Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II

BUKA ya Genesise e tlhalosa dilo tse di diragetseng dingwaga tse 2 369 tse di fetileng tsa hisitori ya batho, e simolola ka nako ya go bopiwa ga monna wa ntlha e bong Adame, go fitlha ka loso lwa morwa wa ga Jakobe e bong Josefa. Mo makasineng o o fetileng, go ne ga tlhalosiwa dikgaolo tsa ntlha tse 10 le ditemana tse 9 tsa kgaolo ya bo11, tse di tlotlang ka tshimologo ya popo go fitlha ka go agiwa ga tora ya Babele. * Setlhogo seno sone se sekaseka dintlhakgolo tsa dikgaolo tse di setseng tsa buka ya Genesise, tse di tlhalosang kafa Modimo a neng a dirisana ka teng le Aborahame, Isake, Jakobe le Josefa.

ABORAHAME E NNA TSALA YA MODIMO

(Genesise 11:10–23:20)

Dingwaga tse di ka nnang 350 morago ga Morwalela, monna mongwe yo Modimo a mo ratang thata o tsholwa mo losikeng lwa ga Sheme, morwa Noa. Leina la gagwe ke Aborame, mme moragonyana le fetolwa go nna Aborahame. Ka taelo ya Modimo, Aborame o tlogela motse wa Bakaladia wa Ure a bo a nna mo ditenteng mo lefatsheng le Jehofa a solofetsang go le naya ene le ditlogolwana tsa gagwe. Ka ntlha ya tumelo ya gagwe le go nna kutlo, Aborahame o bidiwa “tsala ya ga Jehofa.”—Jakobe 2:23.

Jehofa o tseela banni ba ba boikepo ba Sodoma le metse e e ba dikologileng kgato, mme o boloka Lote le bomorwadie ba tshela. Tsholofetso nngwe ya Modimo e a diragadiwa fa morwa Aborahame e bong Isake a tsholwa. Dingwaga morago ga moo, Aborahame o lekwa tumelo fa Jehofa a mo laela gore a ntshe morwawe setlhabelo. Aborahame o iketleeleditse go ikobela taelo eno mme o thibelwa ke moengele. Ga go pelaelo gore Aborahame ke monna wa tumelo, mme o tlhomamisediwa gore ditšhaba tsotlhe di tla itshegofatsa ka losika lwa gagwe. Aborahame o nna mo khutsafalong e kgolo thata fa a swelwa ke mosadi wa gagwe yo a mo ratang thata e bong Sara.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

12:1-3—Kgolagano ya ga Aborahame e ne ya simolola go dira leng, mme ka lobaka lo lo kana kang? Go bonala fa kgolagano ya ga Jehofa le Aborame ya gore “malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshegofatsa ka [Aborame]” e ne ya simolola go dira fa Aborame a kgabaganya lewatle la Euferatese a le mo tseleng go ya Kanana. Seno se tshwanetse sa bo se ne sa direga ka Nisane 14, 1943 B.C.E.—dingwaga tse 430 pele Baiseraele ba gololwa kwa Egepeto. (Ekesodo 12:2, 6, 7, 40, 41) Kgolagano ya ga Aborahame ke “kgolagano ka bosakhutleng.” E nna e ntse e dira go fitlha malapa a lefatshe a segofadiwa le go fitlha baba botlhe ba Modimo ba setse ba sentswe.—Genesise 17:7; 1 Bakorintha 15:23-26.

15:13—Go bogisiwa ka dingwaga tse 400 ga ditlogolwana tsa ga Aborame mo go boleletsweng pele go ne ga diragadiwa leng? Nako eno ya go bogisiwa e ne ya simolola ka 1913 B.C.E. fa morwa wa ga Aborahame e bong Isake a kgwesiwa a na le dingwaga tse di ka nnang 5, mme mogoloe ka rraagwe wa dingwaga tse 19 e bong Ishemaele a ‘mo sotla.’ (Genesise 21:8-14; Bagalatia 4:29) Nako eno e ne ya khutla fa Baiseraele ba gololwa mo botshwarong kwa Egepeto ka 1513 B.C.E.

16:2—A go ne go siame gore Sarai a neele Aborame lelata la gagwe e bong Hagare gore e nne mosadi wa gagwe? Fa Sarai a ne a dira jalo o ne a dira se se neng se dirwa ka tlwaelo ya nako eo—gore mosadi yo o nyetsweng yo o moopa o ne a tshwanetse go naya monna wa gagwe mogadikane gore a nne le moruaboswa. Tlwaelo eno ya go nyala lefufa e ne ya simolola mo losikeng lwa ga Kaine. Kgabagare e ne ya nna tlwaelo mme ya amogelwa ke baobamedi bangwe ba ga Jehofa. (Genesise 4:17-19; 16:1-3; 29:21-28) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ise a ko a tlogele ditekanyetso tsa gagwe tsa kwa tshimologong tsa gore monna a nne le mosadi a le mongwe. (Genesise 2:21, 22) Go bonala fa Noa le barwa ba gagwe mongwe le mongwe wa bone a ne a na le mosadi a le mongwe fela, bao le bone ba neng ba newa taolo ya gore ‘ba ate ba ntsifale ba tlale ka lefatshe.’ (Genesise 7:7; 9:1; 2 Petere 2:5) Mme taolo eno ya go nna le mosadi a le mongwe fela e ne ya gatelelwa gape ke Jesu Keresete.—Mathaio 19:4-8; 1 Timotheo 3:2, 12.

19:8—A go ne go se phoso gore Lote a neye batho ba Sodoma bomorwadie? Go ya ka tlwaelo ya batho ba kwa Botlhaba, e ne e le maikarabelo a mong wa ntlo gore a sireletse baeng ba ba mo ntlong ya gagwe, a ba femele, le fa go ne go ka isa kwa losong fa go tlhokega. Lote o ne a iketleeleditse go dira jalo. O ne a tswa ka bopelokgale go ya go kopana le segopa sa batho, a tswala kgoro fa a se na go tswa, mme a leka go bua le bone a le esi. Ka nako ya fa Lote a ba neela bomorwadie, go ka direga gore o ne a lemogile gore baeng ba gagwe e ne e le barongwa ba Modimo, e bile a ka nna a bo a ile a akanya gore Modimo o tla ba sireletsa fela jaaka a ile a sireletsa rakgadiagwe e bong Sara kwa Egepeto. (Genesise 12:17-20) Mme gone go ne ga felela ka gore Lote le bomorwadie ba bolokege.

19:30-38—A Jehofa o ne a itlhokomolosa go tagwa ga ga Lote le go imisa bomorwadie ba babedi? Jehofa ga a amogele go tlhakanela dikobo le wa losika kana botagwa. (Lefitiko 18:6, 7, 29; 1 Bakorintha 6:9, 10) Tota Lote o ne a hutsafadiwa ke ‘ditiro tsa go tlhoka molao’ tsa baagi ba Sodoma. (2 Petere 2:6-8) Lone lebaka la gore bomorwadie Lote ba ne ba dira gore a tlhapelwe le bontsha gore ba ne ba lemoga gore o ne a ka se dumele go tlhakanela dikobo le bone fa a ne a sa tagwa. Mme e re ka e ne e le batswakwa mo nageng eo, bomorwadie ba ne ba na le maikutlo a gore e ne e le yone fela tsela e ka yone ba neng ba ka thibela gore losika lwa ga Lote lo se ka lwa nyelela. Pego eno e kwadilwe mo Baebeleng go bontsha kamano e Bamoabe (ka Moabe) le Baamone (ka Beneami) ba neng ba na le yone le ditlogolwana tsa ga Aborahame, e bong Baiseraele.

Se re Ithutang Sone:

13:8, 9. A bo Aborahame a re tlhomela sekao se se molemo jang ne sa kafa re ka rarabololang dikgotlhang ka teng! Le ka motlha ga re a tshwanela go letla gore kamano e e molemo e re nang yone le ba bangwe e fele ka ntlha ya gore re batla go nna le madi, gore dilo di dirwe ka tsela e re batlang ka yone kana ka ntlha ya go ikgogomosa.

15:5, 6. Fa Aborahame a ne a tsofala mme a ise a nne le morwa, o ne a bua le Modimo wa gagwe ka kgang eno. Jehofa ene o ne a mo naya tsholofelo. Go ile ga felela jang? Aborahame o ne “a dumela mo go Jehofa.” Tumelo ya rona e tla nonofa fa re bulela Jehofa dipelo tsa rona ka thapelo, re dumela ditsholofetso tsa gagwe tse di mo Baebeleng le go mo ikobela.

15:16. Jehofa ga a ka a diragatsa katlholo ya gagwe mo go Baamore (kana, Bakanana) go ralala dikokomana tse nnè. Ka ntlha yang? Ka gonne ke Modimo yo o pelotelele. O ne a leta go fitlha go ne go sa tlhole go na le tsholofelo ya gore ba tla fetoga. Le rona re tshwanetse go nna pelotelele fela jaaka Jehofa.

18:23-33. Jehofa ga a senye batho fela a sa tlhophe. O sireletsa basiami.

19:16. Lote o ne a “nnela go diega,” mme baengele ba ne ba tshwanelwa ke go mo goga le lelapa la gagwe gore ba tswe mo motseng wa Sodoma. Re tla bo re le botlhale fa re sa felelwe ke boikutlo jwa rona jwa go potlaka fa re ntse re letetse bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo.

19:26. A bo e le boeleele jang ne go itewa tsebe kana go eletsa dilo tsa lefatshe tse re di tlogetseng kwa morago!

JAKOBE O NNA LE BARWA BA LE 12

(Genesise 24:1–36:43)

Aborahame o rulaganya gore Isake a nyale Rebeka, mosadi yo o nang le tumelo mo go Jehofa. O tshola mawelana e bong Esau le Jakobe. Esau o nyatsa tshiamelo ya gagwe ya botsalwapele a bo a e rekisetsa Jakobe, yo moragonyana a segofadiwang ke rraagwe. Jakobe o tshabela kwa Padana-arama, kwa a nyalang Lea le Ragele teng a bo a disa matsomane a ga rraabone ka dingwaga di le 20 pele a tsamaya le lelapa la gagwe. Jakobe o nna le barwa ba le 12 le barwadi ka Lea, Ragele le malata a bone a mabedi. Jakobe o mekamekana le moengele a bo a segofadiwa, mme leina la gagwe le fetolwa go nna Iseraele.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

28:12, 13—Toro ya ga Jakobe e mo go yone a neng a lora ka “lere” e kayang? “Lere” eno e e ka tswang e ne e lebega jaaka ditepisi tse di tlhatlogang tse di dirilweng ka maje, e ne e bontsha gore go ne go na le puisano fa gare ga lefatshe le legodimo. Baengele ba Modimo ba ba tlhatlogang ba fologa mo go yone ba bontsha gore baengele ba direla ka tsela e e botlhokwa fa gare ga Jehofa le batho ba a ba amogelang.—Johane 1:51.

30:14, 15—Ke ka ntlha yang fa Ragele a ne a tsaya dimandereiki go na le gore a tlhakanele dikobo le monna wa gagwe gore a ime? Mo metlheng ya bogologolo, maungo a dimandereiki a ne a dirisiwa jaaka seokobatsi le go thibela mesifa gore e se ka ya gagamala. Gape go ne go dumelwa gore maungo ano a na le bokgoni jwa go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo le go tokafatsa bokgoni jwa tsalo kana go thusa motho go ima. (Sefela sa Difela 7:13) Le fa gone Baebele e sa senole maitlhomo a ga Ragele a go dira seno, a ka tswa a ne a akanya gore dimandereiki di ne di tla mo thusa gore a ime le gore a tlogele go kgobiwa ka go bo e le moopa. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le mmalwa pele ga gore Jehofa a “bule sebopelo sa gagwe.”—Genesise 30:22-24.

Se re Ithutang Sone:

25:23. Jehofa o na le bokgoni jwa go itse dijini tsa ngwana yo o iseng a tsholwe le go dirisa bokgoni jono jwa go itsetse dilo kwa pele a bo a tlhopha go sa le gale gore o tla dirisa mang go diragatsa maikaelelo a gagwe. Le fa go ntse jalo, ga a laolele gale gore batho ba tla diragalelwa ke eng.—Hosea 12:3; Baroma 9:10-12.

25:3233; 32:24-29. Lebaka la go bo Jakobe a ne a tshwenyegile ka go bona tshiamelo ya botsalwapele le go bo a ile a mekamekana bosigo botlhe le moengele gore a segofadiwe di bontsha gore ruri o ne a anaanela dilo tse di boitshepo. Jehofa o re neile dilo dingwe tse di boitshepo, tse di jaaka kamano ya rona le ene le phuthego ya gagwe, thekololo, Baebele le tsholofelo ya rona ka Bogosi. E kete re ka tshwana le Jakobe ka go anaanela dilo tseno.

34:1, 30. Bothata jo bo neng bo ‘tlhabisitse Jakobe ditlhong’ bo ne jwa simologa ka go bo Dina a ne a dirile ditsala le batho ba ba neng ba sa rate Jehofa. Re tshwanetse go tlhopha ditsala tsa rona ka botlhale.

JEHOFA O SEGOFATSA JOSEFA KWA EGEPETO

(Genesise 37:1–50:26)

Lefufa le dira gore bomorwa Jakobe ba rekise monnaabone e bong Josefa go nna motlhanka. Fa Josefa a le kwa Egepeto, o tsenngwa mo kgolegelong ka go bo a latela ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo ka boikanyegi le ka bopelokgale. Moragonyana o ntshiwa mo kgolegelong gore a ranolele Faro ditoro tsa gagwe, tse di bolelelang pele ka dingwaga tse supa tsa kgora mme di latelwe ke tse supa tsa tlala. Morago ga moo, Josefa o tlhomiwa go nna mookamedi wa dijo kwa Egepeto. Bomogoloe ba tla Egepeto go batla dijo ka ntlha ya leuba. Lelapa le kopanngwa gape le bo le nna mo lefatsheng le le nonneng la Goshene. Pele ga Jakobe a swa o segofatsa bomorwawe a bo a ba bolelela boporofeti jo bo neng bo ba tlhomamisetsa ka ditshegofatso tse di neng di tla tla makgolokgolo a dingwaga moragonyana. Setopo sa ga Jakobe se isiwa kwa Kanana go fitlhelwa gone. Fa Josefa a swa a le dingwaga tse 110, mmele wa gagwe o a omisiwa, mme kgabagare o isiwa kwa Nageng e e Solofeditsweng.—Ekesodo 13:19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

43:32—Ke ka ntlha yang fa e ne e le moila mo Baegepetong go ja dijo le Bahebera? Seno se ne se bakiwa thata ke gore ba ne ba sa tshwane ka bodumedi kgotsa ba bangwe ba ipona ba le botoka mo go ba bangwe. Gape Baegepeto ba ne ba tlhoile badisa. (Genesise 46:34) Ka ntlha yang? Go ka direga gore badisa ba dinku e ne e le batho ba maemo a a kwa tlasetlase mo setšhabeng sa Baegepeto. Kana go ka direga gore e re ka naga e e neng e kgona go lengwa e ne e le e nnye, Baegepeto ba ne ba tlhoile batho ba ba neng ba batlela matsomane a bone mafulo.

44:5—A Josefa o ne a dirisa senwelo go bala ditshupo ka sone? Go bonala senwelo le se go neng go buiwa ka sone e ne e le leano fela. Josefa e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Tota ga a ka a dirisa senwelo go bala ditshupo ka sone, fela jaaka Benjamine le ene a ne a sa se utswa.

49:10—“Lore lwa segosi” le “lore lwa molaodi” di rayang? Lore lwa segosi ke thobane e mmusi a e tsholang go bontsha taolo ya gagwe ya bogosi. Lore lwa molaodi ke thupa e telele e e bontshang gore o na le maatla a go ntsha taolo. Fa Jakobe a ne a umaka dilo tseno go ne go bolela gore lotso lwa Juda lo ne lo tla nna le taolo le maatla a magolo go fitlha Shilo a tla. Setlogolwana seno sa ga Juda ke Jesu Keresete, ene yo Jehofa a mo neileng puso kwa legodimong. Keresete o na le taolo ya bogosi e bile o na le maatla a go laola.—Pesalema 2:8, 9; Isaia 55:4; Daniele 7:13, 14.

Se re Ithutang Sone:

38:26. Juda o ne a le phoso ka tsela e a neng a dirisana ka yone le ngwetsi ya gagwe, e bong Tamare. Le fa go ntse jalo, fa Juda a ne a bodiwa gore a ke ene a mo imisitseng, o ne a dumela molato wa gagwe. Le rona re tshwanetse go nna bonako go dumela diphoso tsa rona.

39:9. Tsela e Josefa a neng a itshwara ka teng mo mosading wa ga Potifaro e bontsha gore o ne a akanya kafa Modimo a akanyang ka gone ka melao ya boitsholo le gore segakolodi sa gagwe se ne se kaelwa ke melaometheo ya bomodimo. Le rona re tshwanetse go leka go dira se se tshwanang fa re ntse re gola mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.

41:14-16, 39, 40. Jehofa a ka fetola maemo a batho ba ba mmoifang. Fa re welwa ke mathata, re tla bo re le botlhale fa re ikanya Jehofa le go tswelela re ikanyega mo go ene.

Ba ne Ba na Le Tumelo e e Nnelang Ruri

Aborahame, Isake, Jakobe le Josefa ruri e ne e le banna ba tumelo ba ba neng ba boifa Modimo. Pego ya botshelo jwa bone, e e kwadilweng mo bukeng ya Genesise, e nonotsha tumelo tota e bile e re ruta dilo di le dintsi tse di molemo.

O ka solegelwa molemo ke pego eno fa o ntse o bala mmalo wa gago wa Baebele wa beke le beke wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go sekaseka ditiragalo tse di fa godimo go tla tsenya botshelo mo go se o se balang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Bona setlhogo se se reng “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2004.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Aborahame e ne e le monna wa tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Jehofa o segofatsa Josefa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lote yo o siameng le bomorwadie ba ne ba bolokiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jakobe o ne a anaanela dilo tse di boitshepo. A wena o a di anaanela?