Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Batla Tsela e e Pitlaganeng

Ba ne Ba Batla Tsela e e Pitlaganeng

Ba ne Ba Batla Tsela e e Pitlaganeng

MO E ka nnang dingwaga di le 550 tse di fetileng, ditlhopha tse dinnye tse di neng di ipolela gore ke Bakeresete tse di neng di nna kwa Prague, Chelčice, Vilémov, Klatovy le kwa dinageng tse dingwe tse gone jaanong e leng dinaga tsa Czech Republic di ile tsa tlogela malapa a tsone. Ba ne ba ya go nna gaufi le motse wa Kunwald, mo mokgatšheng o o kwa bokonebotlhaba jwa Bohemia, kwa ba neng ba ikagela matlo, ba lema mmu le go bala Baebele gone mme ba ipitsa setlhopha sa Unity of Brethren, kgotsa Unitas Fratrum ka Selatini.

Batho ba ba neng ba fudugetse mo lefelong leo e ne e le batho ba maemo a a farologaneng. E ne e le batho fela ba ba sa rutegang, batlotlegi, baithuti ba yunibesithi, bahumi le bahumanegi, banna le basadi, batlholagadi le dikhutsana, botlhe e le batho ba ba nang le mokgele o le mongwe fela. Ba ne ba kwala jaana: “Re ne ra rapela Modimo ka Boene, re mo kopa gore a re senolele gore thato ya gagwe e kgolo mo dilong tsotlhe ke eng. Re ne re batla go tsamaya mo ditseleng tsa Gagwe.” Ee, setlhopha seno sa Unity of Brethren, kgotsa sa Ba-Czech Brethren, e leng leina le setlhopha seno sa badumedi se neng se bidiwa ka lone, se ne se batla ‘tsela e e pitlaganeng e e isang botshelong.’ (Mathaio 7:13, 14) Ke dithuto dife tsa Baebele tse ba neng ba di bona fa ba ntse ba dira dipatlisiso? Dilo tse ba neng ba di dumela di ne di farologana jang le tse di neng di dumelwa mo motlheng oo, mme re ka ithuta eng mo go bone?

Go Gana Thubakanyo le go Tlhomama Mo go Se ba Se Dumelang

Mekgatlho e le mmalwa ya bodumedi e ne ya nna le seabe mo go tlhomiweng ga setlhopha sa Unity of Brethren mo bogareng jwa lekgolo la bo15 la dingwaga. Mongwe

wa mekgatlho eno e ne e le wa Ba-Waldo, o o simolotseng ka lekgolo la bo12 la dingwaga. Kwa tshimologong, Ba-Waldo ba ne ba tlogela bodumedi jwa Katoliki ya Roma, jo bo amogelwang ke Puso kwa Bogare jwa Yuropa. Le fa go ntse jalo, moragonyana ba ne ba boa gape ba amogela dithuto tsa Katoliki. Setlhopha se sengwe se se neng se na le tlhotlheletso e kgolo e ne e le sa Ba-Huss, balatedi ba ga Jan Hus. E ne e le bodumedi jo bontsi jwa baagi ba Czech ba neng ba le mo go jone, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa utlwane gotlhelele. Setlhopha se sengwe se ne se lwa kgatlhanong le dilo dingwe tse di neng di dirwa mo setšhabeng, fa se sengwe sone se ne se dirisa bodumedi go tsweletsa pele dilo tsa bopolotiki. Setlhopha seno sa Ba-Brethren se ne se tlhotlhelediwa gape ke ditlhopha tse di neng di dumela mo dingwageng tse di sekete le ke bakanoki ba Baebele ba lefelo la bone le ba dinaga di sele.

Peter Chelčický (c 1390c. 1460), mokanoki mongwe wa Baebele wa Mo-Czech le molweladiphetogo, o ne a itse dithuto tsa Ba-Waldo le tsa Ba-Huss. O ne a tlogela tumelo ya Ba-Huss ka gonne mokgatlho wa bone o ne o simolotse go rata bothubaki a bo a tlogela le Ba-Waldo ka gonne bone ba ne ba sa tlhomama mo dilong tse ba neng ba di dumela. O ne a kgala ntwa a re ga e a tshwanela Bakeresete. O ne a dumela gore “molao wa ga Keresete” o tshwanetse go laola Mokeresete, go sa kgathalesege gore ditlamorago tsa gone e tla nna eng. (Bagalatia 6:2; Mathaio 22:37-39) Ka 1440, Chelčický o ne a kwala dithuto tsa gagwe mo bukeng ya Net of the Faith.

Gregory wa kwa Prague, yo e neng e le mokanoki mongwe yo mmotlana wa motlha wa ga Chelčický, o ne a rata dithuto tsa ga Chelčický thata mo e leng gore o ne a tlogela mokgatlho wa Ba-Huss. Ka 1458, Gregory o ne a rotloetsa ditlhopha tse dinnye tsa batho ba pele e neng e le Ba-Huss gore ba tlogele magae a bone mo dikarolong tse di farologaneng tsa Czech. E ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba mo latela fa a ne a ya kwa motseng wa Kunwald, kwa ba neng ba simolola mokgatlho o mosha wa bodumedi gone. Moragonyana ditlhopha tsa Ba-Waldo tsa kwa Czech le Jeremane di ne tsa ikopanya le bone koo.

Hisitori ya Bone

Go tloga ka 1464 go fitlha ka 1467, setlhopha seno se sesha se se neng se ntse se gola se ne sa tshwara disinoto di le mmalwa mo kgaolong ya Kunwald sa ba sa amogela maitlamo a le mmalwa a a neng a tlhalosa mokgatlho wa bone o mosha wa bodumedi. Maitlamo ao otlhe a ne a kwalwa ka kelotlhoko thata mo dibukeng di le mmalwa, tse gone jaanong di bidiwang Acta Unitatis Fratrum (Ditiro Tsa Setlhopha sa Unity of Brethren), tse di sa ntseng di le teng. Dibuka tsa Acta di re bolelela ka hisitori ya Ba-Brethren mme di re tlhalosetsa sentle ka se ba neng ba se dumela. Dibuka tseno di na le makwalo, dikhopi tsa dipuo tsa bone, le dilo tse ba neng ba ganetsana ka tsone.

Dibuka tsa Acta di bolela jaana malebana le dilo tse setlhopha seno sa Ba-Brethren se neng se di dumela: “Re ikemiseditse go thaya tsamaiso ya rona go ya ka se re se Balang ka go latela dikao tsa Morena wa rona le baaposetoloi, ka go ikokobetsa le go itshoka, go rata baba ba rona, re ba direla le go ba eleletsa se se molemo le go ba rapelela.” Mekwalo eno e bontsha gape gore kwa tshimologong, setlhopha seno sa Ba-Brethren se ne se dira tiro ya go rera. Ba ne ba tsamaya ka bobedi le bobedi, mme basadi e ne e le barongwa ba ba atlegang mo mafelong a ba neng ba le mo go one. Setlhopha seno sa Ba-Brethren se ne se sa kopanele mo dilong tsa bopolotiki, se ne se sa ikane, se sa nne le seabe mo ditirong tsa bosole e bile se ne se sa tshole dibetsa.

Go Fela ga Kutlwano ya Bone

Le fa go ntse jalo, morago ga masome a dingwaga, setlhopha seno sa Ba-Brethren se ne sa palelwa ke go tshela go ya ka se leina la sone le se kayang. Kutlwano ya bone e ne ya senngwa ke go ngangisana ga bone ka gore bodumedi jwa bone bo tshwanetse jwa tsamaisiwa jang. Ka 1494 setlhopha sa Ba-Brethren se ne sa kgaogana go nna ditlhopha tse pedi—ya nna Setlhopha se Segolo le setlhopha se Sennye. Le mororo Setlhopha se Segolo se ne sa fetola tumelo ya sone ya ntlhantlha, Setlhopha se Sennye sone se ne sa bolela gore Ba-Brethren ba tshwanetse go nna ba nitame ba le kgatlhanong le dipolotiki tsa lefatshe.—Bona lebokoso le le reng “Go Tweng ka Setlhopha se Segolo?”

Ka sekai, leloko lengwe la Setlhopha se Sennye le ne la kwala jaana: “Batho ba ba sa tlhomameng mo go se ba se dumelang ga go bonale ba tla kgona go nna ba ntse ba direla Modimo e re ka ba ineela mo go Ene ka sewelo fela, mme fa go tliwa mo dilong tse dikgolo ba itirela se ba se ratang. . . .Rona re batla go nna batho ba ba tlhomameng mo mogopolong e bile re na le segakolodi se se siameng, re le ba ba salang Morena Keresete morago mo tseleng e e pitlaganeng re sikere sefapaano sa rona.”

Maloko a Setlhopha se Sennye a ne a tsaya moya o o boitshepo e le maatla a Modimo a a dirang, e le “monwana” wa gagwe. Tsela e ba neng ba tlhaloganya thekololo ya ga Jesu ka yone e ne e le gore monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go duelela se Adame wa moleofi a se latlhileng. Ba ne ba sa obamele Marea, mmaagwe Jesu. Ba ne ba boa ba tlhoma thuto ya boruti mo badumeding botlhe mme ba sa tlhoke go dira maikano a gore ba tla nna ba sa nyale. Ba ne ba rotloetsa maloko otlhe a phuthego go rera phatlalatsa mme ba leleke mo phuthegong baleofi ba ba sa ikwatlhayeng. Ba ne ba nna ba itlhaotse gotlhelele mo ditirong tsa bosole le tsa bopolotiki. (Bona lebokoso le le reng “Se se Neng se Dumelwa ke Setlhopha se Sennye sa Ba-Brethren.”) E re ka Setlhopha se Sennye se ne se latela maitlamo a a mo dibukeng tsa Acta ba sa fetoge, ba ne ba itsaya e le bone setlhopha sa bodumedi jwa boammaaruri se se duleng mo setlhopheng sa Unity of Brethren.

Ba ne Ba le Pelokgale e Bile ba Bogisiwa

Ba Setlhopha se Sennye ba ne ba le pelokgale go kgala madumedi a mangwe, tota le go kgala Setlhopha se Segolo. Ba ne ba kwala jaana ka madumedi ao: “Lo ruta thuto ya gore bana ba bannye ba ba se nang tumelo ba kolobediwe mme ka go dira jalo lo latela thuto e e tlhomilweng ke bishopo mongwe yo o bidiwang Dionysius, yo ka ntlha ya tlhotlheletso ya batho bangwe ba ba sa tlhalefang a neng a gatelela kolobetso ya masea . . . Thuto eno e dumelwa ke mo e ka nnang barutisi botlhe le dingaka, Luther, Melanchthon, Bucerus, Korvín, Jiles, Bullinger, . . . Setlhopha se Segolo, botlhe ba kopane.”

Ga go gakgamatse go bo Setlhopha se Sennye se ile sa bogisiwa. Ka 1524, mongwe wa baeteledipele ba sone, e bong Jan Kalenec, o ne a kgwathisiwa a bo a seolwa. Moragonyana, maloko a le mararo a Setlhopha se Sennye a ne a fisediwa mo koteng. Go bonala Setlhopha seno se Sennye se ile sa nyelela mo e ka nnang ka 1550, fa moeteledipele wa bone wa bofelo a sena go swa.

Le fa go ntse jalo, badumedi ba Setlhopha se Sennye ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo bodumeding kwa Yuropa bogare. Gone ke boammaaruri gore e re ka “kitso e e leng yone, ya boammaaruri” e ne e ise e aname mo motlheng wa Setlhopha se Sennye, ga ba a ka ba kgona go fedisa lefifi la semoya le le neng le sa bolo go nna teng. (Daniele 12:4) Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo ba ne ba eletsa thata go batla tsela e e pitlaganeng le go e latela le fa ba ganediwa, ke sengwe se Bakeresete gompieno ba tshwanetseng go se ela tlhoko.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Ga twe dibuka di le 60 tsa kwa Bohemia (Czech) tse di gatisitsweng go simolola ka 1500 go fitlha ka 1510 di gatisitswe ke maloko a setlhopha sa Unity of Brethren

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Go Tweng ka Setlhopha Se Segolo?

Go ile ga direga eng ka Setlhopha se Segolo? Fa Setlhopha se Sennye se ne se sa tlhole se le gone, Setlhopha se Segolo se ne sa tswelela pele e le mokgatlho wa bodumedi, mme se sa ntse se bidiwa setlhopha sa Unity of Brethren. Fa nako e ntse e tsamaya, setlhopha seno se ne sa fetola dithuto tsa sone. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, setlhopha sa Unity of Brethren se ne sa dira kgolagano le Ba-Utraquist, * ba Ba-Czech ba tota e neng e le Balutere. Le fa go ntse jalo, Ba-Brethren ba ne ba nna ba tlhoafetse, ba ranola le go gatisa Baebele le dibuka tse dingwe tsa bodumedi. Se se kgatlhang ke gore, setlhogo sa dibuka tsa bone tsa pele se ne se na le Thaterakeramatone, e e leng ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse leina la Modimo le itsegeng ka tsone.

Ka 1620, puso ya Czech e ne ya patelediwa gore e boe gape e laolwe ke Katoliki ya Roma. Ka ntlha ya seo, Ba-Brethren ba le bantsi ba Setlhopha se Segolo ba ne ba fuduga mo nageng eo mme ba ya go tsweletsa pele bodumedi jwa bone kwa moseja. Moragonyana, fa setlhopha seno se le koo, se ne sa bidiwa Kereke ya Moravia (Moravia ke karolo ya dinaga tsa Czech), e e sa ntseng e le teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 Leina leno le tswa mo lefokong la Selatini e leng utraque le le rayang “sengwe le sengwe sa ditlhopha tse pedi.” Go farologana le baruti ba Katoliki ya Roma ba ba neng ba gana go naya badumedi mo kerekeng beine fa go jewa Selalelo se se Boitshepo, Ba-Utraquist bone (ditlhopha tse di farologaneng tsa Ba-Huss) ba ne ba ba naya senkgwe le beine.

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Se se Neng se Dumelwa ke Setlhopha se Sennye sa Ba-Brethren

Dilo tse di kwadilweng fa tlase tse di nopotseng go tswa mo dibukeng tsa Acta Unitatis Fratrum tsa lekgolo la bo15 le la bo16 la dingwaga di bontsha dingwe tsa dilo tse di neng di dumelwa ke maloko a Setlhopha se Sennye. Mafoko a teng, a a kwadilweng ke baeteledipele ba Setlhopha se Sennye, a kwaletswe segolobogolo Setlhopha se Segolo.

Tharonngwe: “Fa o bala Baebele yotlhe, ga go na fa go umakiwang gone gore Modimo ke mofuta mongwe wa Tharonngwe, yo o nang le maina a batho ba le bararo, jaaka fa batho ba bantsi ba dumela.”

Moya o o Boitshepo: “Moya o o boitshepo ke monwana wa Modimo le mpho e e tswang go Modimo, kgotsa mogomotsi, kgotsa Maatla a Modimo, a Rara a a nayang badumedi ka ntlha ya ga Keresete. Dikwalo Tse di Boitshepo ga di bontshe gope gore moya o o boitshepo o tshwanetse go bidiwa Modimo kgotsa Motho; tota le dithuto tsa baaposetoloi le tsone ga di bontshe jalo.”

Boruti: “Ba go naya sereto sa “moruti” go sa tshwanela; fa o sa ipeole tlhogo ka tsela e baruti ba tlwaetseng go ipeola ka yone ga o nne le tlotlomalo e e fetang ya badumedi ba bangwe mo kerekeng. Moitshepi Petere o batla gore Bakeresete botlhe e nne baruti, a re: Lo baruti ba ba boitshepo ba ba ntshang ditlhabelo tsa semoya. (1 Petere 2)”

Kolobetso: “Morena Keresete o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: Tswelang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele popo yotlhe Efangele, mo bathong ba ba tla dumelang. (Mareko, kgaolo 16) Mme ba tla bolokiwa fela fa ba sena go utlwa mafoko a a fa godimo ano: le go kolobediwa. Mme lona lo ruta gore go kolobediwe bana ba ba bannye ba ba se nang tumelo.”

Boitlhaodi: “Se bakaulengwe ba lona ba neng ba se leba e le se se sa siamang e bile se itshekologile, e leng go tsenela bosole le go bolaya kgotsa go tsamaya ba rwele dibetsa mo mebileng, e leng sotlhe se lona lo se tsayang se siame. . . Rona re akanya gore lona mmogo le baruti ba lona ga lo tlhaloganye sentle mafoko a boporofeti a a reng: Ka jalo o ne a fedisa maatla a bora, thebe le tšhaka le a ntwa. (Pesalema 75 [Pesalema 76 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo) Le a a reng: Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo, gonne lefatshe la Morena le tla bo le tletse kitso ya Modimo, jalo le jalo. (Isaia, kgaolo 11).”

Go Rera: “Re itse sentle gore kwa tshimologong basadi ba ile ba sokolola batho ba le bantsi go feta baruti botlhe le bishopo. Mme jaanong baruti bone ga ba dire sepe mme ba ntse mo matlong a ba a filweng ke kereke. A bo seno e le phoso e kgolo jang ne! Tswelang kwa lefatsheng lotlhe. Rerelang . . . popo yotlhe.”

[Dimmapa mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

JEREMANE

POLAND

REPABOLIKI YA CZECH

BOHEMIA

Noka ya Elbe

PRAGUE

Noka ya Vltava

Klatovy

Chelčice

Kunwald

Vilémov

MORAVIA

Noka ya Danube

[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Kafa molemeng: Peter Chelčický; kafa tlase: tsebe e e tserweng mo bukeng ya “Net of the Faith”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Gregory wa kwa Prague

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

All images: S laskavým svolením knihovny Národního muzea v Praze, C̆esko