Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Barutwa ka go Rera

Dira Barutwa ka go Rera

Dira Barutwa ka go Rera

“E rile Perisila le Akhwila ba [utlwa Apolose], ba mo tseela mo go bone mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.”—DITIRO 18:26.

1. Apolose o ne a tlhoka eng le mororo a ne a “tuka mo moyeng”?

BANYALANI bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Perisila le Akhwila ba ne ba etse Apolose tlhoko fa a neela puo kwa sinagogeng kwa motseng wa Efeso. Batho ba ba neng ba reeditse Apolose ba ne ba mo sekegetse tsebe ka kelotlhoko e re ka e ne e le setswerere mo puong e bile a na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa maikutlo. O ne a “tuka mo moyeng,” e bile a “ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu.” Le fa go ntse jalo, go ne go bonala sentle gore Apolose o ne a “tlwaelane le kolobetso ya ga Johane fela.” Se Apolose a neng a se ruta batho ka Keresete se ne se le boammaaruri le fa go le jalo se tlhaela. Bothata e ne e le gore o ne a se na kitso e e feletseng. O ne a tlhoka go oketsa kitso ya gagwe kaga seabe sa ga Jesu Keresete mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa.—Ditiro 18:24-26.

2. Ke boikarabelo bofe jo bo boima jo Akhwila le Perisila ba ileng ba bo tsaya?

2 Akhwila le Perisila ba ne ba se ka ba okaoka go thusa Apolose go nna mongwe wa batho ba ba neng ba tla boloka “dilo tsotlhe” tse Keresete a di laetseng. (Mathaio 28:19, 20) Pego eno e tlhalosa gore ba ne “ba mo tseela mo go bone mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.” Le fa go ntse jalo, go ne go na le dilo dingwe ka Apolose tse di neng di ka nna tsa dira gore Bakeresete bangwe ba okaoke go mo ruta. Ke dilo dife? Mme gone re ka ithuta eng mo matsapeng a Akhwila le Perisila ba ileng ba a tsaya go tlotla le Apolose ka Dikwalo? Go sekaseka pego eno go ka re thusa jang gore re tlhome megopolo ya rona mo go simololeng dithuto tsa legae tsa Baebele?

Ela Tlhoko Dilo Tse Batho ba di Tlhokang

3. Ke eng fa maemo a ga Apolose a ile a se ka a thibela Akhwila le Perisila go mo ruta?

3 E re ka Apolose e ne e le kokomana ya Bajuda, go bonala a ile a golela mo motseng wa Alekesanderia. Ka nako eo, Alekesanderia e ne e le motsemogolo wa Egepeto e bile e le boremelelo jwa thuto ya maemo a a kwa godimo, e itsege thata ka laeborari ya teng e kgolo. Go ne go na le Bajuda ba bantsi ba ba nnang mo motseng ono, go akaretsa le ba e neng e le bakanoki. Ke gone ka moo thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera, e e itsegeng ka leina la Septuagint, e ileng ya dirwa teng. Ga go gakgamatse go bo Apolose a “ne a itse Dikwalo sentle”! Akhwila le Perisila e ne e le badiri ba megope. A go nna setswerere ga ga Apolose mo puong go ne ga dira gore ba tshabe go mo thusa? Nnyaa. Ka ntlha ya go mo rata, ba ne ba mo akanyetsa, ba akanyetsa dilo tse a di tlhokang, le kafa ba neng ba ka mo thusa ka teng.

4. Apolose o ne a bona kae thuso e a neng a e tlhoka mme gone o ne a e bona jang?

4 Le fa Apolose a ne a le setswerere go le kana kang mo puong, o ne a tlhoka go thusiwa. O ne a ka bona thuso eo fela mo Bakereseteng ba bangwe mo phuthegong, e seng kwa yunibesithing epe. Apolose o ne a tla tloga a solegelwa molemo ke dintlha tse di neng di tla mo thusa go nna le kitso e e boammaaruri le go feta kaga thulaganyo ya Modimo ya poloko. Akhwila le Perisila ba ne ba “mo tseela mo go bone mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.”

5. O ka reng ka bomoya jwa ga Akhwila le Perisila?

5 Akhwila le Perisila e ne e le batho ba ba nonofileng semoyeng e bile ba na le tumelo e e nonofileng. Go ka direga gore ‘ka metlha ba ne ba aga ba iketleeleditse go femela tsholofelo ya bone fa pele ga mongwe le mongwe yo o batlang lebaka,’ e kane motho yoo ke mohumi, mohumanegi, mokanoki, kana lekgoba. (1 Petere 3:15) Akhwila le mogatse ba ne ba kgona go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15) Go bonala e ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Dikwalo. Apolose o ne a amiwa maikutlo thata ke thuto e e tswang mo ‘lefokong la Modimo le le tshelang e bile le naya maatla,’ le le kgonang go ama pelo.—Bahebera 4:12.

6. Re itse jang gore Apolose o ne a anaanela thuso e a neng a e newa?

6 Apolose o ne a kgatlhiwa ke sekao sa barutisi ba gagwe mme o ne a nna setswerere le e leng go feta mo tirong ya go dira barutwa. O ne a dirisa kitso ya gagwe ka botlalo mo tirong ya go bolela dikgang tse di molemo, segolobogolo mo Bajudeng. Apolose o ne a thusa thata mo go tlhotlheletseng Bajuda go dumela mo go Keresete. E re ka a ne a “itse Dikwalo sentle,” o ne a kgona go ba bontsha bosupi gore baporofeti botlhe ba bogologolo ba ne ba solofetse go tla ga Keresete. (Ditiro 18:24) Pego eno e oketsa ka gore go tswa foo Apolose o ne a ya kwa Akaia, koo a neng a fitlha “a thusa thata ba ba neng ba dumetse ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo; gonne ka nonofo e kgolo thata o ne a supa ka botlalo phatlalatsa gore Bajuda ba ne ba le phoso, fa a ntse a bontsha ka Dikwalo gore Jesu e ne e le Keresete.”—Ditiro 18:27, 28.

Ithute mo Sekaong sa Barutisi ba Bangwe

7. Go ne ga tla jang gore Akhwila le Perisila ba nne barutisi ba ba molemo?

7 Go ne ga tla jang gore Akhwila le Perisila e nne barutisi ba ba molemo ba Lefoko la Modimo? Mo godimo ga gore ba ne ba tlhoafaletse go ithuta le go nna gone kwa dipokanong, ba tshwanetse ba bo ba thusitswe thata le ke go tsalana thata le moaposetoloi Paulo. Paulo o ne a fetsa dikgwedi tse 18 a nna mo ntlong ya ga Akhwila le Perisila kwa Korintha. Ba ne ba dira tiro ya go baakanya megope mmogo. (Ditiro 18:2, 3) Akanya fela ka metlotlo ya dilo tse di boteng tsa Dikwalo e ba ka tswang ba ne ba nna le yone. Mme abo go nna le Paulo go tshwanetse ga bo go ile ga ba solegela molemo jang ne semoyeng! Diane 13:20 ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” Botsalano jo bo molemo jwa semoya bo ile jwa tlhotlheletsa bomoya jwa bone ka tsela e e molemo.—1 Bakorintha 15:33.

8. Ke eng se Akhwila le Perisila ba ileng ba se lemoga ka bodiredi jwa ga Paulo?

8 Fa Akhwila le Perisila ba ntse ba lebile Paulo mo tirong ya go bolela ka Bogosi, ba ne ba kgona go lemoga gore ke morutisi yo o molemo. Pego e e mo go Ditiro e tlhalosa gore Paulo “o ne a tle a neele puo mo sinagogeng [kwa Korintha] ka sabata mongwe le mongwe a tlhotlheletsa Bajuda le Bagerika go dumela.” Moragonyana fa Paulo a sena go patwa ke Silase le Timotheo, o ne “a simolola go tshwarega thata ka lefoko, a neela bosupi mo Bajudeng go rurifatsa gore Jesu ke Keresete.” Fa bontsi jwa maloko a sinagoge a ne a sa bontshe go kgatlhegela molaetsa, Akhwila le Perisila ba ne ba bona Paulo a tloga koo mme a ya kwa lefelong le a neng a tla bona batho ba bantsi ba ba kgatlhegang kwa go lone, e leng ntlo nngwe e e neng e tshwaragane le sinagoge. Fa Paulo a le koo, o ne a kgona go thusa Kiresepo, “motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge,” go nna morutwa. Go ka direga gore Akhwila le Perisila ba ile ba lemoga gore go fetoga morutwa ga motho yoo a le mongwe fela, go ile ga ama tshimo eo thata le go dira gore e nne le matswela. Pego eo ya re: “Kiresepo . . . a nna modumedi mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba dira jalo. Mme ba le bantsi ba Bakorintha ba ba neng ba utlwa ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.”—Ditiro 18:4-8.

9. Akhwila le Perisila ba ne ba tsibogela sekao sa ga Paulo jang?

9 Baboledi ba bangwe ba Bogosi, ba ba jaaka Akhwila le Perisila, ba ile ba etsa sekao sa ga Paulo mo bodireding jwa tshimo. Moaposetoloi yono o ne a gakolola Bakeresete ba bangwe jaana: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Akhwila le Perisila ba ile ba etsa sekao sa ga Paulo ka go thusa Apolose gore a tlhaloganye dithuto tsa Bokeresete sentle. Mme le ene o ne a thusa ba bangwe. Ga go pelaelo gore Akhwila le Perisila ba ile ba thusa go dira barutwa kwa Roma, Korintha le Efeso.—Ditiro 18:1, 2, 18, 19; Baroma 16:3-5.

10. O ithutile eng mo go Ditiro kgaolo 18 se se ka go thusang mo tirong ya go dira barutwa?

10 Re ka ithuta eng ka go sekaseka pego ya Ditiro kgaolo 18? Ebu, fela jaaka Akhwila le Perisila ba ka tswa ba ile ba ithuta mo go Paulo, le rona re ka tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go dira barutwa ka go etsa sekao sa barutisi ba ba molemo ba Lefoko la Modimo. Re ka itsalanya le batho ba ba ‘tshwaregileng thata ka lefoko’ le ba ba ‘neelang batho ba bangwe bosupi ka botlalo.’ (Ditiro 18:5) Re ka ela tlhoko kafa ba amang dipelo tsa batho ka teng ka go dirisa bokgoni jwa bone jwa go ruta ka tsela e e tlhotlheletsang maikutlo. Bokgoni jo bo ntseng jalo bo ka re thusa go dira barutwa. Fa motho a ithuta Baebele le rona, re ka nna ra akantsha gore a laletse ba lelapa la gagwe kana baagelani gore le bone ba kopanele mo thutong. Kana re ka nna ra mo kopa gore a re itsise batho ba bangwe ba re ka ithutang Baebele le bone.—Ditiro 18:6-8.

Bula Ditshono Tsa go Dira Barutwa

11. Barutwa ba basha ba ka bonwa kae?

11 Paulo le Bakeresetekaene ba bangwe ba ne ba dira barutwa ka go rera ka ntlo le ntlo, kwa marekelong, le fa ba tsere mesepele—tota re ka re gongwe le gongwe fela. E re ka o le modiri yo o tlhoafetseng wa Bogosi yo o batlang go dira barutwa, a o ka atolosa bodiredi jwa gago jwa tshimo? A o ka dirisa ka botlalo ditshono tsa go senka batho ba ba tshwanelegang mme o ba rerele? Ditsela tse dingwe tse baboledi ba bangwe ba dikgang tse di molemo ba ileng ba di dirisa go bona barutwa ke dife? A re simolole pele ka bodiredi jwa go rera ka founo.

12-14. Bontsha melemo ya go rera ka founo ka go anela maitemogelo a gago ka namana kana boitemogelo bongwe mo go a a mo dirapeng tseno.

12 Fa Mokeresete mongwe, yo re tla mmitsang Maria, a ne a rera ka ntlo le ntlo kwa Brazil, o ne a abela mosadi mongwe yo o neng a tswa mo foleteng nngwe pampitshana. Maria o ne a mmotsa jaana a dirisa setlhogo sa pampitshana eo go simolola motlotlo le ene: “A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka Baebele?” Mosadi yono o ne a re: “Nka rata thata. Bothata jwa me ke gore ke morutabana, mme tiro ya go ruta e ntseela nako e ntsi.” Maria o ne a tlhalosa gore ba ka nna ba aga ba tlotla ka dikgang tsa Baebele ka founo. Mosadi yono o ne a naya Maria dinomore tsa gagwe tsa founo, mme mo go one maitseboa ao, o ne a simolola thuto le ene ka founo, a dirisa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? *

13 Fa modiredi mongwe wa nako e e tletseng kwa Ethiopia a ne a rera ka founo, o ne a gakgamadiwa ke go utlwa go tsogile kgaruru mo founong fa a ntse a bua le monna mongwe. Monna yono o ne a mo kopa gore a mo founele gape moragonyana. Fa kgaitsadi yono a mo founela gape, monna yono o ne a kopa maitshwarelo mme a tlhalosa gore fa a ne a founile pelenyana, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba omana. Kgaitsadi o ne a dirisa tshono eo go mo lemotsha kaelo e e molemo ya Baebele malebana le go rarabolola mathata a lelapa. O ile a mmolelela gore malapa a le mantsi a ile a thusiwa ke buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Malatsi a se kae fa kgaitsadi a sena go isetsa monna yono buka eno, o ne a mo founela gape. Monna yono o ne a re: “Buka eno e namotse lenyalo la me!” Tota e bile, o ne a bitsa lelapa lotlhe go tla go le tlotlela dintlha tse di molemo tse a di badileng mo bukeng eno. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le monna yono, mme go ise go ye kae, o ne a simolola go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete.

14 Mmoledi mongwe wa Bogosi kwa Denmark, yo o neng a simolola thuto ya Baebele ka go rera ka founo a re: “Molebedi wa tirelo o ne a nkgothaletsa go rera ka founo. Kwa tshimologong ke ne ka okaoka, ke re: ‘Ga se selo se ke se ratang.’ Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe ke ne ka ipeta pelo mme ka founela lelapa lengwe. Sonja o ne a araba founo, mme morago ga motlotlo o mokhutshwane, o ne a dumela gore a tlisediwe kgatiso e e theilweng mo Baebeleng. Maitseboa mangwe re ne ra tlotla ka kgang ya popo, mme o ne a rata go bala buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? * Ke ne ka mmolelela gore go ka nna molemo fa re ne re ka kopana ka namana mme re tlotle ka kgang eno. O ne a dumela. Fa ke fitlha Sonja o ne a setse a ipaakanyeditse gore re ithute, mme re ile ra ithuta beke nngwe le nngwe fa e sa le ka nako eo.” Kgaitsadi yono wa Mokeresete o konela ka go re: “Ke feditse dingwaga tse dintsi ke rapelela gore ke nne le thuto ya Baebele, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa lebelela gore go rera ka founo ke gone go neng go tla nthusa go bona thuto.”

15, 16. Ke maitemogelo afe a o ka a umakang a a bontshang botlhokwa jwa go dirisa ditsela tse di farologaneng go simolola dithuto tsa Baebele?

15 Batho ba le bantsi ba a atlega ka gonne ba dirisa dikakantsho tsa gore ba rerele batho gongwe le gongwe kwa ba gone. Mosadi mongwe wa Mokeresete wa kwa United States o ne a emisa koloi ya gagwe gaufi le bene nngwe e e rwalang dithoto e e neng e phakilwe mo lefelong la go phaka dikoloi. Fa mosadi yo o neng a le mo beneng a mo leba, kgaitsadi o ne a mo tlhalosetsa tiro e re e dirang ya go ruta batho Baebele. Mosadi yono o ne a reetsa, a tswa mo beneng mme a atamela gaufi le koloi ya kgaitsadi yono. O ne a re: “Ke leboga thata go bo o ile wa ema mme wa tla go bua le nna. Go fetile lobaka lo loleele ke se na epe ya dibuka tsa lona. Mo godimo ga moo, ke batla go boa ke ithuta Baebele gape. A o ka rata go ithuta le nna?” Ka gone kgaitsadi wa rona o ile a kgona go bula tshono e e molemo ya go tlotla le ene ka dikgang tse di molemo.

16 Kgaitsadi mongwe wa kwa United States o ne a nna le maitemogelo a a latelang fa a ne a etetse legae lengwe la go tlhokomela bagodi: O ne a buisana le mookamedi wa ditirelo dingwe teng mme a mo itsise gore o ne a ka rata go ithaopela go thusa bagodi ba teng ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Kgaitsadi wa rona o ne a oketsa ka go tlhalosa gore a ka rata go tshwarela botlhe ba ba ka nnang gone thuto ya mahala ya Baebele beke le beke. Mookamedi yono o ne a mo naya tetla ya go etela matlwana a batho ba ba farologaneng mo legaeng leno. Go ise go ye kae ke fa a tshwara thuto ya Baebele gararo mo bekeng le bagodi ba le 26, ba mongwe wa bone a nnang gone ka metlha kwa dipokanong tsa rona.

17. Ke mokgwa ofe wa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele o gantsi o atlegang?

17 Baboledi bangwe ba Bogosi ba nna le matswela a a molemo ka go buelela thuto ya Baebele ka tlhamalalo. Moso mongwe phuthego nngwe ya baboledi ba le 105 e ne ya dira maiteko a go buelela thuto mo go beng botlhe ba matlo ba ba neng ba kopana le bone. Baboledi ba teng ba le 86 ba ne ba nna le seabe mo bodireding mme morago ga go fetsa diura tse pedi mo tirong ya go rera, ba ne ba kgona go simolola dithuto tse disha tsa Baebele di le 15.

Tswelela o Senka ba ba Tshwanelegang

18, 19. Ke kaelo efe e e botlhokwa e e tswang mo go Jesu e re tshwanetseng go nna re e gopotse, mme ke eng se se ka re thusang go dira jalo?

18 O ka nna wa rata go dirisa dikakantsho tse di umakilweng mo setlhogong seno mo tirong ya gago ya go bolela ka Bogosi. Ke boammaaruri gore, go ka nna molemo gore o akanyetse ditlwaelo tsa lefelo la lona fa o akanyetsa mekgwa mengwe ya go rera. Mo godimo ga tsotlhe, a re nne re gopotse kaelo ya ga Jesu ya gore re senke batho ba ba tshwanelegang le go ba thusa go nna barutwa.—Mathaio 10:11; 28:19.

19 A re direng jalo ka go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ Re ka dira jalo ka go dirisa botswerere jwa go tlhotlheletsa maikutlo re dirisa Dikwalo ka botlalo. Seno se tla re thusa go ama dipelo tsa batho ba ba reetsang molaetsa wa rona le go ba tlhotlheletsa go tsaya kgato. Fa re ntse re ikaegile ka Jehofa ka thapelo, re ka nna le seabe mo go thuseng bangwe go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. A tiro e e itumedisang ruri! Ka gone, a re ‘direng bojotlhe go itlhagisa re amogelwa ke Modimo,’ ka metlha re tlotla Jehofa ka go nna baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng, ba ba rerang ka boikaelelo jwa go dira barutwa.—2 Timotheo 2:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Bo gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Apolose a ne a tlhoka gore a tlhalosediwe tsela ya Modimo sentle ka botlalo?

• Akhwila le Perisila ba ile ba ithuta mo go moaposetoloi Paulo ka ditsela dife?

• O ithutile eng ka tiro ya go dira barutwa go tswa mo go Ditiro kgaolo 18?

• Re ka bula jang ditshono tsa go dira barutwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Akhwila le Perisila ba ne ba ‘tlhalosetsa Apolose tsela ya Modimo sentle ka botlalo’

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Apolose o ne a nna setswerere mo tirong ya go dira barutwa

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Paulo o ne a rera gongwe le gongwe kwa a yang gone

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Bula ditshono tsa go rera