Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Modumo wa Bone o Tswetse mo Lefatsheng Lotlhe”

“Modumo wa Bone o Tswetse mo Lefatsheng Lotlhe”

“Modumo wa Bone o Tswetse mo Lefatsheng Lotlhe”

“Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.”—MATHAIO 28:19.

1, 2. (a) Ke taelo efe e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe? (b) Ke eng fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba kgona go dira tiro e kgolo jalo?

PELE fela ga fa Jesu a tlhatlogela legodimong, o ne a naya barutwa ba gagwe taelo nngwe. O ne a ba raya a re: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) A tiro e kgolo ruri!

2 Akanya fela! Ka Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ka nna 120 ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo mme ba simolola go diragatsa taelo eo ka go bolelela batho ba bangwe gore Jesu e ne e le Mesia yo o sa bolong go solofediwa yo go neng go ka bonwa poloko ka ene. (Ditiro 2:1-36) Setlhotswana se sennye jalo se ne se tla kgona jang go fitlhelela “batho ba ditšhaba tsotlhe”? Mo bathong go ne go sa kgonege, mme mo “Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Mathaio 19:26) Bakeresete ba pele ba ne ba thusiwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa, mme ba ne ba na le moya wa go dira ka tlhoafalo. (Sekarea 4:6; 2 Timotheo 4:2) Ka gone, mo masomeng a se kae fela a dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a ka re dikgang tse di molemo di ne di “rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

3. Ke eng se se neng sa kgoreletsa Bokeresete jwa boammaaruri jo bo tshwantshediwang ke “korong” gore bo se ka jwa bonala?

3 Kobamelo ya boammaaruri e ne ya anama mo dingwageng di le dintsi tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a boleletse pele gore go ne go tla tla nako ya gore Satane a jale “mefero” mme “korong” e e tshwantshetsang Bokeresete jwa boammaaruri e ne e tla hupediwa ka makgolokgolo a dingwaga go fitlha ka nako ya thobo. Morago ga loso lwa baaposetoloi, boporofeti joo bo ne jwa direga.—Mathaio 13:24-39.

Koketsego e e Diregang ka Bofefo Gompieno

4, 5. Go simologa ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola tiro efe, mme ke eng fa seo se ile sa nna kgwetlho e kgolo?

4 Ka 1919, e ne e le nako ya gore Bokeresete jwa boammaaruri jo bo tshwantshediwang ke korong bo kgaoganngwe le mofero. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba itse gore ba ne ba sa ntse ba tshwanelwa ke go diragatsa taelo e kgolo ya ga Jesu. Ba ne ba dumela ka botlalo gore ba tshela mo “malatsing a bofelo” mme ba ne ba tsaya tsia boporofeti jono jwa ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:14) Ee, ba ne ba itse gore go ne go sa ntse go na le tiro e ntsi go e dira.

5 Le fa go ntse jalo, fela jaaka barutwa ka 33 C.E., Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ne ba lebana le kgwetlho e e boitshegang. Go ne go na le ba le mmalwa fela ba bone mo dinageng di sekae. Ba ne ba ka kgona jang go rera dikgang tse di molemo “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni”? Se lebale gore palo ya baagi ba lefatshe e ile ya oketsega go tloga go dimilione di ka nna 300 mo motlheng wa fa go busa Bokaesara go fitlha go dibilione di ka nna pedi morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe. Mme mo lekgolong lotlhe la bo20 la dingwaga e ne e tla tswelela e oketsega ka bofefo.

6. Ke kgatelopele efe e go anamisiwa ga dikgang tse di molemo go neng ga nna le yone ka bo1930?

6 Le fa go ntse jalo, fela jaaka bakaulengwe ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga, batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ne ba simolola tiro e ba e abetsweng ba na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa mme moya wa gagwe o o boitshepo o ne o na le bone. Ka bo1930, bareri ba ka nna 56 000 ba ne ba bolela boammaaruri jwa Baebele mo dinageng di le 115. Ba ne ba setse ba dirile tiro e kgolo, le fa go ntse jalo go ne go sa ntse go na le tiro e ntsi go e dira.

7. (a) Ke kgwetlho efe e ntšha e Bakeresete ba ba tloditsweng ba ileng ba lebana le yone? (b) Tiro ya go phutha e gatetse pele go le kana kang go fitlha jaanong ka ntlha ya thuso ya “dinku tse dingwe”?

7 Ka nako eo, go tlhaloganya ka botlalo gore “boidiidi jo bogolo” jo bo umakwang mo go Tshenolo 7:9 ke bomang, go ne ga leretse Bakeresete bao ba ba dirang ka natla kgwetlho e ntšha le go ba naya tsholofelo ya go bona thuso. Boidiidi jo bo se nang palo jwa badumedi ba “dinku tse dingwe” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ne ba tshwanetse go phuthwa go tswa “mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Johane 10:16) Boidiidi jono bo ne bo tla ‘direla Jehofa tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.’ (Tshenolo 7:15) Seo se ne se bolela gore ba ne ba tla thusa go dira tiro ya go rera le go ruta. (Isaia 61:5) Seo se ne sa felela ka gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba itumelele go bona palo ya baboledi e oketsega ka dikete mme morago ka dimilione. Ka ngwaga wa 2003, palo e ntšha ya ba le 6 429 351, e ne ya nna le seabe mo tirong ya go rera—bontsi jwa bone e le ba boidiidi jo bogolo. * Bakeresete ba ba tloditsweng ba anaanela thuso eno, mme dinku tse dingwe di anaanela tshiamelo ya go ema bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng nokeng.—Mathaio 25:34-40.

8. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsibogela jang dipogiso tse di setlhogo tse ba neng ba lebane le tsone ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe?

8 Fa setlhopha se se tshwantshediwang ke korong se sena go bonala gape, Satane o ne a lwa le sone ka ntwa e e matlhomahibidu. (Tshenolo 12:17) O ile a tsiboga jang fa boidiidi jo bogolo bo simolola go tlhaga? O ne a galefa tota! Ga go pelaelo gore ke ene yo o neng a dira gore kobamelo ya boammaaruri e tlhaselwe mo lefatsheng lotlhe ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe. Bakeresete ba ne ba tlhaselwa thata go tswa mo matlhakoreng oomabedi a a neng a lwa. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba ne ba lebana le diteko tse di setlhogo, bangwe ba bolaelwa tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bontsha go nna le boikutlo jono jo bo tshwanang le jwa mopesalema, yo o neng a re: “Ke tla baka lefoko la Modimo ke le seoposengwe le ene. Ke ikantse Modimo; ga ke na go boifa. Nama e ka ntirang?” (Pesalema 56:4; Mathaio 10:28) Bakeresete ba ba tloditsweng le dinku tse dingwe ba ne ba ema ba le seoposengwe ka ntlha ya go nonotshiwa ke moya wa ga Jehofa. (2 Bakorintha 4:7) Seno se ne sa dira gore ‘lefoko la Modimo le tswelele le gola.’ (Ditiro 6:7) Ka 1939, fa go ne go runya ntwa, Bakeresete ba ba ikanyegang ba le 72 475 ba ne ba bega seabe sa bone mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, pego e e sa felelang ya ngwaga wa 1945 o ntwa e fedileng ka one, e ne ya senola gore Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 156 299 ba ne ba anamisa dikgang tse di molemo. A bo Satane a ile a fenngwa thata jang ne!

9. Ke dikolo dife tse disha tse di neng tsa itsisiwe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II?

9 Ga go pelaelo gore, tlhakatlhakano ya nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe ga ya ka ya dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba felelwe ke tsholofelo ya gore tiro ya go rera e tla wediwa. Ee ruri, ka 1943, fa ntwa e ne e sa ntse e gaketse, go ne ga itsisiwe ka go tlhongwa ga dikolo tse pedi. Sengwe sa tsone se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se ne se tshwanetse go tshwarwa mo diphuthegong tsotlhe go thapisa Mosupi mongwe le mongwe mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Se sengwe, se se bidiwang Sekolo sa Watchtower sa Gileade, se ne se diretswe go thapisa barongwa ba ba neng ba tla atolosa tiro ya go rera kwa dinageng di sele. Ee, fa kgabagare ntwa e fela, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ipaakanyeditse go dira ka natla.

10. Tlhagafalo ya batho ba ga Jehofa e ne ya bonala jang mo ngwageng wa 2003?

10 Mme a bo ba ile ba dira tiro e e molemo jang ne! Ka ntlha ya go thapisiwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, botlhe—basha le bagolo, batsadi le bana, tota le ba ba bokoa mo mmeleng—ba ne ba nna le seabe mo go diragatseng taelo e kgolo ya ga Jesu mme ba tswelela ba nna le seabe mo go yone. (Pesalema 148:12, 13; Joele 2:28, 29) Ka ngwaga wa 2003, kgwedi nngwe le nngwe palogare ya batho ba le 825 185, ba ile ba bontsha go dira ga bone ka tlhoafalo ka go nna le seabe mo tirong ya bobulatsela jwa nakwana kana jwa nako e e tletseng. Mo go one ngwaga oo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa diura tse 1 234 796 477 ba bua le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ruri Jehofa o itumelela tlhagafalo ya batho ba gagwe!

Mo Ditshimong Tsa Dinaga di Sele

11, 12. Ke dikai dife tse di bontshang tiro e e molemo e e dirwang ke barongwa?

11 Go ralala dingwaga, baalogi ba Gileade, mme bosheng jaana le baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, ba dirile tiro e e seng kana ka sepe. Ka sekai, kwa Brazil, go ne go na le baboledi ba le 400 fela fa barongwa ba ntlha ba ne ba goroga teng ka 1945. Barongwa bano le ba bangwe ba ba neng ba latela ba ile ba dira ka natla ba dira mmogo le bakaulengwe ba bone ba ba tlhagafetseng ba kwa Brazil, mme Jehofa o ile a segofatsa maiteko a bone fela thata. A bo go itumedisa jang ne mo go mongwe le mongwe yo o sa ntseng a gopola malatsi ao a bogologolo fa a bona gore gone jaanong Brazil e ile ya bega palo e ntšha ya baboledi ba le 607 362 ka 2003!

12 Akanya ka Japane. Pele ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ka nna lekgolo kwa nageng eo. Ka nako ya ntwa, pogiso e e setlhogo e ne ya fokotsa palo ya bone mme e ne ya re fa ntwa e fela, go ne go na le palo e nnye fela ya Basupi e e neng e sa ntse e tshela semoyeng le ka tsela ya mmatota. (Diane 14:32) Ga go pelaelo gore palo eo e nnye ya bakaulengwe ba ba ikanyegang e ile ya itumela tota ka 1949 go amogela barongwa ba ntlha ba le 13 ba ba thapisitsweng kwa Gileade, mme ka bonako fela ke fa barongwa bao ba setse ba rata bakaulengwe ba bone ba Japane ba ba matlhagatlhaga le ba ba ratang baeng. Dingwaga di feta 50 morago ga foo, ka ngwaga wa 2003, Japane e ne ya bega palo e ntšha ya baboledi ba le 217 508! Ruri Jehofa o segofaditse batho ba gagwe thata kwa nageng eo. Go ntse jalo le ka dinaga tse dingwe tse dintsi. Batho ba ba ileng ba kgona go rera kwa dinageng di sele ba ile ba nna le seabe se segolo mo go anamiseng dikgang tse di molemo, mo e leng gore ka 2003 di ne di rerwa mo dinageng, mo ditlhaketlhakeng le mo ditshimong tsa lefatshe lotlhe di le 235. Ee, boidiidi jo bogolo bo tswa mo bathong ba “ditšhaba tsotlhe.”

‘Ba Tswa mo Ditsong Tsotlhe, Ditšhaba le Diteme’

13, 14. Jehofa o ile a bontsha jang gore go botlhokwa gore dikgang tse di molemo di rerwe ka ‘dipuo tsotlhe’?

13 Kgakgamatso ya ntlha e e neng ya dirwa ke barutwa fa ba sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., e ne e le ya go bua ka diteme le boidiidi jo bo neng bo phuthegile. Batho botlhe ba ba neng ba ba utlwa ba ka tswa ba ne ba bua puo e e neng e dirisiwa ke dinaga di le dintsi, gongwe Segerika. E re ka e ne e le “batho ba ba nang le poifo ya bomodimo,” go ka direga gore gape ba ne ba kgona go tlhaloganya ditirelo tsa Sehebera tsa kwa tempeleng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba gakgamala tota fa ba utlwa dikgang tse di molemo ka dipuo tsa bone.—Ditiro 2:5, 7-12.

14 Le gompieno go dirisiwa dipuo di le dintsi mo tirong ya go rera. Go ne ga bolelelwa pele gore boidiidi jo bogolo bo ne bo tla tswa mo ‘ditsong tsotlhe, ditšhaba le diteme,’ e seng fela mo merafeng yotlhe. Go dumalana le seno, Jehofa o ne a porofeta jaana a dirisa Sekarea: “Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sa tlhole ba na le neo ya go bua ka diteme, ba a itse gore go botlhokwa thata gore ba rute batho ka dipuo tsa bone.

15, 16. Barongwa le batho ba bangwe ba ile ba lwa jang le kgwetlho ya go rera ka dipuo tsa mafelo a ba leng kwa go one?

15 Ke boammaaruri gore gompieno go na le dipuo di se kae tse di buiwang ke batho ka bontsi tse di jaaka Seesemane, Sefora le Se-Spain. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ileng ba fuduga kwa dinageng tsa bone go ya go direla kwa dinageng di sele ba leka go ithuta dipuo tsa koo e le gore ba kgone go fitlhelela batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” ka dikgang tse di molemo. (Ditiro 13:48) Seo ga se motlhofo. Fa bakaulengwe ba kwa nageng ya Tuvalu ya South Pacific ba ne ba tlhoka dikgatiso ka puo ya bone, mongwe wa barongwa o ne a amogela boikarabelo jwa go ba thusa. E re ka go ne go se na dikishinare epe ka puo eo, o ne a simolola ka go itirela lenaane la mafoko a Setuvalu. Fa nako e ntse e ya, buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise * e ne ya gatisiwa ka Setuvalu. Fa barongwa ba goroga kwa Curaçao, go ne go se na dikgatiso tsa Baebele e bile go se na dikishinare ya puo ya koo ya Sepapiamento. Gape go ne go ganetsanwa thata ka tsela e puo eo e tshwanetseng go kwalwa ka yone. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse pedi fela barongwa ba ntlha ba sena go goroga koo, pampitshana ya ntlha ya Bokeresete ya Baebele e ne ya gatisiwa ka puo eo. Gompieno, Sepapiamento ke nngwe ya dipuo di le 133 tse makasine wa Tora ya Tebelo o gatisiwang ka tsone ka nako e le nngwe le Seesemane.

16 Kwa Namibia barongwa ba ntlha ba ba neng ba romelwa koo ba ne ba fitlhela go se na Mosupi ope wa koo yo o neng a ka ba thusa go ranola. Mo godimo ga moo, nngwe ya dipuo tsa koo, e leng Senama, e ne e tlhaela mafoko a gantsi a dirisiwang mo dikgatisong tsa rona a a jaaka, “go itekanela.” Morongwa mongwe o bega jaana: “Gantsi ke ne ke dirisa barutabana ba re neng re ithuta Baebele le bone go nthusa go ranola. E re ka ba ne ba se na kitso e e kalo ya boammaaruri, ke ne ke tshwanelwa ke go nna fa fatshe le bone ke tlhomamisa gore seele sengwe le sengwe se ranotswe sentle.” Le fa go ntse jalo, kgabagare pampitshana ya Botshelo mo Lefatsheng le Lesha e ne ya ranolelwa mo dipuong di le nnè tsa kwa Namibia. Gompieno, Tora ya Tebelo e gatisiwa ka metlha ka Sekwanyama le Sendonga.

17, 18. Ke dikgwetlho dife tse go lebanweng le tsone kwa Mexico le kwa dinageng tse dingwe?

17 Kwa Mexico, puo e kgolo e e buiwang teng ke Se-Spain. Le fa go ntse jalo, pele ga Ba-Spain ba goroga koo, go ne go na le dipuo tse dintsi tse di buiwang teng, mme bontsi jwa tsone di sa ntse di dirisiwa. Ka gone, gone jaanong dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di gatisiwa ka dipuo di le supa tsa kwa Mexico le ka Puo ya Diatla ya kwa Mexico. Tirelo ya Bogosi ya Se-Maya e ne ya nna yone kgatiso ya ntlha e e nang le letlha go gatisiwa ka nngwe ya dipuo tsa Baindia ba kwa Amerika. Ee ruri, dikete di se kae tsa Ba-Maya, Ba-Aztec le ba bangwe, ke bangwe ba baboledi ba Bogosi ba le 572 530 kwa Mexico.

18 Bosheng jaana, batho ba le bantsi ba tshabetse kwa dinageng di sele kana ba fudugetse teng ka ntlha ya mabaka a ikonomi. Seno se dirile gore dinaga di le dintsi jaanong di nne le ditshimo tsa dipuo di sele e le lekgetlo la ntlha. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itebaganya le kgwetlho eo. Ka sekai, kwa Italy, go na le diphuthego le ditlhotswana tsa dipuo di le 22 kwantle ga Sentadiana. Go thusa bakaulengwe go ruta batho ba ba buang dipuo tse dingwe, bosheng jaana go ne ga rulaganngwa dikhoso tsa go ruta dipuo di le 16, go akaretsa le Puo ya Diatla ya kwa Italy. Kwa dinageng tse dingwe tse dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba dira maiteko a a tshwanang go fitlhelela palo e kgolo ya baagi ba ba fudugetseng mo dinageng tsa bone. Ee, ka thuso ya ga Jehofa, ruri boidiidi jo bogolo bo tswa mo dipuong di le dintsi.

“Mo Lefatsheng Lotlhe”

19, 20. Ke mafoko afe a ga Paulo a a diragadiwang ka tsela e e gakgamatsang gompieno? Tlhalosa.

19 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Ba ne ba se ka ba tlhoka go utlwa, a ga go jalo? Tota e bile, ‘modumo wa bone o tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a bone a tswetse kwa dintlheng tsa lefatshe le le nang le banni.’” (Baroma 10:18) Fa e le gore go ne go ntse jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, a bo go tshwanetse ga bo go ntse jalo thata jang ne gompieno! Dimilione tsa batho—gongwe go feta le fa e le leng pele mo hisitoring—ba re: “Ke tla baka Jehofa ka dinako tsotlhe; pako ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka metlha.”—Pesalema 34:1.

20 Mo godimo ga moo, tiro ga e ngotlege. Palo ya baboledi ba Bogosi e nna e oketsega. Go nna go dirisiwa nako e ntsi mo tirong ya go rera. Go dirwa maeto a go boela a le dimilione e bile go tshwarwa dithuto tsa Baebele. Go nna le batho ba basha ba ba kgatlhegang. Ngogola, palo e ntšha ya batho ba le 16 097 622 e ne ya nna gone kwa moketeng wa Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Ga go pelaelo gore go sa ntse go na le tiro e ntsi go dirwa. E kete re ka tswelela pele re etsa boikanyegi jo bogolo jwa bakaulengwe ba rona ba ba ileng ba itshokela dipogiso tse dikgolo. Mme e kete re ka bontsha tlhagafalo e e tshwanang le ya bakaulengwe ba rona ba fa e sa le ka 1919 ba ntseng ba dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa. A rotlhe re tsweleleng pele re tsibogela mafoko ano a pina ya mopesalema: “Sengwe le sengwe se se hemang—a se bake Jah. Bakang Jah!”—Pesalema 150:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona pego ya ngwaga le ngwaga mo go tsebe 18 go ya go 21 ya makasine ono.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke tiro efe e bakaulengwe ba neng ba simolola go e dira ka 1919, mme ke eng fa e ne e le kgwetlho?

• Ke bomang ba ba neng ba phuthwa gore ba tle go thusa mo tirong ya go rera?

• Ke tiro efe e e molemo e barongwa le batho ba bangwe ba ba direlang kwa dinageng di sele ba ileng ba e dira?

• Ke bosupi bofe jo o ka bo umakang jo bo bontshang gore Jehofa o segofatsa tiro ya batho ba gagwe gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate mo go tsebe 18-21]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2003

(Leba kgatiso)

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Tlhakatlhakano ya nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe ga ya ka ya dira gore Bakeresete ba felelwe ke tsholofelo ya gore dikgang tse di molemo di tla rerwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Explosion: U.S. Navy photo; others: U.S. Coast Guard photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Boidiidi jo bogolo bo ne bo tla tswa mo bathong ba ditso tsotlhe le dipuo tsotlhe