Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa e Fetogile

Ntwa e Fetogile

Ntwa e Fetogile

KA METLHA ntwa e setlhogo. Ga e bolo go senya matshelo a masole e bile ga e bolo go sotla batho ba e seng masole. Mme ntwa e fetogile mo dingwageng tsa bosheng. Jang?

Bontsi jwa dintwa tsa gompieno ke dintwa tsa selegae—dintwa tse di magareng ga ditlhopha tsa baagi ba ba sa utlwaneng ba naga e le nngwe. E bile gantsi dintwa tsa selegae di tsaya lobaka lo loleele, mme di utlwisa banni ba dinaga tseo botlhoko e bile di senya dinaga go feta dintwa tse di lowang ke ditšhaba tse di farologaneng. Rahisitori wa kwa Spain, Julián Casanova a re: “Dintwa tsa selegae di setlhogo, di tsholola madi a mantsi mme seo se felela ka gore go swe batho ba le bantsi, batho ba tlhaselwe ka tsa tlhakanelodikobo, ba patelediwe go tswa mo nageng ya bone, mme fa di le maswe thata di felela ka go ganyaolwa ga merafe.” Fa batho ba dira bosetlhogo jo bo feteletseng mo bathong ba ba agelaneng le bone, botlhoko jo bo bakwang ke seo bo tsaya nako e telele go fola.

Fa e sale morago ga Ntwa ya Molomo, go nnile le dintwa di le mmalwa fa gare ga masole a ditšhaba tse di farologaneng. Stockholm International Peace Research Institute (SIPRI) e bega jaana: “Ke dintwa di le tharo fela mo go tsotlhe tse di begilweng magareng ga 1990 le 2000 tse e neng e se tsa selegae.”

Ke boammaaruri gore dintwa tsa selegae di ka lebega di se maswe thata e bile di sa begwe thata mo dikgannyeng tsa ditšhabatšhaba, mme botlhoko le tshenyo e e bakwang ke dintwa tseo e maswe thata. Go sule batho ba le bantsintsi mo dintweng tsa selegae. Tota e bile mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fetileng, go sule batho ba ka nna dimilione tse tlhano mo dinageng di le tharo fela tse di ripitlilweng ke ntwa—Afghanistan, Democratic Republic of Congo le Sudan. Kwa dinageng tsa Balkan, ntwa e e matlho mahibidu ya setso e bolaile batho ba ka nna 250 000 mme ntwa ya dirukutlhi e e tsereng lobaka lo loleele kwa Colombia e bolaile batho ba le 100 000.

Bosetlhogo jwa ntwa ya selegae bo bonala thata mo baneng. Go ya ka Mokomishinara yo Mogolo wa Batshabi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, go sule bana ba feta dimilione tse pedi mo dintweng tsa selegae. Go ne ga gobala ba bangwe ba le dimilione tse thataro. Bana ba le bantsi ba dirilwe masole mme palo ya bone e ntse e a oketsega. Ngwana mongwe wa lesole a re: “Ba ne ba nkatisa. Ba ne ba nnaya tlhobolo. Ke ne ke dirisa diokobatsi. Ke ne ke bolaya batho ba e seng masole. Ke bolaile ba bantsi. E ne e le ntwa fela . . . Ke ne ke dira fela se ke neng ke laelwa gore ke se dire. Ke ne ke itse gore ga go a siama. Ke ne ke sa rate go dira jalo.”

Bana ba bantsi ba ba nnang mo dinageng tse dintwa tsa selegae e leng selo se se tlwaelegileng fela mo go tsone ba gola ba sa itse kagiso. Ba nna mo lefatsheng le mo go lone dikolo di sentsweng, e bile batho ba lone ba thuntshana, go na le gore ba buisane. Dunja yo o nang le dingwaga di le 14 a re: “Go bolailwe batho ba le bantsi tota . . . O ka se tlhole o utlwa dinonyane tse di opelang, mme o tla utlwa fela modumo wa bana ba ba lelang ka gonne ba swetswe ke mmaabone kgotsa rraabone, monnaabone kgotsa mogoloabone.”

Di Bakwa ke Eng?

Ke eng se se tlhotlheletsang dintwa tse di ntseng jalo tsa selegae tse di setlhogo? Letlhoo la lotso, go sa utlwane mo go tsa bodumedi, go tlhoka tshiamiso le khuduego mo go tsa bopolotiki, tsotlhe ke mabaka a konokono. Lebaka le lengwe le legolo ke bopelotshetlha—bopelotshetlha jwa go batla go nna le thata le bopelotshetlha jwa go batla go nna le madi. Baeteledipele ba dipolotiki ba gantsi ba tlhotlhelediwang ke bopelotshetlha, ba gakatsa letlhoo mme seo se gakatsa ntwa le go feta. Pego e e gatisitsweng ke SIPRI e bolela gore batho ba bantsi ba ba lwang mo dintweng tsa dibetsa “ba tlhotlhelediwa ke go batla go solegelwa molemo mo go tsone.” Pego eo e oketsa ka gore: “Bopelotshetlha bo bonala ka ditsela tse dintsi, e ka nna go gweba ka diteemane mo go dirwang ke baeteledipele ba sesole le ba dipolotiki kgotsa ya nna go utswa mo metseng mo go dirwang ke basha ba ba tshotseng ditlhobolo.”

Kgailo ya batho e okediwa le ke go bo go le motlhofo go bona dibetsa tse di bolayang. Dintsho tsa ngwaga le ngwaga tse di ka nnang 500 000, tse bontsi jwa tsone e leng tsa basadi le bana, di bakiwa ke dintwa tse go tweng ke tsa dibetsa tse dinnye. Mo nageng nngwe ya Afrika, tlhobolo ya AK-47 e ka rekwa ka tlhwatlhwa ya koko. Go utlwisa botlhoko gore mo mafelong a mangwe ditlhobolo di nna dintsi fela jaaka tsone dikoko. Go akanyediwa gore jaanong mo lefatsheng lotlhe go na le dibetsa tse dinnye di le dimilione di le 500—mo baaging botlhe ba lefatshe batho bangwe le bangwe ba ba 12 ba ka fiwa sebetsa se le 1.

A dintwa tse di setlhogo tsa selegae e tla nna letshwao la lekgolo la bo21 la dingwaga? A dintwa tsa selegae di ka laolwa? A batho ba tla tsamaya ba tlogela dipolao? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Ditlamorago Tse di Setlhogo Tsa Dintwa Tsa Selegae

Mo dintweng tse go sa dirisiweng dibetsa tsa maemo a a kwa godimo, diperesente di le 90 tsa batho ba ba swang mo go tsone ga se masole. Graça Machel, Moitse wa Kafa Dintwa di Amang Bana ka Teng wa Mokwaledikakaretso wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, a re: “Go bonala sentle gore jaanong mo dintweng tsa dibetsa go tlhaselwa bana ka tlhamalalo, ga ba swe fela ka kotsi.”

Go betelela ke leano le lengwe le le dirisiwang mo sesoleng. Mo mafelong mangwe a a ripitlilweng ke ntwa, ditsuolodi di betelela basetsana botlhe ba basha mo metseng e ba e tlhaselang. Maikaelelo a babeteledi bao ke go tshosa batho kgotsa go kgaoganya malapa.

Leuba le bolwetse ke ditlamorago tsa ntwa. Fa go na le ntwa ya selegae ga go kitla go lengwa go bo go rojwa sentle, ditirelo tsa kalafi di ka se dire sentle, mme thuso e e tswang kwa dinageng di sele e ka se fitlhe yotlhe kwa go ba ba e tlhokang. Patlisiso nngwe ya ntwa ya selegae mo Afrika e ne ya bontsha gore diperesente di le 20 tsa batho ba ba neng ba swa, ba bolailwe ke bolwetse mme di le 78 di bolailwe ke tlala. Ke diperesente di le 2 fela tsa batho ba ba suleng ka ntlha ya ntwa ka boyone.

Ka kakaretso, metsotso mengwe le mengwe e le 22 motho mongwe o latlhegelwa ke karolo nngwe ya mmele kgotsa ke botshelo jwa gagwe ka go gata bomo e e epelwang fa fatshe. Go akanyediwa gore go na le dibomo tse di epetsweng fa fatshe di ka nna dimilione di le 60 go ya go dimilione di le 70 mo dinageng di feta 60.

Batho ba patelesega go tlogela magae a bone. Mo lefatsheng lotlhe, jaanong go na le batshabi le batho ba ba pateleditsweng go tlogela magae a bone ba le dimilione di le 50—mme halofo ya bone ke bana.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Boy: Photo by Chris Hondros/Getty Images

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Photo by Chris Hondros/Getty Images