Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhagolela Moya wa go Aba

Tlhagolela Moya wa go Aba

Tlhagolela Moya wa go Aba

GA GO motho yo o tsholwang a na le moya wa go aba. Ka tlhago fela, lesea le batla gore le direlwe se lone le se batlang kgotsa se le se tlhokang ka nako eo le sa re sepe ka se se tlhokwang ke motho yo o le tlhokomelang. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ngwana yono o ithuta gore ga se ene fela a nang le dilo tse a di tlhokang. O tshwanetse go akanyetsa le batho ba bangwe mme a ithute gore ga a tshwanela go nna a amogela fela mme o tshwanetse go aba le go abelana dilo tsa gagwe le ba bangwe. Moya wa go aba o tshwanetse go tlhagolelwa.

Ga se batho botlhe ba ba abang—tota le ba ba pelotshweu—ba ba nang le moya wa go aba. Bangwe ba ka abela mokgatlho o o rileng dilo, e le fela go kgotsofatsa ditlhoko tsa bone. Ba bangwe ba ka aba e le fela gore ba bakwe ke batho. Le fa go ntse jalo, go aba ga Bakeresete go farologane. Ka jalo he, ke mekgwa efe ya go aba e e kgothalediwang ke Lefoko la Modimo? Go sekaseka tsela e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba aba ka yone go tla re thusa go araba potso eo.

Dikai Tsa go Aba ga Bokeresete

Go aba ga Bokeresete jaaka go tlhalosiwa mo Baebeleng e ne e le “go abalana dilo le ba bangwe” ba ba neng ba di tlhoka tota. (Bahebera 13:16; Baroma 15:26) Go ne go sa tshwanela go dirwa ka go patelediwa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Gape motho o ne a sa tshwanela go aba e le fela gore a tle a bonwe ke batho. Ananiase le Safira ba ne ba aba ba na le maitlhomo ao mme ba nna le matswela a a botlhoko.—Ditiro 5:1-10.

Kwa moletlong wa Pentekosete ya 33 C.E. go ne ga nna le tlhokego e kgolo ya go aba fa Bajuda ba le bantsi le basokologi ba ba tswang kwa mafelong a a kwa kgakala ba ne ba kokoane kwa Jerusalema. Ke teng kwa balatedi ba ga Jesu ba neng “ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.” Go ne go na le boidiidi jo bogolo thata jo bo neng bo phuthegile fa go bone mme jwa utlwa puo e e amang maikutlo e e ka ga Jesu Keresete e e neng e neelwa ke Petere. Moragonyana batho ba ne ba bona kafa Petere le Johane ba neng ba fodisa ka teng monna yo o golafetseng yo o neng a le mo mojakong wa tempele, mme ba utlwa Petere a bua gape ka Jesu le gore batho ba tshwanetse go ikwatlhaya. Batho ba le diketekete ba ne ba ikwatlhaya mme ba kolobediwa gore e nne balatedi ba ga Keresete.—Ditiro, kgaolo 2 le 3.

Basokologi bano ba basha ba ne ba batla go nna kwa Jerusalema gore ba amogele ditaelo go tswa mo baaposetoloing ba ga Jesu. Mme baaposetoloi ba ne ba tla kgona jang go tlhokomela baeti bano botlhe? Pego ya Baebele e re bolelela jaana: “Botlhe ba ba neng ba na le masimo kgotsa matlo ba ne ba tle ba di rekise mme ba tlise madi a dilo tse di rekisitsweng mme ba a beye fa dinaong tsa baaposetoloi. Go tswa foo go abelwe mongwe le mongwe, go ya fela kafa a tlhokang ka gone.” (Ditiro 4:33-35) Eleruri maloko a phuthego e ntšha e e neng e sa tswa go tlhomiwa mo Jerusalema a ne a na le moya wa go aba!

Moragonyana diphuthego tse dingwe le tsone di ne tsa supa moya oo wa go aba. Ka sekai, le fa Bakeresete ba kwa Makedonia ba ne ba humanegile ka bobone, ba ne ba dira bojotlhe gore ba ntshetse bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang ba kwa Judea meneelo. (Baroma 15:26; 2 Bakorintha 8:1-7) Phuthego ya kwa Filipi e ne e tlhomologile thata mo tseleng e e neng ya tshegetsa bodiredi jwa ga Paulo ka yone. (Bafilipi 4:15, 16) Phuthego ya kwa Jerusalema yone, letsatsi le letsatsi e ne e abela batlholagadi ba ba tlhokang dijo mme baaposetoloi ba ne ba tlhoma banna ba le supa ba ba tshwanelegang gore ba tlhomamise gore ga go batlholagadi bape ba ba tshwanelegang ba ba neng ba tlodisiwa matlho.—Ditiro 6:1-6.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya kgato ka bonako le fa maemo a ne a ise a nne maswe thata. Ka sekai, fa moporofeti Agabuse a ne a bolelelapele go tla ga leuba le legolo, barutwa ba phuthego ya Siria ya Antioka “ba ne ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” (Ditiro 11:28, 29) Ruri ba ne ba supa moya o montle ka go leka go bona gore ke eng se bakaulengwe ba bone ba neng ba tla se tlhoka mme ba ba romelele sone!

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Bakeresete ba bogologolo gore ba nne pelotshweu le lorato jalo? Totatota motho o ka dirang gore a nne le moya wa go aba? Re ka ithuta mo gontsi fa re ka sekaseka ka bokhutshwane sekai sa ga Kgosi Dafide.

Dafide O ne A Tshegetsa Kobamelo ya Boammaaruri ka Bopelotshweu

Mo e ka nnang ka dingwaga di le 500, motlaagana wa kgolagano—letlole le le boitshepo le le emelang go nna gone ga ga Jehofa—o ne o se na bonno jwa leruri. O ne o beilwe mo tenteng kgotsa mo mogopeng o o neng o rwalwa o isiwa gongwe le gongwe kwa Baiseraele ba neng ba ya gone fa ba ne ba sa ntse ba kgarakgatshega mo nageng le fa ba ne ba tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng. Kgosi Dafide o ne a eletsa thata go ntsha motlaagana ono mo tenteng e o neng o le mo go yone le go agela Jehofa ntlo e e tshwanetseng e e nang le motlaagana o o boitshepo. Dafide o ne a bolela jaana fa a bua le moporofeti Nathane: “Bona, ke nna mo ntlong ya masedara, mme letlole la kgolagano ya ga Jehofa le kafa tlase ga matsela a mogope.”—1 Ditiragalo 17:1.

Le fa go ntse jalo, Dafide e ne e le monna wa ntwa. Ka jalo, Jehofa o ne a laela gore mo motlheng wa puso ya kagiso, Solomone morwawe e nne ene a agang tempele e e neng e tla tshola motlaagana wa kgolagano. (1 Ditiragalo 22:7-10) Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa thibela moya wa ga Dafide wa go aba. O ne a rulaganya setlhopha se segolo sa badiri gore ba tlise didirisiwa tse di neng di tla aga tempele. Moragonyana o ne a raya Solomone a re: “Ke baakanyeditse ntlo ya ga Jehofa ditalenta tsa gouta di le dikete di le lekgolo le ditalenta tsa selefera di le milione, mme kgotlho le tshipi ga go na tsela ya go di lekanya bokete ka gonne di dintsi thata; ke baakantse dikota le maje.” (1 Ditiragalo 22:14) E re ka Dafide a ne a sa kgotsofala ka moneelo o a o ntshitseng, o ne a neela ka gouta le selefera tse di tswang mo matlotlong a gagwe tse boleng jwa tsone gompieno e leng diranta di le 9 300 000 000. Mo godimo ga moo, dikgosana le tsone di ne tsa neela ka bopelontle. (1 Ditiragalo 29:3-9) Ga go pelaelo gore Dafide o ne a supa bopelotshweu le moya wa go aba!

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Dafide gore a abe jalo ka bopelotshweu? Ke gore o ne a lemoga gore dilo tsotlhe tse a di kgobokantseng e ne e le ka ntlha ya go bo Jehofa a mo segofatsa. O dumela seo mo thapelong ya gagwe fa a re: “Ao tlhe Jehofa Modimo wa rona, letlotlo leno lotlhe le re le baakantseng gore re go agele ntlo ya leina la gago le le boitshepo, le tswa mo seatleng sa gago, mme lotlhe ke la gago. E bile ke itse sentle, wena Modimo wa me, gore o motlhatlhobi wa pelo, le gore o ipelela tshiamo. Fa e le nna, ka go thokgama ga pelo ya me ke ntshitse dilo tseno tsotlhe moneelo ka go rata, mme jaanong batho ba gago ba ba fano ke ne ka ipelela go ba bona ba go ntshetsa meneelo ka go rata.” (1 Ditiragalo 29:16, 17) Dafide o ne a anaanela thata kamano e a neng a na le yone le Jehofa. O ne a bona botlhokwa jwa go direla Modimo “ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng,” mme go ne go mo itumedisa. (1 Ditiragalo 28:9) Dinonofo tseno ke tsone gape tse di neng tsa tlhotlheletsa Bakeresete ba bogologolo gore ba supe moya wa go aba.

Jehofa—Moabi yo Mogolo Thata

Jehofa ke ene a re tlhomelang sekao se se molemo thata sa go aba. O lorato e bile o amega ka batho mo a ‘tlhabisetsang batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’ (Mathaio 5:45) O naya batho botlhe “botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:25) Eleruri fela jaaka morutwa Jakobe a ne a bua, “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.”—Jakobe 1:17.

Mpho e kgolo e Jehofa a re neileng yone ke go romela “Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ga go ope yo o ka reng ene o ne a tshwanelwa ke mpho eo “gonne botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23, 24; 1 Johane 4:9, 10) Thekololo ya ga Keresete ke motheo le mokgwa o Modimo a re nayang “mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa,” e leng “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo.” (2 Bakorintha 9:14, 15) E re ka Paulo a ne a anaanela mpho eno ya Modimo, tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go neela “bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Ditiro 20:24) O ne a lemoga gore e ne e le thato ya Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

Gompieno seno se fitlhelelwa ka tiro e kgolo ya go rera le go ruta e jaanong e anameng go fitlha mo dinageng di le 234 mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a bolelelapele koketsego eno fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Ee, “mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mareko 13:10) Mo ngwageng o o fetileng, baboledi ba ba fetang dimilione di le thataro ba dikgang tse di molemo ba ne ba fetsa diura di le 1 202 381 302 mo tirong eno mme ba tshwara dithuto tsa Baebele tse di fetang 5 300 000. Go botlhokwa thata go ruta batho dikgang tse di molemo tseno gonne matshelo a bone a mo kotsing.—Baroma 10:13-15; 1 Bakorintha 1:21.

Ngwaga le ngwaga go gatisiwa dimilionemilione tsa dibuka—tse di akaretsang Dibaebele, dibuka le diboroutšhara—go thusa batho ba ba tlhologeletsweng boammaaruri jwa Baebele. Mo godimo ga moo, go gatisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di feta bilione. Fa batho ba ntse ba amogela dikgang tse di molemo, go agiwa Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano Tsa Basupi ba ga Jehofa tse di oketsegileng e leng mafelo a go ithutelwang Baebele mo go one. Ngwaga le ngwaga go rulaganngwa dikopano tsa potologo le dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe mmogo le dikopano tsa kgaolo. Gape go ntse go thapisiwa barongwa, balebedi ba ba etang, bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Re leboga Jehofa thata go bo a dirile gore dithulaganyo tseno tsotlhe di nne teng a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Re batla go mo leboga go menagane!

Go Bontsha go Leboga Jehofa

Fela jaaka go ne go ntse ka nako ya fa go ne go agiwa tempele le fa go ne go thusiwa diphuthego tsa Bakeresete ba bogologolo, madi otlhe a a dirisiwang go dira dilo tseno ke a meneelo e e ntshiwang ka go rata. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore ga go motho ope yo o ka humisang Jehofa, Mong wa dilo tseno tsotlhe. (1 Ditiragalo 29:14; Hagai 2:8) Ka jalo he, re bontsha gore re rata Jehofa e bile re batla go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri ka go ntsha meneelo. Paulo o ne a re go supa bopelotshweu ka tsela eo ke “pontsho ya go leboga Modimo.” (2 Bakorintha 9:8-13) Jehofa o re kgothaletsa gore re nne le moya o o ntseng jalo wa go aba ka gonne seo se bontsha gore re na le moya wa go aba e bile re a mo rata. Jehofa o tla segofatsa batho ba ba pelotshweu le ba ba ikaegang ka ene mme ba tla atlega mo semoyeng. (Duteronome 11:13-15; Diane 3:9, 10; 11:25) Jesu o ne a tlhomamisa gore ba tla nna le boitumelo fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Bakeresete ba ba nang le moya wa go aba ga ba letele gore go nne le tlhokego pele. Go na le moo ba batla ditsela tse ka tsone ba ka ‘dirang se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le bone mo tumelong.’ (Bagalatia 6:10) Fa Paulo a ne a kgothaletsa bopelotshweu jwa bomodimo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” (Bahebera 13:16) Jehofa Modimo o itumela thata fa re dirisa dithoto tsa rona—nako, maatla, madi—go thusa ba bangwe go tsweletsa kobamelo e e itshekileng. Ruri o rata batho ba ba nang le moya wa go aba.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”

Kgwedi nngwe le nngwe, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, c/o Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya gaeno. Ditšheke di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower.” Dibenya kana dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE

Madi a ka abiwa ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa go ka direga gore mong wa one a a kope, a busediwe moneelo oo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Accounting Office ya ofisi ya lekala ya lefelo la lona mo atereseng e e kwadilweng fa godimo.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kgotsa di abiwa ka thulaganyo ya gore fa go nna le lotseno longwe mo go tsone lo tla nna lo newa motho yo o ntshitseng mpho eo.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abiwa e le mpho kana fa e le ntlo gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela mme a tswelele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.

Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, o tshwanetse wa ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e thathamisitsweng fa tlase kana kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

Private Bag X2067,

Krugersdorp, 1740

Nomoro ya mogala: (011) 761 1000

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Bakeresete ba bogologolo gore ba nne pelotshweu?