Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amega ka Rona?

A Modimo o Amega ka Rona?

A Modimo o Amega ka Rona?

A O IPHITLHELA o gateletswe thata mo maikutlong ka ntlha ya mathata a lelapa, a botsogo, a tiro kana maikarabelo a mangwe a magolo? Batho ba le bantsi ba ikutlwa jalo. E bile tota, ke mang gompieno yo o sa amiweng ke tshiamololo, bokebekwa le thubakanyo? Go ntse fela jaaka Baebele e bua e re: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba ipotsa ba re: ‘A Modimo o a amega? A o tla re thusa?’

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a rapela Modimo jaana: “Wena ka bowena o le nosi o itse sentle pelo ya bomorwa batho.” Solomone o ne a itse gore Modimo ga a re itse fela mme gape o amegile ka mongwe le mongwe wa rona. O ne a kgona go kopa Modimo go ‘utlwa a le kwa magodimong’ le go araba dithapelo tsa motho mongwe le mongwe yo o tshabang Modimo yo o bolelelang Modimo “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe.”—2 Ditiragalo 6:29, 30.

Le gompieno, Jehofa Modimo o sa ntse a amegile ka rona mme o re laletsa gore re mo kokotlele ka thapelo. (Pesalema 50:15) O solofetsa go araba dithapelo tse di tswang pelong tse di dumalanang le thato ya gagwe. (Pesalema 55:16, 22; Luke 11:5-13; 2 Bakorintha 4:7) Ee, Jehofa o utlwa “thapelo le fa e le efe, kopo le fa e le efe ya go utlwelwa botlhoko e e ka nnang ya dirwa ke motho ope kgotsa ke batho botlhe ba [gagwe].” Ka jalo, fa re ikanya Modimo, re rapela gore a re thuse, re bo re mo atamela, o tla re naya tlhokomelo ya gagwe e e lorato le kaelo. (Diane 3:5, 6) Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o re tlhomamisetsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.