Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba Iketleeletse Tiro Nngwey le Nngwe e e Molemo”

“Ba Iketleeletse Tiro Nngwey le Nngwe e e Molemo”

“Ba Iketleeletse Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo”

“TSWELELA o ba gakolola gore ba nne mo taolong ba bo ba nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, ba iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (Tito 3:1) Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka tiro efe e e molemo fa a ne a kwalela badumedi mmogo le ene mafoko ano? Mokanoki mongwe wa Baebele e bong E. F. Scott o ne a bua ka tiro nngwe e e molemo, a re: “Ga se fela gore Bakeresete ba tshwanetse go ikobela balaodi, mme gape ba tshwanetse go nna ba iketleeleditse go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo. . . . Fa maemo a tlhoka jalo, Bakeresete ba tshwanetse go nna bangwe ba batho ba ba di gogang kwa pele mo go bontsheng moya wa go amega ka setšhaba. Ka metlha go tla nna go tlhaga dilo tse di tshwanang le go runya ga melelo, leroborobo, masetlapelo a mefutafuta, moo baagi botlhe ba ba molemo ba tla eletsang go thusa baagelani ba bone.”

Bakeresete ba nna le seabe mo ditirong dingwe tsa go thusa setšhaba, fa fela ditiro tseo di sa thulane le melao ya Modimo. (Ditiro 5:29) Ka sekai, tumalanong le kaelo ya lephata la ditimamolelo la kwa Japane, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Japane, e e kwa Ebina, ngwaga le ngwaga e nna le nako ya go ikatisetsa go tima molelo. Mo ditiragalong tseo, maloko otlhe a lelapa la Bethele a kopana mmogo go reetsa fa moemedi mongwe wa lephata la ditimamolelo la mo lefelong leo a ba ema ka lefoko.

Mo godimo ga moo, ka sebaka se se fetang dingwaga di le lesome jaanong, ofisi eno ya lekala e ntse e dirisana mmogo le puso mo dipontshong tse di kgothaletsang batho go nna ba le kelotlhoko gore ba thibele melelo. Mo dipontshong tseno, dikhampani le difeme tsa mo toropong eno di bontsha kafa di nnang di iketleeleditse ka teng go thibela le go laola melelo. Ofisi ya lekala e ile ya akgolwa gantsinyana ka ntlha ya botswerere le tirisanommogo ya badiri ba yone. Ka 2001 ba ne ba fiwa sekgele sa maemo a ntlha mo dipontshong tseno. Ba iketleeleditse go dira tiro e e molemo e e tla bolokang matshelo a batho fa go ka runya molelo.

Tirelo e e Botlhokwa Thata

Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela mofuta mongwe wa tiro e e botlhokwa le go feta, e le yone e bolokang matshelo a batho. Ka metlha ba etela baagelani ba bone go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Basupi ba kgothaletsa batho gore ba ithute Baebele ba bo ba dirise melaometheo ya yone mo matshelong a bone, gore ba tokafatse matshelo a bone gone jaanong ba bo ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng leo go tla nnang le kagiso ya boammaaruri le polokesego mo go lone.

Bangwe ba ka nna ba se ka ba bona botlhokwa jwa tiro eno e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa, ba tsaya gore ba letshwenyo. Le fa go ntse jalo, Moatlhodi Jean Crepeau wa Kgotlatshekelo e Kgolwane ya Quebec kwa Canada, o ne a leba dilo ka tsela e e farologaneng. Basupi ba ga Jehofa koo ba ne ba itwela kgatlhanong le molao wa toropo ya Blainville, kwa Quebec, o o neng o batla gore ba nne le lekwalo le le ba nayang tetla ya go etela batho mo magaeng a bone. Mo tshwetsong e e dirilweng ke kgotlatshekelo eno, Moatlhodi Crepeau o ne a bolela jaana: “Maeto a Basupi ba ga Jehofa ke karolo ya tirelosetšhaba e e dirwang ke Bakeresete mme . . . le dikgatiso tse Basupi ba di nayang batho ba ba kgatlhegang ke dikgatiso tse di buang ka dilo tse di botlhokwa thata, di tlotla ka dilo tse di tshwanang le tsa bodumedi, Baebele, diokobatsi, botagwa, go ithuta ga basha, mathata a lenyalo le tlhalo.” Molao ono o ne wa tswelela wa re: “Kgotlatshekelo eno e swetsa ka gore go leba Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le babapatsi fela ke go ba tlhapaola, go ba nyatsa, go ba utlwisa botlhoko, le go ba senya leina.”

Basupi ba ga Jehofa ba thusa go tokafatsa botsogo jwa batho ba ba nnang le bone ka go ba thusa go fenya mathata a ba nang le one mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi le go ba tlisetsa tsholofelo ka isagwe. Baebele e ba tlhomelela gore ba kgone go dira tiro eo. “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

A o ka rata go itse gore Basupi ba ga Jehofa ba nna jang ba ‘iketleeleditse go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo’? Re go laletsa gore o amogele thuso e ba go nayang yone go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele mme ka go dira jalo o solegelwe molemo ke tiro eno e e botlhokwa e ba e direlang setšhaba e ba e dirang mo lefelong la lona le mo lefatsheng lotlhe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Basupi ba ga Jehofa ba batla go dirisana mmogo le babusi ba lefatshe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Basupi ba itsiwe ka go thusa baagelani ba bone