Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A O Tlhagolela Boikutlo Jwa go Gakgamalela Dilo ka Kanaanelo?

A O Tlhagolela Boikutlo Jwa go Gakgamalela Dilo ka Kanaanelo?

A O Tlhagolela Boikutlo Jwa go Gakgamalela Dilo ka Kanaanelo?

A O LEMOGILE gore gantsi bakwadi ba Baebele ba dira gore motho a nne le boikutlo jwa go gakgamalela dilo ka kanaanelo fa ba bua ka ditiro tsa Modimo le dinonofo tsa gagwe? Mopesalema o ne a re: ‘Ke dirilwe ka tsela e e gakgamatsang.’ (Pesalema 139:14) Moporofeti Isaia o ne a kwala a re: “Wena Jehofa, o Modimo wa me. Ke a go godisa, ke baka leina la gago, gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang.” (Isaia 25:1) Kana akanya kafa moaposetoloi Paulo a neng a bontsha boikutlo jwa go gakgamala ka kanaanelo ka teng fa a ne a kwala mafoko ano: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!”—Baroma 11:33.

The Oxford Encyclopedic English Dictionary e tlhalosa “go gakgamalela selo ka go se anaanela” e le “boikutlo jo bo nnang teng ka ntlha ya sengwe se o sa se lebelelang, se o sa se tlwaelang, kana se o sa kgoneng go se tlhalosa, gantsi e le go gakgamala go kopane le go kgatlhegela selo le go batla go itse ka sone.”

A gone ga go itumedise go bona kafa bana ba bannye ba gakgamalang thata ka teng fa ba bona, ba ama kana ba utlwa dilo tse disha? Ka maswabi, go gakgamalela dilo ka go di anaanela jalo ka ntlha ya go batla go itse ka tsone gantsi go a fela fa nako e ntse e tsamaya.

Le fa go ntse jalo, mo bakwading ba Baebele ba ba sa tswang go nopolwa, boikutlo jono jwa go gakgamalela dilo ka go di anaanela e ne e le karolo ya botho jwa bone. E ne e le selo se se nnelang ruri. Ke eng fa go ne go le jalo? Ba ne ba tlhagolela boikutlo joo jwa go gakgamalela dilo ka kanaanelo ka go tlhatlhanya ka ditiro tsa Modimo. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Ke nnetse ruri mo dilong tse di sa bolong go direga mo dingwageng tse di fetileng, mo dilong tsotlhe tse ke di gakologelwang tse o di dirileng; mo mogopolong wa me go tletse fela dilo tse di gakgamatsang tsa popo ya gago.”—Pesalema 143:5, The New English Bible.

A bo go itumedisa jang ne go bo boikutlo jono jwa go gakgamalela dilo ka go di anaanela bo fitlhelwa mo baobameding ba Modimo ba motlha ono! A o na le boikutlo jono? A o leka go bo tlhagolela?