Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo ba Ya Kerekeng

Lebaka La go Bo ba Ya Kerekeng

Lebaka La go Bo ba Ya Kerekeng

“PALO ya batho ba ba tsenang kereke ya Presbyterian kwa Repaboliking ya Korea jaanong e feta ya ba ba e tsenang kwa Amerika go menagane ganè.” Polelo eo e e neng e le mo makasineng wa Newsweek e ka tswa e gakgamaditse babadi ba le bantsi, ka gonne batho ba bantsi ba tsaya Korea e le setšhaba sa batho ba ba latelang bodumedi jwa bo-Confucius kgotsa jwa Bobuda. Gompieno, fa motho a etile o bona dikereke di le dintsi tsa “Bokeresete” teng, tse gantsi di bonwang ka difapaano tsa dipone tse dikhibidu. Ka Disontaga, go tlwaelegile go bona batho ba tsamaya ba le babedi kgotsa ba le bararo, ba tshotse Dibaebele ka seatla, ba ya kerekeng. Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1998, mo e batlileng e nna diperesente di le 30 tsa batho ba Korea, ba tsena kereke ya Katoliki kana ya Porotesetanta, e leng palo e e fetang ya ba ba ipolelang gore ke ba bodumedi jwa Bobuda.

Mo metlheng ya gompieno, ga go a tlwaelega go bona batho ba bantsi jalo gope fela ba ya kerekeng ka metlha. Mme go sa ntse go direga, e seng fela kwa Korea, mme gape le mo dinageng tse dingwe tsa Asia mmogo le Afrika le Latin America. Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba sa ntse ba ipolela gore ba dumela mo Modimong fa go sa kgatlhegele bodumedi go aname jaana? Ke ka ntlha yang fa ba ya kerekeng?

Patlisiso ya Gallup e ne ya bontsha gore batho ba feta sephatlo ba ba yang kerekeng kwa Korea ba batla go nna le kagiso ya mogopolo; mo e ka nnang nngwetharong ba batla go tshelela ruri morago ga loso; mme motho a le 1 mo go ba le 10 o batla go nna le botsogo jo bontle, dikhumo le go atlega.

Batho ba bantsi kwa China ba ya kerekeng ka gonne ba solofela gore ba tla bona sengwe se se tla kgotsofatsang tlala ya bone ya semoya e e nnang teng jaaka dikgopolo tsa Bokomonisi di ntse di emisetsa dikgopolo tsa bokapitalise. Ngwaga le ngwaga, go anamisiwa dikhopi tsa Baebele di le dimilione kwa China, mme go lebega batho ba e bala thata jaaka ba ne ba bala bukanyana e khibidu ya ga Mao.

Batho bangwe ba ba tsenang kereke ya Katoliki kwa Brazil, segolobogolo basha, ga ba kgotsofadiwe ke tsholofetso ya botshelo jo bo tlang, ba batla kgotsofalo gone jaanong. Makasine wa dikgang wa Tudo wa re: “Fa e le gore batho ba ne ba tlhotlhelediwa ke kgopolo ya kgololesego ka dingwaga tsa bo1970, gompieno ba tlhotlhelediwa ke kgopolo ya katlego.” Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Boritane e ne ya re batho ba koo ba ba tsenang kereke ba umake selo se le sengwe se ba se ratang ka kereke e ba e tsenang. Bontsi jwa bone ba ne ba e ratela gore ba kgona go kopana le batho.

Seno sotlhe se bontsha gore le fa palo e kgolo ya batho ba sa ntse ba dumela mo Modimong, ba bantsi ba tshwenyegile thata ka se ba ka se bonang gone jaanong go na le go tshwenyega ka se ba ka se bonang mo isagweng, kgotsa le ka Modimo ka boene. O akanya gore lebaka le le tshwanetseng la go dumela mo Modimong ke lefe? Baebele ya reng ka kgang eno? O tla bona karabo mo setlhogong se se latelang.