Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Elisha a ne a kopa “dikarolo tse pedi” tsa moya wa ga Elija?

Pele fela ga fa Elija a wetsa kabelo ya gagwe ya go nna moporofeti mo Iseraele, moporofeti yo mmotlana Elisha o ne a mo kopa a re: “Ke kopa gore dikarolo tse pedi mo moyeng wa gago di tle mo go nna.” (2 Dikgosi 2:9) Ka tsela ya semoya, go bonala Elisha a ne a lopa dikarolo tse pedi tse di neng di neelwa morwa wa leitibolo. (Duteronome 21:17) Go sekaseka pego eno ka bokhutshwane go tla re thusa gore re e tlhaloganye mme re tla kgona go ithuta dilo dingwe mo go se se diragetseng.

Moporofeti Elija o ne a tloditse Elisha gore e nne motlhatlhami wa gagwe fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. (1 Dikgosi 19:19-21) Elisha e ne e ntse e le motlhokomedi wa ga Elija ka dingwaga di ka nna thataro, mme o ne a ikemiseditse go dira tiro eo go ya bokhutlong. Le eleng mo letsatsing la bofelo la tiro ya ga Elija ya go nna moporofeti mo Iseraele, Elisha o ne a dira gaufi le morutisi wa gagwe. Le fa Elija a ne a kopa Elisha gore a tlogele go mo latela, moporofeti yono yo mmotlana o ne a bua jaana makgetlho a le mararo: “Ga ke na go go tlogela.” (2 Dikgosi 2:2, 4, 6; 3:11) Eleruri, Elisha o ne a tsaya moporofeti yono yo o godileng e le rraagwe wa semoya.—2 Dikgosi 2:12.

Le fa go ntse jalo, Elisha e ne e se ene fela morwa wa semoya wa ga Elija. Elija le Elisha ba ne ba tlwaelane le setlhopha sa banna ba ba neng ba bidiwa “bomorwa baporofeti.” (2 Dikgosi 2:3) Pego eno e e mo go Dikgosi Tsa Bobedi e supa gore ‘barwa’ bano le bone ba ne ba na le kamano e e gaufi thata le rraabone wa semoya e leng Elija. (2 Dikgosi 2:3, 5, 7, 15-17) Le fa go ntse jalo, e re ka Elisha a ne a tloditswe gore a tlhatlhame Elija, e ne e le ene wa ntlha mo barweng bano ba ga Elija ba semoya—o ne a tshwana le leitibolo. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, morwa wa mmatota wa leitibolo o ne a amogela dikarolo tse pedi tsa boswa jwa ga rraagwe, fa barwa ba bangwe bone ba amogela karolo e le nngwe fela. Mme Elisha ene o ne a kopa dikarolo di le pedi tsa boswa jwa semoya jwa ga Elija.

Ke ka ntlha yang fa Elisha a ne a dira kopo eo ka nako eo? Ka gonne o ne a le gaufi le go simolola tiro e e thata—ya go tlhatlhama Elija go nna moporofeti mo Iseraele. Elisha o ne a lemoga gore, e le gore a kgone go diragatsa maikarabelo a a amanang le kabelo eno ya gagwe e e thata, o ne a tlhoka maatla a a fetang a a nang le one, maatla a a ka a newang ke Jehofa fela. O ne a tshwanetse go tlhoka poifo fela jaaka Elija. (2 Dikgosi 1:3, 4, 15, 16) Ka jalo, o ne a kopa dikarolo tse pedi tsa moya wa ga Elija, moya wa bopelokgale le wa go “fufegela Jehofa”—e leng dinonofo tse di eletsegang tse di bonwang mo moyeng wa Modimo. (1 Dikgosi 19:10, 14) Elija o ne a reng ka kopo eo?

Elija o ne a itse gore Elisha o kopile sengwe se ene a neng a se kitla a kgona go mo neela sone, selo se a neng a ka se neelwa fela ke Modimo. Ka jalo, Elija o ne a araba ka boingotlo a re: “O kopile selo se se thata. Fa o mpona ke tlosiwa mo go wena, go tla go diragalela ka tsela eo.” (2 Dikgosi 2:10) Mme eleruri Jehofa o ne a dira gore Elisha a bone Elija fa a tlhatloga ka sefefo. (2 Dikgosi 2:11, 12) Elisha o ne a newa se a neng a se kopa. Jehofa o ne a mo naya moya o a neng a o tlhoka gore a simolole tiro ya gagwe e ntšha le gore a kgone go lebana le diteko tse di neng di tla.

Gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng (ba ka dinako dingwe ba bidiwang setlhopha sa ga Elisha) le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ka kgothadiwa thata ke pego eno ya Baebele. Ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re fekeetsega kgotsa re sa tshwanelege fa re newa kabelo e ntšha, kgotsa re ka ikutlwa re felelwa ke bopelokgale jwa go tswelela ka tiro ya rona ya go rera ka Bogosi fa re tlhokomologiwa kgotsa re ganediwa mo tshimong ya rona. Le fa go ntse jalo, fa re kopa Jehofa gore a re tshegetse, o tla re naya moya o o boitshepo o re o tlhokang gore re kgone go lebana le dikgwetlho le maemo a a fetofetogang. (Luke 11:13; 2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13) Ee, rona rotlhe basha le bagolo, Jehofa o tla re thusa gore re kgone go dira bodiredi jwa rona fela jaaka a ne a nonotsha Elisha gore a kgone go dira maikarabelo a gagwe a a thata.—2 Timotheo 4:5.