Ntwa e Tla Fela
Ntwa e Tla Fela
‘Re na le dingwaga di le 12 fela. Re ka se laole tsa polotiki le ntwa, mme re batla go tshela! Re emetse kagiso. A re tla tsamaya re e bona?’—Setlhopha sa bana ba sekolo ba mophato wa botlhano.
‘Re batla go tsena sekolo, go etela ditsala tsa rona le ba malapa a rona re sa tshabe go utswiwa. Ke solofela gore puso e tla reetsa. Re batla botshelo jo bo botoka. Re batla kagiso.’—Alhaji, yo o nang le dingwaga di le 14.
MAFOKO ano a a amang maikutlo a bontsha tsholofelo e e tswang pelong e basha ba ba sotlilweng dingwagangwaga ke dintwa tsa selegae ba nang le yone. Ba eletsa fela go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Mme ga go motlhofo go dira gore dilo tse ba di eletsang di direge tota. A re tla tsamaya re bona lefatshe le le se nang ntwa?
Mo dingwageng tsa bosheng, ditšhaba tse dintsi di dirile maiteko a go rarabolola dingwe tsa dintwa tsa selegae ka go pateletsa matlhakore a a lwang gore a saene tumalano ya kagiso. Dinaga dingwe di ile tsa romela masole a a tla tlhomamisang gore kagiso e go ileng ga dumalanwa ka yone e a bolokwa. Mme letlhoo le le tseneletseng le dipelaelo di dira gore go nne motlhofo gore tumalano e e dirilweng fa gare ga ditlhopha tse di lwang e se ka ya latelwa. Ke ditšhaba di sekae fela tse di nang le madi kana tse di ka ratang go baya leitlho mo dinageng tse di kgakala tse di ntseng jalo. Gantsi ntwa e runya gape dibeke kgotsa dikgwedi di le mmalwa fela fa tumalano ya go emisa ntwa e sena go saenwa. Jaaka Stockholm International Peace Research Institute e bontsha, “go thata go fitlhelela kagiso fa batlhabani ba rata e bile ba kgona go tswelela ba lwa.”
Gape, dintwa tseno tse di sa feleng tse di aparetseng dikarolo tse dintsi jaana tsa lefatshe di gakolola Bakeresete boporofeti jwa Baebele. Lokwalo lwa Tshenolo lo bua ka nako e e thata mo hisitoring e mo go yone mopalami wa pitse wa tshwantshetso a tla ‘tlosang kagiso mo lefatsheng.’ (Tshenolo 6:4) Ntwa eno e e sa feleng e go boleletsweng pele ka yone ke bontlhanngwe jwa sesupo se se dikarolo dintsi se se bontshang gore jaanong re tshela mo nakong e Baebele e e tlhalosang e re ke ‘metlha ya bofelo.’ * (2 Timotheo 3:1) Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore metlha eno ya bofelo e tla tla pele ga kagiso e nna teng.
Mo go Pesalema 46:9 Baebele e tlhalosa gore go tlhokega gore ntwa e fele gore go tle go nne le kagiso ya boammaaruri, e seng fela mo karolong e le nngwe ya lefatshe, mme e nne mo lefatsheng lotlhe. Gape pesalema yone eo e umaka ka tlhamalalo gore go tla senngwa dibetsa tse di neng di dirisiwa ka nako ya go kwalwa ga Baebele—bora le lerumo. Dibetsa tse di ntseng di oketsega gompieno le tsone di tshwanetse go senngwa gore batho ba tle ba tshele ka kagiso.
Le fa go ntse jalo, selo se se bakang ntwa ga se marumo le ditlhobolo, mme ke letlhoo le bopelotshetlha. Bopelotshetlha ke jone selo sa Isaia 2:4.
konokono se se bakang ntwa, mme letlhoo lone gantsi le baka thubakanyo. Go fedisa maikutlo ano a a bakang ntwa, batho ba tshwanetse go fetola tsela e ba akanyang ka yone. Ba tshwanetse go rutwa go tshela ka kagiso. Moporofeti wa bogologolo Isaia o bolela sentle gore ntwa e tla khutla fela fa batho ba sa ‘tlhole ba ithuta ntwa gape.’—Le fa go ntse jalo, gone jaanong re tshela mo lefatsheng le le rutang bagolo le bana go galaletsa ntwa, e seng go rata kagiso. Go utlwisa botlhoko gore le bana ba rutwa go bolaya.
Ba ne Ba Ithuta go Bolaya
Alhaji o ne a tswa mo bosoleng fa a ne a na le dingwaga di le 14. O ne a na le dingwaga di le lesome fela fa masole a ditsuolodi a ne a mo gapa mme a mo ruta go lwa ka tlhobolo ya AK-47. E re ka a ne a pateleditswe go nna lesole, o ne a tsamaya a utswa dijo e bile a fisa matlo. Gape o ne a bolaya le go golafatsa batho. Gompieno Alhaji o palelwa ke go lebala ntwa le go tlwaela botshelo jwa go sa nne lesole. Abraham yo le ene e neng e le lesole la ngwana, o ne a ithuta go bolaya mme o ne a sa batle go busa sebetsa sa gagwe. O ne a re: “Fa ba nthaya ba re ke tsamaye ke sa tshola tlhobolo ya me, ga ke itse gore ke tla dirang, le gore ke tla bona dijo jang.”
Masole a bana a feta 300 000—basimane le basetsana—ba sa ntse ba lwa e bile ba a swa mo dintweng tse di sa feleng tsa selegae tse di aparetseng lefatshe. Moeteledipele mongwe wa ditsuolodi o ne a re: “Ba dira se ba se bolelelwang; ga ba tshwenyege ka go boela kwa basading ba bone kgotsa kwa go ba malapa a bone; e bile ga ba boife sepe.” Le fa go ntse jalo, bana bano ba batla botshelo jo bo botoka e bile ba tshwanelwa ke go bo bona.
Mo dinageng tse di tlhabologileng boemo jo bo maswe jwa go dira ngwana lesole e ka lebega e le selo se se thata go akanya gore se ka direga. Mme le fa go ntse jalo, bana ba bantsi ba kwa mafatsheng a a tlhabologileng ba ithuta ntwa mo magaeng a bone. Jang?
A re tseye José wa kwa borwabotlhaba jwa Spain e le sekai. E ne e le mosha yo o neng a rata go ithuta mathaithai a go lwa. O ne a rata thata tšhaka e telele ya Sejapane e rraagwe a neng a e mo reketse ka Keresemose. E bile o ne a rata metshameko ya bidio, segolobogolo e e tletseng thubakanyo. Ka April 1, 2000, o ne a etsa ka tsela ya mmatota dikgoka tsa mogaka yo a mo ratang yo a mmoneng mo metshamekong ya bidio. O ne a dirisa dikgoka ka tsela e e feteletseng mme a bolaya rraagwe, mmaagwe, le monnawe wa mosetsana ka yone tšhaka e rraagwe a neng a e mo file. O ne a raya mapodise a re: “Ke ne ke batla go nna nosi mo lefatsheng; ke ne ke sa batle batsadi ba me ba nnela go mpatla.”
Modiredi wa sesole Dave Grossman o ne a bua jaana fa a ne a akgela ka diphelelo tsa boitlosobodutu jwa thubakanyo: “Ga re tlhole re amega maikutlo mo e leng gore go utlwisa batho botlhoko le go ba bogisa e setse e le selo sa go itlosa bodutu: re ijesa monate ka gone go na le gore go re ferose sebete. Re ithuta go bolaya e bile re ithuta go go rata.”
Alhaji le José ba ne ba ithuta go bolaya. Ga go na ope mo go bone yo o neng a ikaeletse go nna mmolai, mme thapiso e ba e neilweng e ne ya sokamisa tsela e ba akanyang ka yone. Thapiso eo—e ka tswa e newa bana kgotsa bagolo—e dira gore motho a simolole go nna le seabe mo thubakanyong le mo ntweng.
Go Ithuta Kagiso e Seng Ntwa
Kagiso e e nnelang ruri e ka se nne teng fa batho ba sa ntse ba ithuta go bolaya. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa [Modimo] tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:17, 18) Fa batho ba nna le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la Modimo mme ba ithuta go rata molao wa Modimo, ba tlhoa thubakanyo le ntwa. Le gone jaanong, batsadi ba ka tlhomamisa gore metshameko e bana ba bone ba e tshamekang ga e kgothaletse thubakanyo. Bagolo le bone ba ka ithuta go fenya letlhoo la bone le bopelotshetlha. Basupi ba ga Jehofa ba lemogile gangwe le gape gore Lefoko la Modimo le na le maatla a go fetola botho jwa batho.—Bahebera 4:12.
Akanya ka Hortêncio. E ne e le lekawana fa a ne
a patelediwa go nna lesole. A re thapiso ya sesole e ne e dirwa ka tsela ya gore “go tsenngwe keletso ya go bolaya batho mo teng ga rona le gore re se ka ra tshaba go bolaya.” O ne a lwa mo ntweng nngwe ya selegae mo Afrika e e tsereng lobaka. A re: “Ntwa e ne ya fetola botho jwa me. Le gompieno ke sa ntse ke gopola sengwe le sengwe se ke se dirileng. Ke maswabi tota go bo ke dirile dilo tse ke neng ke patelediwa go di dira.”Fa lesole le lengwe le ne le bua le Hortêncio ka Baebele, seo se ne sa mo ama pelo. O ne a kgatlhwa ke tsholofetso ya Modimo e e mo go Pesalema 46:9 ya gore o tla fedisa mefuta yotlhe ya ntwa. Fa a ntse a tswelela a ithuta Baebele, o ne a sa tlhole a batla go lwa. Go ise go ye kae, ene le balekane ba gagwe ba babedi ba ne ba lelekiwa mo sesoleng, mme ba ineela mo go Jehofa Modimo. Hortêncio a re: “Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nthusa gore ke rate mmaba wa me. Ke ne ka lemoga gore ka go lwa mo ntweng, tota ke ne ke leofela Jehofa, ka gonne Modimo a re ga re a tshwanela go bolaya baagelani ba rona. Gore ke bontshe lorato lono, ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone mme ke se ka ka leba batho e le baba ba me.”
Dilo tse di ntseng jalo tse di diregileng ka mmatota mo botshelong di bontsha gore eleruri thuto ya Baebele e rotloetsa kagiso. Seno ga se gakgamatse. Moporofeti Isaia o ne a bolela gore thuto ya bomodimo le kagiso di a tsamaisana. O ne a bolelela pele jaana: “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) Ene moporofeti yoo o ne a bonela pele nako e batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla tlang ka bontsi mo kobamelong ya ga Jehofa Modimo go ithuta ditsela tsa gagwe. Seo se tla felela ka eng? “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:2-4.
Go dumalana le boporofeti joo, mo lefatsheng lotlhe Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya go ruta e e setseng e thusitse batho ba le dimilione gore ba fenye letlhoo le e leng lone le bakang dintwa tsa batho.
Re Tlhomamisediwa Gore go Tla Nna le Kagiso mo Lefatsheng Lotlhe
Mo godimo ga go re naya thuto, Modimo o tlhomile puso, kgotsa “bogosi,” jo bo tla tlhomamisang gore go nna le kagiso mo lefatsheng lotlhe. Tota e bile Baebele e tlhalosa Mmusi yo o tlhophilweng ke Modimo, Jesu Keresete, e re ke “Kgosana ya Kagiso.” Gape e re tlhomamisetsa gore “letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.”—Isaia 9:6, 7.
Ke eng se se re tlhomamisetsang gore puso ya ga Keresete e tla fedisa ntwa ya mofuta mongwe le mongwe? Moporofeti Isaia o oketsa ka gore: “Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” (Isaia 9:7) Modimo o a rata e bile o ka kgona go dira gore go nne le kagiso e e nnelang ruri. Jesu o ikanya tsholofetso eno ka botlalo. Ke sone se a neng a ruta balatedi ba gagwe go rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle le gore go diragale thato ya Modimo mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Fa la bofelo kopo eno e e peloephepa e arabiwa, ntwa e ka se tlhole e senya lefatshe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 6 Fa o batla go tlhatlhoba bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo, bona kgaolo 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Thuto ya Baebele e rotloetsa kagiso ya boammaaruri