Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa ba Bangwe go Amogela Molaetsa wa Bogosi

Thusa ba Bangwe go Amogela Molaetsa wa Bogosi

Thusa ba Bangwe go Amogela Molaetsa wa Bogosi

“Ageripa a raya Paulo a re: ‘Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.’”—DITIRO 26:28.

1, 2. Go tlile jang gore moaposetoloi Paulo a tlisiwe fa pele ga Molaodi Feseto le Kgosi Herode Ageripa II?

KWA Kaesarea ka 58 C.E., Mmusi wa Moroma e bong Porekio Feseto o ne a etetswe ke Kgosi Herode Ageripa II le kgaitsadie e bong Berenise. E re ka ba ne ba laleditswe ke Mmusi Feseto, ba ne “ba tla ka boikgodiso jo bogolo mme ba tsena mo ntlwaneng ya theeletso mmogo le balaodi ba sesole le banna ba ba tlotlometseng ba mo motseng.” Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a tlisiwa fa pele ga bone ka taelo ya ga Feseto. Go tlile jang gore molatedi yono wa ga Jesu Keresete a eme fa pele ga setulo sa katlholo sa Molaodi Feseto?—Ditiro 25:13-23.

2 Karabo re e bona mo go se Feseto a neng a se bolelela baeng ba gagwe. O ile a re: “Kgosi Ageripa le lona lotlhe banna ba lo nang le rona fano, lo bona monna yono yo Bajuda ba le bantsi ba ikopetseng mo go nna kwa Jerusalema le fano, ba goa gore ga a tlhole a tshwanela go tshela. Mme ke ne ka lemoga gore o ne a sa dira sepe se se tshwanetseng loso. Jalo e rile monna yono ka boene a ikuela kwa go Aguseto yo Mogolo, ka dira tshwetso ya gore ke mo romele gone. Mme ga ke na sepe se se tlhomameng se ke ka se kwalelang Morena wa me kaga gagwe. Jalo ke ne ka mo tlisa fa pele ga lona, mme segolobogolo fa pele ga gago, Kgosi Ageripa, gore fa go sena go dirwa potsolotso ya boatlhodi, ke bone sengwe se ke ka se kwalang. Gonne go bonala go sa utlwale mo go nna go romela legolegwa mme gape ke sa kaye dilo tse le latofadiwang ka tsone.”—Ditiro 25:24-27.

3. Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba latofatsa Paulo?

3 Mafoko a ga Feseto a supa gore Paulo o ne a latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka tsa botsuolodi—molato o mong wa one a neng a atlholelwa loso. (Ditiro 25:11) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a se na molato. O ne a pegwa molato oo ke baeteledipele ba bodumedi ba ba lefufa ba kwa Jerusalema. Ba ne ba le kgatlhanong le tiro ya ga Paulo ya go bolela ka Bogosi e bile ba tenwa ke gore o ne a thusa batho ba bangwe go nna balatedi ba ga Jesu Keresete. Paulo o ne a ikuela kwa go Kaesara mme a tlisiwa go tswa kwa Jerusalema a disitswe ke masole a mantsi go tla kwa motseng wa boemakepe wa Kaesarea. Go tswa koo o ne a tlile go isiwa kwa Roma.

4. Kgosi Ageripa o ne a bua mafoko afe a a gakgamatsang?

4 Akanya Paulo a le mo ntlong ya segosi a eme fa pele ga setlhopha se se akaretsang molaodi wa kgaolo e e botlhokwatlhokwa ya Mmusomogolo wa Roma. Kgosi Ageripa o retologela kwa go Paulo a bo a re: “O letlwa go ipuelela.” Fa Paulo a ntse a bua, go diragala sengwe se se gakgamatsang. Se Paulo a se buang se simolola go ama pelo ya kgosi. Ee ruri, Kgosi Ageripa a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.”—Ditiro 26:1-28.

5. Ke eng fa mafoko a ga Paulo a ile a ama Ageripa?

5 A ko o akanye fela! Tsela e e molemo e Paulo a ileng a ipuelela ka yone e feleletsa e dirile gore molaodi yono a amiwe pelo ke maatla a Lefoko la Modimo a a kgonang go phunyeletsa pelo. (Bahebera 4:12) Ke eng se se neng se dira gore Paulo a kgone go ipuelela ka tsela e e molemo jaana? Mme re ka ithuta eng mo go Paulo se se ka re thusang mo tirong ya rona ya go dira barutwa? Fa re sekaseka tsela e a ileng a ipuelela ka yone, re kgona go lemoga dilo tse pedi tsa botlhokwa: (1) Paulo o ne a bua ka tsela e e tlhotlheletsang maikutlo. (2) O ne a dirisa kitso ya gagwe ya Lefoko la Modimo ka botswerere, fela jaaka mmetli a dirisa didirisiwa tsa gagwe ka botswerere.

Dirisa Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa

6, 7. (a) “Go tlhotlheletsa” go kaya eng go ya kafa go dirisitsweng ka teng mo Baebeleng? (b) Go tlhotlheletsa go na le seabe sefe mo go thuseng batho ba bangwe go amogela se Baebele e se rutang?

6 Mo bukeng ya Ditiro, go boaboelediwa mafoko a Segerika a a tlhalosang go tlhotlheletsa maikutlo fa go buiwa ka tiro ya ga Paulo ya go rera. Seno se amana jang le tiro ya rona ya go dira barutwa?

7 Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e tlhalosa gore go ya ka puo ya ntlhantlha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, “go tlhotlheletsa” go kaya “go fenya motho” kana go dira gore “a fetole mogopolo wa gagwe ka go mo kgona ka mabaka kana ka go mo thusa go akanya sentle.” Go sekaseka bokao jwa konokono jwa lereo leno go re naya lesedi le le oketsegileng. Go naya kgopolo ya go ikanya. Ka gone, fa o tlhotlheletsa motho go amogela se Baebele e se rutang, o a bo o dirile gore a go ikanye e le gore a dumele gore thuto eo e boammaaruri. Ga go pelaelo gore, ga go a lekana go bolelela motho fela se Baebele e se buang gore a tle a e dumele le go tsaya kgato. Motho yoo o tshwanetse go tlhatswega pelo gore se o se buang ke boammaaruri, e kane ke ngwana, moagelani, modirikawena, moithutikawena kana mongwe wa losika.—2 Timotheo 3:14, 15.

8. Go tlhatswa motho pelo ka boammaaruri jwa Dikwalo go akaretsa eng?

8 O ka dira eng go tlhatswa motho pelo gore se o se buang go tswa mo Lefokong la Modimo se boammaaruri? Paulo o ile a leka ka bojotlhe go thusa batho ba a neng a bua le bone gore ba fetole megopolo ya bone ka go ba beela mabaka, a ba tlhalosetsa dilo sentle, le go ikuela mo go bone ka tlhoafalo. * Ka gone, go na le gore o bolele fela gore sengwe se boammaaruri, o tshwanetse go ntsha bosupi jo bo kgotsofatsang go tshegetsa se o se buang. O ka dira seo jang? Tlhomamisa gore se o se buang se tswa gotlhelele mo Lefokong la Modimo e seng mo maikutlong a gago. Gape, dirisa bosupi jo bo oketsegileng go tshegetsa mabaka a gago a Dikwalo go tswa pelong. (Diane 16:23) Ka sekai, fa o tlhalosa gore batho ba ba boikobo ba tlile go itumelela go tshela mo paradaiseng ya mo lefatsheng, tshegetsa seo ka Dikwalo dingwe, tse di jaaka Luke 23:43 kana Isaia 65:21-25. O ka dirisa jang bosupi jo bo oketsegileng go tlhalosa mabaka a gago a Dikwalo? O ka nna wa dirisa dikai tsa dilo tse moreetsi wa gago a di itseng. O ka nna wa mo gopotsa ka boipelo jo bo sa duelelweng jo motho a nnang le jone ka go leba phirimo ya letsatsi, go utlwa modumo o o monate wa ditšheshe, tatso e e monate ya leungo kana boipelo jwa go leba nonyane e fepa mamphorwana a yone. Mo thuse go lemoga gore dilo tseo tse di itumedisang ke bosupi jwa gore Mmopi o batla gore re itumelele botshelo mo lefatsheng.—Moreri 3:11, 12.

9. Re ka bontsha jang gore re batho ba ba akanyang sentle fa re le mo tirong ya rona ya go rera?

9 Fa o leka go tlhotlheletsa motho gore a dumele thuto nngwe ya Baebele, ela tlhoko gore matlhagatlhaga a gago a se ka a dira gore o utlwale o le motho yo o sa akanyeng sentle, e leng se se ka tswalang moreetsi wa gago mogopolo le pelo. Buka ya Sekolo sa Bodiredi e tlhagisa jaana mo kgannyeng eno: “Gantsi batho ga ba na go amogela se re se buang fa re bua ka go phantsha fela fa re ba bolelela boammaaruri jo bo senolang gore se ba ntseng ba se dumela ga se boammaaruri, le fa go ka tswa go na le lenaane la Dikwalo tse di tshegetsang se re se buang. Ka sekai, fa re nnela go nyatsa meletlo mengwe e batho ba e ratang thata re ba bolelela fela gore e simolotse kwa boheitaneng, seno se ka nna sa se ka sa ba thusa go fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka meletlo eo. Gantsi o ka atlega thata fa o bua le motho o mo ntshetsa mabaka.” Ke eng fa re tshwanetse go leka ka natla go bua le batho ka go ba ntshetsa mabaka? Buka eno ya re: “Go bontshana mabaka le batho go dira gore le bone ba nne le seabe mo motlotlong, go dira gore ba nne le sengwe se ba ka akanyang ka sone morago ga motlotlo oo, e bile go dira gore lo kgone go boa lo buisana gape mo nakong e e tlang. Go tlhatswa bareetsi pelo fela thata.”—Bakolosa 4:6.

Go Tlhotlheletsa ka Tsela e e Amang Pelo

10. Paulo o ile a simolola motlotlo wa gagwe jang le Ageripa?

10 A jaanong re sekaseke ka kelotlhoko mafoko a Paulo a ileng a ipuelela ka one mo go Ditiro kgaolo 26. Ela tlhoko kafa a neng a simolola puo ya gagwe ka teng. Paulo o simolola kgang ya gagwe ka go lemoga sengwe se a ka akgolang Ageripa ka sone, le mororo kgosi eno e ne e na le kamano ya boitshwaro jo bo maswe le kgaitsadie e bong Berenise. Paulo o ile a re: “Ka ga dilo tsotlhe tse Bajuda ba ntatofatsang ka tsone, Kgosi Ageripa, ke ikaya ke itumetse go bo e le fa pele ga gago ke tshwanetseng go iphemela mo letsatsing leno, segolobogolo ka o le setswerere mo mekgweng yotlhe mmogo le mo dikganetsanong tsa Bajuda. Jalo ke go kopa gore o nkutlwe ka bopelotelele.”—Ditiro 26:2, 3.

11. Mafoko a Paulo a ileng a a bua le Ageripa a bontsha tlotlo ka tsela efe, mme go ne ga nna le matswela afe?

11 A o etse tlhoko gore Paulo o ile a bontsha gore o tsaya maemo a a kwa godimo a ga Ageripa tsia ka go mmitsa Kgosi? Seno se ne se bontsha maitseo mme gape mafoko a Paulo a a dirisitseng a ne a bontsha gore o tlotla Ageripa. (1 Petere 2:17) Moaposetoloi o ile a tsaya tsia kitso e kgolo e Ageripa a neng a na le yone ka meetlo e e raraaneng ya babusiwa ba gagwe ba Bajuda a bo a bolela gore o ne a itumelela go bo a ka ipuelela fa pele ga mmusi yo o nang le kitso e kgolo jalo. E re ka Paulo e ne e le Mokeresete ga a ka a dira gore go nne jaaka e kete o itseela kwa godimo ga Ageripa yo e neng e se Mokeresete. (Bafilipi 2:3) Go na le moo, Paulo o ile a kopa kgosi gore e mo reetse ka bopelotelele. Ka gone, Paulo o ile a dira gore Ageripa le batho ba bangwe ba ba neng ba reeditse ba kgone go sekegela tsebe se a neng a tlile go se tlhalosa. O ne a thaya motheo ka sengwe se ba dumalanang ka sone gore a simolole kgang ya gagwe.

12. Re ka ama jang dipelo tsa batho ba ba re reeditseng mo tirong ya go bolela ka Bogosi?

12 Fela jaaka Paulo fa a ne a le fa pele ga Ageripa, a re lweleng go ama dipelo tsa bareetsi ba rona, go tloga fela ka matseno a molaetsa wa rona wa Bogosi go fitlha ka konelo ya one. Re ka dira seno ka go bontsha motho yo re mo rerelang tlotlo e e tswang pelong le ka go bontsha gore tota re kgatlhegela tsela e a godisitsweng ka yone le e a akanyang ka yone.—1 Bakorintha 9:20-23.

Dirisa Lefoko la Modimo ka Botswerere

13. O ka dira eng go tlhotlheletsa bareetsi ba gago jaaka Paulo?

13 Paulo o ne a batla go tlhotlheletsa bareetsi ba gagwe gore ba tseye kgato ka dikgang tse di molemo. (1 Bathesalonika 1:5-7) O ne a dira jalo ka go lwela go ama dipelo tsa bone, tse e leng modi wa tlhotlheletso. Fa re sekaseka go ya pele mafoko a ga Paulo a go ipuelela fa pele ga Ageripa, ela tlhoko kafa Paulo ‘a ileng a tshwara lefoko la Modimo sentle ka gone’ ka go umaka dilo tse di boletsweng ke Moshe le baporofeti.—2 Timotheo 2:15.

14. Tlhalosa kafa Paulo a ileng a dirisa bokgoni jwa go tlhotlheletsa ka teng fa a ne a bua le Ageripa.

14 Paulo o ne a itse gore Ageripa o ne a itsaya e le Mojuda. O ne a dirisa kitso e Ageripa a nang le yone ka Bojuda go tlhalosa gore tota tiro ya gagwe ya go rera e ne e akaretsa go se “bue sepe fa e se dilo tse Baporofeti mmogo le Moshe ba neng ba bolela gore di ne di tlile go diragala” malebana le loso le tsogo ya ga Mesia. (Ditiro 26:22, 23) Paulo o ne a botsa Ageripa jaana ka tlhamalalo: “A wena, Kgosi Ageripa, o dumela Baporofeti?” Ageripa o ne a lebane le bothata. Fa a ne a ka re ga a dumele baporofeti o ne a tla bo a itshenya leina e re ka a itsege e le motho yo o dumelang mo Bojudeng. Mme fa a ne a ka dumalana le tsela ya ga Paulo ya go tlhalosa dilo, o ne a tla bo a dumalana phatlalatsa le moaposetoloi yono mme a ipaya mo maemong a go tsewa e le Mokeresete. Paulo o ne a nna botlhale mme a araba potso eo ka go re: “Ke a itse gore o a dumela.” Ageripa o ne a tlhotlheletsega go araba jang? O ne a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Ditiro 26:27, 28) Le fa gone Ageripa a se kile a fetoga Mokeresete, go bonala Paulo a ile a kgona go mo ama pelo ka selekanyo se se rileng ka molaetsa wa gagwe.—Bahebera 4:12.

15. Paulo o ne a kgona jang go tlhoma phuthego kwa Thesalonika?

15 A o etse tlhoko gore fa Paulo a bolela dikgang tse di molemo o ne a dirisa mokgwa wa go itsise molaetsa le wa go tlhotlheletsa? Ka ntlha ya go bo Paulo a ne a dirisa mokgwa ono fa a ntse a ‘tshwara lefoko la Modimo sentle,’ batho bangwe ba e neng e le bareetsi fela ba ne ba fetoga badumedi. Go ne go ntse jalo kwa Thesalonika, koo Paulo a neng a senka Bajuda le Baditšhaba ba ba boifang Modimo kwa sinagogeng. Pego e e mo go Ditiro 17:2-4 ya re: “Jaaka fa Paulo a tlhola a dira a tsena kwa go bone, mme ka bosabata ba le bararo a ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing . . . . Ka ntlha ya moo bangwe ba bone ba nna badumedi.” Paulo o ne a tlhotlheletsa maikutlo a batho. O ne a ba beela mabaka, a ba tlhalosetsa le go ntsha bosupi ka Dikwalo gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. Go ne ga felela ka eng? Go ne ga tlhongwa phuthego.

16. O ka nna le boipelo jo bogolo jang mo tirong ya go bolela ka Bogosi?

16 A o ka lwela go nna le botswerere jwa go tlhotlheletsa maikutlo fa o tlhalosetsa batho Lefoko la Modimo? Fa o ka dira jalo, o tla itumelela le go kgotsofalela tiro ya go rera le go ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo. Go ile ga nna jalo ka baboledi ba dikgang tse di molemo ba ba ileng ba dirisa dikakantsho tsa gore ba dirise Baebele thata mo tirong ya go rera.

17. Anela maitemogelo kana o dirise dintlha tsa konokono tsa serapa seno go bontsha kafa go dirisa Baebele mo bodireding go leng mosola ka teng.

17 Ka sekai, molebedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa o ile a kwala jaana: “Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi jaanong ba tshola Baebele mo diatleng tsa bone fa ba dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Seno se thusitse baboledi go balela bontsi jwa batho ba ba kopanang le bone lokwalo longwe. Go thusitse beng ba matlo le baboledi gore ba amanye bodiredi jwa rona le Baebele, e seng le dimakasine le dibuka fela.” Ke boammaaruri gore kgang ya gore a o tla tshola Baebele ka tsela e batho ba ka e bonang fa o le mo tirong ya go rera, e ikaegile ka maemo a a farologaneng, go akaretsa le tlwaelo ya lefelo la lona. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itsege re le batho ba ba dirisang Lefoko la Modimo ka botswerere go thusa batho ba bangwe go amogela molaetsa wa Bogosi.

Leba Bodiredi Kafa Modimo a bo Lebang ka Teng

18, 19. (a) Modimo o leba bodiredi jwa rona jang, mme ke eng fa re tshwanetse go lwela go leba dilo kafa a di lebang ka teng? (b) Ke eng se se ka re thusang go atlega fa re dira maeto a go boela? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Tsela ya go Atlega fa o Dira Maeto a go Boela,” mo tsebeng ya 16.)

18 Tsela e nngwe e re ka amang dipelo tsa bareetsi ba rona ka yone e akaretsa go leba bodiredi go ya kafa Modimo a bo lebang ka teng le go nna pelotelele. Thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) A seo ga se sone se re se batlang? Gape Jehofa o pelotelele mme bopelotelele jwa gagwe bo naya batho ba le bantsi ditshono tsa gore ba ikwatlhae. (2 Petere 3:9) Ka gone, fa re kopana le mongwe yo o ratang go reetsa molaetsa wa Bogosi, go ka nna ga tlhokega gore re boele kwa go ene gangwe le gape gore re godise kgatlhego ya gagwe. Go re tlhoka nako le bopelotelele go tlhokomela peo ya bogosi fa e ntse e gola. (1 Bakorintha 3:6) Lebokoso le le mo setlhogong seno le le reng “Tsela ya go Atlega fa o Dira Maeto a go Boela” le na le dikakantsho tse di ka re thusang go godisa kgatlhego ya batho. Se lebale gore, matshelo a batho—mathata le maemo a bone—a nna a fetoga ka metlha. Go ka nna ga re tlhoka maiteko a le mantsi gore re ba fitlhele kwa gae, le fa go ntse jalo, maiteko ao ga se a lefela. Re batla go ba naya tshono ya gore ba utlwe molaetsa wa Modimo wa poloko. Ka gone, rapela Jehofa Modimo gore a go abele botlhale jwa gore o kgone go tlhotlheletsa batho maikutlo mo tirong ya gago ya go ba thusa go amogela molaetsa wa Bogosi.

19 Fa re setse re bone motho yo o ratang go reetsa molaetsa wa Bogosi go ya pele, ke eng gape se re ka se dirang mo tirong eno ya rona ya Bokeresete? Setlhogo sa rona se se latelang se tla re thusa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga go tlhotlheletsa pelo, bona thuto 48 le 49 ya buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng se se neng sa thusa Paulo go ipuelela ka tsela e e molemo fa pele ga Kgosi Ageripa?

• Molaetsa wa rona o ka ama dipelo tsa batho jang?

• Ke eng se se ka re thusang go dirisa Lefoko la Modimo sentle gore re ame dipelo tsa batho?

• Re ka leba bodiredi jang ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Tsela ya go Atlega fa o Dira Maeto a go Boela

• Bontsha go kgatlhegela batho go tswa pelong.

• Tlhopha kgang nngwe e e kgatlhang ya Baebele go tlotla ka yone.

• Nako le nako fa o tlile thaya motheo wa go boela gape.

• Nna o akantse ka motho yoo fa o sena go kgaogana le ene.

• Boela ka bonako, gongwe morago ga letsatsi kana a mabedi, gore o godise kgatlhego ya gagwe.

• Se lebale gore mokgele wa gago ke go simolola thuto ya legae ya Baebele.

• Rapelela gore Jehofa a godise kgatlhego ya motho yoo.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Paulo o ne a dirisa bokgoni jwa go tlhotlheletsa maikutlo fa a ne a le fa pele ga Molaodi Feseto le Kgosi Ageripa