Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Itumelele Jehofa Thata”

“Itumelele Jehofa Thata”

“Itumelele Jehofa Thata”

“Itumelele Jehofa thata, mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.”—PESALEMA 37:4.

1, 2. Motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri ke mang, mme Kgosi Dafide o ne a re lemotsha seno jang?

“GO ITUMELA ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, . . . go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, . . . go itumela ba ba kagiso.” Mafoko ano le ditlhaloso tse dingwe tse thataro tse di tlhalosang batho ba ba itumetseng, ke bontlhanngwe jwa mafoko a a gakgamatsang a Jesu a neng a simolola Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng ka one, e e kwadilweng ke mokwadi wa Efangele e bong Mathaio. (Mathaio 5:3-11) Mafoko ano a ga Jesu a re tlhomamisetsa gore re ka kgona go nna le boitumelo.

2 Pesalema e e kwadilweng ke Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo e re lemotsha gore Motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri ke Jehofa. Dafide o ile a re: “Itumelele Jehofa thata, mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.” (Pesalema 37:4) Mme gone, ke eng se se ka dirang gore go itse Jehofa le dikarolo tse dintsi tsa botho jwa gagwe e nne selo se re se ‘itumelelang thata’? Go sekaseka se a se dirileng le se a sa ntseng a tlile go se dira gore a diragatse maikaelelo a gagwe go ka re thusa jang gore re nne le tsholofelo ya go bona ‘dikopo tsa pelo ya rona’? Re bona karabo ka go sekaseka ka botlalo Pesalema 37, temana ya 1 go ya go ya 11.

‘O se Ka wa Tswa Pelo’

3, 4. Dafide o re naya kgakololo efe e e kwadilweng mo go Pesalema 37:1, mme ke eng fa gompieno go tshwanela gore re e sekegele tsebe?

3 Re tshela ‘mo dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ le tse di tletseng boikepo. Re bone mafoko ano a ga Paulo a direga: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) A bo go le motlhofo jang ne gore re amiwe ke katlego le tswelelopele e go bonalang baikepi ba nna le yone! Dilo tseo tsotlhe di ka re itaya tsebe, di dira gore re se ka ra tlhola re nna le pono e e siameng ka dilo tsa semoya. Ela tlhoko kafa mafoko a a simololang a Pesalema 37 a re lemotshang ka teng kotsi eo e re ka nnang ra wela mo go yone: “O se ka wa itshupa o galefile ka ntlha ya badirabosula. O se ka wa tswela ba ba dirang tshiamololo pelo.”

4 Bobegadikgang bo aga bo re begela fela ditiro tsa tshiamololo. Borakgwebo ba ba sa ikanyegeng ba atlega go tsietsa batho ba bo ba sa diragalelwe ke sepe. Dikebekwa di tsietsa batho ba ba ka tsietsegang motlhofo. Babolai ga ba lemogiwe kana ba tlogelwa fela ba sa otlhaiwe. Dikai tseno tsotlhe tsa tshiamololo di ka re galefisa le go dira gore re se ka ra ritibala maikutlo. Katlego e go bonalang baikepi ba nna le yone e ka nna ya bo ya dira gore re ba tswele pelo. Mme gone, a go galefa ga rona go ka tokafatsa dilo? A go tswela katlego e go bonalang baikepi ba nna le yone pelo go ka fetola dilo tse di tla ba diragalelang kwa bofelong? Legoka! Tota e bile, ga go na lebaka la go ‘galefa.’ Ka ntlha yang?

5. Ke eng fa badirabosula ba tshwantshiwa le bojang?

5 Mopesalema o a araba: “Gonne ba tla swaba ka bofefo jaaka bojang, mme ba tla nyelela jaaka bojang jo bosha jo botala.” (Pesalema 37:2) Bojang jo bosha jo botala bo ka lebega bo le bontle, mme go ise go ye kae bo a swaba bo bo bo swa. Go ntse jalo le ka badirabosula. Katlego e go bonalang ba nna le yone ga e nnele ruri. Fa ba swa, katlego eo e ba e boneng ka boferefere ga e ba thuse ka sepe. Kwa bofelong mongwe le mongwe o lebana le maduo a ditiro tsa gagwe. Paulo o ile a re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Kgabagare badirabosula le batho botlhe ba ba sa siamang ba tla amogela “dituelo” tsa bone. A tsela ya botshelo e e se nang mosola ruri!—Pesalema 37:35, 36; 49:16, 17.

6. Ke thuto efe e re ithutang yone mo go Pesalema 37:1, 2?

6 Ka gone, a re tshwanetse go letla gore katlego e e sa nneleng ruri ya badirabosula e re tshwenye? Thuto e re ithutang yone go tswa mo ditemaneng tsa ntlha tse pedi tsa Pesalema 37 ke eno: O se ka wa letla katlego ya bone e go faposa mo tseleng e o e tlhophileng ya go direla Jehofa. Go na le moo, tlhoma mogopolo mo masegong a semoya le mo mekgeleng ya semoya.—Diane 23:17.

“Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo”

7. Ke eng fa re tshwanetse go ikanya Jehofa?

7 Mopesalema o re kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa mme o dire molemo.” (Pesalema 37:3a) Fa re faraferwe ke ditlhobaelo kana dipelaelo, re tshwanetse go ikanya Jehofa le e leng go feta. Ke Ene yo a ka re sireletsang ka botlalo semoyeng. Moshe o ne a re: “Ope fela yo o nnang mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo o tla iponela bonno kafa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe.” (Pesalema 91:1) Fa re tshwenngwa ke go oketsega ga tlolo ya molao mo tsamaisong eno ya dilo, re tlhoka go ikaega ka Jehofa le e leng go feta. Fa motho a tsipogile lenyenana, o itumela tota fa tsala e mo thusa go ikokotlela. Le rona fa re ntse re iteka ka natla go tsamaya ka boikanyegi, re tlhoka thuso ya ga Jehofa.—Isaia 50:10.

8. Go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete go ka re thusa jang gore re tile go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka katlego ya baikepi?

8 Selo sengwe se se ka re thusang gore re se ka ra tshwenngwa ke katlego ya baikepi ke go tshwarega thata mo tirong ya go senka batho ba sekadinku le go ba thusa gore ba nne le kitso e e boammaaruri ka boikaelelo jwa ga Jehofa. Fa boikepo bo ntse bo oketsega, re tshwanetse go nna re tshwaregile ka botlalo ka go thusa batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” “Molemo” o mogolo o re ka o direlang ba bangwe ke go ba itsise dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Ruri tiro ya rona ya go rera phatlalatsa ke ‘setlhabelo sa pako.’—Bahebera 13:15, 16; Bagalatia 6:10.

9. Tlhalosa bokao jwa kgakololo ya ga Dafide e e malebana le go “aga mo lefatsheng.”

9 Dafide o tswelela jaana: “Aga mo lefatsheng, mme o dire ka boikanyegi.” (Pesalema 37:3b) “Lefatshe” la mo motlheng wa ga Dafide e ne e le naga e Jehofa a neng a e neile Iseraele, Naga e e Solofeditsweng. Mo motlheng wa puso ya ga Solomone melelwane ya yone e ne e tloga kwa Dana kwa bokone go fitlha kwa Beere-sheba kwa borwa. Naga eo e ne e le bonno jwa Iseraele. (1 Dikgosi 4:25) Gompieno gongwe le gongwe kwa re leng gone mo lefatsheng, re letetse ka tlhoafalo nako ya fa lefatshe lotlhe le tla bo le fetogile paradaise mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Mme gone jaanong, fa re sa ntse re letile nako eo, re nna mo polokesegong ya semoya.—Isaia 65:13, 14.

10. Go tla direga eng fa re ‘dira ka boikanyegi’?

10 Go tla felela ka eng fa re ‘dira ka boikanyegi’? Seane se se tlhotlheleditsweng se re gakolola jaana: “Motho wa ditiro tse di ikanyegang o tla nna le masego a mantsi.” (Diane 28:20) Jehofa o tla re segofatsa fa re nna re rera dikgang tse di molemo ka bopelotelele gongwe le gongwe kwa re nnang gone le fa re rerela mongwe le mongwe yo re kopanang le ene. Ka sekai, Frank le mosadi wa gagwe e bong Rose, ba ne ba ya go nna babulatsela kwa toropong nngwe kwa bokone jwa Scotland dingwaga tse 40 tse di fetileng. Batho ba sekae ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri koo ba ne ba sa tlhole ba bo kgatlhegela. Banyalani bano ba babulatsela ba ne ba se ka ba kgobega marapo, ba ne ba simolola tiro ya go rera le go dira barutwa. Gone jaanong go na le phuthego e e golang ka lobelo lo logolo kwa toropong eo. Jehofa o ile a segofatsa boikanyegi jwa banyalani bano fela thata. Frank o tlhalosa jaana ka boikokobetso: “Tshegofatso e kgolo go gaisa tsotlhe tse re nang le tsone ke gore re sa ntse re le mo boammaaruring le gore Jehofa o sa ntse a re dirisa.” Ee, fa re ‘dira ka boikanyegi,’ re tla bona masego a le mantsi le go a anaanela.

“Itumelele Jehofa Thata”

11, 12. (a) Re ka dira eng gore re “itumelele Jehofa thata”? (b) Ke mokgele ofe o o ka ipeelang one malebana le go ithuta, mme seo se ka nna le matswela afe?

11 Re tshwanetse go ‘itumelela Jehofa thata’ gore re nonotshe kamano ya rona le ene le go nna re mo ikanya. (Pesalema 37:4a) Re ka dira seo jang? Go na le gore re amege thata ka maemo a rona, le fa a ka tswa a le boima go le kana kang, re tshwanetse go amega thata ka Jehofa. Tsela nngwe e re ka dirang seno ka yone ke go ipha nako ya go bala Lefoko la gagwe. (Pesalema 1:1, 2) A o itumelela mmalo wa gago wa Baebele? O tla o itumelela fa o bala ka boikaelelo jwa go ithuta go le gontsi ka Jehofa. Fa o sena go bala karolo nngwe, ke eng fa o sa tle o ema go se kae mme o ipotsa jaana, ‘Karolo eno e nthuta eng ka Jehofa?’ O ka nna wa fitlhela go thusa go tshola bukana kana pampitshana e o tla kwalang dintlha mo go yone fa o ntse o bala Baebele. Nako le nako fa o ema o tla o akanya ka se o se badileng, kwala mafoko mangwe a a go gopotsang nngwe ya dinonofo tse di molemo tsa Modimo. Dafide o ne a opela jaana mo pesalemeng nngwe: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.” (Pesalema 19:14) Go ithuta Lefoko la Modimo jalo ka go tsepamisa mogopolo mo go lone go itumedisa Jehofa e bile go tla nna “monate” mo go rona.

12 Re ka dira eng gore re itumelele go ithuta le go tlhatlhanya? Re ka ipeela mokgele wa gore re ithute go le gontsi ka mo re ka kgonang ka teng ka Jehofa le ditsela tsa gagwe. Dikgatiso tse di jaaka Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela le Atamalana le Jehofa * di na le tshedimosetso e e molemo e re ka tlhatlhanyang ka yone ka kanaanelo. Dafide o tlhomamisetsa basiami gore fa ba dira jalo Jehofa ‘o tla ba naya dikopo tsa pelo ya bone.’ (Pesalema 37:4b) Ke tsholofelo e e ntseng jalo e e tshwanetseng ya bo e ile ya tlhotlheletsa moaposetoloi Johane go kwala mafoko ano: “Mme eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa. Gape, fa re itse gore o a re utlwa mabapi le sengwe le sengwe se re se kopang, re a itse gore re tla nna le dilo tse re di kopang e re ka re di kopile mo go ene.”—1 Johane 5:14, 15.

13. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ke koketsego efe mo tirong ya go rera ka Bogosi e e bonalang mo dinageng di le dintsi?

13 E re ka re le batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa, selo se se re itumedisang thata ke go bona bolaodi jwa gagwe bo tlotlomadiwa. (Diane 27:11) A dipelo tsa rona ga di tlale ka boipelo fa re utlwa ka tiro e kgolo ya go rera e e dirwang ke bakaulengwe ba rona kwa dinageng tse pele di neng di laolwa ke babusaesi le bagateledi? Re letile ka tlhoafalo e kgolo go bona gore ke kgololesego efe e e oketsegileng e re tla nnang le yone pele ga tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong. Bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa ba ba nnang mo dinageng tse ditiro tsa rona tsa Bokeresete di dirwang ka kgololesego kwa go tsone ba nna le seabe se segolo mo tirong ya go rerela baithuti, batshabi le batho ba bangwe ba ba fudugetseng ka nakwana kwa dinageng tseno, mme ba itumelela go obamela ba gololesegile. Re eletsa thata gore fa batho bano ba boela gae ba ka fitlha ba tswelela ka go phatsimisa lesedi la boammaaruri mo lefifing le legolo le le aparetseng dinaga tsa bone.—Mathaio 5:14-16.

“Pitikela Tsela ya Gago mo go Jehofa”

14. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore re ka ikanya Jehofa?

14 Ana go nametsa pelo jang go itse gore re ka imololwa matshwenyego a rona le se mo go rona se ka bonalang e le morwalo o o gatelelang! Jang? Dafide a re: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” (Pesalema 37:5) Mo diphuthegong tsa rona re na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore re ka ikanya Jehofa gore o tla re ema nokeng. (Pesalema 55:22) Botlhe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng, e ka ne e le babulatsela, balebedi ba ba etang, barongwa, kana baithaopi ba ba dirang kwa Bethele, ba ka supela boammaaruri jwa gore Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe. Ke eng fa o sa bue le bangwe ba bone ba o ba itseng mme o utlwe gore Jehofa o ile a ba thusa jang? Ga go pelaelo gore ba tla go bolelela ditiragalo di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa ga a ke a palelwa ke go thusa batho ba gagwe tota le ka dinako tse di thata. Ka metlha o tlamela batho ba gagwe ka dilo tsa botshelo tse ba di tlhokang.—Pesalema 37:25; Mathaio 6:25-34.

15. Tshiamo ya batho ba Modimo e phatsima jang?

15 Fa re ikaega ka Jehofa le go mo ikanya ka botlalo, re ka iponela ka namana boammaaruri jwa mafoko ano a mopesalema: “Ruri o tla tlisa tshiamo ya gago jaaka lesedi, le tshiamiso ya gago jaaka sethoboloko.” (Pesalema 37:6) Gantsi rona Basupi ba ga Jehofa re na le go senngwa leina. Le fa go ntse jalo, Jehofa o bula matlho a batho ba ba ikanyegang go ba thusa go lemoga gore re dira bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa ka go bo re rata Jehofa le baagelani. Mme gape, batho ba le bantsi ba lemoga boitshwaro jwa rona jo bo molemo, le fa bangwe ba bo bua maswe. Jehofa o re ema nokeng mo mefuteng yotlhe ya kganetso. Mme seo se dira gore tshiamo ya batho ba Modimo e phatsime jaaka letsatsi go le sethoboloko.—1 Petere 2:12.

“Didimala . . . O Lete ka Tlhologelelo”

16, 17. Go ya ka Pesalema 37:7, gone jaanong ke nako ya eng, mme ka ntlha yang?

16 Mafoko a a latelang a mopesalema a re: “Didimala fa pele ga ga Jehofa mme o mo lete ka tlhologelelo. O se ka wa itshupa o galefetse ope yo o atlegisang tsela ya gagwe, motho yo o diragatsang dikgopolo tsa gagwe.” (Pesalema 37:7) Dafide fano o gatelela kgang ya gore re tshwanetse go letela Jehofa ka bopelotelele gore a tseye kgato. Le fa bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ise bo fitlhe, seo ga se a tshwanela go dira gore re ngongorege. A ga go boammaaruri gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa le bopelotelele jwa gagwe di botlhokwa thata go feta se pele re neng re se akanya? A jaanong re ka bontsha gore le rona re letile ka bopelotelele fa re ntse re tshwaregile mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo pele ga bokhutlo bo goroga? (Mareko 13:10) Jaanong eno ke nako ya gore re tile ditiro tsa go nna mafega tse di ka re amogang boipelo le tshireletsego ya rona ya semoya. Jaanong ke nako ya gore re emelane thata le tlhotlheletso e e sa siamang ya lefatshe la ga Satane. E bile jaanong ke nako ya gore re ipoloke re le boitsheko mo boitshwarong le gore le ka motlha re se ka ra senya kamano e e molemo e re nang le yone le Jehofa. A re tsweleleng re tila go nna le dikakanyo tse di maswe le go itshola ka tsela e e sa siamang fa re na le batho ba bong bo sele, tota le ba bong jo bo tshwanang le jwa rona.—Bakolosa 3:5.

17 Dafide o re gakolola jaana: ‘Tlogela bogale mme o lese tšararego. O se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula. Gonne badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe.’ (Pesalema 37:8, 9) Ee, re ka tlhoafalela nako—e gone jaanong e atametseng thata—ya fa Jehofa a tla bo a fedisa gotlhelele boikepo jotlhe le batho ba ba bo dirang mo lefatsheng.

“Mo Lobakanyaneng Fela”

18, 19. Pesalema 37:10 e go kgothatsa jang?

18 “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo.” (Pesalema 37:10) A mafoko a a re kgothatsang tota fa re ntse re atamela bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le go fela ga matswela a a sa itumediseng a a bakilweng ke go se batle go laolwa ke Jehofa! Mofuta ope fela wa puso kana taolo e e itlhametsweng ke motho o paletswe gotlhelele. Mme jaanong re atamela nako ya fa puso e e laolwang ke Modimo e tla bong e boetse e busa, Bogosi Jwa ga Jehofa jo bo laolwang ke Jesu Keresete. E tla laola lefatshe ka botlalo le go fedisa batho botlhe ba ba kgatlhanong le Bogosi Jwa Modimo.—Daniele 2:44.

19 Mo lefatsheng le lesha le le laolwang ke Bogosi Jwa Modimo ga o kitla o tlhola o bona “moikepi,” le fa o ka mo senka go le kana kang. Ee ruri, ope fela yo o tla tsuologelang Jehofa o tla fedisiwa ka bonako. Ga go kitla go nna le motho ope yo o tlhaselang bolaodi jwa gagwe kana yo o ganang go ikobela taolo ya gagwe. Baagelani botlhe ba gago e tla bo e le batho ba ba tshwanang le wena ba ba ratang go itumedisa Jehofa. A bo seo se tla re leretse tshireletsego e e molemo jang ne—go se na dilotlele, magora a tshipi, go se na sepe fela se se ka senyang boikanyo le boitumelo jwa batho!—Isaia 65:20; Mika 4:4; 2 Petere 3:13.

20, 21. (a) “Ba ba pelonolo” ba go buiwang ka bone mo go Pesalema 37:11 ke bomang, mme ba bona kae “letlotlo la kagiso”? (b) Re tla bona masego afe fa re etsa Dafide yo Mogolwane?

20 Ka nako eo, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pesalema 37:11a) Mme gone, “ba ba pelonolo” bano ke bomang? Lefoko le le ranotsweng e le “pelonolo” le tswa mo lefokong le le kayang “go isa kwa tlase, go kokobetsa, go nyenyefatsa.” Ee, batho “ba ba pelonolo” ke ba ba letang Jehofa ka boikokobetso gore a baakanye tshiamololo yotlhe e ba e direlwang. “Ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11b) Tota le gone jaanong re na le letlotlo le legolo la kagiso mo paradaiseng ya semoya e e amanang le phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete.

21 Le fa re ise re namolwe mo mathateng, re a nonotshana e bile re kgothatsa ba ba ngomogileng pelo. Seno se dira gore batho ba ga Jehofa ba nne le kgotsofalo ya mmatota gareng ga bone. Bakaulengwe ba ba tlhomilweng go nna badisa ba re tlhokomela ka dilo tsa semoya tse re di tlhokang—mme ka dinako tse dingwe le e leng ka dilo tsa nama—e leng se se re thusang go itshoka fa re bogisediwa go dira tshiamo. (1 Bathesalonika 2:7, 11; 1 Petere 5:2, 3) A bo kagiso eno e le selo se se tlhwatlhwakgolo jang ne! Gape re na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng e e nang le kagiso e e setseng e le gaufi. Ka gone, a re etseng Dafide yo Mogolwane, Keresete Jesu, yo tlhoafalo ya gagwe ya go direla Jehofa e neng ya mo tlhotlheletsa go mo direla ka boikanyegi go fitlha kwa bokhutlong. (1 Petere 2:21) Ka go dira jalo, re tla tswelela re itumetse re galaletsa ene yo re mo itumelelang thata, Modimo wa rona Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Araba?

• Ke thuto efe e o ithutileng yone mo go Pesalema 37:1, 2?

• Ke eng se o ka se dirang gore o ‘itumelele Jehofa thata’?

• Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore re ka ikaega ka Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bakeresete ga ba ‘tswele batho ba ba dirang tshiamololo pelo’

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Ikanye Jehofa mme o dire molemo”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Itumelele Jehofa thata ka go ithuta go le gontsi ka ene ka mo o ka kgonang ka teng

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe”