Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogolo Jwa ga Jehofa ga bo Hukutsege

Bogolo Jwa ga Jehofa ga bo Hukutsege

Bogolo Jwa ga Jehofa ga bo Hukutsege

“Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa, mme bogolo jwa gagwe ke jo bo sa ka keng jwa hukutsega.”—PESALEMA 145:3.

1, 2. Dafide e ne e le motho yo o ntseng jang, mme o ne a na le maikutlo afe ka Modimo?

MOTLHAMI wa Pesalema 145 ke mongwe wa banna ba bogologolo ba ba itsegeng thata. Fa a sa ntse a le mosimanyana fela, o ne a tshwanelwa ke go lwa le mokaloba yo o tlhometseng mme o ne a kgona go mmolaya. Mopesalema yono o ne a fenya baba ba le bantsi ka nako ya fa e ne e le kgosi ya motlhabani. Leina la gagwe e ne e le Dafide, mme e ne e le kgosi ya bobedi ya Iseraele wa bogologolo. Leina la ga Dafide le ne le sa ntse le gakologelwa le morago ga loso lwa gagwe mo e leng gore le gompieno dimilione tsa batho di itse sengwe ka ene.

2 Le fa Dafide a ne a atlegile go le kalo, o ne a le boikokobetso. O ne a opela jaana a bua ka Jehofa: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?” (Pesalema 8:3, 4) Go na le gore Dafide a itseye a le mogolo ene ka boene, o ne a bolela gore o thusitswe ke Jehofa go fenya baba botlhe ba gagwe, a bo a bua jaana ka Modimo: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Samuele 22:1, 2, 36) Jehofa o bontsha boikokobetso ka go nna kutlwelobotlhoko mo baleofing, mme Dafide o ne a anaanela bopelonomi joo jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.

‘Ke Tla Godisa Modimo Kgosi’

3. (a) Dafide o ne a na le maikutlo afe ka bogosi jwa Iseraele? (b) Dafide o ne a na le keletso efe malebana le go baka Jehofa?

3 Le fa Dafide e ne e le kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, o ne a tsaya Jehofa e le ene Kgosi ya mmatota ya Iseraele. Dafide o ile a re: “Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa, Wena yo o itsholetsang jaaka tlhogo ya botlhe.” (1 Ditiragalo 29:11) Ruri Dafide o ne a tlotla Modimo, a mo tsaya e le ene Molaodi! O ne a opela jaana: “Ke tla go godisa, wena Modimo wa me Kgosi, e bile ke tla baka leina la gago ka bosakhutleng, le ka bosaengkae. Ke tla go baka letsatsi lotlhe, mme ke tla baka leina la gago ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Pesalema 145:1, 2) Keletso e kgolo ya ga Dafide e ne e le gore a bake Jehofa Modimo letsatsi lotlhe le ka bosakhutleng.

4. Pesalema 145 e senola gore ditatofatso dife ga di boammaaruri?

4 Pesalema 145 ke karabo e e tlhatswang pelo e e ganetsang maiphako a ga Satane a gore Modimo ke molaodi yo o bogagapa yo o timang dibopiwa tsa gagwe kgololesego. (Genesise 3:1-5) Pesalema eno gape e senola gore Satane o maaka fa a re batho ba ba ikobelang Modimo ba dira jalo fela ka gonne Modimo a ba direla sengwe, e seng ka gonne ba mo rata. (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Fela jaaka Dafide, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba bontsha fa ditatofatso tsa ga Diabolo di le maaka. Ba anaanela thata tsholofelo ya bone ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo pusong ya Bogosi ka gonne ba eletsa go baka Jehofa ka bosakhutleng. Dimilione tsa batho di setse di simolotse go dira jalo ka go bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu le ka go direla Jehofa ka boikobo ka ntlha ya go mo rata, e re ka e le baobamedi ba gagwe ba ba ineetseng le go kolobediwa.—Baroma 5:8; 1 Johane 5:3.

5, 6. Ke ditshono dife tse re ka di dirisang go baka Jehofa le go mo galaletsa?

5 Akanya ka ditshono tse dintsi tse rona batlhanka ba ga Jehofa re nang le tsone tsa go mmaka le go mo galaletsa. Re ka dira jalo ka thapelo fa re amilwe thata ke sengwe se re se badileng mo Lefokong la gagwe, Baebele. Re ka bontsha go leboga Modimo le go mmaka fa re amilwe ke tsela e a dirisanang le batho ba gagwe ka yone kana fa re itumedisitswe ke karolo nngwe ya popo ya gagwe e e gakgamatsang. Gape re galaletsa Jehofa Modimo fa re tlotla le badumedi ka rona kwa dipokanong tsa Bokeresete ka maikaelelo a gagwe kana fa re itlotlela fela. Tota re ka re, ‘ditiro tsotlhe tse di molemo’ tse di direlwang Bogosi Jwa Modimo di dira gore Jehofa a bakwe.—Mathaio 5:16.

6 Dikai tsa bosheng jaana tsa ditiro tseo tse di molemo di akaretsa go agiwa ga mafelo a le mantsi a kobamelo ke batho ba ga Jehofa kwa dinageng tse di humanegileng. Bontsi jwa ditiro tseo di dirilwe ka thuso ya madi e e tswang kwa badumeding ka rona ba dinaga tse dingwe. Bakeresete bangwe ba ile ba ithaopela go ya kwa dinageng tseno go ya go thusa mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Mme tsela e e botlhokwa go gaisa tsotlhe ya go baka Jehofa ke ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 24:14) Jaaka fa ditemana tse di tlang moragonyana tsa Pesalema 145 di bontsha, Dafide o ne a anaanela bolaodi jwa Modimo le go tlotlomatsa bobusi jwa Gagwe. (Pesalema 145:11, 12) A le wena o na le kanaanelo e e ntseng jalo ka bolaodi jo bo lorato jwa Modimo? A o bua ka metlha le batho ba bangwe ka Bogosi jwa gagwe?

Dikai Tsa Bogolo Jwa Modimo

7. Tlhalosa lebaka le legolo la go baka Jehofa.

7 Pesalema 145:3 e re naya lebaka le legolo la go baka Jehofa. Dafide o opela jaana: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa, mme bogolo jwa gagwe ke jo bo sa ka keng jwa hukutsega.” Bogolo jwa ga Jehofa ga bo na selekanyo. Batho ba ka se kgone go bo hukutsa ka botlalo, go bo tlhaloganya kana go bo lekanya. Le fa go ntse jalo, ruri re tla solegelwa molemo ke go sekaseka dikai tsa bogolo jwa ga Jehofa jo bo sa hukutsegeng.

8. Lobopo lo senola eng ka bogolo le maatla a ga Jehofa?

8 Leka go akanya ka nako ya fa o ne o le kwa lefelong le le kgakala le dipone tse di bogale tsa toropo mme o lebile loapi lo lo se nang maru go le bosigo. A o ne wa se ka wa kgatlhiwa thata ke dinaledi tse dintsintsi tse di bonalang mo loaping lo lontsho? A o ne wa se ka wa tlhotlheletsega go baka Jehofa ka ntlha ya bogolo jo a bo bontshitseng ka go bopa masedi ao a legodimo? Le fa go ntse jalo, se o se boneng e ne e le lemme fela la bontsintsi jwa dinaledi tse di mo lesagaripeng le lefatshe e leng karolo ya lone. Mo godimo ga moo, go fopholediwa gore go na le masagaripa a ka nna dimilione di le dikete di le makgolokgolo, mme go na le masagaripa a le mararo fela a a ka bonwang kwantle ga go dirisa thelesekoupo. Ee ruri, dinaledi le masagaripa a a se nang palo tse e leng karolo ya lobopo lwa rona lo lo boitshegang ke bosupi jwa maatla a ga Jehofa a go bopa le bogolo jwa gagwe jo bo sa hukutsegeng.—Isaia 40:26.

9, 10. (a) Ke dikarolo dife tsa bogolo jwa ga Jehofa tse di ileng tsa bonala malebana le Jesu Keresete? (b) Tsogo ya ga Jesu e tshwanetse go ama tumelo ya rona jang?

9 Akanya ka dilo tse dingwe tse di bontshang bogolo jwa ga Jehofa—tse di amanang le Jesu Keresete. Bogolo jwa Modimo bo ne jwa bonala fa a ne a bopa Morwawe le go mo dirisa ka lobaka lo lo se nang palo go nna “modiri yo o setswerere” wa tiro ya Gagwe. (Diane 8:22-31) Bogolo jwa lorato lwa ga Jehofa bo ne jwa bonala fa a ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi go nna setlhabelo sa thekololo. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; 1 Johane 2:1, 2) Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, Jehofa o ne a mo direla mmele wa semoya o o galalelang le o o sa sweng o batho ba neng ba ka se o tlhaloganye.—1 Petere 3:18.

10 Tsogo ya ga Jesu e akaretsa dikarolo di le dintsi tse di kgatlhang tsa bogolo jwa ga Jehofa jo bo sa hukutsegeng. Ga go pelaelo gore Modimo o ne a thusa Jesu go gopola tiro e ba nnileng le seabe mo go yone ya go bopa dilo tse di bonalang le tse di sa bonaleng. (Bakolosa 1:15, 16) Dilo tseno di akaretsa ditshedi tse dingwe tsa semoya, lobopo, lefatshe le le ungwang le dilo tsotlhe tse di tshelang tse di mo lefatsheng. Mo godimo ga gore Jehofa a thuse Morwawe go gopola ditiragalo tsotlhe tsa kwa legodimong le tsa mo lefatsheng tse Morwawe a ileng a di bona pele ga a tla go tshela mo lefatsheng, o ne gape a mo thusa go gopola le dilo tse a ileng a di bona fa a ne a tshela e le motho yo o itekanetseng. Ee, re kgona go bona bogolo jwa ga Jehofa jo bo sa hukutsegeng mo tsogong ya ga Jesu. Mo godimo ga moo, tiragalo eo e kgolo e re tlhomamisetsa gore batho ba bangwe le bone ba tla tsosiwa. E tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ya gore Modimo a ka tsosa dimilione tsotlhe tsa batho ba ba suleng ba ba mo mogopolong wa gagwe o o itekanetseng.—Johane 5:28, 29; Ditiro 17:31.

Ditiro Tse di Maatla le Tse di Gakgamatsang

11. Ke tiro efe e kgolo ya ga Jehofa e e neng ya simolola go direga ka Pentekosete ya 33 C.E.?

11 Fa e sa le Jesu a tsosiwa, Jehofa o ile a dira ditiro tse dingwe tse dintsi tse dikgolo le tse di gakgamatsang. (Pesalema 40:5) Ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a dira gore go nne le setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo,” se se dirilweng ka balatedi ba ga Keresete ba ba neng ba tloditswe ka moya o o boitshepo. (Bagalatia 6:16) Setšhaba seno se sesha sa semoya se ne sa oketsega ka lobelo lo logolo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe tse di neng di itsege ka nako eo. Le fa go ile ga nna le botlhanogi jo bo ileng jwa felela ka gore go nne le Labokeresete morago ga loso lwa baaposetoloi ba ga Jesu, Jehofa o ne a nna a dira ditiro tse di gakgamatsang go tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a a diragadiwa.

12. Kgang ya go bo Baebele e le gone ka dipuo tsotlhe tse di buiwang ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ke bosupi jwa eng?

12 Ka sekai, dibuka tsa Baebele tse di tsewang e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo di ne tsa sirelediwa mme kgabagare tsa ranolelwa mo dipuong tsotlhe tse gompieno di buiwang ke batho ba bantsi mo lefatsheng. Gantsi batho ba ba neng ba ranola Baebele ba ne ba dira jalo kafa tlase ga maemo a a thata e bile ba tshosediwa ke baemedi ba ga Satane gore ba tla ba bolaya. Ruri go ne go ka se kgonege gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse di fetang 2 000 fa e ne e se ka thato ya Modimo yo bogolo jwa gagwe bo sa hukutsegeng e bong Jehofa!

13. Fa e sa le ka 1914, bogolo jwa ga Jehofa bo ile jwa bonala jang malebana le maikaelelo a Bogosi jwa gagwe?

13 Bogolo jwa ga Jehofa bo ile jwa bonala malebana le maikaelelo a Bogosi jwa gagwe. Ka sekai, ka ngwaga wa 1914 o ne a tlhoma Morwawe, Jesu Keresete, go nna Kgosi kwa legodimong. Go ise go ye kae morago ga foo, Jesu o ne a tseela Satane le badimona ba gagwe kgato. O ne a ba leleka kwa legodimong mme a dira gore ba felele fela mo lefatsheng, mo jaanong ba letileng gone go tla go latlhelwa mo moleteng. (Tshenolo 12:9-12; 20:1-3) Fa e sa le ka nako eo, go bogisiwa ga balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu go ile ga oketsega. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a ba ema nokeng mo nakong eno ya go nna gone ga ga Keresete a sa bonale.—Mathaio 24:3; Tshenolo 12:17.

14. Ke tiro efe e e gakgamatsang e Jehofa a neng a e dira ka 1919, mme seno se ne sa fitlhelela eng?

14 Ka ngwaga wa 1919, Jehofa o ne a dira tiro e nngwe gape e e gakgamatsang e e neng ya bontsha bogolo jwa gagwe. Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng, ba ba neng ba ntse ba sule semoyeng, ba ne ba tsosolosiwa. (Tshenolo 11:3-11) Fa e sa le ka dingwaga tseo, batlodiwa ba ile ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng kwa legodimong. Batlodiwa ba bangwe ba ile ba phuthiwa gore palo ya bone ya 144 000 e felele. (Tshenolo 14:1-3) Jehofa o ne a dirisa balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng go thaya motheo wa “lefatshe le lesha,” setšhaba se se dirilweng ka batho ba ba siameng. (Tshenolo 21:1) Mme go tla direga eng ka “lefatshe le lesha” fa batlodiwa botlhe ba ba ikanyegang ba sena go ya legodimong?

15. Ke tiro efe e Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntseng ba e eteletse pele, mme seo se nnile le matswela afe?

15 Ka 1935, dikgatiso tsa August 1 le August 15 tsa makasine ono, di ne di na le ditlhogo tse dikgolo tse di buang ka “boidiidi jo bogolo” jo bo umakwang mo go Tshenolo kgaolo 7. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go senka setlhopha seno sa baobamedi ka bone le go se phutha go tswa mo ditšhabeng tsotlhe, mo merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe le mo dipuong tsotlhe, gore se tle go kopanela le bone. ‘Boidiidi jono jo bogolo’ bo tla falola “pitlagano e kgolo” e e tlang, mme bo na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng e le baagi ba goyagoile ba “lefatshe le lesha.” (Tshenolo 7:9-14) Ka ntlha ya tiro ya go rera le go dira barutwa e e eteletsweng pele ke Bakeresete ba ba tloditsweng, jaanong batho ba ba fetang dimilione tse thataro ba na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomalediwa koketsego eo e e nnileng gone le mororo Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo ba ile ba nna kgatlhanong le yone? (1 Johane 5:19) Ke Jehofa fela yo o neng a kgona go dira selo se se ntseng jalo ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Isaia 60:22; Sekarea 4:6.

Bontle jo bo Galalelang Jwa ga Jehofa le Seriti sa Gagwe

16. Ke eng fa batho ba ka se kgone go bona ‘bontlentle jo bo galalelang jwa seriti sa ga Jehofa’ ka tsela ya mmatota?

16 Le ka motlha ‘ditiro tse di gakgamatsang’ le ‘tse di maatla’ tsa ga Jehofa di ka se ka tsa lebalwa, le fa e ka tswa e le dife. Dafide o ne a kwala jaana: “Kokomana morago ga kokomana e tla akgola ditiro tsa gago, mme ba tla bolela ditiro tsa gago tse di thata. Ke tla tlhatlhanya ka bontlentle jo bo galalelang jwa seriti sa gago le dikgang tsa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang. Mme ba tla bua ka nonofo ya dilo tsa gago tse di boitshegang; mme fa e le bogolo jwa gago, ke tla bo bolela.” (Pesalema 145:4-6) Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a ka itse go le kana kang ka bontlentle jo bo galalelang jwa ga Jehofa, e re ka ‘Modimo e le Moya’ mme ka gone batho ba ka se kgone go mmona?—Johane 1:18; 4:24.

17, 18. Ke eng se se neng se ka godisa kanaanelo ya ga Dafide ka ‘bontlentle jo bo galalelang jwa seriti sa ga Jehofa’?

17 Le fa Dafide a ne a ka se kgone go bona Modimo, go ne go na le ditsela tse di neng di ka godisa kanaanelo ya gagwe ka seriti sa ga Jehofa. Ka sekai, o ne a ka bala pego e e mo Dikwalong ya ditiro tse di maatla tsa Modimo, tse di jaaka tsela e a ileng a fedisa baikepi ka yone ka morwalela wa lefatshe lotlhe. Go ka direga gore Dafide o ile a utlwa kafa medimo ya maaka ya Egepeto e ileng ya tlhabisiwa ditlhong ka teng fa Modimo a ne a golola Baiseraele mo bokgobeng jwa kwa Egepeto. Ditiro tse di ntseng jalo di bontsha bogolo le seriti sa ga Jehofa.

18 Ga go pelaelo gore tsela e Dafide a neng a anaanela seriti sa Modimo ka yone e ne ya se ka ya godisiwa fela ke go bala Dikwalo, mme gape e ne ya godisiwa le ke go tlhatlhanya ka tsone. Ka sekai, a ka tswa a ile a tlhatlhanya ka se se neng sa direga fa Jehofa a ne a naya Iseraele Molao. Go ne ga utlwala dikgadima, ga nna le leru le lentshontsho, ga ba ga utlwala le modumo o mogolo wa lenaka. Thaba ya Sinai e ne ya reketla ya ba ya kua mosi. Baiseraele ba ba neng ba kgobokanetse fa tlase ga thaba ba ne ba bo ba utlwa “Mafoko a a Lesome” mo gare ga molelo le leru, fa Jehofa a ne a bua le bone ka moemedi wa moengele. (Duteronome 4:32-36; 5:22-24; 10:4; Ekesodo 19:16-20; Ditiro 7:38, 53) A ditiro tse di supang bogolo jwa ga Jehofa! Batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba ba tlhatlhanyang ka dipego tseno ba tshwanetse go amiwa ke ‘bontlentle jo bo galalelang jwa seriti sa ga Jehofa.’ Ke boammaaruri gore gompieno re na le Baebele e e feletseng, e e nang le diponatshegelo tse di galalelang tse di re bontshang bogolo jwa ga Jehofa.—Esekiele 1:26-28; Daniele 7:9, 10; Tshenolo, kgaolo 4.

19. Ke eng se se ka oketsang tsela e re anaanelang seriti sa ga Jehofa ka yone?

19 Selo se sengwe se se ka tswang se ile sa dira gore Dafide a kgatlhiwe ke seriti sa Modimo e ne e le go ithuta melao e Modimo a neng a e naya Baiseraele. (Duteronome 17:18-20; Pesalema 19:7-11) Go ikobela melao ya ga Jehofa go ne go dira gore setšhaba sa Iseraele se nne le seriti le gore se tlhaolege mo ditšhabeng tsotlhe tse dingwe. (Duteronome 4:6-8) Fela jaaka go ne go ntse ka Dafide, go bala Dikwalo ka metlha, go tlhatlhanya thata ka tsone le go di ithuta ka tlhoafalo go tla oketsa tsela e re anaanelang seriti sa ga Jehofa ka yone.

Dinonofo Tsa Modimo Tsa Boitsholo di Dikgolo Jang Ne!

20, 21. (a) Pesalema 145:7-9 e tlotlomatsa bogolo jwa ga Jehofa malebana le dinonofo dife? (b) Dinonofo tsa Modimo tse di umakilweng fano di ama jang batho botlhe ba ba mo ratang?

20 Jaaka fa re bone, ditemana tsa ntlha tse thataro tsa Pesalema 145 di re naya mabaka a a utlwalang a go galaletsa Jehofa ka ntlha ya dilo tse di amanang le bogolo jwa gagwe jo bo sa hukutsegeng. Temana ya 7 go ya go ya 9 di tlotlomatsa bogolo jwa Modimo ka go umaka dinonofo tsa gagwe tsa boitsholo. Dafide o opela jaana: “Ba tla bua ka matlhagatlhaga ka letlotlo la molemo wa gago, mme ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya tshiamo ya gago. Jehofa o pelontle e bile o kutlwelobotlhoko, o bonya go galefa gape o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”

21 Fano Dafide o simolola pele ka go gatelela molemo le tshiamo tsa ga Jehofa—dinonofo tse Satane Diabolo a reng Jehofa ga a na tsone. Dinonofo tseno di tshwanetse go ama jang batho botlhe ba ba ratang Modimo le ba ba ikobelang bolaodi jwa gagwe? Ebu, molemo wa ga Jehofa le tsela e e tshiamo e a busang ka yone di itumedisa baobamedi ba gagwe thata jaana mo ba ikutlwang ba tshwanelwa ke go mmaka ka matlhagatlhaga. Mo godimo ga moo, Jehofa o molemo “mo go botlhe.” Re solofela gore seno se tla thusa batho ba bangwe ba bantsi gore ba ikwatlhaye mme ba nne baobamedi ba Modimo wa boammaaruri pele ga go nna thari.—Ditiro 14:15-17.

22. Jehofa o tshwara batlhanka ba gagwe jang?

22 Gape Dafide o ne a anaanela dinonofo tse Modimo ka boene a ileng a di gatelela fa a ne a “feta fa pele ga sefatlhego sa [ga Moshe] a [bo] a re: ‘Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.’” (Ekesodo 34:6) Ke gone ka moo Dafide a neng a ka re: “Jehofa o pelontle e bile o kutlwelobotlhoko, o bonya go galefa gape o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.” Le fa gone Jehofa a le mogolo ka tsela e e ka se kang ya hukutsega, o naya batlhanka ba gagwe ba batho seriti ka go ba tshwara ka bopelonomi. O tletse bopelotlhomogi, o iketleeleditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Gape Jehofa o bonya go galefa, ka gonne o naya batlhanka ba gagwe tshono ya go fenya makoa a a ka ba thibelang go tsena mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:9, 13, 14.

23. Ke nonofo efe e e botlhokwa e re tla e sekasekang mo setlhogong se se latelang?

23 Dafide o tlotlomatsa bopelonomi jwa lorato jwa Modimo, kana lorato lo lo ikanyegang. Tota e bile, ditemana tse di setseng tsa Pesalema ya 145 di bontsha kafa Jehofa a bontshang nonofo eno ka teng le kafa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba tsibogelang bopelonomi jono jwa gagwe jwa lorato ka teng. Dintlha tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

O ne O ka Araba Jang?

• Re na le ditshono dife tsa go galaletsa Jehofa “letsatsi lotlhe”?

• Ke dikai dife tse di bontshang gore bogolo jwa ga Jehofa ga bo hukutsege?

• Ke eng se se ka re thusang go godisa tsela e re anaanelang ka yone seriti sa ga Jehofa se se galalelang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Masagaripa a lobopo a bontsha bogolo jwa ga Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Bogolo jwa ga Jehofa bo ile jwa bonadiwa jang malebana le Jesu Keresete?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa Baiseraele ba ne ba newa Molao kwa Thabeng ya Sinai ba ne ba bona bosupi jwa seriti sa ga Jehofa se se galalelang