Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Botshelo

Kgang ya Botshelo

Kgang ya Botshelo

Go Segofadiwa Thata ka Ntlha ya go Nna le Moya wa Borongwa

JAAKA GO BOLETSE TOM COOKE

Ka tshoganyetso go ne ga utlwala modumo wa ditlhobolo ka nako ya tshokologo e e sisibetseng. Go ne go fofa marumo a ditlhobolo a feta mo ditlhareng tse di mo tshingwaneng ya rona. Go ne go direga eng? Go ise go ye kae, re ne ra utlwa gore puso e ne e menotswe le gore Uganda e ne e setse e le kafa tlase ga taolo ya ga Mojenerale Idi Amin. E ne e le ka 1971.

KE KA ntlha yang fa nna le mosadi wa me Ann, re ile ra tswa kwa Engelane e go renang kagiso mo go yone mme ra fudugela mo karolong e e kotsi eno ya Afrika? Ke akanya gore ka tlholego fela, ke rata go lekeletsa dilo, mme ke ne ka tlhotlhelediwa thata ke sekao sa batsadi ba me sa go dira ka tlhoafalo mo tirelong ya Bogosi gore ke nne le moya wa borongwa.

Ke gakologelwa letsatsi lengwe le le mogote la August ka 1946 fa batsadi ba me ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa la ntlha. Ba ne ba eme fa lebating le le kwa pele mme ba bua le baeng ba babedi ka lobaka lo e keteng lo ne lo tsere diura di le mmalwanyana. Baeng bano, e bong Fraser Bradbury le Mamie Shreve, ba ne ba boa ka makgetlo a le mantsi, mme mo dikgweding tse di latelang, botshelo jwa lelapa la gaetsho bo ne jwa fetoga thata.

Sekao sa Batsadi Ba me Sa Bopelokgale

Batsadi ba me ba ne ba nna le seabe mo ditirong tse dintsi tse di neng di direlwa setšhaba. Ka sekai, pelenyana fela ga gore ba simolole go ithuta Baebele, ntlo ya gaetsho e ne e kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ga Winston Churchill. Ka nako ya ditlhopho tsa bosetšhaba morago ga ntwa, legae la rona e ne e le lefelo la konokono le Conservative Party Committee e neng e kopanela mo go lone. Lelapa la gaetsho gape le ne le itsane le batho ba maemo mo kerekeng le mo motseng. Le fa ka nako eo ke ne ke le dingwaga di le robongwe fela, ke ne ke kgona go bona kafa ba losika lwa rona ba neng ba gakgamala ka teng fa ba lemoga gore re nna Basupi ba ga Jehofa.

Sekao se Basupi ba re neng re kopanela le bone ba neng ba se tlhoma ka moya otlhe sa go nna pelokgale se ne sa rotloetsa batsadi ba me gore ba tlhoafale mo tirong ya go rera. Go ise go ye kae, rre o ne a setse a neela dipuo mo mebileng a dirisa sebuelagodimo mo lebaleng lengwe mo marekisetsong a magolo kwa Spondon, motse wa gaetsho, mme rona bana re ne re ema mo re ka bonwang teng re tshwere dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Gone ke boammaaruri gore e ne e re fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba nkatamela, e ne e kete lefatshe le ka bulega gore ke tsene.

Sekao sa batsadi ba me se ne sa kgothatsa nkgonne Daphne gore a simolole go bula tsela. Ka 1955, o ne a ya kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade mme a abelwa go ya go nna morongwa kwa Japane. * Le fa go ntse jalo, nnake, e bong Zoe, o ne a tlogela go direla Jehofa.

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka wetsa dithuto tsa me tsa sekolo ka go ithutela go taka ditshwantsho. Ka nako eo, go ne go tsogile kgang ya moruthutha gare ga baithuti malebana le go tsenela tirelosetšhaba. E ne ya re fa ke ba bolelela gore nka se e dire ka ntlha ya segakolodi sa me, ba ne ba tsaya gore ke a tshameka. Kgang eno e ne ya nnaya sebaka sa gore ke nne le dipuisano tse dintsi tsa Baebele le bangwe ba baithuti. Go ise go ye kae, ke ne ka atlholelwa dikgwedi di le 12 mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya bosoleng. Mongwe wa baithuti kwa kholetšheng ya botaki yo o neng a kgatlhegela molaetsa wa Baebele, o ne a nna mosadi wa me moragonyana. Mma Ann a lo bolelele kafa a ithutileng boammaaruri ka teng.

Kafa Ann a Boneng Boammaaruri ka Teng

“Lelapa la gaetsho le ne le sa rate bodumedi, mme ke ne ke sa kolobediwa mo bodumeding bope. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata go itse ka kgang ya bodumedi mme ke ne ke ya kwa kerekeng le fa e le efe e ditsala tsa me di neng di e tsena. Ke ne ka simolola go kgatlhegela Baebele fa ke ne ke reeditse motlotlo o o matlhagatlhaga o Tom le Mosupi yo mongwe ba neng ba o tshwere le baithuti ba bangwe kwa kholetšheng. Fa Tom le Basupi ba bangwe ba ne ba romelwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go ya bosoleng, ke ne ka gakgamala.”

“Ke ne ka tswelela ke kwalelana le Tom fa a ne a le kwa kgolegelong, mme go kgatlhegela ga me Baebele go ne ga oketsega. Fa ke fudugela kwa Lontone go ya go tsweletsa dithuto tsa me pele, ke ne ka dumela go ithuta Baebele le Muriel Albrecht. Muriel e ne e le morongwa wa kwa Estonia, mme ene le mmaagwe ba ne ba nkgothatsa thata. Mo dibekeng di sekae, ke ne ke ya dipokanong e bile ke ema fa pele ga Seteishene sa Victoria ke tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

“Ke ne ke kopanela le Phuthego ya Southwark kwa borwa jwa Lontone. E ne e le phuthego ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng ba ditšhaba tse di farologaneng ba bontsi jwa bone ba neng ba le dikobo dikhutshwane. Le fa ke ne ke le moeng, ba ne ba ntshwara jaaka mongwe wa bone. E ne e le lorato lwa phuthego eo lo lo ileng lwa dira gore ke tlhomamisege tota gore ke bone boammaaruri, mme ke ne ka kolobediwa ka 1960.”

Mekgele e e Tshwanang—Maemo A a Sa Tshwaneng

Nna le Ann re ne ra nyalana moragonyana ka 1960 mme re ne re ipeetse mokgele wa go tsena mo tirelong ya borongwa. Boemo jwa rona bo ne jwa fetoga fa mosadi wa me a ne a ima. Fa morwadiarona Sara a sena go tsholwa, nna le Ann re ne re sa ntse re batla go ya go direla kwa nageng e go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go yone. Ke ne ka batla tiro kwa dinageng di le dintsi mme kgabagare, ka May 1966, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa Lephateng la Thuto kwa Uganda le ntlhomamisetsa gore ke bone tiro. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, Ann o ne a imile ngwana wa rona wa bobedi. Bangwe ba ne ba bona go se botlhale gore re bo re akanyetsa go fuduga. Re ne ra ya go kopa kgakololo kwa ngakeng ya rona mme e ne ya re raya ya re: “Fa lo tsamaya, lo tshwanetse go dirisa sefofane pele ga mosadi wa gago a tsena mo kgweding ya gagwe ya bosupa ya boimana.” Ka jalo re ne ra ya Uganda ka yone nako eo. Ka ntlha ya seo, batsadi ba rona ga ba a ka ba bona morwadiarona wa bobedi e bong Rachel, go fitlha a le dingwaga di le pedi. E re ka le rona gone jaanong re na le ditlogolwana, re tlhaloganya sentle e bile re anaanela thata go bo batsadi ba rona ba ba rategang ba ile ba re letla go tsamaya.

Fa re fitlha kwa Uganda ka 1966, go ne go itumedisa e bile go kgoba marapo. Fa re fologa mo sefofaneng, re ne ra kgatlhwa ke mebala e re neng re e bona. E ne e le mebala e e galotseng tota. Legae la rona la ntlha le ne le le gaufi le torotswana nngwe ya Iganga, e e neng e le dikilometara di le 50 go tswa kwa Jinja, toropo e e fa motsweding wa Noka ya Nile. Basupi ba ba neng ba le gaufi le rona e ne e le setlhopha sengwe se sennye kwa Jinja. Gilbert le Joan Walters le Stephen le Barbara Hardy ba e neng e le barongwa e ne e le bone ba ba tlhokomelang setlhopha seno. Ke ne ka kopa go fudusediwa kwa Jinja ka tiro gore ke tle ke kgone go thusa setlhopha seno botoka. Ka bonako fela fa Rachel a sena go tsholwa, re ne ra fudugela kwa Jinja. Fa re le koo, re ne ra itumela go kopanela le setlhotswana seno sa Basupi ba ba ikanyegang se se ileng sa gola go nna phuthego ya bobedi kwa Uganda.

Go Dira re le Lelapa Kwa Nageng e Sele

Nna le Ann re akanya gore re tlhophile lefelo le le siameng go godisetsa bana ba rona mo go lone. Re ne ra nna le tshiamelo ya go dira le barongwa ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng le go thusa phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa gore e gole. Re ne re itumelela botsala jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Uganda ba gantsi ba neng ba re etela. Stanley le Esinala Makumba ke bone ba segolobogolo ba neng ba re kgothatsa.

Mme re ne re sa etelwe ke bakaulengwe fela, ka gonne re ne re dikologilwe ke diphologolo tse dintsi tsa naga. Dikubu di ne di tle di tswe mo Nokeng ya Nile bosigo mme di bo di atamela ntlo ya rona. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle nako ya fa re ne re bona tlhware e e dimetara di le 6 mo tshingwaneng ya rona. Ka dinako tse dingwe, re ne re ya go bona diphologolo kwa dirapeng tsa diphologolo, kwa ditau le diphologolo tse dingwe tsa naga di neng di itsamaela fela ka kgololesego gone.

Mo tshimong, batho ba motse ba ne ba re gakgamalela, ka gonne ba ne ba ise ba ko ba bone porema ya ngwana. Fa re ntse re tsamaya ka ntlo le ntlo, gantsi bananyana ba ne ba re sala morago. Batho ba ne ba re okomela ka tlotlo ba bo ba ama leseanyana la rona ka gonne e ne e le la motho yo mosweu. Go ne go le monate go neela bosupi ka gonne batho ba ne ba le maitseo thata. Re ne re akanya gore mongwe le mongwe o tla amogela boammaaruri ka gonne go ne go le motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba sa kgone go tlogela dingwao tsa bone tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo. Mme gone, ba le bantsi ba ne ba simolola go tshela ka melao e e kwa godimo ya boitsholo e e mo Baebeleng mme palo ya ba ba mo phuthegong e ne ya gola. Kopano ya rona ya ntlha ya potologo kwa Jinja ka 1968 e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng mo phuthegong eo. Go kolobediwa kwa Nokeng ya Nile ga bangwe ba re neng re ithuta Baebele le bone ke selo se se itumedisang se re ka se kang ra se lebala. Mme kagiso ya rona e ne e tla tloga e fela.

Go Thibelwa, go Lekwa Tumelo le go Bona Gore re Kelotlhoko go le Kana Kang

Ka 1971, Mojenerale Idi Amin o ne a gapa puso. Go ne ga tsoga dikhuduego kwa Jinja, mme e ne e le ka nako ya fa re ne re ntse re nwa tee mo tshingwaneng ya rona fa tiragalo e e umakilweng kwa tshimologong e ne e direga. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang, batho ba bantsi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa Asia ba ne ba lelekwa mo nageng. Bontsi jwa batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba swetsa ka gore ba tsamaye mme go ne ga nna le mathata kwa dikolong le kwa mafelong a tsa kalafi. Morago ga foo, go ne ga tla kitsiso e e sa itumediseng ya gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetswe. E re ka Lephata la Thuto le ne le tshwenyegile ka pabalesego ya rona, le ne la re fudusetsa kwa motsemoshateng, kwa Kampala. Go fuduga ga rona go ne ga re solegela molemo ka ditsela tse pedi. Re ne re sa itsege kwa Kampala mme ka jalo re ne re ka kgona go ya gongwe le gongwe kwa re batlang go ya teng. Mme gape go ne go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa mo phuthegong le mo tirelong ya tshimo.

Brian le Marion Wallace le bana ba bone ba babedi ba ne ba le mo boemong jo bo tshwanang le jwa rona, mme le bone ba ne ba swetsa ka gore ba nne kwa Uganda. Re ne re itumela thata go bo ba le teng ka gonne re ne re dira mmogo mo Phuthegong ya Kampala mo nakong e e thata eno. Dipego tse re neng re badile ka tsone tsa bakaulengwe ba rona ba ba neng ba thibetswe kwa dinageng tse dingwe di ne di re kgothatsa thata mo nakong eno. Re ne re kopanela ka ditlhopha tse dinnye, mme gangwe ka kgwedi, re ne re tshwara dikokoano tse di kgolwane kwa Entebbe Botanical Gardens, re dira e kete re na le moletlo. Bomorwadiarona ba ne ba rata seno.

Re ne ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko thata malebana le tsela e re dirang tiro ya go rera ka yone. Batho ba basweu ba ba neng ba etela malapa a batho ba kwa Uganda ba ne ba tla lemogiwa bonolo thata. Ka jalo, mabenkele, difolete le ditheo dingwe di ne tsa nna tshimo ya rona. Mokgwa mongwe o ke neng ke o dirisa mo mabenkeleng e ne e le go kopa sengwe se se sa bonweng motlhofo se ke neng ke itse gore ga se tlhole se le teng, se se jaaka sukiri kgotsa raese. Fa mong wa lebenkele a ne a bontsha gore o utlwisiwa botlhoko ke se se diregang mo nageng, ke ne ke bua le ene ka molaetsa wa Bogosi. Mokgwa ono o ne o na le matswela. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tswa kwa lebenkeleng ke na le loeto lwa go boela mme gape le dilo tse di neng di bonwa sewelo fela mo mabenkeleng.

Go ntse go le jalo, thubakanyo e ne ya runya gongwe le gongwe. E re ka dikamano fa gare ga Uganda le Boritane di ne di senyegela pele, balaodi ba ne ba sa tsosolose ditumalano tsa rona tsa tiro. Ka jalo, ka 1974, morago ga dingwaga di le robedi re le kwa Uganda, e ne e le nako ya gore le rona re sadise bakaulengwe ba rona sentle re utlwile botlhoko. Le fa go ntse jalo, moya wa rona wa borongwa ga wa ka wa fela.

Go Fudugela Kwa New Guinea

Ka January 1975, re ne ra dirisa tshono e re neng re na le yone go ya go dira kwa Papua New Guinea. Tirelo ya rona e e itumedisang ya dingwaga di le robedi kwa kgaolong ya Pacific e ne ya simolola ka tsela eo. Tsela e re neng re tshedisana le bakaulengwe ba rona ka yone le kafa re neng re dira tshimo ka teng e ne e itumedisa e bile e re solegela molemo.

Lelapa la rona le gakologelwa nako ya fa re ne re le kwa Papua New Guinea e le nako ya diterama—diterama tsa Baebele. Ngwaga mongwe le mongwe, re ne re thusa go baakanyetsa diterama tsa kopano ya kgaolo mme go ne go itumedisa tota! Re ne re itumelela go tsalana le malapa a a neng a rata dilo tsa semoya mme seno e ne e le tlhotlheletso e e molemo mo go bomorwadiarona. Morwadiarona yo mogolo e bong Sara, o ne a nyalwa ke mmulatsela yo o kgethegileng e bong Ray Smith, mme ka bobedi jwa bone ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng gaufi le molelwane wa Irian Jaya (e gone jaanong e leng Papua, e leng porofense nngwe ya Indonesia). Mo motseng o ba neng ba le mo go one ba ne ba nna mo ntlong ya bojang, mme Sara a re o ne a thapisiwa sentle ka nako e a neng a le kwa kabelong eno ka yone.

Go Fetofetoga le Maemo

Ka nako eno, batsadi ba me ba ne ba tlhoka tlhokomelo e kgolwane. Go na le gore re boele kwa Engelane, batsadi ba me ba ne ba dumela go tla go nna le rona, mme rotlhe re ne ra fudugela kwa Australia ka 1983. Ba ne ba nna nakonyana gape le nkgonne e bong Daphne, yo o neng a sa ntse a le kwa Japane. Fa batsadi ba me ba sena go tlhokafala, nna le Ann re ne ra swetsa ka gore re tsenele tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha mme seno se ne sa felela ka gore re nne le tshiamelo e ke neng ke akanya gore e gwetlha fela thata.

Re ne re sa tswa go simolola go bula tsela fa re ne re kopiwa go dira tiro ya potologo. Fa e sa le ke le ngwana, ke ne ke tsaya ketelo ya molebedi wa potologo e le sengwe se se kgethegileng. Mme jaanong ke ne ke le molebedi wa potologo. Tiro eno e ne ya nna nngwe ya dikabelo tse di gwetlhang thata mo go tse re kileng ra di dira, mme gangwe le gape Jehofa o ne a re thusa ka ditsela tse re iseng re ko re di bone pele.

Ka nako ya fa Mokaulengwe Theodore Jaracz a ne a etetse lekala kwa Australia ka 1990, re ne ra mmotsa gore a o akanya gore re setse re tsofetse go ka dira tiro ya nako e e tletseng kwa moseja. O ne a re: “Lo akanya eng ka Solomon Islands?” Kgabagare, fa nna le Ann ka bobedi jwa rona re ne re le mo dingwageng tsa rona tsa bo50, re ne ra ya kwa go se e neng e tla nna kabelo ya rona ya ntlha ya borongwa e re e abetsweng.

Go Direla Kwa “Happy Isles”

Solomon Islands e itsege e le Happy Isles, mme tirelo ya rona mono mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng e nnile e e itumedisang tota. Nna le Ann re ne ra bona bopelonomi jo bo lorato jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Solomon Islands fa ke ne ke le molebedi wa kgaolo. Tsela e re neng re amogelwa ka yone e ne ya re ama maikutlo thata, mme mongwe le mongwe o ne a tlhaloganya maiteko a ke neng ke a dira go tlhalosa dilo ka se ke neng ke akanya gore ke puo ya Pidgin ya kwa Solomon Islands—puo e e tshwanetseng ya bo e le nngwe ya tse di se nang mafoko a mantsi mo lefatsheng.

Ka bonako fela fa re sena go goroga kwa Solomon Islands, baganetsi ba ne ba leka go re kgoreletsa gore re se ka ra dirisa Holo ya rona ya Dikopano. Kereke ya Anglican e ne ya latofatsa Basupi ba ga Jehofa, e bolela gore Holo ya rona ya Dikopano kwa Honiara e ne e tseneletse mo setsheng sa bone. Puso e ne ya dumalana le se ba se bolelang mme ra dira boikuelo kwa Kgotlatshekelokgolo. Karabo e re neng re tla e bona e ne e tla nna yone e supang gore a re tshwanetse go tlhatlhamolola Holo ya rona ya Dikopano e e neng e na le manno a batho ba le 1 200.

Kgetsi eno e ne ya sekiwa beke yotlhe kwa kgotlatshekelo. Mmueledi yo o neng a le kgatlhanong le rona o ne a bua ka boikgogomoso fa a ne a anela kgetsi kgatlhanong le rona. Mmueledi wa rona e bong Mokaulengwe Warren Cathcart wa kwa New Zealand o ne a dirisa mabaka a a nonofileng, a senola le go supa fa sengwe le sengwe se ba neng ba se bua kgatlhanong le rona se sa utlwale. Ka Labotlhano, dikgang tse di malebana le se se diragetseng kwa kgotlatshekelo di ne tsa anamela kgakala, mme kgotlatshekelo e ne e tletse ka batlotlegi ba kereke, badiredibagolo ba puso le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Ke gakologelwa phoso e e neng e dirilwe mo kitsisong ya thulaganyo ya kgotlatshekelo. E ne e balega jaana: “Puso ya Solomon Islands le Kereke ya Melanesia Kgatlhanong le Jehofa.” Re ne ra fenya kgetsi eno.

Le fa go ntse jalo, kagiso e e neng e rena mo Happy Isles e ne e se kitla e nna lobaka lo loleele. Nna le Ann re ne ra iphitlhela gape re le fa gare ga dikhuduego tsa go menolwa ga puso ke sesole. Dikgotlhang tsa ditso di ne tsa felela ka ntwa ya selegae. Ka June 5, 2000, puso e ne ya menolwa mme motsemoshate o ne wa wela mo taolong ya sesole. Go ne ga feta dibeke di le mmalwa Holo ya rona ya Dikopano e dirisiwa jaaka lefelo la konokono la batho ba ba se nang magae. Balaodi ba ne ba gakgametse go bona bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ditso tsa ditlhopha tse di lwang ba nna mmogo jaaka lelapa le le utlwanang mo Holong ya Dikopano. A bo seno e nnile bosupi jo bo molemo jang ne!

Tota le masole a ne a tlotla tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itlhaotse ka yone. Seno se ne sa re thusa gore re tlhotlheletse moeteledipele wa masole go dumelela lori e e neng e rwele dibuka le dilwana tse dingwe gore e di ise kwa setlhopheng se sennye sa bakaulengwe ba ba neng ba le mo lefelong le le neng le wetse mo taolong ya masole ao. Fa re bona malapa a a neng a kgaogane le rona dikgwedi di le mmalwa, rotlhe re ne re sekile dikeledi.

Re na Le Dilo Tse Dintsi Tse re di Lebogelang

Fa re akanya ka botshelo jwa rona mo tirelong ya ga Jehofa, go na le dilo tse dintsi tse re di lebogelang. Jaaka batsadi, re ne ra itumelela go bona bomorwadiarona ba babedi le banna ba bone, Ray le John, ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyego. Ba ile ba re ema nokeng tota mo kabelong ya rona ya borongwa.

Mo dingwageng tse 12 tse di fetileng, nna le Ann re ile ra nna le tshiamelo ya go direla kwa ofising ya lekala ya Solomon Islands, mme ka nako eo, re ile ra bona palo ya baboledi ba Bogosi e menagana gabedi mo Solomon Islands e fitlha go palo e e fetang 1 800. Bosheng jaana, ke ne ka nna le tshiamelo e nngwe ya go ya kwa Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala kwa Patterson, kwa New York. Ee ruri, re nnile le botshelo jo bo kgotsofatsang le masego a mantsi ka ntlha ya go nna le moya wa borongwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bona setlhogo se se reng “Ga re A ka ra Senya Nako” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 15, 1977 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka letsatsi la rona la lenyalo, 1960

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kwa Uganda, Stanley le Esinala Makumba ba ne ba kgothatsa lelapa la rona

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Sara a tsena mo ntlong ya moagelani

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke ne ke taka ditshwantsho tse di neng di nthusa go ruta baagi ba Solomon Islands

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Re kopane le phuthego nngwe kwa Solomon Islands

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lelapa la rona gompieno