Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rutwa ke Jehofa go Tswa Bosheng

Go Rutwa ke Jehofa go Tswa Bosheng

Kgang ya Botshelo

Go Rutwa ke Jehofa go Tswa Bosheng

JAAKA GO BOLETSE RICHARD ABRAHAMSON

“Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele, mme go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.” Mma ke go tlhalosetse gore ke ka ntlha yang fa mafoko ano a a mo go Pesalema 71:17 a le botlhokwa jaana mo go nna.

KA 1924 mmè e bong Fannie Abrahamson, o ne a etelwa ke Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Ke ne ke na le ngwaga fela. Fa Mmè a ntse a rutiwa dithuto tsa Baebele, o ne a tle a itlhaganelele kwa baagelaning ba gagwe go ya go ba bolelela dilo tse a di ithutileng, e bile o ne a di ruta nna le nkgonne le morwadie mmè yo mogolo mo go nna. Fa ke ne ke ise ke itse go bala, o ne a nthusa go tshwara ditemana di le dintsi ka tlhogo tse di buang ka masego a Bogosi Jwa Modimo.

Mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1920, setlhopha sa rona sa Baithuti ba Baebele sa kwa La Grande, kwa kgaolong ya Oregon, kwa U.S.A., kwa ke belegetsweng gone e bile ke goletse gone, e ne e le sa basadi le bana ba le mmalwa fela. Le fa re ne re le kgakala le ba bangwe, badiredi ba ba etang ba ne ba re etela gabedi ka ngwaga go tla go re kgothatsa. Ba ne ba re neela dipuo tse di kgothatsang, ba tsamaya le rona mo bodireding jwa ntlo le ntlo e bile ba rata bana. Bangwe ba batho bao ba ba rategang e ne e le Shield Toutjian, Gene Orrell le John Booth.

Ka 1931, ga go ope mo setlhopheng sa rona yo o neng a kgona go ya kwa kopanong ya kwa Columbus, Ohio, kwa Baithuti ba Baebele ba neng ba amogela leina la Basupi ba ga Jehofa gone. Mme mephato, jaaka diphuthego di ne di bidiwa ka nako eo, le ditlhopha tse di leng kgakala le batho ba bangwe tse go neng go se na ope mo go tsone yo o neng a ile kopanong eno, di ne tsa kopana ka August wa ngwaga oo mme tsa dira maitlamo a go amogela leina leo. Setlhopha sa rona se sennye sa kwa La Grande se ne sa dira jalo. Morago ga foo, ka letsholo la 1933 la go anamisa bukana ya The Crisis, ke ne ka tshwara ka tlhogo se ke neng ke batla go se bua le batho ka Baebele, mme ka lekgetlho la ntlha, ka rera ka ntlo le ntlo ke le nosi.

Mo dingwageng tsa bo1930, tiro ya rona e ne ya ganediwa thata. Gore re tle re kgone go emelana le seno, mephato e ne ya kgaoganngwa ka ditlhotswana, mme gangwe kgotsa gabedi ka ngwaga ditlhotshwana tseno di ne di tshwara dikopano tse dinnye di bo di nna le seabe mo thulaganyong ya go rera, e e neng e bidiwa matsholo a ditlhotswana. Kwa dikopanong tseno, re ne re rutiwa ditsela tsa go rera re bo re bontshiwa gore re ka dirisana jang ka tsela e e tlotlegang le mapodisi a a neng a re tshwenya. E re ka gangwe le gape Basupi ba ne ba nna ba tlhagelela fa pele ga moatlhodi wa mapodisi kgotsa kwa kgotlatshekelong, re ne re tle re boeletse tshedimosetso e e mo pampiring ya ditaelo ya Mokgwa wa go Seka. Seno se ne se re thusa gore re kgone go lebana le kganetso.

Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele Ke sa Le Mosha

Ke ne ka simolola go tlhaloganya botoka le go anaanela dithuto tsa Baebele le tsholofelo e e mo Baebeleng ya go tshelela ruri mo lefatsheng fa go busa Bogosi Jwa Modimo jwa kwa legodimong. Ka nako eo, go ne go sa gatelelwe thata gore batho ba ba se nang tsholofelo ya go ya go busa le Keresete kwa legodimong ba tshwanetse go kolobediwa. (Tshenolo 5:10; 14:1, 3) Le fa go ntse jalo, ke ne ka bolelelwa gore fa e le gore ke ikemiseditse go tswa pelong go dira thato ya ga Jehofa, nka nna ka kolobediwa. Ke ne ka kolobediwa ka August 1933.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 12, morutabana wa me o ne a akanya gore ke na le bokgoni jwa go bua phatlalatsa, ka jalo o ne a kgothaletsa Mmè gore a rulaganye gore ke fiwe thapiso e e oketsegileng. Mmè o ne a akanya gore seno se tla nthusa go direla Jehofa botoka. Ka jalo, o ne a duelela dithuto tsa me ka go tlhatswetsa morutisi wa me diaparo ngwaga otlhe. Thapiso eo e ne ya nthusa mo bodireding. Fa ke ne ke le dingwaga di le 14, ke ne ka tsenwa ke bolwetse jwa letshoroma le le koafatsang ditokololo mme jwa dira gore ke se ka ka kgona go ya sekolong ka lobaka lo lo fetang ngwaga.

Ka 1939, modiredi mongwe wa nako e e tletseng e bong Warren Henschel o ne a tla kwa kgaolong ya rona. * E ne e le nkgonne ka tsela ya semoya, a bereka le nna nako e telele mo bodireding jwa tshimo. Go ise go ye kae, o ne a nthusa go simolola tirelo ya bobulatsela jwa nakwana. Mo selemong seo, setlhopha sa rona se ne sa rulaganngwa go nna mophato. Warren o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa mophato mme nna ka nna motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo. Fa Warren a ne a tsamaya go ya go direla kwa Bethele, kwa ntlokgolong ya ditšhaba tsotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, ke ne ka nna motlhanka wa mophato.

Go Simolola Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Boikarabelo jo bo oketsegileng jwa go nna motlhanka wa mophato bo ne jwa oketsa keletso e ke neng ke na le yone ya go tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng, mme ke ne ka bo simolola ke le dingwaga di le 17 fa ke sena go fetsa ngwaga wa me wa boraro kwa sekolong se segolo. Rre o ne a se mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa rona, mme le fa go ntse jalo, o ne a tlamela lelapa sentle e bile e le motho yo o ratang boitshwaro jo bo siameng. O ne a batla gore ke ye kholetšheng. Le fa go ntse jalo, o ne a re nka nna ka dira se ke se batlang, fa fela ke se kitla ke mo kopa gore a nthuse go duelela marobalo le dijo. Ke ne ka simolola go bula tsela ka September 1, 1940.

Fa ke tloga kwa gae, mmè o ne a nkopa go bala Diane 3:5, 6, e e reng: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Go ikaega ka Jehofa ka metlha go ile ga nthusa tota.

Ka bonako morago ga moo, ke ne ka bereka le Joe le Margaret Hart mo bodireding kwa Kgaolong e e kwa bokonebogare jwa Washington. Re ne re bereka tshimo mo mafelong a a sa tshwaneng—mo dipolaseng tsa dikgomo, tsa dinku, kwa metseng e e kwa thoko ya Baindia le kwa ditorotswaneng le metsaneng e mentsi. Ka dikgakologo tsa 1941, ke ne ka fiwa kabelo ya go nna motlhanka wa mophato kwa phuthegong ya Wenatchee kwa Washington.

Kwa kopanong nngwe ya rona kwa Walla Walla kwa Washington, ke ne ke le molebedi, ke amogela batho ba ba tsenang mo holong. Ke ne ka bona mokaulengwe mongwe yo mosha a sa kgone go baakanya dibuelagodimo. Ke ne ka akantsha gore ene a dire tiro ya me mme nna ke mo thuse ka ya gagwe. Fa molebedi wa kgaolo, Albert Hoffman, a boa mme a bona gore ke tlogetse tiro ya me, o ne a ntlhalosetsa a ntse a nyenya ka botsalano gore go botlhokwa gore motho a se ka a tlogela tiro e a e abetsweng go fitlha a bolelelwa gore a dire sengwe se sele. Le gompieno ke sa ntse ke gakologelwa kgakololo eo ya gagwe.

Ka August 1941, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rulaganyetsa go tshwara kopano e kgolo kwa St. Louis, kwa Missouri. Ba ga Hart ba ne ba khurumetsa lori ya bone kafa morago mme ba tsenya dibanka. Rona babulatsela ba le robongwe re ne ra tsamaya dikilometara di le 2 400 go ya kwa St. Louis ka lori eo. Go ne ga re tsaya mo e ka nnang beke go ya, le beke go boa. Fa re le kwa kopanong, mapodisi a ne a fopholetsa gore batho botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba le 115 000. Le fa palo ya batho ba ba neng ba le teng e ka tswa e ne e le kwa tlase ga eo, ga go na pelaelo gore e ne e feta ya Basupi ba ba ka nnang 65 000 kwa United States ka nako eo. Kopano e ne ya re kgothatsa thata semoyeng.

Go Direla Kwa Bethele ya Brooklyn

Fa ke sena go boela kwa Wenatchee, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le nkopa gore ke tle Bethele ya Brooklyn. Fa ke fitlha teng ka October 27, 1941, ke ne ka isiwa kwa ofising ya ga Nathan H. Knorr, yo e neng e le molebedi wa feketeri. O ne a ntlhalosetsa ka lorato gore Bethele e ntse jang mme a gatelela botlhokwa jwa go nna gaufi le Jehofa gore motho a kgone go nna a itumetse koo. Go tswa foo ke ne ka isiwa kwa Lephateng la go Romela Dibuka mme ka fiwa tiro ya go bofa mabokoso a dibuka tse di romelwang.

Ka January 8, 1942, Joseph Rutherford, yo a neng a ntse a eteletse Basupi ba ga Jehofa pele mo lefatsheng lotlhe, o ne a tlhokafala. Malatsi a le matlhano morago ga foo bakaedi ba Mokgatlho ba ne ba tlhopha Mokaulengwe Knorr gore e nne ene a mo tlhatlhamang. Fa W. E. Van Amburgh, yo o neng a na le nako e telele e le mokwaledi le motshwaramatlotlo wa Mokgatlho, a itsise lelapa la Bethele ka seno, o ne a re: “Ke gakologelwa nako ya fa C. T. Russell a ne a tlhokafala [ka 1916] mme a tlhatlhamiwa ke J. F. Rutherford. Morena o ne a tswelela a kaela le go segofatsa tiro ya Gagwe. Gone jaanong, ke lebeletse gore tiro e tswelele pele sentle kafa tlase ga Nathan H. Knorr yo e tla nnang poresidente, ka gonne tiro eno ke ya Morena, ga se ya motho.”

Ka February 1942, go ne ga itsisiwe gore go tla simololwa “Khoso e e Tokafaditsweng ya Bodiredi Jwa Puso ya Modimo.” Thulaganyo eno e ne e le ya go thapisa maloko a Bethele gore a tokafatse bokgoni jwa bone jwa go dira dipatlisiso ka ditlhogo tsa Baebele, ba kgone go rulaganya tshedimosetso ya bone sentle le go e neela ka tsela e e nang le matswela. Ka ntlha ya thapiso ya go bua phatlalatsa e nkileng ka e newa ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ka kgona go gatela pele ka bonako mo thulaganyong eno.

Go ise go ye kae, ke ne ka fiwa tiro kwa Lephateng la Tirelo, le le neng le okametse bodiredi jwa Basupi kwa United States. Moragonyana mo ngwageng oo, go ne ga dirwa tshwetso ya gore go tlhomiwe gape thulaganyo ya gore go nne le badiredi ba ba etelang mephato ya Basupi. Fa nako e ntse e tsamaya, badiredi ba ba etang bano, ba ba neng ba bidiwa batlhanka ba bakaulengwe, ba ne ba simolola go bidiwa balebedi ba potologo. Ka selemo sa 1942, go ne ga rulaganngwa khoso kwa Bethele ya go thapisa bakaulengwe go dira tiro eno, mme le nna ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa ba ba neng ba thapisiwa. Ke gakologelwa thata gore Mokaulengwe Knorr, yo e neng e le mongwe wa batlhatlheledi, o ne a gatelela ntlha eno mo go rona: “Lo se ka lwa leka go itumedisa batho. Lo tla feleletsa lo sa itumedise ope. Itumediseng Jehofa, mme lo tla itumedisa botlhe ba ba ratang Jehofa.”

Tiro ya go eta e ne ya simololwa ka October 1942. Bangwe ba rona kwa Bethele re ne re dira tiro eno ka mafelobeke mangwe, re etela diphuthego tse di bokgakala jwa dikilometara di le 400 go tloga kwa New York City. Re ne re sekaseka tiro ya go rera ya phuthego le palo ya ba ba nnang teng mo dipokanong, re tshwara dipokano le ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong, re neela puo e le nngwe kgotsa di le pedi re bo re bereka le Basupi ba lefelo leo mo tshimong.

Ka 1944, ke ne ke le mongwe wa ba ba neng ba tswa mo Lephateng la Tirelo ba romelwa go ya go dira tiro ya go eta ya dikgwedi di le thataro, mme ke ne ka ya kwa Delaware, Maryland, Pennsylvania, le kwa Virginia. Dikgwedi di se kae moragonyana, ke ne ka etela diphuthego tse di kwa Connecticut, Massachusetts le kwa Setlhaketlhakeng sa Rhode. Fa ke boela Bethele, ke ne ka fetsa nakonyana ke bereka mo ofising ya ga Mokaulengwe Knorr le mokwaledi wa gagwe e bong Milton Henschel, mo ke neng ka ithuta ka tiro ya rona ya lefatshe lotlhe. Gape ke ne ka fetsa nakonyana ke bereka mo Ofising ya Motshwaramatlotlo ke okametswe ke W. E. Van Amburgh le mothusi wa gagwe e bong Grant Suiter. Mme ka 1946, ke ne ka dirwa molebedi wa diofisi di le dintsinyana kwa Bethele.

Diphetogo Tse Dikgolo mo Botshelong Jwa Me

Fa ke ntse ke etela diphuthego ka 1945, ke ne ka tlwaelana le Julia Charnauskas kwa Providence, kwa Setlhaketlhakeng sa Rhode. Mo bogareng jwa 1947 re ne re akanya ka go nyalana. Ke ne ke rata tirelo ya Bethele thata, mme ka nako eo, go ne go se na thulaganyo ya gore motho a tlise molekane wa lenyalo go tla go bereka mo Bethele. Ka jalo, ka January 1948, ke ne ka tlogela Bethele mme nna le Julia (Julie) re ne ra nyalana. Ke ne ka bona tiro e e seng ya letsatsi lotlhe kwa suphamaketeng nngwe kwa Providence, mme ra simolola tirelo ya rona ya bobulatsela mmogo.

Ka September 1949, ke ne ka lalediwa go ya go dira tiro ya potologo kwa bokonebophirima jwa Wisconsin. E ne ya nna phetogo e kgolo mo go nna le Julie go rera kwa ditorotswaneng le kwa metseselegaeng e e neng e tletse madirelo a go bolokelwang mashi mo go one. Mariga a ne a le maleele e bile a le tsididi tota, a na le dibeke di le dintsi tse di tsididi tse serame sa tsone se neng se le kwa tlase ga lefela ka didikirii di le 20 mme go wa kapoko e ntsi. Re ne re se na koloi. Le fa go ntse jalo, ka metlha go ne go na le mongwe yo o neng a re isa ka koloi ya gagwe kwa phuthegong e e latelang.

Moragonyana fela ga go simolola tiro ya potologo, re ne ra nna le kopano ya potologo. Ke gakologelwa ke tlhomamisa ka tsela e e tseneletseng gore sengwe le sengwe se dirwa sentle, mme seno se ne se tshosa bangwe. Molebedi wa kgaolo Nicholas Kovalak, o ne a ntlhalosetsa ka lorato gore bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba tlwaetse go dira dilo ka tsela ya bone le gore go ne go sa tlhokege gore ke tlhomamise sengwe le sengwe ka tsela e e tseneletseng jalo. Fa e sa le ka nako eo, kgakololo eo e ne ya nthusa thata mo dikabelong tse dingwe tsa me tse dintsi.

Ka 1950, ke ne ka newa tiro ya nakwana—ya go nna molebedi yo o rulaganyetsang batlakopanong marobalo mo go nngwe ya dikopano tsa rona tsa ntlha tsa tse dintsi tse di neng tsa tshwarelwa kwa Yankee Stadium kwa New York City. Kopano e ne e le monate go tswa kwa tshimologong go fitlha e fela, mme go ne go na le batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng di le 67, mme botlhe ba ba neng ba le teng kwa kopanong ba ne ba le 123 707! Morago ga kopano, nna le Julie re ne ra tswelela ka tiro ya rona ya go eta. Re ne re itumetse tota mo tirong ya potologo. Le fa go ntse jalo, re ne ra akanya gore re tshwanetse go tswelela re ithaopela go nna le seabe mo ditirong tse dingwe tsa bodiredi jwa nako e e tletseng. Ka jalo, ngwaga le ngwaga, re ne re tlatsa diforomo tsa Bethele le tsa tirelo ya borongwa. Ka 1952, re ne ra itumela fa re amogela taletso ya go ya tlelaseng ya bo20 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, mme re ne ra thapisediwa tiro ya borongwa gone.

Go Direla Kwa Dinageng di Sele

Fa re sena go aloga ka 1953, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Boritane, kwa ke neng ka nna molebedi wa kgaolo gone kwa borwa jwa Engelane. Morago ga gore nna le Julie re dire tiro eno e re neng re e rata thata mo e ka nnang ka lobaka lo lo sa feteng ngwaga, re ne ra gakgamala fa re amogela kabelo ya go ya kwa Denmark. Go ne go tlhokega motho yo mongwe yo o neng a tla okamela ofisi ya lekala kwa Denmark. E re ka ke ne ke le gaufi e bile ke ne ke thapiseditswe go dira tiro e e ntseng jalo kwa Brooklyn, ke ne ka romelwa teng gore ke ye go thusa. Re ne ra tsamaya ka mokoro go ya Netherlands mme go tswa koo ra palama terena e e yang Copenhagen, kwa Denmark. Re ne ra goroga ka August 9, 1954.

Mangwe a mathata a a neng a le teng e ne e le gore bangwe ba ba ba neng ba na le maikarabelo ba ne ba sa batle go amogela kaelo go tswa kwa ntlokgolong ya Brooklyn. Gape, ba le bararo mo go ba le banè ba ba neng ba ranolela dikgatiso tsa rona mo puong ya Se-Denmark ba ne ba tlogela Bethele mme kgabagare ba tlogela go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a araba dithapelo tsa rona. Babulatsela bangwe ba babedi, e bong Jørgen le Anna Larsen, ba ba kileng ba bo ba dira tiro ya go ranola e e seng ya letsatsi lotlhe, ba ne ba ithaopa go tla go dira tiro eno ka nako e e tletseng. Dimakasine tsa rona tsotlhe di ne tsa tswelela di ranolelwa mo puong ya Se-Denmark. Ba ga Larsen ba sa ntse ba le kwa Bethele ya Denmark, mme Jørgen ke mookamedi wa Komiti ya Lekala.

Selo se se neng se re kgothatsa thata mo dingwageng tseo tsa bogologolo e ne e le go etelwa ka metlha ke Mokaulengwe Knorr. O ne a ipha nako ya go tlotla le mongwe le mongwe, a tlhalosa dilo tse di diragetseng tse di neng di re thusa go itshokela mathata. Nako nngwe fa a ne a re etetse ka 1955, go ne ga dirwa tshwetso ya gore re age lekala le lesha le le nang le dikago tsa go gatisa gore re tle re gatise dimakasine tsa Denmark. Re ne ra bona setsha mo motseng mongwe o o kwa thoko ga toropo kwa bokone jwa Copenhagen, mme ka selemo sa 1957 re ne ra fudugela kwa dikagong tse re neng re sa tswa go di aga. Harry Johnson, le mosadi wa gagwe Karin, ba ba neng ba sa tswa go goroga kwa Denmark fa ba sena go aloga kwa tlelaseng ya bo26 ya Gileade, ba ne ba re thusa go tsenya motšhini wa rona o o gatisang le go dira gore o bereke.

Re ne ra tokafatsa thulaganyo ya rona ya go tshwara dikopano tse dikgolo kwa Denmark, mme maitemogelo a ke ileng ka nna le one fa ke ne ke thusa go rulaganya dikopano kwa United States a ne a ntsholegela molemo thata. Ka 1961, go ne go na le batlakopanong ba ba tswang kwa dinageng tse di fetang 30 kwa kopanong ya rona ya ditšhaba tsotlhe e e neng e tshwaretswe kwa Copenhagen. Palo ya batho botlhe ba ba neng ba le teng e ne e le 33 513. Ka 1969, re ne ra tshwara kopano e kgolo go gaisa dikopano tsotlhe tse di neng tsa tshwarelwa kwa Scandinavia, mme palo e e kwa godimo ya botlhe ba ba neng ba le teng e ne e le 42 073!

Ka 1963, ke ne ka lalediwa go ya tlelaseng ya bo38 ya Gileade. E ne e le khoso e e tokafaditsweng ya dikgwedi di le lesome e e neng e diretswe segolobogolo go thapisa maloko a komiti ya lekala. Go ne go le monate go boa re kopana gape le lelapa la Bethele la kwa Brooklyn le go solegelwa molemo ke maitemogelo a ba ba ileng ba fetsa dingwaga di le dintsi ba direla mo ntlongkgolo.

Morago ga thulaganyo eno ya go thapisiwa, ke ne ka boela Denmark go tswelela ka maikarabelo a me koo. Mo godimo ga moo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna molebedi wa makala, ke etela makala a a kwa bophirima le bokone jwa Yuropa go kgothatsa maloko a komiti ya lekala koo le go ba thusa go diragatsa maikarabelo a bone. Bosheng jaana ke ne ka dira tiro eno kwa Afrika Bophirima le kwa Caribbean.

Mo bofelong jwa dingwaga tsa bo1970, bakaulengwe kwa Denmark ba ne ba simolola go batla lefelo le go neng go ka agiwa kago e kgolwane mo go lone ka ntlha ya tiro e e neng e oketsega ya go ranola le ya go gatisa. Re ne ra bona setsha se sentle dikilometara di le 60 go ya kwa bophirima jwa Copenhagen. Nna le ba bangwe re ne ra thusa mo go direng dithulaganyo le dipolane tsa kago e ntšha eno mme nna le Julie re ne re solofetse go nna le lelapa la Bethele mo legaeng leno la bone le lesha. Le fa go ntse jalo, dilo ga di a ka tsa nna jalo.

Go Boela Kwa Brooklyn

Ka November 1980, nna le Julie re ne ra kopiwa gore re ye go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn, mme ra goroga teng mo masimologong a January 1981. E re ka ka nako eo re ne re le mo dingwageng tsa rona tsa bo50 mme re feditse mo e ka nnang sephatlho sa dingwaga tsa botshelo jwa rona re dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang kwa Denmark, go ne go se motlhofo gore re boele kwa United States. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra akanya thata ka lefelo le re ratang go nna kwa go lone mme re ne ra leka go tlhoma mogopolo mo tirong e re neng re e dira le dikgwetlho tse re neng re kopana le tsone.

Re ne ra goroga kwa Brooklyn mme ra tlwaela. Julie o ne a abelwa go ya go bereka kwa ofising e go berekwang ka madi mo go yone, a dira yone tiro e a neng a e dira kwa Denmark. Nna ke ne ka abelwa go direla kwa Lephateng la go Kwala gore ke thuse go rulaganya go gatisiwa ga dikgatiso tsa rona. Masimologo a bo1980 e ne e le nako ya go fetola tsela e re dirang dilo ka yone kwa Brooklyn, re ne ra tlogela go dirisa metšhini ya go tlanya le go seta ditlhaka ka lloto mme ra simolola go dirisa dikhomputara le metšhini e megolo e e gatisang. Ke ne ke sa itse sepe ka dikhomputara mme ke ne ke itse go rulaganya dilo le go bereka le batho.

Nakonyana fela morago ga foo, go ne ga tlhokega gore re tokafatse tsela e dilo di rulaganngwang ka yone kwa Lephateng la Botaki fa re ne re simolola go dirisa motšhini o mogolo o o gatisang ka mebala yotlhe le go dirisa ditshwantsho tse di mebalabala le ditshwantsho tse di tserweng dinepe. Le fa gone ke ne ke sa itse sepe ka botaki, ke ne ka kgona go thusa go rulaganya dilo. Mme ke ne ka nna le tshiamelo ya go okamela lephata leo dingwaga di le robongwe.

Ka 1921, ke ne ka abelwa go thusa mo Komiting ya go Gatisa ya Setlhopha se se Laolang mme ka isiwa kwa Ofising ya Motshwaramatlotlo. Ke sa ntse ke bereka mo ofising eno ka ditiro tse di amanang le madi tsa Basupi ba ga Jehofa.

Go Nna mo Bodireding go Tswa Bosheng

Jehofa o ile a dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele le bakaulengwe ba ba molemo ba phuthego ya gagwe e e molemo go nthuta ka bopelotelele go tswa bosheng le mo dingwageng tse 70 tse ke di dirisitseng mo bodireding. Ke na le dingwaga tse di fetang 63 ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, mme tse di fetang 55 tsa tsone ke na le mosadi wa me yo o ikanyegang Julie. Ruri ke ikutlwa ke segofaditswe thata ke Jehofa.

Ka 1940, fa ke ne ke tloga kwa gae go ya go simolola tirelo ya bobulatsela, rre o ne a ntshotla ka ntlha ya tshwetso e ke e dirileng mme a re: “Morwaaka, fa o tloga mo gae go ya go dira tiro eno, o se ka wa akanya gore o tla tla o tabogetse kwano gore ke go thuse.” Mo dingwageng tseo tsotlhe, ga ke ise ke tle ke mo kope thuso epe. Jehofa o ile a ntlamela ka bopelotshweu ka dilo tse ke di tlhokang, gantsi a dirisa Bakeresete ka nna ba ba ratang go thusa. Moragonyana, rre o ne a simolola go tlotla tiro ya rona mme a gatela pele go ithuta boammaaruri jwa Baebele pele a tlhokafala ka 1972. Mmè, yo o neng a na le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong, o ne a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala ka 1985, a le dingwaga di le 102.

Le fa gone go a tle go nne le mathata mo bodireding jwa nako e tletseng, nna le Julie ga re ise re ko re akanye go tlogela tiro ya rona. Ka metlha Jehofa o ne a re thusa gore re eme re sa fetoge mo tshwetsong eno ya rona. Tota le fa batsadi ba me ba ne ba tsofala mme ba tlhoka thuso, nkgonne, e bong Victoria Marlin, o ne a ithaopa mme a ba tlhokomela ka lorato. Re mo leboga thata go bo a ile a re thusa, ka gonne seno se re thusitse go tswelela mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Julie o ile a ntshegetsa ka boikanyegi mo dikabelong tsotlhe tsa rona, a tsaya seno e le tsela ya go bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa. Le fa gone jaanong ke le dingwaga di le 80 e bile ke na le mathata a botsogo, ke ikutlwa ke segofaditswe thata ke Jehofa. Ke kgothadiwa thata ke mafoko a mopesalema yo e rileng a sena go bolela gore Modimo o mo rutile go tloga mo bosheng jwa gagwe a neng a ikuela ka gore, ‘Le e leng go fitlha botsofeng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela ba ba tlang ka thata ya gago.’—Pesalema 71:17, 18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Warren e ne e le mogolowe Milton Henschel, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le Mmè ka 1940, fa ke ne ke simolola go bula tsela

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ke na le babulatsela ka nna e bong Joe le Margaret Hart

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka letsatsi la rona la lenyalo ka January 1948

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka 1953, ke na le baithuti ka nna kwa sekolong sa Gileade. Go tloga kafa molemeng go ya kwa mojeng: Don le Virginia Ward, Geertruida Stegenga, nna le Julie

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le Frederick W. Franz le Nathan H. Knorr kwa Copenhagen, Denmark, ka 1961

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Julie gompieno