Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itshupeng lo Iketleeleditse Letsatsi la ga Jehofa

Itshupeng lo Iketleeleditse Letsatsi la ga Jehofa

Itshupeng lo Iketleeleditse Letsatsi la ga Jehofa

“Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—MATHAIO 24:44.

1. Ke eng fa re tshwanetse go amega thata ka letsatsi la ga Jehofa?

E TLA bo e le letsatsi la ntwa le tšhakgalo, la tlalelo le pitlagano, la lefifi le tshwafalo. Ruri “letsatsi le legolo le le le boitshegang” la ga Jehofa le tla wela tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, fela jaaka Morwalela o ile wa gogola batho ba ba boikepo ba motlha wa ga Noa. Ruri le tla tla. Le fa go ntse jalo, “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.” (Joele 2:30-32; Amose 5:18-20) Modimo o tla nyeletsa baba ba gagwe le go namola batho ba gagwe. Moporofeti Sefania o bua jaana a tlhoafetse: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” (Sefania 1:14) Mme gone, katlholo eno ya bomodimo e tla diragadiwa leng?

2, 3. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re ipaakanyetse letsatsi la ga Jehofa?

2 Jesu o ile a re: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) E re ka re sa itse nako ya letsatsi leo, go botlhokwa thata gore re sekegele tsebe mafoko ano a temana ya rona ya ngwaga wa 2004: “Nnang lo disitse . . . Itshupeng lo iketleeditse.”—Mathaio 24:42, 44.

3 Jesu o ile a bua jaana fa a bontsha kafa batho ba ba tla bong ba iketleeleditse letsatsi leo ba tlileng go phuthwa ka teng ka ponyo ya leitlho ba phuthelwa kwa lefelong le le babalesegileng, fa ba bangwe bone ba tlogelwa: “Banna ba babedi ba tla bo ba le kwa tshimong: yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe a tlogelwe; basadi ba le babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng: yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe a tlogelwe.” (Mathaio 24:40, 41) Re tla bo re le mo maemong afe ka nako eo e e masisi? A re tla bo re iketleeditse, kana a letsatsi leo le tla re tshoganyetsa re itebetse? Go tla ikaega thata ka se re se dirang gone jaanong. Go itshupa re iketleeleditse letsatsi la ga Jehofa go re tlhoka gore re tile boikutlo bongwe jo bo anameng thata gompieno, re tile go iphitlhela re le mo seemong sengwe sa semoya le gore re tile mekgwa mengwe ya go tshela.

Tila Boikutlo Jwa go Tsaya Dilo Motlhofo

4. Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba na le boikutlo bofe?

4 Akanya ka motlha wa ga Noa. Baebele ya re: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” (Bahebera 11:7) Araka e ne e tla nna selo se se sa tlwaelegang le se se bonalang sentle. Mo godimo ga moo, Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Tiro ya ga Noa ya go aga le ya go rera di ne tsa se ka tsa tlhotlheletsa batho ba motlha wa gagwe go fetoga. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne “baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong.” Batho ba Noa a neng a ba rerela ba ne ba amegile thata ka menate le ditiro tsa bone ka namana mo ba neng “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:38, 39.

5. Baagi ba Sodoma ba ne ba na le maikutlo afe mo motlheng wa ga Lote?

5 Go ne go ntse jalo le ka motlha wa ga Lote. Dikwalo di a re: “Ba ne ba ja, ba ne ba nwa, ba ne ba reka, ba ne ba rekisa, ba ne ba jala, ba ne ba aga. Mme ka letsatsi le Lote a neng a tswa mo Sodoma ka lone go ne ga na molelo le sulefera go tswa legodimong mme tsa ba senya botlhe.” (Luke 17:28, 29) Fa baengele ba sena go tlhagisa Lote gore motse o tlile go senngwa, o ne a itsise bagwe ba gagwe ka se se tlang. Le fa go ntse jalo, mo matlhong a bone, “o ne a bonala jaaka motho yo o dirang motlae.”—Genesise 19:14.

6. Ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo tila?

6 Jesu o ile a re fela jaaka go ne go ntse mo malatsing a ga Noa le Lote, “go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:39; Luke 17:30) Ee ruri, bontsi jwa batho gompieno ba na le boikutlo jwa go tsaya dilo motlhofo. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tshwaediwa ke boikutlo jo bo ntseng jalo. Ga go phoso go ja le go nwa ka selekanyo. Lenyalo le lone ke thulaganyo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, a re tla bo re iketleeleditse letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa fa re dira gore dilo tseno e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa rona mme re tlhokomologa dilo tsa semoya?

7. Ke potso efe e e botlhokwa e re tshwanetseng go ipotsa yone pele ga re dira sepe fela, mme ka ntlha yang?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba nang le basadi ba nne jaaka e kete ba ne ba se na bone.” (1 Bakorintha 7:29-31) Re saletswe ke nako e khutshwane fela re bo re wetsa tiro e re e neilweng ke Modimo ya go rera ka Bogosi. (Mathaio 24:14) Paulo o ne a gakolola le banyalani gore ba se ka ba tshwarega thata mo dilong tsa bone ka namana mo ba tlhokomologang dilo tsa Bogosi. Ga go pelaelo gore boikutlo jo Paulo a neng a bo buelela fano ke jo bo farologaneng thata le jwa go tsaya dilo motlhofo. Jesu o ile a re: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].” (Mathaio 6:33) Pele ga re dira tshwetso epe fela kana pele ga re dira tiro epe fela, potso e e botlhokwa thata e re tshwanetseng go ipotsa yone ke gore, ‘Seno se tla ama jang tshwetso ya me ya go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa me?’

8. Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re dirile gore dilo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo e nne tsone di tlang pele?

8 Go tweng fa re lemoga gore re setse re inaakantse thata le dilo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo re tlhokomologang dilo tsa semoya? A tsela e re tshelang ka yone e batla e tshwana fela le ya baagelani ba rona ba ba se nang kitso e e boammaaruri ya Dikwalo le ba e seng baboledi ba Bogosi? Fa go le jalo, he re tla tshwanelwa ke go rapelela kgang eno. Jehofa a ka re thusa go nna le boikutlo jo bo siameng. (Baroma 15:5; Bafilipi 3:15) A ka re thusa go dira molemo, go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa rona le go diragatsa boikarabelo jo re nang le jone fa pele ga gagwe.—Baroma 12:2; 2 Bakorintha 13:7.

Tila go Otsela Semoyeng

9. Go ya ka Tshenolo 16:14-16, ke eng fa go le botlhokwa go tila go otsela semoyeng?

9 Boporofeti jo bo buang ka ‘ntwa e e tlang ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ya Haramagedona, bo tlhagisa gore batho bangwe ba ka nna ba se ka ba nna ba tsogile. Morena Jesu Keresete a re: “Bona! Ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile e bile a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa ikatega mme batho ba leba ditlhong tsa gagwe.” (Tshenolo 16:14-16) Diaparo tsa kafa ntle tse go buiwang ka tsone fano ke dilo tse di re tshwayang re le Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa. Di akaretsa tiro ya rona ya go bolela ka Bogosi le boitshwaro jwa rona jwa Bokeresete. Fa re sa dire dilo tseno, re nna re otsela, re tla amogwa dilo tse di re tshwayang re le Bakeresete. Seo se tlhabisa ditlhong e bile se kotsi. Re tshwanetse go tila go otsela kana go nna botshwakga semoyeng. Re ka tila jang tshekamelo e e ntseng jalo?

10. Ke eng fa go bala Baebele letsatsi le letsatsi go re thusa go nna re thantse semoyeng?

10 Gangwe le gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa go nna re tsogile re thantse. Ka sekai, dipego tsa Efangele di re gakolola jaana: “Nnang lo disitse” (Mathaio 24:42; 25:13; Mareko 13:35, 37); “itshupeng lo iketleeditse” (Mathaio 24:44); “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile” (Mareko 13:33); “nnang lo iketleeditse” (Luke 12:40). Fa moaposetoloi Paulo a sena go tlhalosa gore letsatsi la ga Jehofa le tlile go tshoganyetsa lefatshe leno, o ne a kgothaletsa badumedikaene jaana: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse.” (1 Bathesalonika 5:6) Mo bukeng ya bofelo ya Baebele Keresete Jesu yo o galaleditsweng o gatelela kafa go tla ga gagwe go tla tlang ka tshoganyetso ka teng, a re: “Ke tla ka bonako.” (Tshenolo 3:11; 22:7, 12, 20) Bontsi jwa baporofeti ba Bahebera le bone ba ne ba tlhalosa le go tlhagisa ka letsatsi la ga Jehofa le legolo la katlholo. (Isaia 2:12, 17; Jeremia 30:7; Joele 2:11; Sefania 3:8) Go bala Lefoko la Modimo, Baebele, letsatsi le letsatsi le go akanya thata ka se re se balang ke selo se se molemo se se ka re thusang go nna re thantse semoyeng.

11. Ke eng fa go ithuta Baebele go le botlhokwa thata gore re nne re tsogile semoyeng?

11 Ee ruri, a bo go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo re dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse re di abelwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” e le tsela e e molemo jang ne ya go re boloka re tsogile semoyeng! (Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, gore motho a solegelwe molemo ke go ithuta ka namana, o tshwanetse go dira gore thuto ya gagwe e nne e e gatelang pele le e e tshwarwang ka metlha. (Bahebera 5:14–6:3) Re tshwanetse go ikotla ka metlha ka dijo tse di tiileng tsa semoya. Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go bona nako ya go ithuta jalo mo nakong eno e re tshelang mo go yone. (Baefeso 5:15, 16) Le fa go ntse jalo, go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Dikwalong ka sewelo fela ga go a lekana. Go botlhokwa gore re ithute ka metlha gore re nne re ‘itekanetse mo tumelong’ e bile re tsogile.—Tito 1:13.

12. Dipokano tsa Bokeresete, dikopano tse dinnye le tse dikgolo di re thusa jang go nna re tsogile semoyeng?

12 Dipokano tsa Bokeresete, dikopano tse dinnye le tse dikgolo le tsone di re thusa gore re se ka ra otsela semoyeng. Jang? Ka tao e re e newang mo go tsone. A ga se boammaaruri gore fa re le mo dikokoanong tseno re gakololwa ka metlha gore letsatsi la ga Jehofa le atametse? Dipokano tsa beke le beke tsa Bokeresete gape di re naya tshono ya go ‘tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ Go tlhotlheletsana kana go rotloetsana jalo go re thusa go nna re tsogile semoyeng. Ga go gakgamatse go bo re laelwa gore re kopane mmogo ka metlha jaaka fa ‘re bona letsatsi le atamela.’—Bahebera 10:24, 25.

13. Bodiredi jwa Bokeresete bo re thusa jang go nna re tsogile semoyeng?

13 Gape re thusiwa go nna re tsogile semoyeng fa re nna le seabe ka pelo yotlhe mo bodireding jwa Bokeresete. A go na le tsela e nngwe e e ka re thusang go nna re etse tlhoko ditshupo tsa metlha eno le bokao jwa tsone go feta go bua le batho ba bangwe ka tsone? Mme fa re bona batho ba re ithutang le bone Baebele ba gatela pele le go simolola go tsaya kgato ka se ba ithutang sone, tlhoafalo ya rona ka borona e a gola. Moaposetoloi Petere o ile a re: “Tlamang megopolo ya lona lo e tlamela tiro, nnang lo thantse ka botlalo.” (1 Petere 1:13) ‘Go nna ka metlha re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena’ ke tsela e e molemo ya go fenya go otsela semoyeng.—1 Bakorintha 15:58.

Tila Mekgwa ya Botshelo e e Kotsi Semoyeng

14. Jesu o re tlhagisa ka mekgwa efe ya botshelo mo go Luke 21:34-36?

14 Jesu o ile a umaka tlhagiso e nngwe gape mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo malebana le go nna gone ga gagwe. O ile a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe. Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Jesu o ne a tlhalosa sentle tsela ya botshelo e batho ba le bantsi ba e gagamalelang: go ja bobe, go nwa bobe le tsela ya botshelo e e bakang ditlhobaelo.

15. Ke eng fa re tshwanetse go tila go ja le go nwa bobe?

15 Go ja le go nwa bobe ke mekgwa e e sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele e re tshwanetseng go e tila. Baebele ya re: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe.” (Diane 23:20) Le fa go ntse jalo, ga se gore motho o simolola go nna mo kotsing ya semoya fa a setse a fitlhile mo seemong sa go ja bobe kana go nwa bobe. Motho a ka simolola go otsela semoyeng le e leng pele ga a fitlha mo seemong seo. Seane sa Baebele sa re: “Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe.” (Diane 13:4) Motho yo o ntseng jalo a ka eletsa go dira thato ya Modimo, le fa go ntse jalo a ka nna a se ka a kgona go dira jalo ka ntlha ya go tlhokomologa dilo.

16. Re ka tila jang go imetswa ke ditlhobaelo tse di malebana le malapa a rona?

16 Ke ditlhobaelo dife tsa botshelo tse Jesu a neng a bua ka tsone? Di akaretsa dilo tse motho a amegileng ka tsone, tse di jaaka go tlamela lelapa le tse dingwe. A bo go tla bo go se botlhale jang ne go letla dilo tseno di re imetsa! Jesu o ile a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” O ile a gakolola bareetsi ba gagwe jaana: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Go dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa rona le go tshepa gore Jehofa o tla re tlhokomela go tla re thusa go fokotsa ditlhobaelo tsa rona le go re boloka re tsogile semoyeng.—Mathaio 6:25-34.

17. Go gagamalela dikhumo go ka re bakela tlhobaelo ka tsela efe?

17 Tlhobaelo e ka bakwa le ke go gagamalela dikhumo. Ka sekai, batho bangwe ba raraanya botshelo jwa bone ka go tshela botshelo jo bo fetang maemo a bone. Bangwe ba ile ba ngokiwa ke dithulaganyo tsa go huma ka bonako le mekgwa e e belaetsang ya go beeletsa madi. Ba bangwe bone ba gapiwa ke go gagamalela thutego ya lefatshe ka boikaelelo jwa gore ba atlege mo go tsa madi. Ke boammaaruri gore go ka tlhokega gore motho a nne le selekanyo se se rileng sa thutego gore a kgone go bona tiro e e rileng. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore bangwe ba ile ba ikgobatsa semoyeng ka ntlha ya go fetsa nako e ntsi ba gagamalela tiro ya maemo a a kwa godimo. A bo e le seemo se se kotsi jang ne go iphitlhela mo go sone jaaka fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela! Baebele e tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.”—1 Timotheo 6:9.

18. Re tshwanetse go lwela go nna le bokgoni bofe gore re tile go iphitlhela re tshela botshelo jwa go rata dikhumo?

18 Selo se se botlhokwa se se ka thusang motho gore a se ka a gwalalela botshelo jwa go rata dikhumo ke go lwela go nna le bokgoni jwa go farologanya se se siameng le se se sa siamang fa a dira ditshwetso. Motho o kgona go nna le bokgoni jono ka ‘go ja dijo tse di tiileng tsa semoya tsa batho ba ba godileng sentle’ le ka go ‘thapisa bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga ka go bo dirisa.’ (Bahebera 5:13, 14) Go tlhomamisa gore “dilo tse di botlhokwa thata” e nna tsone di tlang pele mo botshelong le gone go tla re thusa gore re se ka ra dira ditshwetso tse di phoso.—Bafilipi 1:10.

19. Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re na le nako e nnye fela ya dilo tsa semoya?

19 Botshelo jwa go rata dikhumo bo ka re foufatsa, bo ka re tlogela re na le nako e nnye fela ya dilo tsa semoya kana re se na yone gotlhelele. Re ka itlhatlhoba jang mme ra tila go tshwarwa ke serai sa go tshela botshelo jo bo ntseng jalo? Re tshwanetse go akanyetsa ka thapelo kafa re ka tlhofofatsang botshelo jwa rona ka teng le go bona gore re ka dira jalo ka selekanyo se se kana kang. Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ile a re: “Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.” (Moreri 5:12) A go tlhoma mogopolo thata mo dithotong tse di sa tlhokegeng go re jela nako le matsapa a mantsi? Fa re nna le dithoto tse dintsi, di tla re tlhoka matsapa a mantsi a go di tlhokomela le go di sireletsa. A go ka se re solegele molemo fa re tlhofofatsa botshelo jwa rona ka go fokotsa dithoto dingwe?

Leka ka Bojotlhe go Itshupa o Iketleeditse

20, 21. (a) Moaposetoloi Petere o re tlhomamisetsa eng malebana le letsatsi la ga Jehofa? (b) Ke ditiro dife tse re tshwanetseng go nna re di dira fa re ntse re supa gore re iketleeleditse letsatsi la ga Jehofa?

20 Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba tshoganyediwa ke nako, mme le ba tsamaiso eno ya dilo e tla ba tshoganyetsa. Moaposetoloi Petere o re tlhomamisetsa jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” Magodimo a tshwantshetso—dipuso tse di boikepo—le lefatshe la tshwantshetso—batho ba ba tlhoboganeng le Modimo—ga di kitla di falola mogote o o tukang wa bogale jwa Modimo. Petere o khutsa jaana fa a bontsha kafa re ka itshupang re iketleeleditse letsatsi leo ka teng: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!”—2 Petere 3:10-12.

21 Dingwe tsa ditiro tseno tsa boineelo jwa bomodimo di akaretsa go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka bogosi. E kete re ka di dira ka boineelo jwa pelo yotlhe mo Modimong fa re ntse re letetse letsatsi le legolo la ga Jehofa ka bopelotelele. A re direng ‘bojotlhe jwa rona gore kwa bofelong Modimo a re fitlhele re se na selabe re se na molato e bile re le mo kagisong.’—2 Petere 3:14.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa re tshwanetse go supa gore re iketleeleditse letsatsi la ga Jehofa?

• Re tshwanetse go dira eng fa e le gore dilo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi di re jela nako e ntsi?

• Ke eng se se ka re thusang go tila go otsela semoyeng?

• Ke mekgwa efe ya botshelo e e kotsi e re tshwanetseng go e tila, mme re ka e tila jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba se ka ba tsaya tsia katlholo e e neng e tla—wena?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o ka tlhofofatsa botshelo jwa gago gore o nne le nako e ntsi ya go dira dilo tsa semoya?