Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Melaometheo ya Baebele E ne Ya mo Thusa go Fetoga

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Melaometheo ya Baebele E ne Ya mo Thusa go Fetoga

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Melaometheo ya Baebele E ne Ya mo Thusa go Fetoga

FA Adrian a ne a sa le mosha o ne a le bogale thata e bile a tenegatenega fela. Bogale jwa gagwe bo ne bo dira gore nako le nako a iphitlhele a lole le batho ba bangwe. O ne a nwa, a goga e bile a na le boitsholo jo bo maswe. Adrian o ne a itsiwe e le lephanka mme o ne a na le tattoo e e neng e bontsha gore o ne a sa rate go ikobela taolo. O bua jaana fa a tlhalosa dingwaga tseo: “Ke ne ke beola moriri ka mokgwa o o tlwaelegileng wa maphanka, ke o tshasa glue gore o eme mme ka dinako tse dingwe ke o tsenya mmala o mohibidu kana o sele.” Adrian o ne a phunya le nko ya gagwe go tsenya lenyena.

Adrian o ne a fudugela mo ntlong e e senyegileng le basha ba bangwe ba diganana. Fa ba le koo ba ne ba nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi. Adrian o gakologelwa jaana: “Ke ne ke itlhaba ka seokobatsi se se bidiwang speed ke se tlhakantse le se sengwe se se bidiwang Valium, le sengwe le sengwe fela se ke neng ke kgona go se bona. Fa ke ne ke sa kgone go bona diokobatsi kana glue, ke ne ke gopa peterole mo dikoloing tsa batho mme ke itagisa ka yone.” Adrian o ne a nna motho yo o manganga e bile a le bogale thata ka ntlha ya go tshela botshelo jwa bothubaki mo mmileng. Batho ba ne ba sa batle go amana ka gope le ene. Mme gape, tsela e a neng a itsiwe ka yone e ne ya dira gore a tsalane le batho ba ba bosula.

Kgabagare Adrian o ne a lemoga gore “ditsala” tsa gagwe di ne di tsalana le ene fela ka ntlha ya bopelotshetlha. Mo godimo ga moo, o ne a bona gore “bogale jwa gagwe le tsela e a neng a thubakanya ka yone di ne di sa mo tlisetse sepe.” Ka ntlha ya go ikutlwa a tlaletswe e bile a kgobegile marapo, o ne a kgaogana le ditsala tsa gagwe. Ka letsatsi lengwe o ne a fitlhela makasine wa Tora ya Tebelo mo lefelong lengwe le go neng go agiwa mo go lone, a kgatlhiwa ke molaetsa wa Baebele o o neng o le mo go one, mme ga felela ka gore a ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Adrian o ne a amogela taletso eno ka tlhoafalo: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ka ntlha ya go amogela taletso eo, Adrian a bona go tlhokega gore a dirise melaometheo e e fitlhelwang mo Dikwalong Tse di Boitshepo.

Go gola mo kitsong ya Baebele go ne ga nna le matswela a a molemo mo segakoloding sa ga Adrian mme ga fetola botshelo jwa gagwe. Go ne ga mo thusa gore a laole bogale jwa gagwe le go kgona go itshwara. Botho jwa ga Adrian bo ne jwa fetoga thata ka ntlha ya maatla a Lefoko la Modimo.—Bahebera 4:12.

Mme gone, motho a ka amiwang jang ke maatla a magolo a Baebele? Go nna le kitso ya Dikwalo go re thusa gore re “apare botho jo bosha.” (Baefeso 4:24) Ee, botho jwa rona bo fetolwa ke go dirisa kitso ya boammaaruri e e fitlhelwang mo Baebeleng. Mme kitso e e ntseng jalo e fetola batho jang?

Sa ntlha, Baebele e tlhalosa gore ke dinonofo dife tse di sa siamang tse motho a tshwanetseng go di latlha. (Diane 6:16-19) Sa bobedi, Dikwalo di re rotloetsa go bontsha dinonofo tse di molemo tsa moya o o boitshepo wa Modimo. Dinonofo tseno di akaretsa “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.

Go tlhaloganya sentle se Modimo a batlang re se dira go ne ga thusa Adrian go itlhatlhoba le go bona gore ke dinonofo dife tse a tlhokang go nna le tsone le tse a tshwanetseng go di latlha. (Jakobe 1:22-25) Mme seo e ne e le tshimologo fela. Mo godimo ga gore Adrian a nne le kitso, go ne go tlhokega gore a nne le sengwe se se mo tlhotlheletsang—se se neng se tla mo tlhotlheletsa gore a batle go fetoga.

Adrian o ne a ithuta gore botho jo bosha jo bo batlegang bo bopiwa “go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa.” (Bakolosa 3:10) O ne a simolola go bona gore botho jwa Mokeresete bo tshwanetse jwa tshwana le botho jwa Modimo. (Baefeso 5:1) Ka go ithuta Baebele, Adrian o ne a ithuta kafa Jehofa a dirisanang le batho ka teng mme a ithuta ka dinonofo tse di molemo tsa Modimo, tse di tshwanang le lorato, bopelonomi, molemo, kutlwelobotlhoko le tshiamo. Go itse seno go ne ga tlhotlhetsa Adrian go rata Modimo le go leka go nna mofuta wa motho o Jehofa a mo amogelang.—Mathaio 22:37.

Fa nako e ntse e ya, le ka ntlha ya go thusiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, Adrian o ne a kgona go laola bogale jwa gagwe. Gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ba thusa batho ba bangwe gore le bone ba fetole matshelo a bone ba thusiwa ke kitso ya Baebele. Adrian a re: “Go farologana le bontsi jwa ditsala tsa me tsa nako e e fetileng, ba gone jaanong ba tlhokafetseng, nna ke a tshela e bile ke itumelela botshelo jwa lelapa.” Adrian ke mosupi wa gore Baebele e na le maatla a go tokafatsa matshelo a batho.

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“Bogale jwa gagwe le tsela e a neng a thubakanya ka yone di ne di sa mo tlisetse sepe”

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Melaometheo ya Baebele e e Thusang

Mengwe ya melaometheo ya Baebele e e thusitseng batho ba le bantsi go tlogela bogale le thubakanyo mme ba nne batho ba ba kagiso ke eno:

“Agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo.” (Baroma 12:18, 19) A Modimo e nne ene a swetsang gore o tla tlisa ipusolosetso leng le gone mo go mang. A ka kgona go dira jalo a itse mabaka sentle, mme kotlhao e e tswang mo go ene e tla bontsha tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng.

“Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baefeso 4:26, 27) Ka nako nngwe motho a ka nna a galefa ka go bo a na le mabaka a a utlwalang. Fa seno se direga, ga a tshwanela go nna a “galefile.” Ka ntlha yang? Ka gonne go nna a galefile go ka felela ka gore a dire sengwe se se bosula, ka go dira jalo a neye “Diabolo sebaka” mme ga dira gore Jehofa Modimo a se ka a mo amogela.

“Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pesalema 37:8) Maikutlo a a sa laolesegeng a ka dira gore motho a itshware ka tsela e e sa laolesegeng. Fa motho a ineela go galefa, a ka nna a bua kana a dira dilo tse di ka utlwisang botlhe ba ba amegang botlhoko.