Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

“A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona . . . Mme itshupeng lo na le tebogo.”—BAKOLOSA 3:15.

1. Ke pharologano efe e re e bonang gareng ga phuthego ya Bokeresete le lefatshe le le laolwang ke Satane?

MO DIPHUTHEGONG di ka nna 94 600 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, re fitlhela moya wa go leboga. Pokano nngwe le nngwe e simololwa le go konelwa ka thapelo e e akaretsang mafoko a go leboga Jehofa. Gangwe le gape re utlwa mafoko a a jaaka “re a leboga,” kana mafoko a mangwe a a tshwanang le ano mo basheng le mo bagolong le mo Basuping ba basha le ba kgale fa ba ntse ba obamela mmogo ka boitumelo. (Pesalema 133:1) A bo seno se farologana thata jang ne le moya wa bogagapa o o tletseng mo bathong ba le bantsi ‘ba ba sa itseng Jehofa le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo’! (2 Bathesalonika 1:8) Re tshela mo lefatsheng le le sa lebogeng. Seno ga se gakgamatse fa re akanya gore modimo wa lefatshe leno, Satane Diabolo, ke ene morotloetsi yo mogolo wa moya wa go se akanyetse ba bangwe, yo moya wa gagwe wa boikgogomoso le wa botsuolodi o anameng thata mo bathong!—Johane 8:44; 2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19.

2. Ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e sekegela tsebe, mme re tla sekaseka dipotso dife?

2 E re ka re dikaganyeditswe ke lefatshe la ga Satane, re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra tshwaediwa ke mekgwa ya lone e e maswe. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga moaposetoloi Paulo o ile a gakolola Bakeresete ba Efeso jaana: ‘Ka nako nngwe lo ne lo tsamaya go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo. Ee, fa re ne re le mo gare ga bone rotlhe ka nako nngwe re ne re itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya rona, re dira dilo tse di ratwang ke nama le dikakanyo, mme ka tlholego re ne re le bana ba tšhakgalo jaaka ba bangwe botlhe.’ (Baefeso 2:2, 3) Go ntse jalo le ka bontsi jwa rona gompieno. Ka jalo, re ka dira eng go ipoloka re na le moya wa go leboga? Ke dilo dife tse Jehofa a re thusang ka tsone? Re ka bontsha ka ditsela dife tse di molemo gore ruri re na le moya wa go leboga?

Mabaka a go Leboga

3. Re lebogela Jehofa eng?

3 Jehofa Modimo, Mmopi wa rona le Moneibotshelo wa rona o tshwanelwa ke gore re mo leboge, segolobogolo fa re akanya ka dingwe tsa dimpho tse dintsi tse a re abetseng tsone. (Jakobe 1:17) Letsatsi le letsatsi re leboga Jehofa ka go bo re tshela. (Pesalema 36:9) Go na le dilo di le dintsi tse di re dikologileng tse e leng bosupi jwa ditiro tsa diatla tsa ga Jehofa, tse di jaaka letsatsi, ngwedi le dinaledi. Bobolokelo jo bogolo jwa polanete ya rona jwa diminerale tse di dirang gore dilo di tshele, atemosefere e e nang le digase tse di botlhokwa tse di tswakantsweng ka botswerere le medikologo e e raraaneng ya dilo tsa tlholego, tsotlhe ke bosupi jwa gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o tshwanelwa ke gore re mo leboge. Kgosi Dafide o ile a opela jaana: “O dirile dilo di le dintsi, wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.”—Pesalema 40:5.

4. Ke eng fa re tshwanetse go leboga Jehofa ka ntlha ya botsala jo bo itumedisang jo re nang le jone mo diphuthegong tsa rona?

4 Le fa gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba sa tshele mo paradaiseng ya mmatota, ba itumelela go tshela mo paradaiseng ya semoya. Kwa Diholong tsa rona Tsa Bogosi le kwa dikopanong tsa rona tse dinnye le tse dikgolo, re bona maungo a moya wa Modimo mo badumedingkarona. Ee, fa Basupi bangwe ba rerela batho ba ba itseng go le go nnye fela kana ba ba sa itseng sepesepe ka bodumedi, ba umaka se Paulo a ileng a se tlhalosa mo lekwalong le a neng a le kwalela Bagalatia. Ba simolola pele ka go lemotsha bareetsi ba bone ka “ditiro tsa nama” le go ba botsa gore bone ba lemogile eng. (Bagalatia 5:19-23) Gantsi batho bano ba tlhalosa gore ditiro tseno tsa nama ke tsone tse di tletseng mo lefatsheng gompieno. Bontsi jwa batho bano ba nna bonako go bua jaana fa ba tlhalosediwa maungo a moya wa Modimo le fa ba lalediwa go tla kwa Holong ya Bogosi go tla go a iponela ka namana: “Ruri Modimo o mo gare ga lona.” (1 Bakorintha 14:25) Mme seno ga se felele fela mo Holong ya Bogosi ya lefelo leo. Gongwe le gongwe fela kwa o ka yang gone, o tla fitlhela moya o o ntseng jalo wa boitumelo le boipelo fa o kopana le ope fela wa Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse thataro. Ga go pelaelo gore, botsala jo bo ntseng jalo jo bo molemo, bo tshwanetse jwa re tlhotlheletsa gore re leboge Jehofa, ene yo o re abelang moya wa gagwe gore seno sotlhe se kgonege.—Sefania 3:9; Baefeso 3:20, 21.

5, 6. Re ka bontsha jang gore re lebogela mpho e kgolo ya Modimo ya thekololo?

5 Mpho e kgolo go gaisa, le neo e e itekanetseng go di gaisa tsotlhe e Jehofa a re abetseng yone, ke ya Morwawe, Jesu yo ka ene go neng ga ntshiwa setlhabelo sa thekololo. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Fa e le gore Modimo o re ratile jaana, rona ka borona re patelesega go ratana.” (1 Johane 4:11) Ee, re bontsha gore re lebogela thekololo e seng fela ka go bontsha gore re rata Jehofa le go mo anaanela mme gape le ka go tshela botshelo jwa rona ka tsela e e bontshang gore re rata batho ba bangwe.—Mathaio 22:37-39.

6 Re ka ithuta go le gontsi kaga tsela e re ka bontshang go leboga Jehofa ka yone ka go akanyetsa kafa a ileng a dirisana le Baiseraele ba bogologolo ka teng. Jehofa o ile a ruta batho dithuto di le dintsi ka go dirisa Molao o a neng a o naya setšhaba seno ka Moshe. Ka “sebopego sa kitso le sa boammaaruri mo Molaong,” re ka ithuta dilo di le dintsi tse di ka re thusang go latela kgakololo eno ya ga Paulo: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Baroma 2:20; Bakolosa 3:15.

Dithuto Tse Tharo go Tswa mo Molaong wa ga Moshe

7. Thulaganyo ya go ntsha ditsabosome e ne e naya Baiseraele jang tshono ya go bontsha go leboga Jehofa?

7 Mo Molaong wa ga Moshe, Jehofa o ne a bontsha ditsela tse tharo tse Baiseraele ba neng ba ka bontsha ka tsone gore ba mo lebogela bomolemo jwa gagwe go tswa pelong. Tsela ya ntlha e ne e le ka ditsabosome. Karolo ya bosome ya maungo a naga, go akaretsa le ‘sa bosome sa motlhape le letsomane’ e ne e tshwanetse go nna “sengwe se se boitshepo mo go Jehofa.” (Lefitiko 27:30-32) Fa Baiseraele ba ne ba ikobela seno, Jehofa o ne a ba segofatsa ka dilo di le dintsi. “‘Tlisang ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne le dijo mo ntlong ya me; mme ntekang, tsweetswee, ka ga seno,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.’”—Malaki 3:10.

8. Meneelo ya boithaopo e ne e farologana jang le ditsabosome?

8 Tsela ya bobedi e ne e le gore, mo godimo ga thulaganyo ya go ntsha ditsabosome, Jehofa o ne a dirile thulaganyo ya gore Baiseraele ba ntshe meneelo ya boithaopo. O ne a laela Moshe go raya Baiseraele a re: “Fa lo tla mo lefatsheng le ke lo tlisang mo go lone, go tla diragala gore fa lo ja sepe sa senkgwe sa lefatshe, lo ntshetse Jehofa moneelo.” Ba ne ba tshwanetse go ntshetsa Jehofa moneelo ka mangwe a mabutswapele a ‘bupi jo bo seng boleta e le dikuku tse di bopegileng jaaka maseka’ go ya jalo le dikokomana tsa bone. Ela tlhoko gore ba ne ba sa beelwe gore ba ntshe selekanyo se se kana kang sa mabutswapele ano. (Dipalo 15:18-21) Mme Baiseraele ba ne ba tlhomamisediwa gore Jehofa o tla ba segofatsa fa ba ne ba bontsha go mo leboga ka go ntsha moneelo ono. Re bona thulaganyo e e ntseng jalo le mo tempeleng e Esekiele a neng a e bona mo ponatshegelong. Re bala jaana: “Sa ntlha sa maungo otlhe a mabutswapele a sengwe le sengwe le moneelo mongwe le mongwe wa sengwe le sengwe se se tswang mo meneelong ya lona yotlhe—e tla nna wa baperesiti; mme mabutswapele a dijo tsa gago tsa bupi jo bo seng boleta lo a neye moperesiti, gore go nne le tshegofatso mo ntlong ya gago.”—Esekiele 44:30.

9. Jehofa o ne a ruta thuto efe ka thulaganyo ya go ronopa?

9 Tsela ya boraro, Jehofa o ne a tlhoma thulaganyo ya go ronopa. Modimo o ne a laela jaana: “Fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, lo se ka lwa roba dintlha tsa tshimo ya lona gotlhelele, gape lo se ka lwa sela mo go ronopiwang ga tshimo ya lona. Gape, lo se ka lwa phutha mo go salang ga tshimo ya lona ya mofine, le gone lo se ka lwa sela morara o o gasameng wa tshimo ya lona ya mofine. Lo di tlogelele yo o bogisiwang le moagi wa moeng. Ke nna Jehofa Modimo wa lona.” (Lefitiko 19:9, 10) Le mono ba ne ba sa beelwa selekanyo se se rileng. Go ne go ikaegile ka Moiseraele mongwe le mongwe gore o tla tlogelela bahumanegi go le kana kang. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhalosa seno sentle jaana: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Diane 19:17) Ka gone, Jehofa o ne a ba ruta gore ba tlhomogele batho ba ba sotlegang pelo le go ba akanyetsa.

10. Go ne ga felela ka eng fa Baiseraele ba ne ba sa bontshe go leboga?

10 Jehofa o ne a segofatsa Baiseraele fa ka boikokobetso ba ne ba lere ditsabosome, ba ntsha meneelo ya boithaopo le go tlamela bahumanegi. Mme fa Baiseraele ba ne ba sa bontshe go leboga, Jehofa o ne a sa tlhole a ba amogela. Seno se ne sa felela ka masetlapelo le gore kgabagare ba isiwe botshwarwa. (2 Ditiragalo 36:17-21) Ka gone, ke dithuto dife tse re ithutang tsone mo go seno?

Ditsela Tse re Bontshang go Leboga ka Tsone

11. Tsela ya konokono e re ka bontshang go leboga Jehofa ka yone ke efe?

11 Tsela ya konokono e re ka tlotlomatsang Jehofa ka yone le go bontsha gore re a mo leboga le yone e akaretsa go ntsha “setlhabelo.” Ke boammaaruri gore, rona Bakeresete ga re kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, ga re patelesege go ntsha ditlhabelo tsa diphologolo kana tsa dijalo. (Bakolosa 2:14) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera jaana: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka ene sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Ka go dirisa bokgoni jwa rona le dithoto tsa rona go ntshetsa Jehofa setlhabelo sa pako, e ka ne e le mo bodireding jwa phatlalatsa kana “fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng” jwa Bakeresetekarona, re ka bontsha gore re leboga Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, e bong Jehofa Modimo, ka pelo yotlhe. (Pesalema 26:12) Ka go dira jalo, re ka ithuta eng mo ditseleng tse Baiseraele ba neng ba tshwanetse go bontsha go leboga Jehofa ka tsone?

12. Re ka ithuta eng mo thulaganyong ya go ntsha ditsabosome malebana le boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete?

12 Sa ntlha, jaaka fa re bone, Baiseraele ba ne ba patelesega go ntsha ditsabosome; mongwe le mongwe wa bone o ne a na le boikarabelo jwa go dira jalo. Le rona Bakeresete re na le boikarabelo jwa go nna le seabe mo bodireding le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ditiro tseno ke tse re patelesegang go di dira. Jesu o ne a tlhalosa jaana ka tlhamalalo mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo malebana le bokhutlo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana malebana le dipokano tsa Bokeresete: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Re bontsha gore re leboga Jehofa fa ka boipelo re diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go rera le go ruta le go kopana le bakaulengwe ba rona ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego, re tsaya maikarabelo ao e le tshiamelo.

13. Re ithuta eng mo thulaganyong ya go ntsha meneelo ya boithaopo le ya go ronopa?

13 Mo godimo ga moo, re ka solegelwa molemo ke go sekaseka dithulaganyo tse dingwe tse pedi tse Baiseraele ba neng ba ka bontsha kanaanelo ya bone ka tsone—ya meneelo ya boithaopo le ya go ronopa. Go farologana le thulaganyo ya go ntsha ditsabosome, e motho a neng a patelesega go e dira e bile e tsamaisana le maitlamo a a rileng a motho a a dirileng, meneelo ya boithaopo le thulaganyo ya go ronopa tsone e ne e le dithulaganyo tse di sa tlhokeng motho go ntsha moneelo wa selekanyo se se rileng. Go na le moo, dithulaganyo tseno di ne di naya motlhanka wa ga Jehofa tshono ya go bontsha bogolo jwa kanaanelo ya gagwe ka go tlhotlheletsega go dira sengwe. Le fa gone re itse gore go nna le seabe mo bodireding le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ke boikarabelo jwa botlhokwa jwa motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa, a re nna le seabe ka pelo yotlhe le ka moya otlhe mo ditirong tseno? A re di tsaya e le tshono ya go bontsha kanaanelo ya rona e e tswang pelong ka sotlhe se Jehofa a re diretseng sone? A re nna le seabe ka botlalo mo ditirong tseno go ya kafa maemo a rona a re letlang ka teng? Kgotsa a re leba ditiro tseno tsotlhe e le fela dilo tse re patelesegang go di dira? Ke boammaaruri gore, tseno ke dipotso tse mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go di araba ka boene. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa seno jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

14. Jehofa o lebeletse eng mo go rona mo tirelong e re mo direlang yone?

14 Jehofa Modimo o itse maemo a rona sentle. O itse mo re tlhaelang gone. O anaanela ditlhabelo tse batlhanka ba gagwe ba di ntshang ka go rata, tse dinnye le tse dikgolo. Ga a lebelela gore rotlhe re tla kgona go ntsha ka go lekana. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka kgang ya go aba, o ne a raya Bakeresete ba Korintha jaana: “Fa go iketleetsa go le teng, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.” (2 Bakorintha 8:12) Go ntse jalo le ka tirelo e re e direlang Modimo. Selo se se dirang gore Jehofa a amogele tirelo ya rona ga se a ikaega ka bogolo jwa se re se dirang go na le moo, se ikaegile ka tsela e re se dirang ka yone—ka boipelo le ka pelo yotlhe.—Pesalema 100:1-5; Bakolosa 3:23.

Nna le Moya wa Bobulatsela Mme o Ipoloke O na Le One

15, 16. (a) Bodiredi jwa bobulatsela bo amana jang le moya wa go leboga? (b) Batho ba ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ka bontsha jang gore ba na le moya wa bobulatsela?

15 Tsela e e molemo e re ka bontshang go leboga Jehofa ka yone ke ka go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Bontsi jwa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone gore ba nne le nako e ntsi ya go direla Jehofa ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke go mo rata le go mo leboga. Bangwe ba kgona go nna babulatsela ba ka metlha, ba dirisa palogare ya diura tse 70 kgwedi nngwe le nngwe ba rera dikgang tse di molemo le go ruta batho boammaaruri. Ba bangwe ba ba sa kgoneng go dira jalo ka ntlha ya maemo a bone, nako le nako ba dira dithulaganyo tsa go dirisa diura tse 50 ka kgwedi e le babulatsela ba ba thusang.

16 Mme go tweng ka bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang? Ba ka bontsha go leboga ga bone ka go lwela go nna le moya wa bobulatsela le go ipoloka ba na le one. Jang? Ka go kgothatsa ba ba ka kgonang go nna babulatsela, ba tlhotlheletsa bana ba bone go nna le keletso ya go dira bodiredi jwa nako e e tletseng tiro ya bone ya botshelo jotlhe, le ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka teng. Se re se abelang ba bangwe mo bodireding jwa rona se ikaegile thata ka bogolo jwa kanaanelo e re nang le yone mo pelong ka se Jehofa a re diretseng sone, se a re direlang sone, le se a sa ntseng a tlile go re direla sone.

Go Bontsha Moya wa go Leboga ka ‘Dilo Tsa Rona Tse di Tlhwatlhwakgolo’

17, 18. (a) Re ka bontsha jang moya wa go leboga ka ‘dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo’? (b) Jesu o ne a reng ka moneelo wa motlholagadi, mme ka ntlha yang?

17 Diane 3:9 ya re: “Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo le ka mabutswapele a maungo otlhe a gago.” Batlhanka ba ga Jehofa ga ba tlhole ba tlhoka go ntsha ditsabosome. Go na le moo, Paulo o ile a kwalela phuthego ya Korintha a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Go ntsha meneelo ya boithaopo go ema nokeng tiro ya rona ya lefatshe lotlhe ya go rera ka Bogosi le gone go bontsha moya wa go leboga. Kanaanelo e e tswang pelong e re tlhotlheletsa go dira jalo ka metlha, gongwe e bile re beela sengwe kwa thoko beke le beke, re dira jaaka go dirile Bakeresete ba pele.—1 Bakorintha 16:1, 2.

18 Tsela e re lebogang Jehofa ka yone ga e bonale ka bogolo jwa moneelo o re o ntshang. Go na le moo, e bonala ka moya o re o ntshang ka one. Ke sone se Jesu a neng a se etse tlhoko fa a lebile batho ba tsenya dimpho mo letloleng la matlotlo la tempele. Fa Jesu a bona motlholagadi mongwe yo o humanegileng a latlhela “madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata” o ne a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta kafa botlhe ba dirileng ka gone. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”—Luke 21:1-4.

19. Ke eng fa go le molemo gore re sekaseke sesha ditsela tse re bontshang moya wa go leboga ka tsone?

19 E kete dilo tseno tse re ithutileng tsone malebana le kafa re ka bontshang moya wa go leboga ka teng di ka re tlhotlheletsa go sekaseka sesha ditsela tse re bontshang kanaanelo ya rona ka tsone. A gongwe re ka oketsa setlhabelo sa pako se re se ntshetsang Jehofa le tsela e re tshegetsang tiro ya lefatshe lotlhe ka meneelo ka yone? Re ka tlhomamisega gore Rraarona yo o lorato le yo o pelotshweu, e bong Jehofa, o tla itumelela moya wa rona wa go leboga go ikaegile ka gore re o bontsha go le kana kang.

A o A Gakologelwa?

• Re tshwanetse go lebogela Jehofa dilo dife?

• Re ithuta dithuto dife go tswa mo thulaganyong ya ditsabosome, ya meneelo ya boithaopo le ya go ronopa?

• Re ka lwela jang go nna le moya wa bobulatsela?

• Re ka leboga Jehofa jang ka ‘dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

“Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Ke dithuto dife tse tharo tse re di bontshiwang fano go tswa mo Molaong?

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Ke ditlhabelo dife tse re ka di ntshang?