba le bantsi mo motlheng wa rona ba ile ba dira jang gore Modimo a ba tseye ba le botlhokwa?

• Jehofa o tshegetsa bommè le bokgaitsadi ba bangwe ba ba se nang balekane ka ditsela dife?

• Mosadi a ka bontsha jang gore o tlotla thulaganyo ya botlhogo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 17]

DIKAI TSE RE KA AKANYANG KA TSONE

A o ka rata go sekaseka dikai tse dingwe tsa basadi ba ba ikanyegang ba ba umakilweng mo Baebeleng? Fa e le gore go ntse jalo, tsweetswee bala ditemana tse di umakilweng fa tlase. Fa o ntse o tlhatlhanya ka batho ba ba farologaneng ba ba kwadilweng fano, leka go bona melaometheo e o ka kgonang go e dirisa ka tsela e kgolwane mo botshelong jwa gago.—Baroma 15:4.

Sara: Genesise 12:1, 5; 13:18a; 21:9-12; 1 Petere 3:5, 6.

Basadi ba Baiseraele ba ba ratang go aba: Ekesodo 35:5, 22, 25, 26; 36:3-7; Luke 21:1-4.

Debora: Baatlhodi 4:1–5:31.

Ruthe: Ruthe 1:4, 5, 16, 17; 2:2, 3, 11-13; 4:15.

Mosadi wa kwa Shunema: 2 Dikgosi 4:8-37.

Mosadi wa Mofonikia: Mathaio 15:22-28.

Maratha le Marea: Mareko 14:3-9; Luke 10:38-42; Johane 11:17-29; 12:1-8.

Tabitha: Ditiro 9:36-41.

Bomorwadie Filipi ba le banè: Ditiro 21:9.

Febe: Baroma 16:1, 2.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A o akgola bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba ikobelang molao wa Modimo ka boikanyegi?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Motsadi a ka kopa dilo dife ka tlhamalalo fa a rapela le bana ba gagwe pele ba ya sekolong?