Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka le le Tshwanetseng la go Dumela mo Modimong

Lebaka le le Tshwanetseng la go Dumela mo Modimong

Lebaka le le Tshwanetseng la go Dumela mo Modimong

BUKA ya kwa Korea ya 31 Reasons Why Young People Leave the Church e bolela gore batho ba bantsi ba tlogela go ya kerekeng ka gonne ba sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse ba nang le tsone. Ka sekai, ba botsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba ba dumelang mo Modimong ba boga?’ le gore, ‘Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amogela sengwe le sengwe se dikereke di se rutang fa dithuto tse dintsi tsa tsone di tlhakanya tlhogo e bile di ikganetsa?’

Batho ba bantsi ba swetsa ka gore ga go na karabo mo Baebeleng ka gonne ba swabisiwa ke dikarabo tse ba di newang ke baruti. Fa moruti a tlhalosa go ya ka tsela e ene a bonang dilo ka yone, gantsi seo se felela ka gore batho ba se ka ba tlhaloganya Modimo sentle ba bo ba mo gane, le yone Baebele.

Abel yo o godisitsweng a tsena kereke ya Lutere mo Afrika Borwa o diragaletswe ke sone seo. A re: “Kereke e ruta gore mongwe le mongwe yo o swang o ‘tsewa’ ke Modimo. Mme ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a ‘tsaya’ batsadi mo baneng ba bone. Ke goletse kwa Afrika kwa magaeng mme re ne re sa bolaye koko e namagadi go fitlha dikokwana tsa yone di godile. Fa re ne re lemoga gore kgomo e a dusa, re ne re sa e bolaye go fitlha namane e tsalwa e bo e tlogedisiwa go anya. Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a sa akanyetse batho ka tsela e e tshwanang.”

Aram, wa kwa Canada, o ne a na le dipelaelo tse di tshwanang. A re: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, rre o ne a tlhokafala. Mo tirelong ya phitlho, moruti yo o itsegeng o ne a tlhalosa gore Modimo o ne a batla gore rre a swe gore rre a tle a nne gaufi le Modimo kwa legodimong. O ne a re: ‘Modimo o tsaya batho ba ba molemo, ka gonne Modimo o rata batho ba ba siameng.’ Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore go tla jang gore Modimo a nne pelotshetlha jalo.”

Kgabagare, Abel le Aram ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba ithuta Baebele le bone mme kwa bofelong ba bona dikarabo tsa dipotso tsa bone. Ba ne ba ithuta go rata Modimo mme ba nna le tumelo e e nonofileng mo go ene. La bofelo, ba ne ba neela matshelo a bone mo go Jehofa mme ba nna batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

Go Nna le Kitso ya Boammaaruri go Botlhokwa Gore Motho a Dumele mo Modimong

Re ithuta eng mo maitemogelong ao? Re ithuta gore fa go tliwa mo kgannyeng ya go dumela mo Modimong, kitso ya boammaaruri ya Baebele e botlhokwa. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba motse wa bogologolo wa Filipi a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.” (Bafilipi 1:9) Go ya ka se Paulo a se buang go rata Modimo le go rata badumedimmogo go amana le kitso ya boammaaruri ka Modimo le go lemoga se e leng thato ya gagwe.

Seno se a utlwala ka gonne se se tlhokegang pele ga motho a ikanya yo mongwe ke gore a itse motho yoo—fa a mo itse sentle o tla mo ikanya botoka. Ka tsela e e tshwanang, go tlhokega kitso ya boammaaruri gore e go rotloetse go dumela mo Modimong. Paulo o ne a re: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Go dumela mo Modimong kwa ntle ga kitso ya boammaaruri ya Baebele go tshwana le ntlo ya matshamekwane e e dirilweng ka dikarata. Fa o ka e budulela go sekae fela e ka wa.

Go ithuta Baebele go ka go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le eno e e neng e tshwentse Abel le Aram ka lobaka lo loleele, Ke ka ntlha yang fa batho ba a swa? Baebele e tlhalosa gore “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Batho ba a tsofala e bile ba a swa, e seng ka gonne Modimo a ba tsaya gore ba ye go nna le ene, mme ka gonne Adame a leofile. (Genesise 2:16, 17; 3:6, 17-19) Gape, Baebele e senola tsholofelo ya boammaaruri e Jehofa Modimo a e nayang batho. Ka Morwawe, Jesu Keresete, o naya batho ba ba leofileng tsholofelo ya tsogo ya baswi.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

Gore re kgone go tlhaloganya boammaaruri ka tsogo, pego ya Baebele e na le dikai di le mmalwa tsa batho ba Jesu a neng a ba tsosetsa botshelong gape. (Luke 7:11-17; 8:40-56; Johane 11:17-45) Fa o bala dipego tseno tsa Baebele, ela tlhoko kafa ditsala le ba malapa a ba ba tsositsweng ba neng ba itumela ka teng. Gape ela tlhoko gore ba ne ba tlhotlhelediwa gore ba bake Modimo mme ba bontshe tumelo mo go Jesu.

Kitso ya boammaaruri ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe e ka ama batho ka tsela e e tshwanang gompieno. Ba bantsi ba kile ba bo ba tlhakanye tlhogo, ba tshwenyegile e bile ba kgopisegile ka ntlha ya dipotso tsa botlhokwa tse ba neng ba sa kgone go bona dikarabo tsa tsone tse di kgotsofatsang. Ba ne ba bona dikarabo fa ba ithuta Baebele, mme seo se ne sa fetola matshelo a bone gotlhelele.

Go Rata Modimo ke Lebaka la Botlhokwa Thata La go Mo Direla

Le fa go nna le kitso ya boammaaruri go le botlhokwa gore motho a dumele mo Modimong, go tlhokega se se oketsegileng go rotloetsa motho gore a mo utlwe le gore a mo direle. Fa Jesu a ne a bodiwa gore taelo e kgolo e e tswang kwa Modimong ke efe, o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Fa motho a rata Modimo ka tsela e Jesu a tlhalositseng ka yone, o tla rata go Mo utlwa le go mo direla. A wena o dira jalo?

Rachel, yo e neng e le morongwa ka dingwagangwaga kwa Korea, o tlhalosa lebaka la go bo a na le tumelo jaana: “Ke akanya ka bopelotshweu jwa ga Jehofa mo dibopiweng tsa gagwe, tsela e a itshwarelang batho ba gagwe ka yone fa a dirisana le bone, le go bo a rata gore re solegelwe molemo ka go re bolelela se a se batlang mo go rona. Dilo tse di ntseng jalo tsotlhe di dira gore lorato lwa me mo Modimong lo oketsege. Mme lorato loo lo dira gore ke batle go mo direla.”

Martha, motlholagadi wa kwa Jeremane, o diretse Jehofa ka dingwaga di le 48. A re: “Ke ka ntlha yang fa ke direla Jehofa? Ke ka gonne ke a mo rata. Maitseboa mangwe le mangwe ke bua le Jehofa ka thapelo mme ke mmolelela kafa ke mo lebogang thata ka teng ka ntlha ya masego otlhe a gagwe, segolobogolo ka setlhabelo sa thekololo.”

Ee, go rata Modimo go dira gore re batle go mo direla go tswa pelong. Mme motho o kgona jang go nna le lorato loo? Selo se segolo se se rotloetsang go rata Modimo ke go anaanela thata lorato lo a re lo bontshitseng. Ela tlhoko kgakololo eno e e lorato e e tswang mo Baebeleng: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato. Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.”—1 Johane 4:8-10.

A o lemoga kafa lorato lono lo leng logolo ka teng? Akanya fela o nwela mo molapong o o rwaleletseng, motho mongwe a bo a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a go boloke. A o ne o ka mo lebala, kgotsa o ne o tla mo leboga fela thata? A o ne o ka se batle go mo direla sotlhe se o ka kgonang go se mo direla? Lorato lo Modimo a lo bontshitseng ka go ntsha Morwawe, Jesu Keresete, setlhabelo sa thekololo lo logolo thata. (Johane 3:16; Baroma 8:38, 39) Fa pelo ya gago e amiwa ke lorato lwa Modimo, o tla tlhotlheletsega go mo rata le go mo direla ka pelo yotlhe.

Masego a Gone Jaanong Le a Mo Isagweng

Le fa lorato lwa rona mo Modimong e tshwanetse go nna lone lebaka le legolo la go dira thato ya gagwe, go a itumedisa go itse gore Modimo o duela ba ba mo direlang. Moaposetoloi Paulo a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Modimo o segofatsa batho ba ba mo ratang e bile ba mo utlwa. Batho ba bantsi ba na le botsogo jo bo molemo ka ntlha ya go latela melaometheo ya Baebele. (Diane 23:20, 21; 2 Bakorintha 7:1) Gantsi bahiri ba ikanya batho ba ba dirisang melaometheo ya Baebele e e malebana le boikanyego le go dira ka natla, mme ka jalo batho ba ba ntseng jalo ga ba nne le mathata a itsholelo. (Bakolosa 3:23) Batlhanka ba Modimo ba nna le kagiso ya mogopolo le fa ba le mo maemong a a lekang, ka gonne ba ikanya Jehofa. (Diane 28:25; Bafilipi 4:6, 7) Mo godimo ga tseo tsotlhe, ba lebile pele go bona masego a botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng e e tlang ya mo lefatsheng.—Pesalema 37:11, 29.

Batho ba ba itumelelang masego ao a a tswang kwa go Jehofa ba ikutlwa jang ka ene? Jacqueline, Mokeresete mongwe wa kwa Canada, o tlhalosa tsela e a ratang Modimo ka yone jaana: “Ka metlha o re naya dimpho tse di molemo, e bile o re naya tsholofelo e e tlhomameng ya botshelo jo bo sa khutleng.” Abel, yo re utlwileng ka ene fa godimonyana, o tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “E ne e le la ntlha ke utlwa ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, mme ke lebile pele kwa go lone. Mme le fa go ne go se na Paradaise, ke ne ke ntse ke tla itumelela go bontsha kafa ke ratang Modimo ka teng ka go mo direla.”

Le Wena o ka Nna le Tumelo ya Boammaaruri

Baebele ya re: “Jehofa wa masomosomo o atlhola ka tshiamo; o tlhatlhoba diphilo le pelo.” (Jeremia 11:20) Ee, Jehofa o tlhatlhoba se se fitlhegileng kwa botennyeng jwa dipelo tsa rona. Mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhatlhoba maitlhomo a gagwe a go dumela mo Modimong. Ditumelo le dikakanyo tse di phoso ka Modimo di dirile gore batho ba dire ditiro tse di sa siamang mo nakong e e fetileng. Mme kitso ya boammaaruri ya Baebele e ka kaela motho gore a nne le kamano e e siameng le Mmopi, Jehofa Modimo.—1 Timotheo 2:3, 4.

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho go nna le kitso ya boammaaruri ka Modimo, ka thulaganyo ya bone ya thuto ya mahala ya legae ya Baebele. (Mathaio 28:20) Batho ba bantsi ba ba amogetseng thuso e e ntseng jalo ba simolotse go rata Modimo e bile ba setse ba na le tumelo ya mmatota mo go ene. Ka go ithuta Baebele, ba bapetse “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya,” tse di ba thusang go “tsamaya ka polokesego” mo metlheng eno e e kotsi. (Diane 3:21-23) Sa botlhokwa le go feta, jaanong ba na le tsholofelo “e e tlhomamisegang e bile e nitame” ya isagwe. (Bahebera 6:19) Le wena o ka nna le tumelo ya mmatota mme wa itumelela masego ano.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Dipotso Tse di Akabatsang Tse di Neng di Tlhoka Dikarabo

“Fa ke ne ke thapisiwa kwa kokelong ke le moithuti wa tsa kalafi, ke ne ke bona batho ba ba molemo ba lela ba le mo botlhokong ka ntlha ya malwetse le masetlapelo. Fa e le gore Modimo o teng, ke ka ntlha yang fa dilo tseno di direga? A bodumedi ke tsela fela ya go nna le kagiso ya mogopolo?”—Motho yo pele a neng a tsena kereke ya Presbyterian kwa Korea.

“Gantsi ke ne ke ipotsa gore a rre, yo o neng a tshwakgotswe ke bojalwa, o ne a ile diheleng kana legodimong. Ke ne ke tshaba baswi le kgopolo ya molelo wa dihele. Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore Modimo yo o lorato o ka romela jang motho gore a ye go boga ka bosakhutleng kwa diheleng.”—Motho yo pele a neng a tsena kereke ya Katoliki kwa Brazil.

“Go tla diragalang ka lefatshe le batho mo isagweng? Batho ba ka kgona jang go tshelela ruri? Batho ba ka bona jang kagiso ya boammaaruri?”—Motho yo pele a neng a tsena kereke ya Katoliki kwa Jeremane.

“Mo go nna, thuto ya go tsalwa o le setshedi se sesha e ne e sa utlwale. Diphologolo ga di obamele, ka jalo fa e le gore ka lebaka lengwe o tsalwa gape o le phologolo gore o duelele maleo a gago, o ka baakanya jang diphoso tsa gago o bo o tswa mo boemong joo?”—Motho yo pele e neng e le Mohindu kwa Afrika Borwa.

“Ke goletse mo lelapeng le le neng le le mo bodumeding jwa bo-Confucius, mme ke ne ke na le go nna le seabe mo meletlong ya go dira gore bagologolwane ba rona ba ikhutse. Fa ke ne ke baakanya tafole ya setlhabelo mme ke ikoba ke ne ke ipotsa gore a bagologolwane ba ba suleng ba tlile go ja dijo tseo le go bona fa re ba ikobela.”—Motho yo pele e neng e le wa bodumedi jwa bo-Confucius kwa Korea.

Batho bano botlhe ba ne ba bona dikarabo tsa dipotso tsa bone fa ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.