Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Esekiele o ne a nna “semumu,” kgotsa “yo o sa kgoneng go bua,” ka tsela efe ka nako ya fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe le fa e ne e senngwa?

Totatota ke ka kgopolo ya gore o ne a se na sepe se a ka se buang go oketsa molaetsa wa boporofeti wa ga Jehofa o a neng a setse a o boletse.

Moporofeti Esekiele o ne a simolola tirelo ya gagwe e le molebeledi yo o ikanyegang wa batshwarwa ba Baiseraele ba ba kwa Babelona “mo ngwageng wa botlhano wa botshwarwa jwa ga Kgosi Jehoiakine,” ke gore ka 613 B.C.E. (Esekiele 1:2, 3) Mo letsatsing la bolesome la kgwedi ya bolesome ya modikologo wa ngwedi ya ngwaga wa 609 B.C.E., o ne a itsisiwe ka tlhotlheletso ya bomodimo gore Bababelona ba simolotse go dikaganyetsa Jerusalema. (Esekiele 24:1, 2) Go dikaganyediwa gono go ne go tla felela ka eng? A Jerusalema le baagi ba yone ba ba sa ikanyegeng ba ne ba tla falola? Jaaka molebeledi, Esekiele o ne a setse a boletse molaetsa o o utlwalang sentle wa ga Jehofa wa katlholo, mme go ne go sa tlhokege gore Esekiele a oketse ka sepe, jaaka e kete o ne a tla bo a leka go dira gore molaetsa oo o utlwale botokanyana go feta jaaka o ne o utlwala. Esekiele o ne a nna semumu, ke gore a sa bue sepe se sengwe gape ka go dikaganyediwa ga Jerusalema.—Esekiele 24:25-27.

Dikgwedi di ka nna thataro morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., mofalodi mongwe o ne a leretse Esekiele kwa Babelona dikgang ka go senngwa ga motse o o boitshepo. Maitseboa pele ga mofalodi yono a goroga, Jehofa o ne a “bula molomo wa [ga Esekiele] . . . , mme [a] se ka [a] tlhola [a] le yo o sa kgoneng go bua.” (Esekiele 33:22) Seno se ne sa dira gore Esekiele a se ka a tlhola a le semumu.

A Esekiele o ne a le semumu ka tsela ya mmatota ka nako eo? Ga go bonale jalo ka gonne tota le morago ga gore a nne “semumu” jalo, o ne a bolela boporofeti jo bo neng bo lebagane le dinaga tse di mabapi tse di neng di itumelela go wa ga Jerusalema. (Esekiele, dikgaolo 25-32) E ne ya re fa Esekiele a simolola go nna moporofeti le molebeledi, Jehofa o ne a mmolelela jaana: “Ke tla dira gore loleme lwa gago lo ngaparele magalapa a gago, mme ruri o tla nna semumu, mme mo go bone ga o kitla o nna motho yo o nayang kgalemelo, ka gonne ke ntlo ya botsuolodi. Mme fa ke bua le wena ke tla bula molomo wa gago.” (Esekiele 3:26, 27) Fa Jehofa a ne a se na molaetsa ope go o bolelela Iseraele, Esekiele o ne a tshwanetse go nna semumu mo setšhabeng seo. Esekiele o ne a tshwanetse go bua se Jehofa a neng a batla gore a se bue, ka nako e Jehofa a neng a batla gore a bue ka yone. Go nna semumu ga ga Esekiele go ne go raya gore o ne a sa bue sepe sa boporofeti mo Baiseraeleng.

Setlhopha sa segompieno sa molebeledi, e leng Bakeresete ba ba tloditsweng, se ntse se tlhagisa ka go atlholwa ga Labokeresete, e leng setshwani sa Jerusalema. Fa “pitlagano e kgolo” e tla e bo e senya “Babelona o Mogolo,” e leng mmuso o mogolo wa bodumedi jwa maaka, setlhopha sa Esekiele sa batlodiwa ga se na se tshwanelwa ke go bua sepe se sengwe ka bokhutlo jwa Labokeresete, e e leng karolo e kgolo ya mmuso o mogolo oo.—Mathaio 24:21; Tshenolo 17:1, 2, 5.

Ee, letsatsi le a tla la fa masalela a a tloditsweng le ditsala tsa bone ba tla bong ba le dimumu, ba se na sepe se sengwe gape go se bolelela Labokeresete. E tla bo e le ka nako ya fa “dinaka tse di lesome” le “sebatana” di senya Babelona o Mogolo e bile di mo dira yo o sa ikategang. (Tshenolo 17:16) Gone mme, seno ga se reye gore Bakeresete ba tla bo ba sa kgone go bua ka tsela ya mmatota. Ba tla bo ba baka Jehofa le go mo umaka letsatsi le letsatsi “mo dikokomaneng tsotlhe tse di tlang,” fela jaaka ba dira le gompieno.—Pesalema 45:17; 145:2.