Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go A Utlwala go Dumela mo Lefatsheng la Paradaise?

A go A Utlwala go Dumela mo Lefatsheng la Paradaise?

A go A Utlwala go Dumela mo Lefatsheng la Paradaise?

KE BATHO ba le mmalwa fela ba ba dumelang gore lefatshe le tla tsamaya le nna paradaise. Ba bantsi ba akanya gore lefatshe le ka se tlhole le nna teng gotlhelele. Go ya ka buka ya The Sacred Earth, ya ga Brian Leigh Molyneaux, kgolokwe eno e nnile teng ka ntlha ya ‘go thunya mo gogolo’ dimilione tsa dingwaga tse di fetileng. Mme fa motho ka boene a sa senye lefatshe, batho ba bantsi ba dumela gore lefatshe le lobopo lotlhe di ka nna tsa “boa tsa phutlhama di bo di nna kgolokwe e e tukang molelo.”

Mmoki wa Moesemane wa lekgolo la bo17 la dingwaga, John Milton, o ne a sa akanye ka tsela e e ntseng jalo ya go tlhoka tsholofelo. Mo lebokong la gagwe le letelele la Paradise Lost, o ne a re Modimo o bopile lefatshe gore e nne legae la batho la paradaise. Paradaise eo ya ntlhantlha e ne ya fela. Le fa go ntse jalo, Milton o ne a dumela gore e tla tsosolosiwa—gore letsatsi lengwe morekolodi yo e leng Jesu Keresete o tla “duela batho ba gagwe ba ba ikanyegang, mme a ba amogele mo boitumelong jo bo feletseng . . . kwa Legodimong kana mo Lefatsheng.” Milton o ne a bua jaana a tlhomamisegile: “Ka gonne ka nako eo Lefatshe e tla bo e le Paradaise.”

Paradaise—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

Badumedi ba bantsi ba dumalana le Milton gore kgabagare ba tla amogela tuelo ya mofuta mongwe ka ntlha ya go boga le botlhoko jo ba bo itshoketseng mono mo lefatsheng. Mme ba tla bona tuelo eo ba le kae? A e tla bo e le “kwa Legodimong kana mo Lefatsheng”? Ba bangwe ga ba akanye gotlhelele gore seo se tla direga mo lefatsheng. Ba re batho ba tla nna le “boitumelo jo bo feletseng” fela fa ba sena go tswa mo lefatsheng mme ba tshela mo lefelong la moya kwa legodimong.

Mo bukeng ya Heaven—A History, bakwadi ba yone C. McDannell le B. Lang ba re moithutabodumedi wa lekgolo la bobedi la dingwaga Irenaeus o ne a dumela gore botshelo mo paradaiseng e e tsosolositsweng “bo ne bo ka se nne kwa lefelong lengwe le le kgakala kwa legodimong, mme bo ne bo tla nna teng mo lefatsheng.” Go ya ka buka eo, le fa baeteledipele ba bantsi ba bodumedi jaaka John Calvin le Martin Luther ba ne ba na le tsholofelo ya go ya legodimong, gape ba ne ba dumela gore “Modimo o tla ntšhafatsa lefatshe.” Maloko a madumedi a mangwe le one a ntse a dumela se se tshwanang. McDannell le Lang gape ba re Bajuda bangwe ba ne ba dumela gore ka nako e Modimo a e beileng, mathata otlhe a batho a “tla fedisiwa mme batho ba tla tshela botshelo jo bo itumedisang mo lefatsheng.” Go ya ka tumelo ya Baperesia ya bogologolo “lefatshe le tla busediwa kwa boemong jwa lone jwa kwa tshimologong mme batho ba tla boa ba tshela gape ka kagiso,” go ya ka The Encyclopaedia of Middle Eastern Mythology and Religion.

Go diragetseng ka tsholofelo ya lefatshe la paradaise? A go bo re le mo lefatsheng ke selo sa nakwana fela? A jaaka mofilosofi wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga Philo a ne a dumela, e tlile go nna “tiragalo ya nakwana e gantsi e tletseng mathata” ya motho a fetela kwa lefelong la moya? Kgotsa a Modimo o ne a na le maikaelelo a sele fa a ne a bopa lefatshe mme a baya batho ba ba mo go lone mo paradaiseng? A batho ba ka bona kgotsofalo ya mmatota ya semoya le boitumelo jo bo feletseng gone mono mo lefatsheng? Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke se Baebele e se bolelang ka kgang eno? Jaaka batho ba bantsi, o ka nna wa swetsa ka gore eleruri go a utlwala go solofela gore go tla nna le lefatshe le le tsosolositsweng la paradaise.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mmoki John Milton o ne a dumela gore Paradaise e tla boa e nna teng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Earth: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./NASA

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Earth: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./NASA; John Milton: Leslie’s