Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ruri Lefoko la Modimo le Maatla!”

“Ruri Lefoko la Modimo le Maatla!”

“Ruri Lefoko la Modimo le Maatla!”

“LEFOKO LA MODIMO le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Kgatiso ya 2003 Calendar of Jehovah’s Witnesses e na le dipego di le thataro tsa dikgang tsa botshelo tsa batho go dikologa lefatshe go bontsha kafa Lefoko la Modimo le leng maatla ka gone. Mo setlhogong se se reng, “Pele le Morago ga go Ithuta Baebele,” khalendara eno e bontsha kafa tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa e thusang batho ka teng go tokafatsa maitsholo a bone, go tlogela botshelo jo bo kotsi, go nonotsha botshelo jwa lelapa le go ba tlhotlheletsa go nna le kamano le Modimo.

Re amogetse makwalo a le mmalwa a a bontshang go anaanela khalendara ya 2003. Dingwe tsa dikakgelo tse di mo makwalong ano ke tseno:

“Khalendara eno e neela Bakeresete ba boammaaruri bosupi jwa gore go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tshwanelwa ke go lwa ntwa e e thata ya tumelo fela jaaka bone. Gone jaanong ditshwantsho tseno di kgona go ba gakolola ka diphetogo tse bangwe ba bone ba neng ba tshwanelwa ke go di dira.”—Steven, United States.

“Tota ke ne ke batla go kwala mafokonyana ano go lo itsise kafa khalendara ya 2003 e ileng ya nkama pelo ka gone. Ga go ise go ke go direge pele gore khalendara e nkame ka tsela eno. Dipego tseno tsa dikgang tsa botshelo di tla nna dingwe tsa dibuka tse ke di tsenyang mo kgetsing ya me ya go neela bosupi gore ke tle ke bontshe batho ba bangwe dikai le bosupi jo bo kgatlhang jwa kafa Baebele e ka amang batho ka gone.”—Marc, Belgium.

“Ke ne ke amilwe maikutlo tota ke khalendara eno. Ke ne ka tseega maikutlo fa ke e bala e bile ke bona kafa Jehofa a fetotseng batho bano ka teng. Ka ntlha ya seo, le nna ke ne ka tlhotlheletsega go dira diphetogo mo botshelong jwa me. Gone jaanong go feta le e leng pele, ke ikutlwa ke le karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe.”—Mary, United States.

“Jesu o ne a amiwa thata ke boemo jwa batho jo bo tlhobaetsang jwa semoya. Ke a lo leboga go bo le lona lo etsa sekao sa ga Keresete ka go kwala dikgang tsa botshelo tse di fitlhelwang mo khalendareng ya 2003. Ga go ise go ke go direge pele gore khalendara e dire gore ke gelele dikeledi jaaka eno.”—Cassandra, United States.

“Ke ne ka simolola go goga motsoko ke na le dingwaga di le 11; moragonyana ke ne ka dirisa diokobatsi. Gantsi ke ne ke tle ke akanye ka go ipolaya. Ke ne ka thusiwa go latlha mekgwa eo fa ke ne ke simolola go ithuta ka Jehofa. Khalendara eno e botlhokwa thata mo go nna. Dikai tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba me go dikologa lefatshe di a nnonotsha. Gone jaanong ke itse gore ga ke nosi mo ntweng eno le gore selo sa botlhokwa ke go rata Jehofa le go mo direla ka pelo yotlhe.”—Margaret, Poland.

“Ruri Lefoko la Modimo le maatla! Fa ke ne ke amogela khalendara ya 2003, ke ne ka palelwa ke go itshwara. Maitemogelo ano, mmogo le ditshwantsho tseno, di nnonotsha tumelo thata.”—Darlene, United States.

“Botshelo jwa nako e e fetileng jwa bangwe ba batho bano bo tshwana thata le botshelo jwa me jwa nako e e fetileng. Jehofa o nneile maatla a go tlogela mekgwa e go neng go lebega e sa ka ke ya fenngwa. Ke lo leboga thata ka ntlha ya dikgang tseno tsa botshelo.”—William, United States.