Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thulaganyo ya Thelebishene e Dirile Gore a Galaletse Modimo

Thulaganyo ya Thelebishene e Dirile Gore a Galaletse Modimo

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Thulaganyo ya Thelebishene e Dirile Gore a Galaletse Modimo

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a bolela gore “bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgaisano, mme ba bangwe ka keletso e e molemo.” (Bafilipi 1:15) Ka dinako tse dingwe, batho ba ile ba leka go senya batho ba ga Jehofa leina, ba sa lemoge gore ka go dira jalo, ba dira gore batho ba ba dipelo di siameng ba retologele kwa boammaaruring.

Ka November 1998, go ne ga gasiwa thulaganyo nngwe mo seteisheneng sa thelebishene sa kwa Fora, e e neng e bontsha ditshwantsho tsa Bethele, e leng kago ya diofisi tsa lekala tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Louviers, kwa Fora. Le fa gone batho ba ile ba arabela ka ditsela tse di sa tshwaneng ka thulaganyo eno, e ne ya nna le matswela a mantle ka ditsela tse di neng di sa lebelelwa.

Mongwe wa batho ba ba neng ba lebeletse thulaganyo eno e ne e le Anna-Paula, yo o neng a nna dikilometara di le 60 fela go tswa kwa Bethele. Anna-Paula, mosadi yo o tlhadilweng, mme a na le bana ba le babedi, o ne a batlana le tiro. Ka jalo letsatsi le le latelang, o ne a leletsa Bethele mogala a botsa gore a ba ka mo hira. O ne a re: “Ke ile ka akanya gore ke lefelo le le molemo thata le gore tiro e e dirwang mo lefelong leno e solegela batho molemo.” A bo a ile a gakgamala jang ne fa a utlwa gore botlhe ba ba direlang mo Bethele ke badiredi ba ba ithaopetseng go dirisa nako ya bone koo! Morago ga go tlotla ka bokhutshwane ka ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa, o ne a dumela gore mongwe wa Basupi a mo etele.

Fa Léna, e bong modiredi wa nako e e tletseng wa phuthego e e gaufi a mo etela, ba ne ba tshwara motlotlo o moleele thata, mme Anna-Paula a amogela buka e e reng Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Mo lekgetlong le le latelang fa Léna a tla gape, ke fa Anna-Paula a setse a badile buka eno yotlhe mme a na le dipotso tse dintsi thata go di botsa. O ne a dumela ka bonako gore go ithutiwe Baebele le ene. Anna-Paula o ne a re: “Tiragalo eno e mphile sebaka sa gore ke ithute ka Lefoko la Modimo. Ke ne ke ise ke tle ke tshware Baebele pele ga moo.”

Ka January, Anna-Paula o ne a etela Bethele, mme mo bekeng e e latelang o ne a ya pokanong ya Bokeresete, e le lekgetlo la ntlha. Go ise go ye kae morago ga moo, o ne a simolola go ithuta Baebele le bana ba gagwe le go rerela ditsala tsa gagwe. Fa a bua a re: “Ke ne ke sa kgone go didimala fela ka se ke neng ke se ithuta. Ke ne ke batla go bolelela batho boammaaruri jwa Baebele le go ba kgothatsa.” Fa Anna-Paula a sena go leka go baakanya mathata a le mmalwa a a neng a na le one, o ne a simolola go tla dipokanong ka metlha. O ne a gatela pele ka bonako thata mme a kolobediwa ka May 5, 2002.

Mo godimo ga moo, ka ntlha ya sekao se se molemo sa ga Anna-Paula, le go rera ga gagwe ka tlhoafalo, mmaagwe o ne a simolola go ithuta Baebele mme go ise go ye kae o ne a kolobediwa. Anna-Paula a re: “Ga ke kgone go tlhalosa tsela e ke itumetseng ka yone. Letsatsi le letsatsi ke leboga Jehofa go bo a ile a ntetla go mo itse le go mo direla e bile ke mo leboga ka ntlha ya masego otlhe a a mphileng one.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Mo godimo: Anna-Paula

Mo tlase: Tsela ya go tsena mo dikagong tsa ofisi ya lekala tsa kwa Fora