Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bakeresete ba tshwanetse go leba jang mabenya a a amanngwang le kgwedi e motho a tshotsweng ka yone?

Mo ditsong dingwe, mabenya mangwe a amanngwa le kgwedi e motho a tsetsweng ka yone. Mokeresete o tshwanetse go itirela tshwetso ene ka boene gore a o tla tsenya palamonwana e e nang le lebenya le le rileng. (Bagalatia 6:5) Fa a dira tshwetso eo, go na le mabaka a a botlhokwa a a tshwanetseng go a akanyetsa.

Encyclopaedia Britannica e bolela gore mofuta ono wa lebenya (birthstone) ke “letlapana le le tlhwatlhwakgolo le le amanngwang le kgwedi e motho a tshotsweng ka yone, le go dumelwang gore fa motho a le tsenya le tla mo tlisetsa masego kana botsogo jo bontle.” Buka eno e oketsa ka gore: “Balepadinaledi ga ba bolo go dumela gore matlapana ano a na le maatla a e seng a tlholego.”

Mo dinakong tsa bogologolo, gantsi batho ba ne ba dumela gore mabenya ano a ne a tlisetsa motho yo o a rwalang masego. A Mokeresete wa boammaaruri o dumela seno? Nnyaa, ka gonne o itse gore Jehofa o ne a nyatsa batho ba ba neng ba mo tlogetse ba ba neng ba ikanya “modimo wa Masego.”—Isaia 65:11.

Ka dinako tsa Metlha ya Bogare, batho ba ba bolelelang isagwe pele ba ne ba tlhophela kgwedi nngwe le nngwe ya ngwaga lebenya la yone. Ba ne ba kgothaletsa batho go tsenya lebenya la kgwedi e ba tshotsweng ka yone, ba re le tla ba sireletsa mo bosuleng. Mme go tla bo go sa dumalane le Dikwalo fa Mokeresete a latela kaelo ya batho ba ba bolelelang isagwe pele ka gonne Baebele e a ba nyatsa.—Duteronome 18:9-12.

Gape go tla bo go sa siama gore Mokeresete a lebe palamonwana e na le sengwe se se kgethegileng fela ka gonne e na le lebenya le le rileng. Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a matsalo. Ga ba a keteke ka gonne mekete e e ntseng jalo e galaletsa thata motho mme mekete ya malatsi a botsalo e e umakilweng mo Baebeleng ke fela ya babusi ba ba neng ba sa direle Modimo.—Genesise 40:20; Mathaio 14:6-10.

Batho bangwe ba dumela gore fa motho a tsenya palamonwana e e nang le lebenya le le amanngwang le kgwedi e a tshotsweng ka yone, e nna le tlhotlheletso e e molemo mo bothong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba dumele seno, ka gonne ba itse gore “botho jo bosha” bo aparwa ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa Modimo le go dirisa melaometheo ya Dikwalo.—Baefeso 4:22-24.

Selo sa botlhokwa thata ke maitlhomo a gago. Fa Mokeresete a akanyetsa gore a o tshwanetse go tsenya palamonwana e e nang le lebenya le le amanngwang le letsatsi la botsalo ka tsela nngwe, o tshwanetse a ipotsa gore ‘A ke batla go tsenya palamonwana eno fela ka gonne e nkgatlha, le fa gone e na le lebenya le le amanngwang le kgwedi e ke tshotsweng ka yone? Kana a ke tlhotlheleditswe ka tsela nngwe ke ditumelo dingwe tsa tumelabotlhodi tse batho bangwe ba di amanyang le mabenya ano?’

Mokeresete o tshwanetse go sekaseka pelo ya gagwe gore a tle a kgone go bona maitlhomo a gagwe. Dikwalo di a re: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Mokeresete mongwe le mongwe fa a dira tshwetso malebana le mabenya a a amanngwang le botsalo jwa motho, o tla bo a dira sentle fa a tlhatlhoba maitlhomo a gagwe le go akanyetsa kafa tshwetso ya gagwe e tla mo amang ka teng le kafa e tla amang ba bangwe ka teng.—Baroma 14:13.