Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basadi ba ba Neng ba Itumedisa Jehofa

Basadi ba ba Neng ba Itumedisa Jehofa

Basadi ba ba Neng ba Itumedisa Jehofa

“E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone, mme e kete o ka nna le tuelo e e feletseng go tswa kwa go Jehofa.”—RUTHE 2:12.

1, 2. Re ka solegelwa molemo jang ke go akanya ka dikai tse di mo Baebeleng tsa basadi ba ba neng ba itumedisa Jehofa?

GO BOIFA Modimo go ile ga tlhotlheletsa basadi bangwe ba babedi gore ba gane go ikobela Faro. Tumelo e ne ya tlhotlheletsa mosadi mongwe wa seaka go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse ditlhodi tse pedi tsa Iseraele. Go nna botlhale le go ikokobetsa fa go tlhaga bothata, go ne ga thusa mosadi mongwe go boloka botshelo jwa batho ba le bantsi le go dira gore motlodiwa wa ga Jehofa a se ka a nna le molato wa madi. Tumelo mo go Jehofa Modimo le moya wa go amogela baeng di ne tsa tlhotlheletsa mosadi mongwe yo e neng e le motlholagadi e bile e le mmè go naya moporofeti mongwe wa Modimo dijo tsa bofelo tse a neng a na le tsone. Tseno ke dingwe tsa dikai di le dintsi tsa Dikwalo tsa basadi ba ba neng ba itumedisa Jehofa.

2 Boikutlo jo Jehofa a neng a na le jone ka basadi bano le tsela e a neng a ba segofatsa ka yone, di bontsha gore selo se se mo itumedisang le se a se tsayang se le botlhokwa go feta tsotlhe ke dinonofo tsa semoya e seng gore motho ke wa bong bofe. Mo lefatsheng leno le le tshwaregileng thata ka dilo tse e seng tsa semoya, go thata gore motho a dire gore dilo tsa semoya di tle pele mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, sekao sa basadi ba le dimilione ba ba boifang Modimo ba e leng bone ba leng bantsi mo bathong ba Modimo gompieno, se supa gore re ka kgona go fenya bothata jono. Basadi bano ba Bakeresete ba etsa tumelo, botlhale, moya wa go amogela baeng le dinonofo tse dingwe tse di molemo tse di bontshitsweng ke basadi ba ba boifang Modimo ba ba umakilweng mo Baebeleng. Ga go pelaelo gore banna ba Bakeresete le bone ba batla go etsa dinonofo tsa basadi bano ba ba tlhomang sekao ba mo metlheng ya bogologolo. Go bona kafa re ka dirang seno ka tsela e e kgolwane ka gone, a re sekasekeng ka botlalo dipego tsa Baebele tse di ka ga basadi ba ba umakilweng kwa tshimologong.—Baroma 15:4; Jakobe 4:8.

Basadi ba ba Neng ba Gana go Ikobela Faro

3, 4. (a) Ke eng fa Shifera le Pua ba ile ba gana go ikobela Faro fa a ne a laela gore bana botlhe ba basimane ba ba sa tswang go tsholwa ba Baiseraele ba bolawe? (b) Jehofa o ne a segofatsa jang babelegisi bano ba babedi ka ntlha ya bopelokgale le go boifa Modimo ga bone?

3 Ka nako ya tsheko ya Nuremberg, e e neng e tshwaretswe kwa Jeremane morago ga Ntwa ya Lefatshe II, batho ba le bantsi ba ba neng ba tshwaretswe molato wa go gaila batho ba ne ba leka go buelela ditiro tsa bone tse di setlhogo ba re ba di dirile ka go bo ba ne ba ikobela ditaelo. Jaanong bapisa batho bano le babelegisi bangwe ba babedi ba Baiseraele e bong Shifera le Pua, ba ba neng ba nna kwa Egepeto wa bogologolo mo pusong ya ga Faro yo o setlhogo yo leina la gagwe le sa umakiweng. E re ka Faro a ne a boifisiwa ke tsela e Bahebera ba neng ba oketsega ka yone, o ne a laela babelegisi bano ba babedi gore ba tlhomamise gore bana botlhe ba basimane ba ba sa tswang go tsholwa ba Bahebera ba a bolawa. Basadi bano ba ile ba tsibogela jang taelo eo e e bosula? “Ga ba a ka ba dira jaaka kgosi ya Egepeto e ne e buile le bone, mme ba ne ba tlogela bana ba basimane ba tshela.” Ke eng fa basadi bano ba ile ba se ka ba letla gore go boifa batho go dire gore ba ikobele taelo eo? Ka gonne “ba ne ba boifa Modimo wa boammaaruri.”—Ekesodo 1:15, 17; Genesise 9:6.

4 Ee, babelegisi bano ba ne ba dira Jehofa botshabelo jwa bone, mme Jehofa ene o ne a nna “thebe” ya bone, a ba sireletsa mo tšhakgalong ya ga Faro. (2 Samuele 22:31; Ekesodo 1:18-20) Mme gone, Jehofa ga a ka a ba segofatsa ka tsela eo fela. O ne a segofatsa Shifera le Pua ka go dira gore ba nne le malapa a e leng a bone. Gape o ile a tlotla basadi bano ka go dira gore maina a bone le ditiro tsa bone di kwalwe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng gore dikokomana tse di tlang di bale ka bone, fa leina la ga Faro lone le sa tlhole le gakologelwa ka gope.—Ekesodo 1:21; 1 Samuele 2:30b; Diane 10:7.

5. Gompieno basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba bontsha jang boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Shifera le Pua, mme Jehofa o tla ba segofatsa jang?

5 A go na le basadi ba ba tshwanang le Shifera le Pua gompieno? Ee ruri! Ngwaga le ngwaga, diketekete tsa basadi ba ba ntseng jalo ba rera ka bopelokgale molaetsa wa Baebele o o bolokang botshelo mo dinageng tse “taelo ya kgosi” e o thibelang, mme ka go dira jalo ba tsenya kgololesego ya bone le botshelo jwa bone mo kotsing. (Bahebera 11:23; Ditiro 5:28, 29) E re ka basadi bano ba ba pelokgale ba tlhotlhelediwa ke lorato lo ba ratang Modimo le moagelani ka lone, ga ba letle ope go ba thibela go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Ka gone, basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba lebana le kganetso le pogiso. (Mareko 12:30, 31; 13:9-13) Fela jaaka go ne go ntse ka Shifera le Pua, Jehofa o itse sentle ditiro tsa basadi bano ba ba molemo le ba ba pelokgale, mme o tla ba bontsha gore o a ba rata ka go boloka maina a bone mo ‘bukeng ya gagwe ya botshelo,’ fa fela ba ka itshoka go ya bokhutlong.—Bafilipi 4:3; Mathaio 24:13.

Mosadi yo e Kileng Ya bo E le Seaka o Itumedisa Jehofa

6, 7. (a) Ke eng se Rahabe a neng a se itse ka Jehofa le batho ba gagwe, mme kitso eno e ne ya mo ama jang? (b) Lefoko la Modimo le tlotla Rahabe jang?

6 Ka ngwaga wa 1473 B.C.E., mosadi mongwe wa seaka e bong Rahabe o ne a nna kwa motseng wa Bakanana wa Jeriko. Ga go pelaelo gore Rahabe e ne e le mosadi yo o nang le kitso tota. Fa ditlhodi tse pedi tsa Iseraele di ne di batla go iphitlha mo ntlong ya gagwe, o ne a kgona go di bolelela dintlha ka botlalo malebana le Khudugo e e gakgamatsang ya Baiseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto le mororo seno se ne se diragetse dingwaga di le 40 pele ga moo! Gape o ne itse ka diphenyo tsa bosheng tsa Baiseraele kgatlhanong le Dikgosi tsa Baamore, Sihone le Oge. Ela tlhoko gore kitso eo e ne ya mo ama jang. O ne a raya ditlhodi tseo a re: “Ruri ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno, . . . gonne Jehofa Modimo wa lona ke Modimo kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase.” (Joshua 2:1, 9-11) Ee, se Rahabe a neng a se ithutile ka Jehofa le dilo tse a neng a di direla Baiseraele se ne sa mo ama thata e bile se ne sa dira gore a nne le tumelo mo go ene.—Baroma 10:10.

7 Tumelo ya ga Rahabe e ne ya mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. O ne a amogela ditlhodi tsa Iseraele “ka kagiso,” mme o ne a ikobela ditaelo tsa bone tse di neng tsa boloka botshelo jwa gagwe fa Iseraele e tlhasela Jeriko. (Bahebera 11:31; Joshua 2:18-21) Ga go pelaelo gore ditiro tsa ga Rahabe tse di supang tumelo di ile tsa itumedisa Jehofa, ka gonne o ne a tlhotlheletsa morutwa wa Mokeresete Jakobe gore a kwale leina la ga Rahabe gaufi le la ga Aborahame tsala ya Modimo, e le sekao se Bakeresete ba tshwanetseng go se etsa. Jakobe o ne a kwala jaana: “Ka one mokgwa oo a Rahabe wa seaka le ene ga a a bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe?”—Jakobe 2:25.

8. Jehofa o ile a segofatsa Rahabe jang ka ntlha ya tumelo le go nna kutlo ga gagwe?

8 Jehofa o ne a segofatsa Rahabe ka ditsela tse dintsinyana. Ya ntlha, o ne a boloka botshelo jwa gagwe ka kgakgamatso le jwa botlhe ba ba neng ba tshabela kwa ntlong ya gagwe—ke gore “ba ntlo ya ga rraagwe le botlhe ba e neng e le ba gagwe.” Go tswa foo, o ne a ba letla go nna “mo gare ga Iseraele,” kwa ba neng ba tlile go tshwarwa jaaka maloko a setšhaba seo teng. (Joshua 2:13; 6:22-25; Lefitiko 19:33, 34) Mme ga go a felela foo. Gape Jehofa o ile a naya Rahabe tlotlo ya go nna mmèmogologolwane wa ga Jesu Keresete. A tsela e kgolo jang ne ya go supa bopelonomi jwa lorato mo mosading yo pele e neng e le Mokanana yo o obamelang medingwana! *Pesalema 130:3, 4.

9. Boikutlo jo Jehofa a neng a na le jone ka Rahabe le basadi bangwe ba Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga bo ka kgothatsa jang basadi bangwe gompieno?

9 Fela jaaka Rahabe, basadi bangwe ba Bakeresete go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga go fitlha gompieno, ba ile ba tlogela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang gore ba itumedise Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Ga go pelaelo gore bangwe ba bone ba goletse mo tikologong e e tshwanang le ya Kanana wa bogologolo, e e neng e tletse boitsholo jo bo sa siamang e bile bo tsewa e le selo se se tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, ba ile ba fetola mekgwa ya bone, ba tlhotlhelediwa ke tumelo e e theilweng mo kitsong e e tlhomameng ya Dikwalo. (Baroma 10:17) Ka gone, gape go ka bolelwa gore basadi ba ba ntseng jalo “Modimo ga a ba tlhabelwe ke ditlhong, gore a bidiwe Modimo wa bone.” (Bahebera 11:16) A tlotlo e kgolo ruri!

O ne A Segofalediwa go Nna Botlhale

10, 11. Ke eng se se neng sa direga magareng ga Nabale le Dafide se se neng sa tlhotlheletsa Abigaile go tsaya kgato?

10 Basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba supa botlhale ka tsela e e gakgamatsang tota, e leng se se neng sa dira gore ba nne botlhokwa thata mo bathong ba ga Jehofa. Mongwe wa basadi bano e ne e le Abigaile, mosadi wa ga Nabale yo e neng e le Moiseraele yo o humileng tota yo o nang le masimo. Botlhale jwa ga Abigaile bo ne jwa boloka botshelo jwa batho bangwe le go dira gore Dafide, yo a neng a tlile go nna kgosi ya Iseraele, a se ka a nna le molato wa madi. Re ka bala ka ga Abigaile mo pegong e e kwadilweng mo go 1 Samuele kgaolo 25.

11 Fa pego eno e simolola, Dafide le banna ba gagwe ba thibeletse gaufi le letsomane la ga Nabale, le ba neng ba le disitse bosigo le motshegare kwantle ga go batla tuelo, e re ka ba ne ba bontsha Moiseraele ka bone e bong Nabale bopelonomi. Fa Dafide a felelwa ke dijo, o romela makawana a le lesome kwa go Nabale gore a ye go kopa dijo. Jaanong seno se naya Nabale sebaka sa go leboga Dafide le go mo naya tlotlo e re ka e ne e le motlodiwa wa ga Jehofa. Mme Nabale ga a dire jalo. O tlhapatsa Dafide a galefile tota, a bo a busetsa makawana ano kwa morago a iphotlhere. Fa Dafide a utlwa seno, o rulaganya batlhabani ba le 400 a bo a tsena mo tseleng a ya go ipusolosetsa. Abigaile o utlwa kafa monna wa gagwe a ileng a tshwara banna ba ga Dafide makgwakgwa ka gone, a bo a tsaya kgato ka bonako le go dirisa botlhale go reba Dafide bogale ka go mo romelela dijo tse dintsi. Go tswa foo, o ya ka namana kwa go Dafide.—Temana 2-20.

12, 13. (a) Abigaile o ne a supa jang gore o botlhale le gore o ikanyega mo go Jehofa le mo motlodiweng wa gagwe? (b) Abigaile o ne a dira eng fa a boela gae, mme o ne a diragalelwa ke eng?

12 Fa Abigaile a kopana le Dafide, o bontsha gore o tlotla motlodiwa yono wa ga Jehofa ka go mo kopa bopelotlhomogi ka boikokobetso. A re: “Ruri Jehofa o tla direla morena wa me ntlo e e nnelang ruri, ka gonne morena wa me o tlhabana dintwa tsa ga Jehofa,” go tswa foo a bo a bolela gore Jehofa o tla dira Dafide moeteledipele wa Iseraele. (Temana 28-30) Mme gape Abigaile o bontsha bopelokgale ka go bolelela Dafide gore fa a sa laole maikutlo a gagwe a go batla go ipusolosetsa, seno se ka dira gore a nne le molato wa madi. (Temana 26, 31) Dafide o a itharabologelwa ka ntlha ya go ikokobetsa, go nna tlotlo le go akanya sentle ga ga Abigaile. A re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi.”—Temana 32, 33.

13 Fa Abigaile a boela gae, o nna pelokgale go batla ditsela tsa go bolelela monna wa gagwe ka dimpho tse a di fileng Dafide. Le fa go ntse jalo, o fitlhela monna wa gagwe “a tagilwe thata.” Ka jalo, o leta go fitlha a tlhapogelwa go tswa foo a bo a mmolelela ka gone. Nabale o itshwara jang? O gamarega jaaka e kete o sule bogatsu. Malatsi a le lesome moragonyana o itewa ke Modimo a bo a swa. Fa Dafide a utlwa ka loso lwa ga Nabale, o kopa Abigaile yo a neng a mo rata e bile a mo tlotla tota gore ba nyalane. Abigaile o amogela kopo ya ga Dafide.—Temana 34-42.

A o Ka Etsa Abigaile?

14. Ke dinonofo dife tsa ga Abigaile tse re ka batlang go di bontsha ka tsela e kgolwane?

14 A go na le dinonofo dingwe tsa ga Abigaile tse o ka ratang go di bontsha ka tsela e kgolwane, e ka ne o monna kgotsa mosadi? Gongwe o batla go dira dilo ka botlhale fa mathata a tlhaga. Kgotsa o ka tswa o batla go bua ka tsela e e ritibetseng le e e botlhale fa batho ba o buang le bone ba simolola go galefa. Fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa o sa bue le Jehofa ka thapelo ka kgang eno? O solofetsa go naya mongwe le mongwe botlhale, temogo le bokgoni jwa go akanya fa a ‘nna a mo kopa ka tumelo.’—Jakobe 1:5, 6; Diane 2:1-6, 10, 11.

15. Basadi ba Bakeresete ba tlhoka go bontsha dinonofo tsa ga Abigaile segolobogolo mo maemong afe?

15 Go botlhokwa go nna le dinonofo tse di ntseng jalo segolobogolo fa o le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng yo o sa tseyeng melaometheo ya Baebele tsia. Gongwe e bile o nwa bobe. Re solofela gore banna ba ba ntseng jalo ba tla fetola mekgwa ya bone. Ba le bantsi ba ile ba dira jalo—gantsi e le ka gonne basadi ba bone ba le bonolo, ba na le tlotlo e e boteng, e bile ba itshwere sentle.—1 Petere 3:1, 2, 4.

16. Le fa maemo e ka tswa e le afe mo lelapeng, mosadi wa Mokeresete a ka bontsha jang gore o tsaya kamano ya gagwe le Jehofa e le botlhokwa go feta dilo tse dingwe tsotlhe?

16 Le fa o ka tswa o tshwanelwa ke go itshokela mathata ape fela mo lelapeng, se lebale gore Jehofa o tla go ema nokeng ka metlha. (1 Petere 3:12) Ka jalo, leka ka natla go inonotsha semoyeng. Rapelela botlhale le pelo e e ritibetseng. Ee, atamalana le Jehofa ka go ithuta Baebele ka metlha, ka go rapela, go tlhatlhanya le go itsalanya le Bakeresete ka wena. Abigaile ga a ka a letla monna wa gagwe yo o neng a sa rate dilo tsa semoya gore a kgoreletse lorato lo a neng a rata Modimo ka lone le tsela e a neng a leba motlhanka wa Modimo wa motlodiwa ka yone. O ne a dira dilo go ya ka melaometheo e e siameng. Tota le mo lelapeng le monna e leng motlhanka wa Modimo yo o tlhomang sekao, mosadi wa Mokeresete o lemoga gore o tshwanetse go tswelela a dira ka natla go inonotsha semoyeng le go nna a nonofile jalo. Ke boammaaruri gore, monna wa gagwe o na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go mo tlhokomela semoyeng le mo nameng, mme gone mosadi ka boene o tshwanelwa ke go direla ‘poloko ya gagwe ka poifo le go roroma.’—Bafilipi 2:12; 1 Timotheo 5:8.

O ne A Bona “Maduo a Moporofeti”

17, 18. (a) Motlholagadi wa Sarepate o ne a lekwa tumelo ka tsela efe e e sa tlwaelegang? (b) Motlholagadi yono o ne a tsibogela kopo ya ga Elija jang, mme Jehofa o ne a mo duela jang?

17 Tsela e Jehofa a ileng a tlhokomela motlholagadi mongwe wa mohumanegi mo motlheng wa ga moporofeti Elija ka yone e bontsha gore o anaanela thata batho ba ba emang kobamelo ya boammaaruri nokeng ka go intsha setlhabelo le go aba dilo tsa bone. Leuba le le neng la tsaya lobaka lo loleele mo motlheng wa ga Elija, le ne la ama batho ba le bantsi go akaretsa le motlholagadi yono le morwawe ba ba neng ba nna kwa Sarepate. E ne ya re fela fa ba saletswe ke dijonyana tsa bofelo, ba ne ba etelwa ke mongwe—moporofeti Elija. O ne a dira kopo e e sa tlwaelegang. Le mororo a ne a itse bothata jwa mosadi yono, o ne a mo kopa gore a mo direle “kuku e kgolokwe,” ka leokwane le bupi jwa gagwe jwa bofelo. Mme gape o ne a re: “Gonne Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Nkgo e kgolo ya bupi ga e na go kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e na go kgaritlhega go fitlha letsatsi le Jehofa a nesang pula e kgolo mo godimo ga lefatshe ka lone.’”—1 Dikgosi 17:8-14.

18 O ka bo o ile wa tsibogela jang kopo eo e e sa tlwaelegang? Motlholagadi wa Sarepate o ne a “dira go ya ka lefoko la ga Elija” e re ka go bonala a ne a lemoga gore Elija ke moporofeti wa ga Jehofa. Jehofa o ne a tsibogela jang moya wa gagwe wa go amogela baeng? O ne a tlamela mosadi yono, morwawe le Elija ka dijo ka tsela e e gakgamatsang mo nakong eo ya leuba. (1 Dikgosi 17:15, 16) Ee, Jehofa o ne a naya motlholagadi wa Sarepate “maduo a moporofeti,” le fa tota e ne e se Moiseraele. (Mathaio 10:41) Morwa Modimo le ene o ne a baka motlholagadi yono fa a ne a mo umaka e le sekao mo bathong ba ba neng ba se na tumelo ba motse wa gaabo wa Nasaretha.—Luke 4:24-26.

19. Gompieno basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa motlholagadi wa Sarepate ka ditsela dife, mme Jehofa o ikutlwa jang ka bone?

19 Gompieno, basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa motlholagadi wa Sarepate. Ka sekai, beke le beke bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba ratang go aba—ba bontsi jwa bone ba humanegileng e bile ba na le ba malapa go ba tlhokomela—ba amogela balebedi ba ba etang le basadi ba bone mo magaeng a bone. Ba bangwe ba abela badiredi ba nako e e tletseng ba lefelo la bone dijo, ba thusa ba ba tlhokang kgotsa ba dirisa maatla a bone le dithoto tsa bone go ema tiro ya Bogosi nokeng. (Luke 21:4) A Jehofa o anaanela moya o o ntseng jalo wa go intsha setlhabelo? Ee, ruri! “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.”—Bahebera 6:10.

20. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, basadi ba se kae ba ba boifang Modimo ba ne ba nna le tshiamelo ya go direla Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlhalosa kafa basadi bano ba ileng ba itumedisa Jehofa ka gone, mme re tla sekaseka sekai sa basadi ba ba direlang Jehofa ka pelo yotlhe gompieno, tota le mo maemong a a thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Losika lwa ga Jesu, jaaka lo kwadilwe ke Mathaio, lo umaka basadi ba le banè ka maina—Tamare, Rahabe, Ruthe le Marea. Basadi bano botlhe ba tsewa e le ba botlhokwa thata mo Lefokong la Modimo.—Mathaio 1:3, 5, 16.

Poeletso

• Basadi ba ba latelang ba ile ba itumedisa Jehofa jang?

• Shifera le Pua

• Rahabe

• Abigaile

• Motlholagadi wa Sarepate

• Go tlhatlhanya ka sekao se basadi bano ba re tlhometseng sone go ka re thusa jang ka namana? Naya sekai.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba direla Modimo le fa “taelo ya kgosi” e ne e ba thibela

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke eng fa Rahabe e le sekao se se molemo sa mongwe yo o nang le tumelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke dinonofo dife tsa ga Abigaile tse o batlang go di etsa?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Gompieno basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa motlholagadi wa Sarepate