Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse

Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse

Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse

BOLWETSE jo bo bakwang ke dijo tse di nang le megare bo botlhoko tota. Motho yo bo mo tshwarang gantsi, o tshwanetse go tlhokomela thata gore o ja eng. Mme ga go utlwale le e seng gore motho a tlogele go ja gotlhelele e le fela gore a se ka a tshwarwa ke bolwetse jo bo bakwang ke dijo tse di nang le megare. Go na le gore go dira jalo go rarabolole mathata, go ka a oketsa. Ga go na motho ope yo o ka tshelang lobaka lo loleele a sa je.

Ka tsela e e tshwanang, go botlhoko tota go swabisiwa ke motho yo re mo ikanyang. Fa batho ba re ba ikantseng ba re swabisa gantsi seo se ka nna sa dira gore re sekaseke ka kelotlhoko ditsala tse re di tlhophang. Le fa go ntse jalo, go intsha gotlhelele mo bathong ka gonne re tshaba gore ba ka nna ba re swabisa ga se yone tharabololo. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re nna re sa ikanye batho ba bangwe re tla nna re sa itumela. Gore re tshele matshelo a a itumetseng, re tlhoka go nna ditsala tsa batho ba re ba ikanyang le bone ba re ikanya.

Buka ya Jugend 2002 ya re: “Go kgona go ikanya ke sengwe sa motheo se se tlhokegang gore motho a dirisane sentle le ba bangwe mo botshelong.” Lokwalodikgang lwa Neue Zürcher Zeitung lwa re: “Mongwe le mongwe a ka rata go ikanya batho ba bangwe. Go ikanya ba bangwe go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa motho” mo e leng gore go “botlhokwa thata gore re tswelele re tshela.” Lokwalodikgang loo lo tswelela ka gore, ruri fa motho a sa ikanye ope “a ka se kgone go lepalepana le botshelo.”

E re ka re tlhoka thata go ikanya mongwe, ke mang yo re ka mo ikanyang mme re sa boife gore o tla re swabisa?

Ikanye Jehofa ka Pelo ya Gago Yotlhe

Baebele e re bolelela jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe.” (Diane 3:5) Ee, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa kgapetsakgapetsa gore re ikanye Mmopi wa rona, Jehofa Modimo.

Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Modimo? Sa ntlha, ke ka gonne Jehofa Modimo o boitshepo. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa.” (Isaia 6:3) A o rata kgang ya go nna boitshepo? Tota o tshwanetse go e rata ka gonne go bo Jehofa a le boitshepo go raya gore o itshekile, ga a dire diphoso dipe, e bile o ka ikanngwa ka botlalo. A ka se nne bosula kgotsa a re sotla, e bile le ka motlha a ka se re swabise.

Mo godimo ga moo, re ka ikanya Modimo ka gonne o a kgona e bile o rata go ema batho ba ba mo direlang nokeng. Ka sekai maatla a gagwe a magolo thata, a dira gore a kgone go tsaya kgato. Tshiamiso ya gagwe le botlhale jwa gagwe tse di itekanetseng di kaela tsela e a dirang dilo ka yone. Mme lorato lwa gagwe lo lo ka se bapisiweng le lope lo mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Lorato lwa Modimo lo tlhotlheletsa sengwe le sengwe se a se dirang. Boitshepo jwa ga Jehofa le dinonofo tse dingwe tsa gagwe tse di tlhomologileng di mo dira Rre yo o molemolemo, motho yo re ka mo ikanyang ka botlalo. Ga go na sepe kgotsa ope yo o ka ikanyegang go feta Jehofa.

Ikanye Jehofa Mme o Itumele

Lebaka le lengwe le le utlwalang la go ikanya Jehofa ke ka gonne o re tlhaloganya go feta motho le fa e le ofe. O itse gore motho mongwe le mongwe o tlhoka go nna le kamano e e nnelang ruri le Mmopi e bile a mo ikanya. Batho ba ba nang le kamano e e ntseng jalo ba ikutlwa ba babalesegile. Kgosi Dafide o ne a re: “Go itumela monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa.” (Pesalema 40:4) Dimilione tsa batho gompieno di na le maikutlo a a tshwanang le a ga Dafide.

Sekaseka dikai dingwe. Doris, o kile a nna kwa Dominican Republic, Jeremane, Gerika, le United States. A re: “Ke itumelela thata go bo ke ikanya Jehofa. O itse go ntlhokomela mo mmeleng, mo semoyeng le mo maikutlong. Ke tsala e kgolo go di feta tsotlhe e motho a ka nnang le yone.” Wolfgang, yo o gakololang batho mo go tsa molao a re: “Go molemo fela thata go kgona go ikaega ka mongwe yo o ratang gore dilo di go tsamaele sentle, motho yo o ka kgonang, le yo tota a tla go direlang dilo tse di molemolemo!” Ham, yo o tsholetsweng kwa Asia mme jaanong a nna kwa Yuropa, a re: “Ke tlhomamisegile gore dilo tsotlhe di mo taolong ya ga Jehofa, e bile ga a dire diphoso, ka jalo ke itumelela go ikaega ka ene.”

Ee, rona ga re a tshwanela go ikanya Mmopi wa rona fela, mme gape re tshwanetse go ikanya batho ba bangwe. Ka jalo, Jehofa jaaka tsala e e botlhale le e e tlhaloganyang dilo, o re naya kgakololo ya gore re tshwanetse go ikanya batho ba mofuta mang. Ka go bala Baebele ka kelotlhoko, re ka ela tlhoko dikgakololo dingwe tsa yone mo kgannyeng eno.

Batho Ba re Ka ba Ikanyang

Mopesalema o ne a kwala jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a re thusa go lemoga gore batho ba bantsi ga se ba ba ka ikanngwang. Le e leng batho ba ba tseelwang kwa godimo jaaka “batlotlegi” ba lefatshe leno, ba ba jaaka baitse ba ba ithutetseng ditiro dingwe tse di kgethegileng, re ka se ka ra ba ikanya fela. Gantsi kaelo ya bone e a timetsa mme go ise go ye kae fela go ikanya “batlotlegi” bano go ka swabisa.

Mme seno ga se a tshwanela go dira gore re se ka ra ikanya ope. Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha batho ba re ba ikanyang. Re tshwanetse go tlhopha ba ba ntseng jang? Sekai sa setšhaba sa Iseraele wa bogologolo se ka re thusa. Fa go ne go tlhokega gore go tlhophiwe batho bangwe ba ba neng ba tla rwala maikarabelo a a bokete kwa Iseraele, Moshe o ne a gakololwa gore a “tlhophe mo bathong botlhe banna ba ba nang le bokgoni, ba ba boifang Modimo, banna ba ba ikanyegang, ba ba tlhoileng poelo e e sa siamang.” (Ekesodo 18:21) Re ka ithuta eng mo go seno?

Banna bano ba ne ba bontshitse dinonofo dingwe tsa bomodimo pele ga ba newa maikarabelo. Ba ne ba setse ba itshupile gore ba boifa Modimo; ba ne ba tlotla Mmopi e bile ba tshaba go mo utlwisa botlhoko. Mongwe le mongwe o ne a bona gore banna bano ba ne ba dira bojotlhe jwa bone go tlotlomatsa melao ya Modimo. Ba ne ba tlhoile poelo e e sa siamang, mo go neng go bontsha gore ba a ikanyega e bile go tla ba thibela gore ba se ka ba iwa tlhogong ke maatla a ba neng ba na le one. Ba ne ba ka se dirise lebaka la go bo ba bangwe ba ba ikanya gore go solegelwe bone molemo, kgotsa ba masika a bone kgotsa ditsala tsa bone.

A go tla bo go se botlhale gore le rona gompieno re tlhophe batho ba ba ntseng jalo fa re tlhopha batho ba re ka ba ikanyang? A re itse batho bangwe ba tsela e ba itshwarang ka yone e bontshang gore ba boifa Modimo? A ba ikemiseditse go boloka melao ya gagwe ya boitshwaro? A ba ikanyega mo e leng gore ba tila go dira dilo tse di sa siamang? A ba boikanyego mo ba sa direng gore go solegelwe bone molemo kgotsa dilo di tsamaye ka tsela ya bone? Eleruri re ka ikanya banna le basadi ba ba bontshang dinonofo tseno.

Se Kgobiwe Marapo ke go Swabisiwa ka Dinako Tse Dingwe

Fa re dira tshwetso ya gore re ka ikanya mang, re tshwanetse go nna pelotelele, ka gonne go tsaya nako go ikanya motho. Go molemo go ikanya motho ka iketlo. Jang? Re ka ela motho tlhoko ka lobaka lo lo rileng, re ela tlhoko gore o itshwara jang mo maemong a a rileng. A motho yoo o a ikanyega mo dilong tse dinnye? Ka sekai, a o busa dilo tse a di adimileng fa a solofeditse go dira jalo le gone a o boloka nako fa lo buisane gore lo kopane? Fa go ntse jalo, re ka nna ra ikutlwa re gololesegile go ikanya motho yoo mo dilong tse di masisinyana. Seno se dumalana le molaomotheo ono: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Go tlhopha ka kelotlhoko le go nna pelotelele go ka re thusa gore re se ka ra iphitlhela re swabile thata.

Mme go tweng fa mongwe a ka re swabisa? Baithuti ba Baebele ba tla gakologelwa gore baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba mo swabisa fela thata mo bosigong jo a tshwerweng ka jone. Judase Isekariota o ne a mo okile, mme ba bangwe ba ne ba boifa mme ba tshaba. E bile Petere o ne a itatola Jesu ka makgetlho a le mararo. Mme Jesu o ne a lemoga gore ke Judase fela a neng a dira ka boomo. Go swabisiwa jalo ka nako ya botlhokwa thata ga go a ka ga thibela Jesu gore dibeke di le mmalwa morago ga moo, a tlhomamisetse baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba setseng gore o a ba ikanya. (Mathaio 26:45-47, 56, 69-75; 28:16-20) Ka tsela e e tshwanang, fa re ikutlwa re swabisitswe ke mongwe yo re mo ikanyang, re tla bo re dira sentle fa re sekaseka gore a se re se tsayang e le go swabisiwa ke motho yoo ke bosupi jwa gore motho yoo ga a ikanyege kgotsa ke ka ntlha ya bokoa jwa nama jwa nakwana.

A Nna ke ka Ikanngwa?

Motho yo o dirang tshwetso ya gore a nne kelotlhoko fa a tlhopha batho ba a ba ikanyang o tshwanetse go ipotsa gore: ‘A nna ke a ikanyega? Ke dilo dife tse di bontshang go ikanyega tse nka batlang gore ke di dire le ba bangwe ba di dire?’

Motho yo o ikanyegang o bua boammaaruri ka metlha. (Baefeso 4:25) Ga a fetofetole se a se buang go ya ka gore o bua le mang, e le fela gore a solegelwe molemo. Mme fa motho yo o ikanyegang a itlama, o dira sotlhe se a ka se kgonang gore a diragatse se a se boletseng. (Mathaio 5:37) Fa motho yo mongwe a bulela motho yo o ikanyegang mafatlha, o boloka sephiri mme ga a sebe ka kgang eo. Motho yo o ikanyegang o a ikanyega mo molekaneng wa gagwe wa lenyalo. Ga a lebelele ditshwantsho tse di hepisang, ga a ijese dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo e bile ga a tshameke ka maikutlo a lorato. (Mathaio 5:27, 28) Motho yo re ka mo ikanyang o dira ka natla go itlamela le go tlamela ba lelapa la gagwe mme ga a leke go bona madi motlhofo ka go tsietsa batho ba bangwe. (1 Timotheo 5:8) Go nna re gakologetswe melao eo e e utlwalang ya Dikwalo go tla re thusa go bona batho ba re ka ba ikanyang. Gape, fa le rona re dirisa melao e e tshwanang seo se tla thusa mongwe le mongwe wa rona gore a nne motho yo ba bangwe ba ka mo ikanyang.

Go ne go ka nna monate go tshela mo lefatsheng le batho botlhe mo go lone ba ikanyegang mme re sa tlhole re utlwisiwa botlhoko ke batho ba re ba ikanyang! A seo ke toro fela? Ga se toro fela mo bathong ba ba tsayang ditsholofetso tsa Baebele masisi, ka gonne Lefoko la Modimo le bolelela pele ka “lefatshe le lesha” le lentle le mo go lone go tla bong go se na tsietso, maaka, go ja ntsoma, bohutsana, bolwetse le loso tota! (2 Petere 3:13; Pesalema 37:11, 29; Tshenolo 21:3-5) A go ka se nne molemo go utlwa mo go oketsegileng ka tsholofelo eno? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go naya tshedimosetso ka seno le ka dikgang tse dingwe tsa botlhokwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go sa ikanye ba bangwe go dira gore re se ka ra itumela

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jehofa o tshwanelwa thata ke gore re mo ikanye

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Rotlhe re tlhoka go dirisana le batho ba re ka ba ikanyang le bone ba re ikanya